LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 6/1 ts. 3-4
  • Letlhoo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlhoo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGANG YA BOTHO
  • Lefatshe Le le Se Nang Letlhoo—Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Go Tlhaola Batho ba Bangwe—A o Tlhaola ba Bangwe
    Tsogang!—2020
  • A o Ttlhoilwe ka Ntlha ya Tlhaolele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Fela ga Tlhaolele
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 6/1 ts. 3-4

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE: LEFATSHE LE LE SE NANG LETLHOO—LENG?

Letlhoo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

JONATHAN wa Mo-Korea wa kwa Amerika, ke mongwe wa batho ba ba neng ba tlhaolwa ka lotso fa a sa ntse a le ngwana. Fa a ntse a gola, o ne a batla lefelo le go nnang batho ba ba sa tlhaoleng batho go ya ka tebego ya bone ya sefatlhego kgotsa ka lotso. O ne a nna ngaka ya kalafi kwa toropong e e kwa bokone jwa Alaska, U.S.A., kwa bontsi jwa balwetse ba a neng a ba thusa ba neng ba tshwana le ene ka ditebego teng. O ne a tshabetse gone, a solofetse gore gongwe ga go na letlhoo koo.

Tsholofelo e a neng a na le yone e ne ya fela fa a ne a alafa mosadi mongwe yo o neng a na le dingwaga di le 25. Fa mosadi yono a tswa mo kidibalong e kgolo, o ne a leba Jonathan mme a mo tlhaba ka mafoko a a botlhoko ka gonne a ne a rutilwe go tlhoa Ba-Korea fa a sa ntse a le ngwana. Tiragalo eo e ne ya utlwisa Jonathan botlhoko ka gonne matsapa otlhe a a dirileng a go fuduga le gore a amogelwe ke batho ba koo ga a ka a thusa gore a tshabele letlhoo.

Maitemogelo a ga Jonathan a bontsha dilo tse di diregang tse di utlwisang botlhoko. Letlhoo le aname mo lefatsheng lotlhe. Go bonala sentle gore gongwe le gongwe kwa go nang le batho teng, go na le letlhoo.

Le fa gone letlhoo le aname, batho ba le bantsi ba potlakela go le kgala. Ruri seno ga se utlwale. Go tla jang gore selo se se sa ratiweng se bo se aname thata jaana? Ga go pelaelo gore batho ba le bantsi ba ba kgalang letlhoo, ba palelwa ke go lemoga gore ba na le lone. A go ntse jalo le ka wena? O ka araba potso eo jang?

LETLHOO KE ENG?

Babatlisisi ba palelwa ke go tlhalosa gore letlhoo ke eng. Bangwe ba re ke “boikutlo jo bo sa siamang kgatlhanong le motho, go ikaegile ka setlhopha se se rileng se motho yoo a leng mo go sone.” Ba bangwe ba re boikutlo jono bo ikaegile ka “tshedimosetso e e sa felelang” e e dirang gore “batho ba setlhopha se se rileng ba atlholane.” Go sa kgathalasege gore boemo ke bofe, motho a ka tlhaolwa go ya ka lotso, boima jwa mmele, bong, puo, bodumedi kgotsa ka sengwe le sengwe se batho ba ka se lebang se farologane.

KGANG YA BOTHO

Re ka tswa re lemoga kgotsa re sa lemoge, go thata go bona gore re na le letlhoo mo dipelong tsa rona. Baebele e tlhalosa lebaka la go bo go ntse jalo fa e re: “Pelo e tsietsa go feta sengwe le sengwe.” (Jeremia 17:9, Holman Christian Standard Bible) Ka jalo, re ka itsietsa ka go dumela gore re amogela batho ba mefuta yotlhe. Kgotsa re ka dira seipato sa gore re na le lebaka le le utlwalang la go bo re sa rate batho ba ditlhopha tse di rileng.

O ne o ka ikutlwa jang fa o ne o ka lebana le boemo jono?

Go bontsha kafa go seng motlhofo ka teng go lemoga gore gongwe re na le letlhoo le le sa bonaleng, akanya ka boemo jo bo latelang: O tsamaya mo mmileng o le nosi bosigo. Makawana a mabedi a o iseng o ke o kopane le one a tla a go lebile. A lebega a le maatla e bile go bonala mongwe wa bone a tshotse sengwe mo seatleng sa gagwe.

A o swetsa ka gore makawana ano a ka nna kotsi? Gone ke boammaaruri gore maitemogelo a gago a nako e e fetileng a ka dira gore o nne kelotlhoko, mme a maitemogelo ao a ka dira gore o swetse ka gore makawana ano a kotsi? Potso e nngwe e o ka ipotsang yone ke gore, Makawana ano e ka tswa e le a morafe kgotsa lotso lofe? Karabo ya gago ya potso eno e ka senola go le gontsi. E ka bontsha gore go ya bokgakala jo bo rileng, o setse o na le letlhoo.

Fa re itshekatsheka ka kelotlhoko, re tla dumela gore re na le letlhoo mo go rona. Tota le Baebele e bua ka mokgwa o o tlwaelegileng wa letlhoo fa e re: “Batho ba atlhola ba bangwe ka tsela e ba lebegang ka yone.” (1 Samuele 16:7, Contemporary English Version) E re ka rotlhe re na le maikutlo ano—a gantsi a nang le diphelelo tse di sa siamang—a go na le tsholofelo ya gore re tla tsamaya re fenya kgotsa re fedisa letlhoo mo botshelong jwa rona? E bile a letlhoo le tla tsamaya le fela mo lefatsheng lotlhe?

LETLHOO KE BOTHATA JWA LEFATSHE LOTLHE

Canada: “Ntle le go tshwaraganya batho ba ba farologaneng ba naga le go tlhoma melao le melawana e mentsi ya go sireletsa ditshwanelo tsa batho ba ditso tsotlhe, go tlhaola batho ka lotso e sa ntse e le kgwetlho e kgolo ya ditshwanelo tsa batho.”—Tlhaloso ya Amnesty International kwa Canada, 2012.

Yuropa: “Diperesente di le [48] tsa batho ba kwa Yuropa di dumela gore ga go a tsewa matsapa a go lwantsha tlhaolele mo nageng ya bone.”—Intolerance, Prejudice and Discrimination: A European Report, 2011.

Afrika: “Tirisodikgoka le go tlhaolwa ga basadi e ntse e anama mo dinageng di le dintsi.”—Amnesty International Report 2012.

Nepal: “Ba-Dalits (setlhopha se se bidiwang “untouchables”) ba lebane le tlhaolele e e feteletseng, segolobogolo mo kgwebong le mo setsong.”—Human Rights Watch World Report, 2012.

Yuropa Botlhaba: “Batho ba ba sa amogelweng kwa moseja e bile ba tlhoilwe mo mafelong a ba nnang mo go one ke Ba-Roma ba kwa Yuropa, mme seno ke bothata jo bo radipolotiki ba sa batleng go bo rarabolola.”—The Economist, September 4, 2010.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela