LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g20 no. 3 ts. 3
  • Go Tlhaola Batho ba Bangwe—A o Tlhaola ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhaola Batho ba Bangwe—A o Tlhaola ba Bangwe
  • Tsogang!—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlhoo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Lefatshe Le le Se Nang Letlhoo—Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • A o Ttlhoilwe ka Ntlha ya Tlhaolele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Se se Bakang Tlhaolele
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2020
g20 no. 3 ts. 3
Banna ba babedi ba tloga ba kgatlhantshana. Yo mongwe o akanya gore moriti wa yo mongwe o motona e bile o tshosa.

Go Tlhaola Batho ba Bangwe A O TLHAOLA BA BANGWE?

Go tlhaola ba bangwe go tshwana le bolwetse. Batho ba le bantsi ba ka tswa ba na le bothata joo mme ba sa lemoge gore ba na le jone.

Go le gantsi, batho ba ka tswa ba tlhaola ba bangwe ka ntlha ya lotso lwa bone, mmala wa bone, naga e ba tswang kwa go yone kgotsa puo e ba e buang. Mme go na le dilo tse dingwe gape tse di ka dirang gore batho ba tlhaole ba bangwe jaaka bodumedi jwa bone, bong jwa bone, tsela e ba lebegang ka yone kgotsa maemo mangwe a ba nang le one. Gompieno batho ba tseela ba bangwe kwa tlase ka gonne ba le bannye mo go bone, ba sa rutega thata jaaka bone kgotsa ba na le bokoa bongwe mo mmeleng. Le fa gone ba tsaya batho ba bangwe jalo, bone ga ba akanye gore ba a ba tlhaola.

A le wena o ka tswa o na le bothata jwa go tlhaola batho ba bangwe? Re ka tswa re lemoga gore batho ba na le bothata jwa go tlhaola ba bangwe mme gone re sa lemoge gore le rona re na le jone. Nnete ke gore rotlhe re na le bothata jwa go tlhaola ba bangwe. Porofesa wa thutoloago e bong David Williams a re: “Fa batho ba sa rate batho ba o tsamayang le bone, ba tlile go go tshwara ka tsela nngwe e e rileng mme ba sa lemoge.”

Ka sekai, go na le setlhotshwana sengwe se batho ba neng ba sa se rate kwa Bulgaria. Jovica a re: “Ke ne ke nagana gore ga go na ope yo o siameng mo setlhotshwaneng seo. Mme ke ne ke sa akanye gore ke ne ke ba tlhaola ka tsela nngwe, ka gonne ke ne ke ithaya ke re dilo tse ke di akanyang ka bone ke nnete.”

Dipuso di dirile melao gore go se ka ga nna le tlhaolele. Mme le fa go ntse jalo batho ba sa ntse ba tlhaola ba bangwe. Goreng? Ka gonne melao eo ga e kgone go laola maikutlo kgotsa dikakanyo tsa batho. Se re se akanyang ka batho ba bangwe ke sone se se dirang gore re feleletse re ba tlhaola. A mme seno se raya gore maiteko a go fedisa tlhaolele ga a kitla a atlega? A mme gone tlhaolele e tla tsamaya e fela?

Ditlhogo tse di latelang di tla re bontsha melaometheo e le metlhano, e e ileng ya thusa batho gore ba kgone go lwantsha maikutlo a bone le dikakanyo tse ba neng ba na le tsone ka go tlhaola ba bangwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela