Ditiragalo Tsa Lefatshe
◼ Mo lekgolong la bo21 la dingwaga go nnile le koketsego e kgolo ya magodu a lewatle a a tlhaselang dikepe tse dingwe mo lewatleng. Ka 2007 fela, go nnile le “ditlhaselo tsa bogodu jwa lewatle le maiteko a go tlhasela a a ka nnang 263.”—THE WALL STREET JOURNAL, U.S.A.
◼ “Gone jaanong Russia e na le mo e ka nnang ditone di le dibilione di le pedi tsa leswe le le botlhole mme ga go na tsela e e siameng ya go ka le tlosa.”—RIA NOVOSTI, RUSSIA.
Go Dirisa Bojalwa ka Nako ya Boimana
Lokwalodikgang lwa Süddeutsche Zeitung lo bega gore ngwaga le ngwaga kwa Jeremane, masea a a ka nnang 10 000 a tsholwa a na le bogole jo bo bakiwang ke bojalwa. Bana ba ba ka nnang 4 000 mo go bano ba golafetse thata e bile ba golafaletse ruri. Mokomishinara wa Tsa Diokobatsi e bong Sabine Bätzing o tlhagisa jaana: “Ga go na selekanyo se se babalesegileng sa go nwa bojalwa fa motho a imile. Re tlhoka go lemosa dingaka, babelegisi le basadi ba ba imileng, gore [fa mosadi yo o imileng] a nwa tota le fa e le galase e le nngwe fela ka dinako dingwe, go ka gobatsa ngwana mo tlhaloganyong le mo mmeleng, kgotsa go ka dira gore a itshware ka tsela e e sa tlwaelegang.”
Go Bereka mo Tshingwaneng—Go Siametse Botsogo Jwa Gago
Makasine wa Psychology Today wa re: “Babatlisisi ba lemoga gore go jala dijo tsa gago—le fa go ka tswa go le kana kang—go botoka mo botsogong jwa gago go na le kafa ope fela a ka tswang a akanya ka teng.” Dipatlisiso di bontshitse gore “fa mycobacteria tse di tswang mo mmung” di ka tsena mo mmeleng ka go di metsa kgotsa ka go di hema, di “tokafatsa thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse thata.” Ka jalo, makasine oo wa re, “go tshwana thata le go metsa dielemente tse di botlhokwa tse di mo mmung tse di leng botlhokwa thata mo botsogong jwa batho fela jaaka maungo le merogo e e jalwang mo go one e le molemo.”
Rekoto ya go Fofa Kwantle ga go Kgaotsa
Baitsesaense ba mokgatlho wa U.S. Geological Survey (USGS) ba ile ba bega ka “mofuta mongwe wa lerweerwee o o neng wa fofa nako e telele thata o sa kgaotse.” Mangwe a marweerwee a megatla e mekhutshwane a ne a latelwa ka sathalaete mo maetong a one a go fuduga a ngwaga le ngwaga go ralala Lewatle la Pacific. Nngwe ya dinonyane tseno e e namagadi e ne ya tsaya loeto lwa dikilometara di le 11 650 lwa malatsi a le robedi e sa kgaotse, go tswa kwa Alaska go ya kwa New Zealand. Makasine wa The Week wa re, fa e goroga, e ne e “fokoditse bontlhanngwe jwa boima jwa mmele wa yone wa digerama di le 700.” Mo maetong a one a go boa, marweerwee ano a fofa go tswa kwa New Zealand go ya kwa China mme go tswa foo a boela gape kwa Alaska, e leng loeto lwa dikilometara di le 29 000. Mokgatlho wa USGS wa re: “Fa e le gore dikilometara di le 29 000 ke palogotlhe ya sekgala se marweerwee a se fofang ka ngwaga, go raya gore lerweerwee le le godileng le ka kgona go fofa sekgala sa dikilometara tse di ka nnang 463 000 mo botshelong jotlhe jwa lone.”
Go Tshwara Magodu a Motoroko
Saguaro National Park, ya kwa Arizona, kwa U.S.A., e latlhegelwa ke dingwe tsa dimela tsa yone tsa motoroko (cactus) tse di kgethegileng ka ntlha ya bogodu. Jim McGinnis wa lephata la dipatlisiso tse di kgethegileng la Arizona Department of Agriculture a re: “Mongwe le mongwe o batla go nna le semela sa saguaro (motoroko) mo pele ga jarata ya gagwe.” Ka jalo, ga go gakgamatse go bona koloi e rwele motoroko mo sekakeng. Gantsi magodu a rata go utswa mofuta wa motoroko o o boleele jwa metara kgotsa dimetara di le pedi, o ba ka kgonang go o rekisa ka diranta di le dikete di le lesome kgotsa go feta. Go thibela bogodu, balaodi ba ikaeletse go tsenya di-microchip mo teng ga dimela tseno. Moragonyana metšhine e e tshwarwang ka letsogo ya eleketoroniki e e tlhatlhobang e ka kgona go bontsha gore a dimela tse di rekisiwang mo marekisetsong kgotsa mo mafelong a mangwe a dikgwebo di utswitswe kwa parakeng eno.