Buckthorn ya Lewatle—Setlhare se se Dirisediwang Dilo Tse Dintsi
◼ Fa baeti ba ralala metseselegae ya Russia mo masimologong a letlhabula, ba ka nna ba bona buckthorn ya lewatle,a setlhatsana se sennye kgotsa setlhare, se se tletseng ka meretlwanyana e e keteng dibaga tse di nang le mmala o o galolang wa namune. Go na le gore e gole e le masitlha, meretlwa eno e tlatsa kala le kalana nngwe le nngwe ka leyara ya mmala o montle.
Meretlwa eno e ka jewa mme o tshwanetse go tlhokomela mebitlwa ya yone e e tlhabang fa o kgetla meretlwa ka letsogo! O tshwanetse go kgetla meretlwa eno ka bongwe ka bongwe mme o tlhokomele gore o se ka wa e tšhwetla. E re ka setlhatsana seno sa buckthorn ya lewatle se rata tlelaemete e e tsididi, gantsi se fitlhelwa mo mafelong a dithaba go tswa kwa bokonebophirima jwa Yuropa go ya kwa Dithabeng tsa Altai kwa Asia Bogare, mmogo le kwa bophirima le kwa bokone jwa China le kwa bokone jwa dithaba tsa Himalaya. Ka makgolokgolo a dingwaga meretlwa eno e nnile dilo tse di ratwang thata kwa mafelong a a jaaka China, Russia le Tibet.
Setlhatsana seno sa buckthorn ya lewatle se umakiwa mo mekwalong e e itsegeng ya kalafi ya kwa Tibet le mo mekwalong ya bogologolo ya Segerika. Leina la sone la Segerika ke Hippophaë, le le kayang “pitse e e phatsimang.” Go akanngwa gore leina leno le ka tswa le tlhalosa mokgwa wa bogologolo wa Segerika wa gore ka tsela nngwe ba dirise meretlwa eno kgotsa matlhare mo dipitseng tse di neng di dirisiwa mo dikgaisanong tsa lobelo, go phatsimisa letlalo la tsone.
Setlhatsana seno sa buckthorn ya lewatle se ile sa isiwa kwa Amerika Bokone ke batswakwa ba kwa Russia mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, ka nako ya fa go ne go isiwa ditlhatsana tsa kwa Siberia di isiwa kwa Canada le United States gore di jalwe le go rekisiwa teng. Gone jaanong dinaga di le dintsi di jala setlhatsana seno e le sejo se se botlhokwa kgotsa sejalo se se dirisediwang kalafi.
Dingwe tsa dikotla tse moretlwa wa setlhatsana sa buckthorn ya lewatle o nang le tsone ke bitamini ya C le E, folic acid, di-carotenoid, di-fatty acid, le di-flavonoid. Mo dipatlisisong tsa bosheng jaana tsa kalafi, go ile ga sekasekiwa gore a kgang ya gore setlhatsana sa buckthorn ya lewatle se na le melemo mengwe e e ka thusang mo kalafing ya kankere e boammaaruri, le gore se ka kgona go fokotsa dikotsi tse di amanang le bolwetse jwa pelo le go alafa ditlhagala tsa mala, mathata a letlalo le malwetse a sebete. Moretlwa ono gape o kgona go dira senō se se lapolosang sa moutlwalo o o bogale mme o dirisiwa gape jaaka molemo o o alafang malwetse a le mantsi.
Karolo e nngwe e e botlhokwa ya moretlwa ono wa setlhatsana sa buckthorn ya lewatle ke peo e nnye e ntsho ya sone. Oli e e mo teng ga peo eno e na le bontsi jwa dikotla tse di leng mo moretlweng ono. Dipatlisiso dingwe di akantsha gore oli ya setlhatsana sa buckthorn ya lewatle e thusa go nonotsha thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse. Mo godimo ga moo, go ka dirisiwa oli eno mo dintlafatsing le mo didirisiweng tsa go tlhokomela letlalo ka gonne ga twe e kgona go ntšhafatsa letlalo.
Fa go ka direga gore o etele kwa Russia, o tla bona le go kgatlhwa ke bontle jwa meretlwa ya setlhatsana sa buckthorn ya lewatle e e nang le mmala wa namune o o nang le bogouta. Le fa go ntse jalo, jaaka re setse re etse tlhoko, semela seno ga se sentle fela. Ee ruri, ke sengwe sa dilo tse di dirilweng ke Mmopi wa rona se se bontshang botlhale le bomolemo jwa gagwe!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gongwe setlhare seno se bidiwa buckthorn ya lewatle ka gonne se gola fa thoko ga losi lwa lewatle kwa Yuropa le Asia.