LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g17 no. 4 ts. 16
  • Bobududu jo bo Tsabakelang Jwa Pollia Berry

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bobududu jo bo Tsabakelang Jwa Pollia Berry
  • Tsogang!—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2017
  • Maungo a a Monate A a Sa Duelelweng a Sekgwa
    Tsogang!—2007
  • Buckthorn ya Lewatle—Setlhare se se Dirisediwang Dilo Tse Dintsi
    Tsogang!—2009
  • Go Ithuta ka Mebala le Matsela mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2017
g17 no. 4 ts. 16
Di-berry tsa Pollia

A BO TLHAMILWE?

Bobududu jo bo Tsabakelang Jwa Pollia Berry

BERRY e nnye ya semela se se fitlhelwang mo Afrika se se bidiwang Pollia condensata, e na le mmala o o bobududu (blue) jo bo tseneletseng go gaisa dimela tsotlhe. Mme gone, ga e na seedi se se pududu se se dirang gore e nne le mmala. Ke eng se se dirang gore e nne le mmala o o tsabakelang jaana?

Akanya ka seno: Letlalo la yone le na le ditlhale tse di nnye tse di tlhatlaganeng jaaka matlhokwa a mmetšhisi. Tsela e ditlhale tseo di tlhatlaganeng ka yone e dira gore di lebege e kete ke spiral kgotsa spring. Ditlhale tseo ga di na mmala. Mmala o o pududu o dirwa ke tsela e di tlhatlaganeng ka yone, e seng seedi sa mmala o mobududu. Disele di le dintsi tsa yone di lebega di le pududu. Mme fa o leba berry eo go tswa mo matlhakoreng a a farologaneng, o kgona go bona mebala e e farologaneng jaaka botala, pinki kgotsa serolwana. Seo se bakwa ke go fetoga ga tsela e ditlhale tsa yone di tlhatlaganeng ka yone. Fa o leba berry eno o le gaufi thata le yone, o tla lemoga gore mmala mongwe le mongwe o ikemetse le gore mebala e mengwe e tlhaga thata go gaisa e mengwe.

E re ka berry eno e sa thusiwe ke seedi gore e nne le mmala, e nna e ntse e le pududu le fa e sena go wela fa fatshe. Tota e bile, di-berry dingwe tse di kgetlilweng dingwaga di feta lekgolo tse di fetileng, di sa ntse di tsabakela jaaka tse disha! Babatlisisi ba re berry eno e ngokela dinonyane le fa e na le dithotse fela mme e se na matute.

Baitsesaense ba re tsela e Pollia berry e dirang mmala ka yone, e ka tlhotlheletsa batho go dira difetolammala tse di sa sutlhegeng le dipampiri tse di sa tsweng mmala.

O akanyang? A bobududu jo bo tsabakelang jwa Pollia berry bo itlhagetse fela? Kgotsa a bo tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela