LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/09 ts. 20
  • Go Ngangatlela ka Thata Seatla sa Modimo sa Moja

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ngangatlela ka Thata Seatla sa Modimo sa Moja
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Ribolotse Eng Kwa Jesereele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • A Thutafatshe ya Bibela E Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Nna, Jehofa Modimo wa Gago, ke Tshwere Seatla sa Gago sa Moja”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Fa go Tshwenyega ka Tsela e o Lebegang ka Yone e Setse e Nna Bolwetse
    Tsogang!—2004
Tsogang!—2009
g 9/09 ts. 20

Go Ngangatlela ka Thata Seatla sa Modimo sa Moja

◼ Jezreel wa kwa Mexico o ne a tsholwa a na le bothata jo bo sa tlwaelegang jwa letlalo jo bo bidiwang congenital lamellar ichthyosis. Seno se ne se dira gore bontsi jwa letlalo la mmele wa gagwe le oboge le go omelela. Jezreel o tlhalosa jaana: “Seno se dira gore ke nne le tebego e e sisimosang mme le fa go ntse jalo, bolwetse jono ga se jo bo tshwaetsang.”

Go tloga ka nako ya fa Jezreel a ne a sa ntse a le mmotlana, o ne a okiwa kwa dikokelong tse di farologaneng. Fa a ne a le dingwaga di le pedi, o ne a tsenngwa mo lefelong le le kwa thoko kwa kokelong gore a se ka a tshwaediwa ke megare. Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se ileng sa tokafatsa letlalo la gagwe. O ne a newa kalafi ya tlhaloganyo gore a tle a kgone go lepalepana le boikutlo jwa gagwe jwa go ikutlwa a kgapetswe kwa thoko.

Batho ba ba akanyang gore bolwetse jwa ga Jezreel bo a tshwaetsa ba a mo tila. Go ne go se motlhofo mo go ene segolobogolo fa a ne a sa ntse a le ngwana mme a batla go tshameka le bana ba bangwe. O gakologelwa jaana: “Ba ne ba ntshotla mme ba mpitsa ka maina a a utlwisang botlhoko a a jaaka Mummy le Setshedi sa polanete e sele.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, go nna le bolwetse jo mongwe le mongwe a kgonang go bo bona go dirile gore Jezreel a nne le ditshono tsa go bua le ba bangwe ka tsholofelo ya gagwe e e theilweng mo Baebeleng. Gantsi batho ba a mo atamela ba bo ba mmotsa gore a o shele. Fa a re nnyaa, ba mmotsa gore ke eng se se dirileng gore a lebege jaana. O ba tlhalosetsa ka bolwetse jono jwa gagwe a bo a ba bolelela gore gone jaanong ga bo na kalafi.

Go tswa foo o oketsa jaana: “Ke na le tsholofelo e e di gaisang tsotlhe mo lefatsheng ka gonne Jehofa Modimo o solofetsa gore batho ba ba ikobelang melao ya gagwe ba tla tshela mo lefatsheng le lesha le le se nang bolwetse le botlhoko.” (Tshenolo 21:3, 4) Go bua ka bolwetse jwa gagwe ka tsela eno go dirile gore Jezreel a simolole dithuto tsa Baebele le batho mme o itumelela go bona ba le bantsi ba bone ba nna baobamedi ba Modimo mmogo le ene.

Jezreel a re: “Ke leboga go bo ke ile ka tsholelwa mo lelapeng la Bakeresete mme e re ka ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ke na le ditsala tse ke atamalaneng le tsone. Ga go na ope wa bone yo o nkgaphelang kwa thoko ka ntlha ya tebego ya me. Ke ne ka kolobediwa ke na le dingwaga di le 17 mme mo dingwageng di le 14 fa e sa le ka nako eo, ke ile ka nna le ditshiamelo tse dintsi tsa go direla Mmopi wa rona.”

Jezreel o nna a gakologetswe mafoko ano a ga Jehofa a a kgothatsang a a mo go Isaia 41:10, 13 a a balegang jaana: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. . . . Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo. Gonne nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”

Go ngangatlela thata seatla sa ga Jehofa sa moja go thusitse Jezreel gore a se ka a tshwenyega thata ka tebego ya gagwe le gore a lepalepane le mathata a a amanang le bolwetse jwa gagwe. Ene le dimilione tse dingwe tsa batho, ba letile go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo tse dikgolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela