A Thutafatshe ya Bibela E Boammaaruri?
LETSATSI le sa tswa go phirima kwa Palesetina. Ngwaga ke wa 1799. Morago ga go gwanta mo letsatsing le le mogote, Masole a Mafora jaanong a tlhomile ditente, mme moeteledipele yo mogolo ebong Napoléon o ne a ikhuditse mo tenteng ya gagwe. Ka tlhasenyana ya lesedi la kerese mongwe wa batlhanka ba gagwe o balela kwa godimo go tswa mo Bibeleng ya gagwe ya Sefora.
Go bonala fa ba ne ba tle ba dire jalo gantsinyana ka nako ya letsholo la sesole la ga Napoléon kwa Palesetina. Moragonyana o ne a gakologelwa jaana go tswa mo dipegong tse di kaga botshelo jwa gagwe, “Fa ba ne ba tlhomile ditente mo maropeng a metse eo ya bogologolo, ba ne ba balela Dikwalo kwa godimo maitsiboa mangwe le mangwe . . . Tsela e ditlhaloso di neng di tshwana ka yone e bile di le boammaaruri e ne e kgatlha tota: di santse di tshwanela naga eno le eleng morago ga makgolokgolo a dingwaga le morago ga diphetogo tse dintsintsi.”
Eleruri, bajanala ba ba etelang dinaga tsa kwa Botlhabagare ba fitlhela go le motlhofo go nyalanya ditiragalo tsa Bibela le mafelo a teng gompieno. Pele ga fa Masole a Fora a gapa Egepeto batho ba dinaga di sele ba ne ba itse go le gonnye fela ka naga eo ya bogologolo. E ne ya re moragonyana borasaense le bakanoki ba Napoléon a ileng a ba lere kwa Egepeto ba simolola go senolela lefatshe dintlha gore Egepeto e kile ya bo e tlotlometse ka tsela efe. Seno se ile sa dira gore go nne motlhofo go bona ka leitlho la mogopolo “tihō e e thata” e Baiseraele ba neng ba e dira.—Ekesodo 1:13, 14.
Mo bosigong jwa fa ba sena go gololwa kwa Egepeto Baiseraele, ba ne ba kgobokanela kwa Ramesese mme go tswa foo ba gwantela kwa “tshimologoñ ea sebaka sa naga hèla.” (Ekesodo 12:37; 13:20) Fa ba le fano, Modimo o ne wa ba laela gore ba “boèlè kwa moragō” mme ba e go “thibèlèla . . . ha lewatleñ.” Tsela eno e e sa tlwaelegang e ne ya tsewa e le go ‘kgweleiwa ke lefatshe,’ mme kgosi eo ya Egepeto e ne ya tswa le masole a yone le dikoloi tsa tlhabano di le 600 go ya go gapa batho ba e kileng ya nna makgoba a gagwe.—Ekesodo 14:1-9.
Khudugo
Go ya ka Josephus yo e neng e le raditiragalo wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., masole a Egepeto a ne a kgweeletsa Baiserele “mo lefelong le le sepitla” mme ba ba dira gore ba tsene “fa gare ga thotana e e sa kakeng ya tlhatlhogwa le lewatle.” Gompieno ga go itsiwe gore totatota lefelo leo Baiserele ba ileng ba kgabaganya Lewatle le Lehibidu fa go lone ke lefe. Lefa go ntse jalo, go bonolo bo bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo fa o le fa godimo ga thaba e e kafa bokone jwa Lewatle le Lehibidu. Se se kgatlhisang ke gore thaba eno e bidiwa Jebel ʽAtaqah, leina le le rayang “Thaba ya Kgololo.” Fa gare ga thaba eno le Lewatle le Lehibidu go na le lebalanyana le le neng le le lesesane koo dikutu tsa dithaba di neng di batla di tsena mo lewatleng teng. Ka kwa ntlheng e nngwe ya Lewatle le Lehibidu go na le lefelo le letala le le neng le na le metswedi ya metsi le le bidiwang ʽAyun Musa’ leina le le kayang “didiba tsa ga Moshe.” Boalo jwa lewatle fa gare ga dintlha tseno tse pedi bo nna boteng ka iketlo mme kwa mafelong a mangwe bo nna boteng jwa dimetara tse di fa gare ga tse 9 le tse 18 ka bofefo fela.
Baithutabodumedi ba ba senang tumelo ba Labokeresete ba ile ba leka go dira gore go se ka ga dumelwa kgakgamatso e Modimo a ileng a e dira fa a ne a kgaoganya metsi a Lewatle le Lehibidu gore Baiseraele ba kgone go kgabaganya fa go omeletseng. Ba golaganya tiragalo eo le makgobokgobo a a seng boteng kana moraga o o kafa bokone jwa Lewatle le Lehibidu. Lefa go ntse jalo, seo ga se dumalane le pego ya Bibela, e gangwe le gape e bolelang gore ba ile ba kgabaganya mo Lewatleng le Lehibidu mo lefelong le go neng go na le metsi a mantsi a a ileng a nwetsa Faro le mophato otlhe wa gagwe, ee, a a neng a ba kometsa botlhe.—Ekesodo 14:26-31; Dipesalema 136:13-15; Bahebera 11:29.
Naga ya Sinai
Maemo a a makgwakgwa a a fitlhelwang kwa Sekasetlhakeng sa Sinai a tlhalosiwa ka tsela e e phepafetseng mo pegong ya Bibela e e kaga go kgarakgatshega ga Baiseraele. (Duteromone 8:15) Ka jalo, a go ne go ka kgonega gore morafe otlhe o kgobokanele fa tlase ga Thaba ya Sinai go amogela Molao wa Modimo mme e bo e re morago o bo o tloga o “èmèla kgakala”? (Ekesodo 19:1, 2; 20:18) A go na le lefelo le letona jalo le boidiidi jwa batho jo bo fopholediwang mo dimilioneng tse tharo ba neng ba ka kgona go tsamayatsamaya mo go lone?
Arthur Stanley, motsamai le mokanoki wa Bibela wa lekgolo la bo 19 la dingwaga o ne a etela karolo ya Thaba ya Sinai mme a tlhalosa lefelo leo setlhopha sa gagwe se neng sa le bona morago ga go palama Ras Safsafa jaana: “Le ile la re kgatlha ka bonako fela jaaka mongwe le mongwe yo o kileng a le bona a bo a le tlhalosa. . . . Fano go ne go na le lebala le lesetlha le le boteng ebile le le sephara le ikala go fitlha kwa tlase ga lekgotlho la thaba . . . Fa o akanyetsa ntlha ya gore go batla go sa dumelwe gore go na le lefelo le le ntseng jalo leo thaba e kopanang gone le lebala mo karolong eno, se ke bosupi jo bo botlhokwa jo bo supang gore pego eno e boammaaruri, gore lefelo leno le mo go lone lebala le kopanang teng le thaba le gone fano le gore le fitlhelwa gaufi le tikologo ya Sinai wa bogologolo.”
Lefatshe Le Le Solofeditsweng
Mo ngwageng wa bo 40 fa Baiserele ba ntse ba kgarakgatshega mo nageng, Moshe o ne a tlhalosa naga e ba neng ba tla tloga ba tsena mo go yone jaana: “Yehofa Modimo oa gago, o gu isa mo lehatshiñ ye le molemō, lehatshe ya dinokana tsa metse, ya mecwedi, le metlhodi e e cwèlañ mo mogogoroñ le mo dithabeñ.”—Duteronome 8:7.
Boammaaruri jwa tsholofetso eno bo ne jwa lemotshega fa moragonyana morafe otlhe o ne o phuthega—banna, basadi, bana, le batswakwa—ba phuthegela fa mokgatšheng o o nang le metsi a mantsi wa Shesheme fa gare ga Thaba ya Ebala le Thaba ya Geresima. Go ne go eme ditso tse thataro fa mhapheng wa Thaba ya Geresima. Ditso tse dingwe tse thataro di ne di phethegetse ka kwa ntlheng e nngwe ya mokgatšha fa mhapheng wa Thaba ya Ebala go reetsa kafa Modimo o neng o tla segofatsa morafe ka teng fa o ne o ka reetsa Molao wa ga Jehofa le kafa ba neng ba tla hutsega ka teng fa ba ne ba ka retelelwa ke go boloka Molao wa Modimo. (Yoshue 8:33-35) A mme go ne go na le lefelo le le lekaneng mo mokgatšheng o mosesane oo le morafe o neng o ka kgona go ema otlhe mo go lone? Mme go ne ga kgonega jang gore ba utlwe botlhe ka go ne go sena didirisiwa tsa segompieno tse di godisang modumo?
Jehofa Modimo a ka nna a bo a ile a oketsa modumo wa mantswe a Balefi ka kgakgamatso. Lefa go ntse jalo, ga go lebege fa kgakgamatso e e ntseng jalo e ne e tlhokega. Lefelo la mokgatšha oo le kgona go tsholetsa modumo wa lentswe la motho ka tsela e e kgatlhang thata. Mokanoki wa Bibela wa lekgolo la bo 19 la dingwaga ebong Alfred Edersheim o ne a kwala jaana: “Batsamai botlhe ba dumelana ka dintlha tseno tse pedi: 1. Gore motho o ne a ka se ka a nna le bothata jwa go utlwa se se neng se buiwa mo mokgatšheng a le kwa Ebala le Gerisima. 2. Gore go ne go na le lefelo le le lekaneng fa dithabeng tseno tse pedi le Baiseraele ba neng ba ka kgona go ema mo go lone.”
Mokanoki yo mongwe gape wa Bibela wa lekgolo la bo 19 ebong William Thomson o ne a tlhalosa tiragalo eno ya kwa mokgatšheng jaana mo bukeng ya gagwe ya The Land and the Book: “Ke ile ka goela kwa godimo gore ke tle ke utlwe mogwaso wa lefelo leo, mme ke bo ke akanya ka tsela e go tshwanetseng ga bo go ne go utlwala ka teng fa Balefi ba ba neng ba goela kwa godimo ba re . . . ‘A go hutsege monna yo o dirang setshwantsho se se setilweng, lefa e le se se thetsweng, se e leng makgapha mo go Jehofa.’ Mme e bo e re morago go bo go utlwala modumo o mogolo wa AMEN! o goa go feta oo ga lesome, go tswa mo phuthegong e kgolo, o tlhatlhoga, o golela pele, o bo o gwasa go tswa Ebala go ya Geresima le go tswa Geresima go ya Ebala.”—Bapisa Duteronome 27:11-15.
Mokgatšha wa Jesereela
Go ela kwa bokone jwa Shesheme go na le mokgatšha o mongwe gape o motalana, o o tlhatlogang go tswa mo botennyeng jo bo kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle o bo o ikala go nna lebala le legolo. Karolo eno yotlhe e bidiwa Mokgatšha wa Jesereela, o o bidiwang ka leina la motse wa Jesereela. Go tsamaela kwa bokone jwa mokgatšha ono go na le dithabanyana tsa Galilea koo motse wa gaabo Jesu wa Nasaretha o neng o agilwe teng. George Smith o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya The Historical Geography of the Holy Land: “Nasaretha e agilwe mo mokgatšheng o o fa gare ga makhubu; mme fela fa o pagamela kwa mokgatšha ono o felelang teng, . . . abo o bona bontle jo bogolo jang ne! [Mokgatšha wa Jesereela] o ikadile fa pele ga gago, ka . . . mafelo a botlhabanelo a one . . . Ke karolo ya hisitori ya Tesetamente e Kgologolo.”
Mo mokgatšheng wa lone lebala leo baithutamarope ba ile ba epolola marope a metsemegolo ya magosi a a neng a gapiwa ke Baiseraele ka nako ya ga Joshua, eleng Taanaka, Megido, Yokoneama, gongwe le wa Kedesha. (Yoshue 12:7, 21, 22) Mo go yone karolo eno Jehofa ka kgakgamatso o ne a golola batho ba gagwe mo merafeng ya baba e e maatla fela thata ka kgakgamatso ka nako ya ga Moatlhodi Barake le Moatlhodi Gideone.—Baatlhodi 5:1, 19-21; 6:33; 7:22.
Makgolo a dingwaga morago ga foo, Kgosi Jehu o ne a kgabaganya mokgatšha ono a ya kwa motseng wa Jesereela go ya go diragatsa dikatlholo tsa ga Jehofa mo go Jesebele le mo ntlong ya ga Ahabe ya botenegi. Go tswa mo toreng kwa Jesereela, go ne go le bonolo gore motho a bone masole a ga Jehu a a neng a atamela a le bokgakala jwa dikilometara di le 19 fa a ne a leba kwa botlhaba. Ke gone ka moo, Kgosi Jehorame a neng a kgona go romela morongwa wa ntlha mme morago a romela wa bobedi a pagame pitse, mme kwa bofelong Kgosi Jehorame wa Iseraele le Kgosi Ahase wa Juda ba ne ba kgona go golega dikoloi tsa dipitse mme ba kgatlhantsha Jehu pele a fitlha kwa motseng wa Jesereela. Jehu o ne a bolaya Jehorame gone fela foo. Ahase o ne a sia lefa go ntse jalo moragonyana o ne a gobala mme a swela kwa Megido. (2 Dikgosi 9:16-27) George Smith o kwala jaana kaga mafelo ano a botlhabanelo: “Go itshupa sentle gore ga go na epe ya dipego tseno . . . e e tlhalosang dilo tse di sa kgonegeng go ya ka thutafatshe.”
Ga go belaetse gore Jesu o ne a tle a lebelele kwa Mokgatšheng wa Jesereela mme a bo a tlhatlhanya ka ditiragalo tsa phenyo tse di kgatlhang tse di diragetseng koo, a itse gore jaaka Mesia yo o solofeditsweng, o tlile go dira tiro ya ga Joshua yo Mogolwane, Barake yo Mogolwane, Gideone yo Mogolwane le Jehu yo Mogolwane fa a tla bo a tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa. Ebile, Bibela e dirisa Megido, motse o o neng o tlhomilwe fa go tshwanetseng sentle mo karolong ya lebala leo la mokgatšha jaaka lefelo le le tshwantshetsang lefelo la ntwa ya Modimo ya Hara-Magedona (ke gore “Thaba ya Megido”). E tlile go nna ntwa e e tla aparelang lefatshe lotlhe e mo go yone Jesu Keresete e le Kgosi ya dikgosi a tla bolayang dira tsotlhe tsa Modimo le tsa phuthego ya Bokeresete, batho ba Modimo ba boammaaruri.—Tshenolō 16:16; 17:14.
Bibela e bolela gore Bajuda ba ba neng ba shakgetse ba kwa Nasaretha ba kile ba leka go bolaya Jesu ka go mo “gōgèla kwa tlhoreñ ea thota e motse oa bōnè o agilweñ mo go eōna, gore ba mo piriganyetsè ka kwa tlhatse.” (Luke 4:29) Se se kgatlhang ke gore, go ela kwa borwabophirima jwa motse oo wa segompieno go na le lekgotlho la thaba le le dimetara tse 12 le tiragalo eno e ka tswang e ile ya diragalela kwa go lone. Jesu o ne a falola baba ba gagwe, mme Bibela e oketsa ka gore, o ne a “[fologela] kwa Kaperenama.” (Luke 4:30, 31) Mme ka boammaaruri, Kaperenama, e e leng mo Lewatleng la Galilea e kwa godimonyana.
Dintlha tseno le tse dingwe tse dintsi di dirile gore batho ba bangwe le bone e seng Napoléon fela, ba supe kafa ba gakgamadiwang ka teng ke tsela e thutafatshe ya Bibela e leng boammaaruri ka gone. “Go na le makgetlo a mantsi a [Bibela] e umakang dipopego tsa mafelo, mme e dira jalo ka tsela e e kgotsofatsang tota,” go ne ga kwala jalo Thomson mo bukeng ya The Land and the Book. Stanley o ne a akgela jaana mo bukeng ya Sinai and Palestine: “Ga go kgonege gore motho a se ka a kgatlhiwa ke tsela e dipego tsa hisitori le ditlhaloso tsa tsone tsa thutafatshe di dumalanang ka yone mo Tesetamenteng e Ntšha le mo Tesetamenteng e Kgologolo.”
Go nna boammaaruri ga Bibela thata jalo mo dilong tse di amang thutafatshe ke bosupi bo le bongwe fela jo bo leng teng jwa gore ga se buka fela e e itlhametsweng ke batho. Ditokololo tse tharo tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo di ne di na le ditlhogo tse di tsamaisanang le seno tse di buang ka Bibela. Re go rotloeletsa gore o iponele dikarolo tse dingwe tse tharo tsa motseletsele wa ditlhogo tseno mme o di ipelele.
[Mmapa mo go tsebe 7]
(For fully formatted text, see publication)
MOKGATŠHA WA JESEREELA
Jesereela
Nasaretha
Taanaka
Megido
Yokoneama
Kedesha
N
LEWATLE LA GALILEA
GREAT SEA
dimaele
dikilometara
5
10
10
20
[Motswedi wa Setshwantsho]
Based on a map copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Baiseraele ba ne ba newa Molao kwa Thabeng ya Sinai
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.