Dithuto Kaga Dikwa,lo tse di Tlhotlhele Ditsweng le Tshedimosetso Kaga Tsone
Thuto ya Ntlha—Loeto Lwa kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng
Dikgaolo tsa lefatshe leno, dipopego tsa naga ya lone, dithaba tsa lone le mekgatšha, dinoka tsa lone le matšha, le maemo a lone a loapi, mmu wa lone, le dijalo tse di farologaneng.
1. (a) Ke ka ntlhayang fa leina le le reng “Lefatshe Le Le Solofeditsweng” le tshwanela jaana? (b) Ke tebelelo efe e e itumedisang eo re ka nnang re e gopotse jaaka re tlhatlhoba popego ya naga ya lefatshe leno?
MELELWANE ya Lefatshe le le Solofeditsweng e ne ya tlhongwa ke Jehofa Modimo. (Ekes. 23:31; Dipa. 34:1-12; Yosh. 1:4) Ka makgolokgolo a mantsi a dingwaga batho ba bangwe ba ne ba bitsa lefelo leno ba re lefatshe la Palasetina, e leng leina le le tswang mo go la Selatine le le reng Palaestina le la Segerika le le reng Pa·lai·stiʹne. Lefoko leno la bofelo le tsewa mo go la Sehebera le le reng Peleʹsheth. Mo Dikwalong tsa Sehebera, Peleʹsheth le ranolwa go twe “Philistia,” mme le lebisitse go lefelo la Bafilisitia fela, bao e neng e le baba ba Modimo. (Ekes. 15:14) Lefa go ntse jalo, ereka Jehofa a ne a solofetsa Aberahame yo o ikanyegang le ditlogolwana tsa gagwe lefatshe leno, go tshwanela tota gore le bidiwe “Lefatshe le le Solofeditsweng,” kana “Lefatshe la Tsholofetso.” (Gen. 15:18; Dute. 9:27, 28; Baheb. 11:9) Go sa tshwaneng ga naga ya lefatshe leno go gakgamatsa eleruri, ereka mo lefelong le le seng kae leno go na le dipopego tse dintsi tsa naga tse di tlhomologileng le dilo tse di feteletseng tse di fitlhelwang mo lefatsheng lotlhe. Fa e le gore Jehofa o ne a ka fa basupi ba gagwe ba bogologolo lefatshe leno la tsholofetso la bontle jo bo mefutafuta jalo jaaka boswa, he eleruri o santse a ka naya baobamedi ba gagwe ba ba ineetseng lefatshe le lotlhe eleng naga e ntšha e e galalelang, e e nang le dithaba, mekgatšha, dinoka, matšha, e le go ba naya boitumelo. A jaanong re tlhomeng matlho mo dipopegong tsa naga eno ya Lefatshe le le Solofeditsweng, jaaka re etela koo ka megopolo ya rona.a
BOGOLO JWA LONE KA KAKARETSO
2. Bajuda ba ne ba thibelela mo selekanyong se se kana kang sa Lefatshe Le Le Solofeditsweng, mme le mo lefelong lefe gape le le neng la oketsa leo?
2 Go ya ka melelwane ya lone e e tlhomilweng ke Modimo jaaka go tlhalosiwa mo go Dipalō 34:1-12, lefatshe le le neng le solofeditswe Baiseraele le ne le tla nna lefelo le e leng sebata se sesesane sa lefatshe. Le ne le tla nna boleele jwa dikilometara di le 480 go tswa kwa bokone go ya kwa borwa le mo e ka nnang palogare ya dikilometara di le 56 ka bophara. Lefelo leno le le solofeditsweng le ne la nniwa lotlhe fela morago ga dintwa tse di lolweng ka nako ya ga Kgosi Dafide le Kgosi Solomone, mme ba ne ba kgona go busa batho botlhe ba ba neng ba ba fentse. Lefa go ntse jalo, karolo e tota Bajuda ba neng ba nna mo go yone e tlhalosiwa ka kakaretso e le go tswa kwa Dana go ya kwa Beresheba, seo e neng e le sekgala sa mo e ka nnang dikilometara di le 240 go tswa kwa bokone go ya kwa borwa. (1 Dikg. 4:25) Sekgala sa naga eo fa e kgabaganngwa go tswa kwa Thabeng ya Karamela go ya kwa Lewatleng la Galilea ke mo e ka nnang dikilometara di le 51, mme kwa borwa kwa lotshitshi lwa lewatle la Mediterranean le obegelang ka bonya kwa borwabophirima gone, e sekgala sa dikilometara tse 80 go tswa kwa Gasa go ya kwa Lewatleng le le Suleng. Lefelo leno le go neng go na le batho mo go lone le le neng le le kafa bophirima jwa Noka ya Joredane le ne le le dikilometara di le 15 000 boleele le bophara. Lefa go ntse jalo, Baiseraele gape ba ne ba thibelela mo mafatsheng a a kwa botlhaba jwa Joredane (mafatshe ao a neng a sa akarediwa mo melelwaneng e e neng e solofeditswe la ntlha), go dira gore lefelo lotlhe le le neng le na le batho e nne le le kwa tlase ga dikilometara di le 26 000 boleele le bophara.
DIKGAOLO TSA TLHOLEGO FELA
3. O dirisa mmapa wa “Dikgaolo tsa Tlholego tsa Lefatshe Le Le Solofeditsweng” le serapa, ka bokhutshwane supa mafelo ao a akarediwang mo dikgaolong tse di latelang tsa tlholego tsa lefatshe leo: (a) dipoa tse di kwa bophirima jwa Joredane, (b) dikgaolo tsa dithaba tse di kwa bophirima jwa Joredane, (c) dithaba le ditlhaba tse di kwa botlhaba jwa Joredane.
3 Mo loetong lwa rona lwa kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng re tlile go feta ka dikgaolo tse di latelang tsa tlholego fela tsa naga eno. Lenaane le le fa tlase ke lone le le tlhalosang mmapa o o fano, oo o bontshang melelwane e e akanyediwang ya mafelo a go buiwang ka one.
Dikgaolo tsa Naga Eno
A. Lotshitshi lwa Lewatle Le Legolo—Yosh. 15:12.
B. Dipoa tse di kafa Bophirima jwa Joredane
1. Lobala lwa Ashera.—Baatlh. 5:17.
2. Sebata sa lefatshe se se Bapileng le Lewatle sa Dora.—Yosh. 12:23.
3. Mafudiso a Sharona.—1 Ditih. 5:16.
4. Dipoa tsa Filisitia.—Gen. 21:32; Ekes. 13:17.
5. Mokgatšha O Mogolo kafa Botlhababophirima
a. Lobala lwa Megido (Esdraelon).—2 Ditih. 35:22.
b. Molapo wa Jeseriele.—Baatlh. 6:33.
C. Dikgaolo Tse Di Dithaba Tse Di Kafa Bophirima jwa Joredane
1. Dithota tsa Galilea.—Yosh. 20:7; Isa. 9:1.
2. Dithota tsa Karamela.—1 Dikg. 18:19, 20, 42.
3. Dithota tsa Samaria.—Yer. 3:15; Amose 3:9.
4. Shefela.—Yosh. 11:2; Baatlh. 1:9.
5. Naga E E Dithota ya Juda.—Yosh. 11:21.
6. Sekgwa sa Juda (Jeshimon).—Baatlh. 1:16; 1 Sam. 23:19.
7. Negebe.—Gen. 12:9; Dipa. 21:1.
8. Sekgwa sa Parana.—Gen. 21:21; Dipa. 13:1-3.
D. Araba Yo Mogolo (Mokgatšha wa Phatogo).—2 Sam. 2:29; Yer. 52:7.
1. Mogobe wa Hula
2. Kgaolo E E Dikologileng Lewatle la Galilea.—Math. 14:34;
3. Kgaolo ya Mokgatšha wa Joredane (Ghor).—1 Dikg. 7:46;
4. Lewatle (Le Le Suleng) La Letswai (Lewatle La Araba).
5. Araba (kwa borwa fa o tswa fa Lewatleng La Letswai).
E. Dithaba le Ditlhaba tse di kwa Botlhaba jwa Joredane.
1. Lefatshe la Bashana.—1 Ditih. 5:11; Pes. 68:15.
2. Lefatshe la Gileada.—Yosh. 22:9.
3. Lefatshe la Amona le la Moaba.—Yosh. 13:25;
4. Thaba e e leng Tlhaba ya Edoma.—Dipa. 21:4; Baatlh. 11:18.
F. Dithaba tsa Lebanona.—Yosh. 13:5.
A. LOTSHITSHI LWA LEWATLE LE LEGOLO
4. Dipopego le maemo a loapi a lotshitshi lwa lewatle ke tse di ntseng jang?
4 Fa re simolola loeto lwa rona go tswa kwa bophirima, sa ntlha re bona lotshitshi lo lo bapileng le lewatle le lentle, le le botala jwa loapi jwa Mediterranean. Ka baka la dithotobolo tsa motlhaba tse di tlhomaganeng sekgala se seleele, boemeladikepe jo bo siameng fela jwa tlholego jo bo bapileng le Thaba ya Karamela ke jo bo kwa Jopa; mme kwa bokone jwa Karamela go na le maemelo a dikepe a le mmalwa a a siameng a tlholego. Bafonikia, bao ba neng ba nna mo nageng eno go bapa le karolo eno ya lotshitshi lwa lewatle, ba ne ba nna batho ba ba itsegeng ka kgwebo ya ditlhapi. Palogare ya themperetšha ya ngwaga mo lotshitshing lono lwa lewatle lo lo mogote ke e e siameng ya 19° C., lefa selemo sone se le mogote fela thata, ereka se na le palogare ya themperetšha ya mo e ka nnang 34° C. motshegare mo Gasa.
B-1 LOBALA LWA ASHERA
5, 6. Ka bokhutshwane tlhalosa (a) Lobala lwa Ashera, (b) sebata sa lefatshe se se fa lotshitshing lwa lewatle sa Dora.
5 Lobala lono lo lo bapileng le lewatle lo sekgala sa dikilometara di le 40 go tswa fa Thabeng ya Karamela. Fa lo leng sephara thata gone ke dikilometara di le 13, mme ke karolo ya lefatshe leo le neng la abelwa lotso lwa Ashera. (Yosh. 19:24-30) E ne e le sebata se se nonneng sa lefatshe mme ebile dijalo tsa sone di tswa sentle, e le se balelapa la segosi la ga Solomone ba neng ba ja maungo a sone.—Gen. 49:20; 1 Dikg. 4:7, 16.
B-2 SEBATA SA LEFATSHE SE SE BAPILENG LE LEWATLE SA DORA
6 Sebata seno sa lefatshe se iphaphathile ka Dithaba tsa Karamela mo e ka nnang ka sekgala sa dikilometara di le 32. Se bophara jwa dikilometara di le 4 fela. Ebile tota re ka re fela ra re ke sebata sa lefatshe se se bapileng le lewatle se se fa gare ga Karamela le Mediterranean. Mo karolong ya sone e e kafa borwa, go na le boemeladikepe jwa Dora, mme kwa borwa jwa seno, go simologa dithotobolo tsa motlhaba. Dithaba tse di kafa morago ga Dora di ne di ntsha dijo tse di nonneng tse di neng di jewa kwa meletlong ya dijo ya ga Solomone. Mongwe wa bomorwadia Solomone o ne a nyalwa ke kgosana e e neng e tswa mo kgaolong eno.—1 Dikg. 4:7, 11.
B-3 MAFUDISO A SHARONA
7. (a) Go buiwa ka Sharona jang mo boperofeting, mme ka ntlhayang? (b) Mo metlheng ya Bahebera kgaolo eno e ne e dirisediwa eng?
7 Ka baka la dithunya tse di tumileng ka bontle tsa Sharona, go a tshwanela gore a bo a umakiwa mo ponatshegelong ya boperofeti ya Isaia kaga lefatshe le le tsosolositsweng la Iseraele. (Isa. 35:2) Lefatshe leno ke lefatshe le le nonneng, le le nang le metsi sentle. Ke lebala leo bophara jwa lone bo farologanang gareng ga dikilometara di le 16 go ya go di le 19, le le namalalelang dikilometara di le 64 go ya kwa borwa go tswa kwa sebateng sa lefatshe se se bapileng le lewatle sa Dora. Mo metlheng ya Bahebera go ne go na le dikgwa tsa ditlhare tsa moakere kwa bokone jwa Sharona. Matsomane a le mantsi a ne a fula koo morago ga mabele a sena go rojwa. Ke gone ka moo lefelo leno le neng le bidiwa mafudiso a Sharona. Mo motlheng wa ga Kgosi Dafide, dikgomo tsa segosi di ne di nna kwa Sharona. (1 Ditih. 27:29) Gompieno go na le ditshimo tse dikgolo tsa ditlhare tsa dinamone mo lefelong leno.
B-4 LOBALA LWA FILISITIA
8. Lobala lwa Filisitia lo kwa kae, mme lo bopegile jang?
8 Karolo eno ya lefatshe e kwa borwa jwa mafudiso a Sharona, e le sekgala sa dikilometara di le 80 go bapa le lotshitshi lwa lewatle le dikilometara di le 24 go tswa fa lewatleng. (1 Dikg. 4:21) Dithotobolo tsa motlhaba tse di bapileng le lotshitshi lwa lewatle fa gongwe di nna boleele jwa dikilometara di le 6. Leno ke lebala le le sa lekalekaneng le le etlang le tlhatloga go tswa go dimetara tse 30 go ya go mo e ka nnang dimetara tse 200 kafa morago ga Gasa kwa bokone. Mmu wa lone o nonne; lefa go ntse jalo ga go ne pula e ntsi koo, mme gantsi go nna le komelelo.
B-5 MOKGATŠHA O MOGOLO O O KWA BOTLHABABOPHIRIMA
9. (a) Ke dikarolo dife tse pedi tse di bopang mokgatšha o mogolo o o kafa botlhababophirima, mme o ne o le mosola ka eng? (b) Tlhalosa popego ya lefatshe ya lefelo leno, o dirisa ditshwantsho tsa “Dipopego Tse Di Farologaneng Tsa Lefatshe Le Le Solofeditsweng.”
9 Tota mokgatšha o mogolo o o kwa botlhababophirima o na le dikarolo di le pedi, Molapo wa Megido, kana Esdraelon, o o kwa bophirima, le Molapo wa Jeseriele o o kwa botlhaba. (2 Ditih. 35:22; Baatlh. 6:33) Mokgatšha ono otlhe o mogolo o ne o dira gore go nne motlhofo go kgabaganya go tswa kwa mokgatšheng wa phatogo wa Joredane go ya kwa Lotshitshing lwa Mediterranean, ebile e ne ya nna tsela e e botlhokwa ya bagwebi. Metsi a a fologang kwa Lobaleng lwa Megido a elelela mo mokgatšheng o o pomponyegang wa Kishona, oo o elelelang ka phatana e tshesane e e fa gare ga Thaba ya Karamela le dithota tsa Galilea mo Lobaleng lwa Ashera mme e re o tswa foo o bo o ya kwa Mediterranean. Motswedi ono wa metsi o mmotlana o kgala otlhe fela mo dikgweding tsa selemo, mme ka dipaka tse dingwe o tlala mo o felelang e le maphothophotho fela.—Baatlh. 5:21.
10. (a) Tlhalosa Molapo wa Jeseriele. (b) Lefelo leno le amana le ditiragalo dife tsa Bibela?
10 Molapo wa Jeseriele o elelela kwa borwabotlhaba go ya kwa Joredane. Mokgotha ono wa mokgatšha, e leng Lobala lwa Jeseriele, o ka nna dikilometara di le 3,2 bophara mme o le boleele jwa dikilometara di le 19. O simologa o le bogodimo jwa dimetara di le 90, mme go tswa foo o bo o fologela kwa tlase ka bonya go ya go dimetara tse 120 kwa tlase ga selekanyo sa bogodimo jwa lewatle gaufi le Bethesheana. Mokgatšha ono otlhe o mogolo o na le mmu o o nonneng, ebile kgaolo ya Jeseriele ke nngwe ya dikarolo tse di ungwang fela thata mo nageng eo yotlhe. Jeseriele ka boyone e raya gore “Modimo O Tla Jala Peo.” (Hos. 2:22) Dikwalo di bua ka go kgatlhisa le bontle jwa kgaolo eno. (Gen. 49:15) Megido mmogo le Jeseriele di ne di siametse dintwa tse di neng di lowa ke Iseraele le merafe e e neng e e dikologile, mme ke gone fano fa Barake, Gideone, Kgosi Saulo, le Jehu ba neng ba tlhabanela gone.—Baatlh. 5:19-21; 7:12; 1 Sam. 29:1; 31:1, 7; 2 Dikg. 9:27.
C-1 DITHOTA TSA GALILEA
11, 12. (a) Galilea o ne a amana go le kana kang le bodihedi jwa ga Jesu, mme ke bomang ba ba neng ba tswa mo kgaolong eno? (b) Bapisa Galilea Yo O Kwa Tlase le Galilea Yo O Kwa Godimo.
11 Jesu o ne a dira bogolo jwa tiro ya gagwe ya go supa kaga leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe mo kgaolong e e kafa borwa ya dithota tsa Galilea (le mo tikologong ya Lewatle la Galilea). (Math. 4:15-17; Mar. 3:7) Bontsi jwa balatedi ba ga Jesu, go akaretsa le baaposetoloi botlhe ba ba 11 ba ba ikanyegang, ba ne ba tswa kwa Galilea. (Dit. 2:7) Mo kgaolong eno, e fa gongwe e bidiwang Galilea Yo O Kwa Tlase, ke gone fa naga eno e leng ntle tota gone, ebile e na le dithota tse di sa feteng dimetara di le 600 ka boleele. Go simologa ka letlhafula go ya go dikgakologo, ga go ke go tlhokafala pula mo lefatsheng leno le le itumedisang, mme ka jalo ga se kgaolo e e sekaka. Ka paka ya dikgakologo thota nngwe le nngwe e ya bo e kgabile ka dithunya, mme bokwatlase jwa mokgatšha mongwe le mongwe bo a bo bo tletse mabele. Mo dithabeng tse dipotlana, go na le mmu o o nonneng go ka lengwa, mme dithota tsone di siametse go ka lema ditlhare tsa lotlhware le tsa mofine mo go tsone. Ditoropo tsa kgaolo eno ya Nasaretha tse di umakilweng mo Bibeleng tse di tumileng thata, ke Kana, le Naina. (Math. 2:22, 23; Yoh. 2:1; Luke 7:11) Lefelo leno le ne la thusa Jesu fela thata ka mofuta wa ditshwantsho tseo a neng a ka di dirisa.—Math. 6:25-32; 9:37, 38.
12 Mo kgaolong ya bokone, kana kwa Galilea Yo O Kwa Godimo, dithota tseno di tlhatloga mo di fitlhang go dimetara tse 1 100, mme ebile tota di fetoga dithotana tse di kwa tlase ga Dithaba tsa Lebanona. Galilea Yo O Kwa Godimo o kgakala ebile o na le diphefo tse dintsi, mme koo go na pula e ntsi. Mo metlheng ya Bibela mekgokolosa e e kafa bophirima e ne e na le dikgwa tse di kitlanyeng. Kgaolo eno e ne e abetswe lotso lwa Nafetali.—Yosh. 20:7.
C-2 DITHOTA TSA KARAMELA
13. (a) Totatota Karamela ke eng? (b) O umakiwa mabapi le eng mo Bibeleng?
13 Motsu wa Thaba ya Karamela o okometse ka tsela e e kgatlhisang mo Lewatleng la Mediterranean. Ebile tota Karamela ke kgaolo e e dithota, tse di ka nnang boleele jwa dikilometara di le 48, eo e leng kwa godimo ga selekanyo sa bogodimo jwa lewatle ka dimetara di le 545. E simologa kwa dithoteng tsa Samaria go ya go Mediterranean, mme karolo ya yone e e bapileng le lewatle, eo e leng lekhubu le legolo le le kwa ntlheng e e kwa bokonebophirima, e tumile fela thata ka popego ya yone e e kgatlhisang le e ntle. (Sehela 7:5) Leina Karamela le raya “Tshimo ya ditlhare tsa maungo,” leo le tshwanelang bogodimo jono jwa thaba jo bo nang le mmu o o nonneng, o o tletseng ka ditlhare tse di tumileng tsa mofine le tsa maungo le tsa lotlhware. Isaia 35:2 e e dirisa jaaka tshwantshetso ya go ungwa ga lefatshe le le tsosolositsweng la Iseraele mo go neng ga lere kgalalelo: ‘Le tshwanetse go newa kgalalelo ya Karamela.’ Fano ke gone fa Elija a neng a gwetlha baperesiti ba ga Baale gone le fa “molelō oa ga Yehofa [o neng] oa wa” gone o supa fa A le mogolo, gape Elija o ne a tlhokomedisa batho lerunyana le le neng la na pula e kgolo a le kwa godimo ga thaba ya Karamela, mme ka go dira jalo a khutlisa komelelo e e neng e le mo Iseraele.—1 Dikg. 18:17-46.
C-3 DITHOTA TSA SAMARIA
14. Ke ditso dife tse di neng tsa thibelela mo dithoteng tsa Samaria, mme lefelo leno le tshwanela dijalo dife?
14 Karolo e e kwa borwa ya kgaolo eno e na le dithota go gaisa tse dingwe, ereka e tlhatlogela dimetara tse 900 kwa botlhaba. (1 Sam. 1:1) Mo kgaolong eno, go na pula e ntsi le e e bileng e na ka dipaka tsa yone go na le kwa borwa kwa Juda. Mo kgaolong eno go ne ga thibelela ditlogolwana tsa ga Eferaima, eleng monnaa Josefa yo mmotlana. Karolo e e kwa bokone ya kgaolo eno, eo e neng e abetswe bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase, mogoloa Josefa yo motona, e na le melatswana le dipoana tseo di dikologilweng ke dithota. Fa go leng dithota gone ga go na mmu o o nonneng mo go kalo, lemororo go na le masimo a mofine le masimo a ditlhare tsa lotlhware, ao a dirilweng ka gore go lengwe mo dithoteng di le dintsi tse di kwa tlase. (Yer. 31:5) Lefa go ntse jalo, bokwatlase jo bogolwane jwa mekgatšha eno bo siametse go lema mabele le dijalo tse dingwe fela thata. Go ne go na le metse e mentsi fale le fale mo kgaolong eno mo metlheng ya Bibela. Ka nako ya bogosi jo bo kwa bokone, Manase o ne a abela metsemegolo e meraro eo e neng ya tlhatlologana dijo—Shekeme, Tiresa, le Samaria—mme kgaolo eo yotlhe e ne ya bidiwa Samaria, e reeletswe ka motsemogolo oo.—1 Dikg. 12:25; 15:33; 16:24.
15. (a) Tshegofatso ya ga Moshe mo go Josefa e ne ya diragadiwa jang mo kgaolong ya Samaria? (b) Lefatshe leno le ne la segofadiwa jang gape mo motlheng wa ga Jesu?
15 Tshegofatso ya ga Moshe mo go Josefa e ne ya diragala ka botlalo mo lefatsheng leno. “Kaga Yosefe, a re, A lehatshe ya gagwè le segōhadiwè ke Yehofa: ka dilō tse di tlhokègañ tsa legodimo, ka monyō . . . le ka dilō tse di tlhokègañ tsa louñō loa letsatsi, le ka dilō tse di tlhokègañ tse di golañ le kgwedi, le ka dilō tse di tlhophegileñ tsa dithaba tsa bogologolo yo bo heteletseñ, le ka dilō tse di tlhokègañ tsa makhubu a a sa eeñ kae.” (Dute. 33:13-15) Ee, naga eno e ne e itumedisa eleruri. Dithaba tsa yone di ne di na le dikgwa tse di kitlanyeng, mekgatšha ya yone e ne e na le mmu o o ntshang dijo tse dintsi, mme e ne ya tlala ka metse e e neng e humile le e e neng e na le batho ba bantsi. (1 Dikg. 12:25; 2 Ditih. 15:8) Mo metlheng ya moragonyana Jesu o ne a rera mo lefatsheng la Samaria, leo barutwa ba gagwe le bone ba neng ba rera mo go lone, mme batho ba koo ba le bantsi ba ne ba amogela Bokeresete.—Yoh. 4:4-10; Dit. 1:8; 8:1, 14.
C-4 SHEFELA
16. (a) Shefela o bopegile jang? (b) Kgaolo eno e ne e le botlhokwa ka eng mo metlheng ya Bibela?
16 Ere lefa leina Shefela le raya “Lefatshe le le khuti,” tota yone ke lefelo le le dithota le la bogodimo jwa mo e ka nnang dimetara di le 450 kwa karolong e e kwa borwa mme e etla e nna le mekgatšha gangwe le gape go simologa kwa botlhaba go ya kwa bophirima. (2 Ditih. 26:10) E tlhatloga e lebile kwa botlhaba jwa lobala lo lo fa lotshitshing lwa lewatle lwa Filisitia mme go ka twe ke lefatshe le le kwa tlase fela fa le bapisiwa le dithota tse di kwa godimo tsa Juda yo o fa pelenyana fa o ya kwa botlhaba. (Yosh. 12:8) Mo dithoteng tsa yone, tseo go neng go na le ditlhare tse dintsi tsa masekamore mo go tsone, jaanong go lemiwa masimo a ditlhare tsa mofine le tsa lotlhware mo go tsone. (1 Dikg. 10:27) Go ne go na le metse e mentsi koo. Mo ditiragalong tsa Bibela e ne e ntse jaaka lefelo leo le neng le thibela Bafilisitia kana masole ape fela a a neng a leka go tla go tsena mo Juda go tswa kafa ntlheng ya lobala lo lo fa lotshitshing lwa lewatle go tla go tlhasela Baiseraele.—2 Dikg. 12:17; Obadia 19.
C-5 NAGA E E DITHOTA YA JUDA
17. (a) Naga e e dithota ya Juda e ne e nna le thobo e e kana kang mo metlheng ya Bibela, mme gompieno gone go ntse jang? (b) Juda o ne a tsewa fa e le lefelo le le siameng ka baka la eng?
17 Lefelo leno ke lefelo le le tletseng matlapa le le ka nnang boleele jwa dikilometara tse 80 le bophara jwa dikilometara tse di kwa tlase ga 32, le le etlang le tlhatloga go simolola ka dikilometara tse 600 go ya go tse 1 000 go feta selekanyo sa bogodimo jwa lewatle. Mo metlheng ya Bibela lefelo leno le ne le tletse ditlhare tsa dikota, mme segolobogolo kafa bophirima go ne go na le masimo a mantsi a mabele, ditlhare tsa lotlhware, le masimo a mofine mo dithoteng le mo mekgatšheng. Baiseraele ba ne ba bona mabele a a siameng, lookwane le bojalwa jwa mofine mo kgaolong eno. Lefelo leo segolobogolo le senyegetsweng ke dikgwa tsa lone fa e sale ka nako ya metlha ya Bibela mme ka gone le lebega le kgakgabetse fa le bapisiwa le jaaka le ne le ntse pele, ke tikologo ya Jerusalema. Mo nakong ya mariga, fa gongwe kapoko e wela mo mafelong a a tlhatlogileng a a fa gare, a a tshwanang le Bethelehema. Mo metlheng ya bogologolo Juda o ne a tsewa e le lefelo le le siametseng go aga metse le dikago tsa phemelo mo go lone, mme mo nakong ya dikudumedi batho ba ne ba ka tshabela kwa dithabeng.—2 Ditih. 27:4.
18. (a) Jerusalema o ne a nna motsemogolo wa Iseraele le wa Juda leng? (b) Dingwe tsa dipopego tse di kgatlhisang tsa motse ono ke dife?
18 Lefelo le le tlhomologileng mo ditiragalong tsa Juda le tsa Iseraele ke Jerusalema, e gape e bidiwang Siona, e reeletswe ka kago ya yone ya phemelo. (Pes. 48:1, 2) Pelepele e ne e le motse wa Kanana wa Jebusa, o o neng o le mo lefelong le le kwa godimo kwa moseja ga fa makopanelong a Mokgatšha wa Hinoma le Mokgatšha wa Kiderone. Morago ga Dafide a sena go o gapa a bo a o dira motsemogolo, o ne wa atolosediwa kwa bokonebophirima, mme kwa bokhutlong o ne gape wa akaretsa le Mokgatšha wa Tyropoeon. Morago ga nako e e rileng Mokgatšha wa Hinoma o ne wa bidiwa Gehena. Ereka Bajuda ba ne ba direla ditlhabelo tsa medimo ya disetwa koo, o ne wa kaiwa fa o leswafetse mme wa fetolwa bolatlhelamatlakala le ditopo tsa dikebekwa tse di bosula fela thata. (2 Dikg. 23:10; Yer. 7:31-33) Ka gone, melelo ya one e ne ya nna setshwantsho se se supang go senyediwa ruri. (Math. 10:28; Mar. 9:47, 48) Batho ba Jerusalema ba ne ba dirisa metsi a a seng mantsi a a mo Molatswaneng wa Siloame, o o kafa bophirima jwa Mokgatšha wa Kiderone, mme Hesekia o ne a o sireletsa ka go aga lokotswana kafa ntle ga one gore o nne karolo ya motse.—Isa. 22:11; 2 Ditih. 32:2-5.
C-6 SEKGWA SA JUDA (JESHIMON)
19. (a) Jeshimon o tshwanelwa ke tlhaloso ya leina la gagwe jang? (b) Ke ditiragalo dife tsa Bibela tseo di neng tsa diragala mo kgaolong eno?
19 Jeshimon ke leina le le fitlhelwang mo Bibeleng la Sekgwa sa Juda. Le raya “Sekaka.” (1 Sam. 23:19, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Abo leina leno le tlhalosa sentle ebile le tshwanela jang ne! Mo sekgweng seo go na le mekgokolosa e e makgawekgawe e e kafa botlhabatsatsi ya dithotathota tse di kgakgabetseng tsa kalaka tsa Judea, tseo di welelang kwa tlase go dimetara di le 900 mo sekgaleng sa dikilometara di le 24 go ya kwa Lewatleng le le Suleng, koo go nang le lobota lwa makgotlho a a makgawekgawe gone. Ga go na metse epe mo Jeshimon mme go na le ditlaagananyana di sekae fela. Dafide o ne a tshabela Kgosi Saulo kwa go sone sekgwa seno sa Juda, Johane Mokolobetsi le ene o ne a rera fa gare ga sone sekgwa seno le Joredane, ebile Jesu o ne a ikhutsa mo go yone kgaolo eno fa a ne a le mo pakeng ya go itima dijo ka malatsi a le 40.b—1 Sam. 23:14; Math. 3:1; Luke 4:1.
C-7 NEGEBE
20. Tlhalosa kgaolo ya Negebe.
20 Kwa borwa jwa dithota tsa Juda go na le Negebe, koo ditlhogo tsa lotso bo Aberahame le Isake ba neng ba nna gone ka dingwaga di le dintsi. (Gen. 13:1-3; 24:62) Bibela gape e bitsa karolo e e kwa borwa ya lefelo leno e re ‘naga ya Sina.’ (Yosh. 15:1) Lefelo leno le le seng sekaka go le kalo la Negebe le simologa fa kgaolong ya Beresheba kwa bokone go ya go Kadesha-baranea kwa borwa. (Gen. 21:31; Dipa. 13:1-3, 26; 32:8) Lefatshe leno le welelela go tswa kwa dithoteng tsa Juda le etla le nna le dithotobolo tse di tlhomaganeng, tseo di yang kwa botlhaba le kwa bophirima, mo go dirang molelwane wa tlholego fela o o thibelang dipalangwa kana batlhasedi tse di tswang kwa borwa. Lefatshe leno le welela go tswa kwa dithoteng kwa karolong e e kwa botlhaba jwa Negebe go ya kwa lobaleng lo lo sekaka lo lo kwa bophirima, go bapa le lotshitshi lwa lewatle. Fa go le selemo lefatshe leno le a bo le kgakgabetse fela jaaka sekaka, fa e se fela gaufi le mekgatšha e e pomponyegang metsi. Lefa go ntse jalo, metsi a ka bonwa fa go epiwa sediba. (Gen. 21:30, 31) Naga ya gompieno ya Iseraele e lema dikarolo dingwe tsa Negebe ka go nosetsa ebile e a di tlhabolola. ‘Noka ya Egepeto’ ke yone molelwane o o kafa borwabophirima jwa Negebe ebile gape ke karolo ya molelwane o o kafa borwa jwa Lefatshe Le Le Solofeditsweng.—Gen. 15:18.
C-8 SEKGWA SA PARANA
21. Parana o kwa kae, mme ke seabe sefe se a ileng a nna naso mo ditiragalong tsa Bibela?
21 Kwa borwa jwa Negebe go na le Sekgwa sa Parana seo ebileng se kopana le Sekgwa sa Sina. Fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Sina, ba ne ba kgabaganya sekgwa seno ba lebile kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng, mme Moshe o ne a romela ditlhola tse 12 go tswa gone kwa Parana.—Dipa. 12:16–13:3.
D. ARABA YO MOGOLO (MOKGATŠHA WA PHATOGO)
22. O dirisa mmapa o o mo tsebeng ya 272 le ditshwantsho tse di mo go tsebe 273, mmogo le serapa seno, tlhalosa dintlha tse dikgolo tsa Araba (Mokgatšha wa Phatogo) ka bokhutshwane le kafa di amanang ka gone le lefelo le le mo tikologong.
22 Popego nngwe ya naga e e sa tlwaelegang fela thata ya tlholego mo lefatsheng leno ke Mokgatšha wa Phatogo. Mo Bibeleng, karolo e e kgabaganyang ka Lefatshe Le Le Solofeditsweng go tswa kwa bokone go ya kwa bophirima e bidiwa “Araba.” (Yosh. 18:18) Mo go 2 Samuele 2:29 phatogano eno ya lefatshe e tlhalosiwa jaaka longope. Kwa bokone jwa yone go na le Thaba ya Heremona. (Yosh. 12:1) Go tswa fa moripong wa Heremona, Mokgatšha ono wa Phatogo o welelela kwa tlase fela thata go dimetara di le 800 kwa tlase ga selekanyo sa bogodimo jwa lewatle kwa bofelong jwa Lewatle le le Suleng. Araba e tswelela go tswa kwa bokhutlong jo bo kwa borwa jwa Lewatle Le Le Suleng, e tlhatlogela go feta dimetara di le 200 kwa godimo ga selekanyo sa bogodimo jwa lewatle mo e ka nnang fa gare ga Lewatle Le Le Suleng le Gulf of ʽAqaba. Morago ga foo le welelela kwa tlase fela thata go ya go metsi a a mololo a bofelo jono jwa Lewatle Le Lehibidu. Karolo ya dimmapa tse di mono e bontsha kafa Mokgatšha oo wa Phatogo o amanang ka gone le naga eo e neng e o dikologile.
D-1 MOGOBE WA HULA
23. Kgaolo ya Hula e ne e amanngwa le eng mo metlheng ya Bibela?
23 Go tswa fa tlase ga Thaba ya Heremona, Mokgatšha ono wa Phatogo o welelela kwa tlase fela thata go ya go dimetara di le 490 go ya kwa kgaolong ya Hula, eo e ka nnang mo selekanyong sa bogodimo jwa lewatle. Kgaolo eno e na le metsi sentle mme ebile e nna e le tala fela le mo dikgweding tse go leng mogote tsa selemo. Badana ba ne ba thibelela mo go lone lefelo leno mo motseng wa bone wa Dana, oo o neng o le boremelelo jwa kobamelo ya medimo ya disetwa go simologa mo metlheng e go neng go laola baatlhodi mo go yone go ya nakong ya bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele. (Baatlh. 18:29-31; 2 Dikg. 10:29) Ke kwa Kaesarea Filipi, toropo e e gaufi le lefelo le go neng go na le Dana wa bogologolo gone, koo Jesu a neng a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore ke Keresete, mme batho ba le bantsi ba dumela gore go fetoga ponalo ga ga Jesu go ne ga diragala malatsi a le marataro morago ga foo gaufi le Thaba ya Heremona. Go tswa kwa Hula, Mokgatšha wa Phatogo o welelela kwa Lewatleng la Galilea, leo le leng dimetara di le 210 kwa tlase ga selekanyo sa bogodimo jwa lewatle.—Math. 16:13-20; 17:1-9.
D-2 KGAOLO E E DIKOLOGILENG LEWATLE LA GALILEA
24. (a) Lewatle la Galilea le bidiwa ka maina afe gape mo Bibeleng? (b) Ditikologo tsa lone di ne di ntse jang mo motlheng wa ga Jesu?
24 Lewatle la Galilea le ditikologo tsa lone ke mafelo a mantle eleruri.c Selo se se dirang gore kgaolo eo e kgatlhise thata ke ditiragalo tse dintsi tsa bodihedi jwa ga Jesu tseo di ileng tsa diragalela koo. (Math. 4:23) Lewatle leo gape le bidiwa Letšha la Genesereta, kana Kineretha, le Lewatle la Tiberia. (Luke 5:1; Yosh. 13:27; Yoh. 21:1) Totatota ke letšha le le bopegileng jaaka pelo, le le ka nnang boleele jwa dikilometara di le 21 le bophara jwa dikilometara di le 11 fa le leng sephara thata gone, mme ke motswedi o mogolo wa metsi mo lefatsheng leo lotlhe. Le batlile le dikaganyediwa ke dithota mo ditlhakoreng tsotlhe. Letšha leo le bogodimo jwa dimetara di le 210 kwa tlase ga selekanyo sa bogodimo jwa lewatle, se se dirang gore go nne le mariga a a bothitho, a a itumedisang, le selemo se se gogang lobaka lo loleele thata, se se mogote. Mo metlheng ya ga Jesu, e ne e le boremelelo jwa papadi ya maemo a a kwa godimo e e tlhabolotsweng ya ditlhapi, mme metse e e neng e humile ya Korasina, Bethesaida, Kaperenama, le Tiberia e ne e le fa lotshitshing lwa letšha leo kana go bapa le lone. Thetebalo ya letšha leo fa gongwe e etle e kgoberiwe ke ditsuatsue. (Luke 8:23) Lobala lo lobotlana lwa Genesereta, leo le leng dikhutlo di le tharo, le kafa bokonebophirima jwa letšha leo. Mmu wa gone o nonne, mme go ka lengwa dijalo tsa mefuta yotlhe tseo di itsegeng mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng gone koo. Ka nako ya dikgakologo mekgokolosa e e phatsimang ya gone e galalela go gaisa naga lefa e le epe fela mo Iseraele.d
D-3 KGAOLO YA MOKGATŠHA WA JOREDANE (GHOR)
25. Dipopego tse dikgolo tsa Mokgatšha wa Joredane ke dife?
25 Mokgatšha ono otlhe o o welelelang o o tshwanang le longope o bidiwa “Araba.” (Dute. 3:17) Gompieno Maarabia a o bitsa Ghor, seo se rayang “Khuti.” Mokgatšha ono o simologa kwa Lewatleng la Galilea mme ka kakaretso o sephara—ereka o le dikilometara di le 19 bophara mo mafelong a mangwe. Noka ya Joredane ka boyone e ka nna dimetara di le 46 kwa tlase ga lobala lwa mokgatšha oo, e etla e obega e ba e itsoketsa sekgala sa dikilometara di le 320 go digela dikilometara tse 105 go ya kwa Lewatleng le le Suleng.e Fa e fitlha kwa Lewatleng Le Le Suleng e a bo e setse e wetse kwa tlase go dimetara di le 180, e sena go nna e etla e tlolaganya maphothophotho a a 27. Mo dithoko ga karolo e e kwa tlase ya Joredane go na le tshutlhankga ya ditlhare le ditlhatshana, tseo bontsi jwa tsone e leng makamariseka, ditlhatshana tsa meremetala, medibonoka, tseo ditau le ditawana tsa tsone di neng di iphitlha mo go tsone mo metlheng ya Bibela. Gompieno mokgatšha ono o bidiwa Zor mme ka nako ya dikgakologo o a bo o na le metsi le fa o sa tlala. (Yer. 49:19) Mo dithoko ga sebata seno se sesesane sa lefatshe se eketeng sekgwa go tlhatloga Qattara, eo eleng karolo e e sa kgatlhiseng ya lefatshe le le kgakgabetseng la ditlhaba tse di seng kalo le mekgokolosa e e etlang e nna le dithotana go ya kwa dipoeng tsa Ghor ka boyone. Dipoa tse di kwa bokone jwa karolo eno ya Ghor, kana Araba, di lemilwe sentle. Le eleng mo karolong e e kwa borwa, go ya kwa Lewatleng le le Suleng, setlhaba sa Araba, seo gompieno se kgakgabetseng fela thata, ka nako nngwe go ne ga bolelwa fa se ne se ungwa meretlwa ya mefuta e e farologaneng, mmogo le maungo a mangwe a boboatsatsi. Jeriko e ne e le motse o o tumileng go e gaisa yotlhe mo Mokgatšheng oo wa Joredane, mme le gompieno go santse go ntse jalo.—Yosh. 6:2, 20; Mar. 10:46.
D-4 LEWATLE LA LETSWAI (LE LE SULENG)
26. (a) Dintlha dingwe tse di kgatlhisang kaga Lewatle Le Le Suleng ke dife? (b) Ke bosupi bofe jo bo gakgamatsang malebana le dikatlholo tsa ga Jehofa jo bo supiwang ke kgaolo eno?
26 Ano ke mangwe a metsi a a gakgamatsang eleruri mo godimo ga lefatshe. Ka tshwanelo lewatle leno le bidiwa le le suleng, ka gonne ga go na tlhapi epe e e tshelang mo teng ga lone mme ebile ga go tlhoge dijalo dipe tse di kalo mo lotshitshing lwa lone. Bibela e le bitsa Lewatle la Letswai, kana Lewatle la Araba, ereka le le mo mokgatšheng wa phatogo wa Araba. (Gen. 14:3; Yosh. 12:3) Lewatle leno le ka nna dikilometara di le 75 go tswa kwa bokone go ya kwa borwa le dikilometara di le 15 bophara. Le ka nna bogodimo jwa dimetara di le 400 kwa tlase ga selekanyo sa bogodimo jwa Lewatle la Mediterranean, mo go rayang gore ke lefelo le le kwa tlase fela thata mo lefatsheng lotlhe. Mo karolong ya lone e e kwa bokone, le boteng jwa dimetara di le 400. Mo letlhakoreng lengwe le lengwe, lewatle leno le dikaganyeditswe ke dithota tse di kgakgabetseng le makgotlho a a kwa godimo a a mapawa. Lemororo Noka ya Joredane e tlisa metsi a a phepa mo go lone, ga go na kwa metsi ano a yang gone fa e se go tsewa ke phefo fela, moo go diragalang ka selekanyo se metsi a tsenang ka sone. Metsi a a salang mo go lone a na le 25 lekgolong ya dilo tse di silegileng, tseo bontsi jwa tsone e leng letswai, mme di botlhole mo ditlhaping ebile di dira gore matlho a batho a nne botlhoko. Bontsi jwa batho ba ba etelang tikologo ya Lewatle le le Suleng leo gantsi ba gakgamadiwa ke go bona kafa lefelo leo le kgakgabetseng ka gone le kafa dilo tsa gone di senyegileng ka teng. Go bonala loso fela mo lefelong leo. Lemororo kgaolo eo yotlhe e kile ya bo e “na le metse sentlè . . . yaka tshimo ea ga Yehofa,” jaanong bogolo jwa karolo e e mo tikologong ya Lewatle Le Le Suleng ke “chwahalō e e sa khutleñ” fela mme e na le dingwaga di ka nna 4 000 e ntse e ntse jalo, e le bosupi jo bo gakgamatsang jwa dikatlholo tse di sa fetogeng tsa ga Jehofa tseo Sodoma le Gomora ba neng ba atlholwa ka tsone koo.—Gen. 13:10; 19:27-29; Sefa. 2:9.
D-5 ARABA (KWA BORWA GO TSWA LEWATLENG LA LETSWAI)
27. Lefelo le le kwa borwa jwa Araba le ntse jang, mme ke bomang ba ba neng ba busa lefelo leno mo metlheng ya bogologolo?
27 Karolo eno ya bofelo ya Mokgatšha wa Phatogo e namalalela kwa borwa sekgala sa dikilometara di le 160 gape. Karolo eno ke sekaka fela yotlhe. Pula e na ka sewelo gone, mme letsatsi la koo le mogote o o senang selekanyo. Gape Bibela e bitsa lefelo leno “Araba.” (Dute. 2:8) Mo e ka nnang fa gare ga yone, bogodimo jwa yone bo fitlha kwa setlhoeng sa jone mo e ka nnang go feta dimetara di le 200 go feta selekanyo sa bogodimo jwa lewatle mme go tswa foo e bo e welelela kwa borwa gape go Gulf of ʽAqaba, seo e leng motsu o o kafa botlhaba wa Lewatle Le Lehibidu. Solomone o ne a dira dikepe di le dintsi gone fano, kwa boemeladikepeng jwa Esiona-gebera. (1 Dikg. 9:26) Ka nako e telele fa go ne go busa dikgosi tsa Juda, karolo eno ya Araba e ne e laolwa ke bogosi jwa Edoma.
E. DITHABA LE DITLHABA TSE DI KWA BOTLHABA JWA JOREDANE
28. Mafatshe a Bashana le Gileade a ne a na le mosola ofe mo temothuong, mme dikgaolo tseno di ne di kopanyelediwa jang mo ditiragalong tsa Bibela?
28 Kgaolo e e kwa “moseya ga Yoredane ntlheñ ea botlhabatsatsi” e tlhatlogela kwa godimo go tswa fa Mokgatšheng wa Phatogo e dira ditlhaba tse di tlhomaganeng. (Yosh. 18:7; 13:9-12; 20:8) Kwa bokone go na le lefatshe la Bashana (E-1), leo, mmogo le bontlhanngwe jwa Gileade, le neng la newa lotso lwa Manase. (Yosh. 13:29-31) Mo nageng eno go ne go ruilwe dikgomo, e le lefatshe la balemi, setlhaba se se nang le mmu o o nonneng se se ka nnang palogare ya dimetara di le 600 go feta selekanyo sa bogodimo jwa lewatle. (Pes. 22:12; Esek. 39:18 Isa. 2:13; Seka. 11:2) Mo motlheng wa ga Jesu lefatshe leno le ne le romelela mafatshe a mangwe mabele a le mantsi, mme gompieno temo ya lone e nna le thobo e ntsi fela thata. Go tswa foo, go ya kwa borwa, go na le lefatshe la Gileade (E-2), leo karolo ya lone e e kwa tlase e neng e abetswe lotso lwa Gada. (Yosh. 13:24, 25) Ereka e le kgaolo e e dithaba e e bogodimo jwa dimetara di le 1 000, e nosediwa sentle ke dipula tse dikgolo tse di nang mariga le monyo o mogolo o o nnang gone selemo, gape e ne e le naga e e siametseng loruo mme e ne e tumile thata ka baka la senkgisa monate sa yone sa balema. Gompieno e itsege ka meretlwa ya yone ya maemo a a kwa godimo. (Dipa. 32:1; Gen. 37:25; Yer. 46:11) Dafide o ne a tshabela Abesalome kwa lefatsheng la Gileade, mme kwa karolong e e kwa bophirima, Jesu o ne a rera mo ‘melelwaneng ya Dikapolise.’—2 Sam. 17:26-29; Mar. 7:31.
29. Kwa botlhaba jwa Joredane, ke mafatshe afe a a neng a le kwa borwa, mme a ne a itsege ka eng?
29 “Lehatshe ya bana ba ga Amona” (E-3) le bapile fela le Gileade kafa borwa, mme bontlhabongwe jwa lone bo ne jwa neelwa lotso lwa Gada. (Yosh. 13:24, 25; Baatlh. 11:12-28) Ke setlhaba se se sephara, seo se tshwanelang go nna mafudiso a dinku tota. (Esek. 25:5) Fa re ntse re tsamaela kwa pele kwa borwa go na le ‘lefatshe la Moaba.’ (Dute. 1:5) Bamoaba ka bobone e ne e le badisa ba ba molemo ba dinku, mme le gompieno tiro e kgolo mo lefelong leo ke go rua dinku. (2 Dikg. 3:4) Go tswa foo, kwa borwa botlhaba jwa Lewatle le le Suleng, re tla fa thabeng e e nang le setlhaba ya Edoma (E-4). Marope a dikago tsa yone tse di thata tsa kgwebo, tse di tshwanang le Petra, a santse a le gone le gompieno.—Gen. 36:19-21; Obadia 1-4.
30. Ke eng se se kafa botlhaba jwa ditlhaba?
30 Kwa botlhaba jwa dithota tseno le ditlhaba tseno go na le sekgwa se segolo se se matlapa seo se thibang tsela e e ka bong e tlhamaletse go tswa kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng go ya kwa Mesopotamia, seo se dirang gore ditsela tsa karabane di dikologe dikilometara di le dintsi go ya kwa bokone. Fa go iwa kwa borwa sekgwa seno se kopana le dithotobolo tsa motlhaba wa sekaka se segolo sa Arabia.
F. DITHABA TSA LEBANONA
31. (a) Ke eng se se bopang dithaba tsa Lebanona? (b) Ke dipopego dife tsa Lebanona tse di santseng di ntse jaaka di ne di ntse mo metlheng ya Bibela?
31 Selo se segolo se se tshwaegang mo popegong ya naga ya Lefatshe Le Le Solofeditsweng ke dithaba tsa Lebanona. Tota go na le mekgwatha e le mebedi ya dithaba eo e bapileng. Dithotana tse di kwa tlase ga Mokgwatha wa Lebanona di tsamaela sentle kwa Galilea Yo O Kwa Godimo. Mo mafelong a le mantsi dithota tseno di fitlha fela kwa lotshitshing lwa lewatle. Setlhoa se se kwa godimo go di feta tsotlhe mo mokgwatheng ono ke se se bogodimo jwa dimetara tse 3 000 go feta selekanyo sa bogodimo jwa lewatle. Setlhoa se se kwa godimo mo Mokgwatheng o o bapileng le oo wa Anti-Lebanon ke Thaba e ntle ya Heremona, eo e leng dimetara di le 2 814 go feta selekanyo sa bogodimo jwa lewatle. Kapoko ya one e e nyerologang ke motswedi o mogolo wa metsi a Noka ya Joredane ebile ke yone e e dirang gore go nne le monyo mo pakeng e go senang pula mo go yone ya fa dikgakologo di tloga di fela. (Pes. 133:3) Dithaba tsa Lebanona di ne di itsege thata ka baka la ditlhare tse dikgolo tsa tsone tsa masedara, tse dikgong tsa tsone e neng e le dingwe tsa dikgong tseo di neng di dirisiwa go aga tempele ya ga Solomone. (1 Dikg. 5:6-10) Ere lefa gompieno go na le ditlhare di sekae fela tsa mosedara tse di santseng di le teng, mo mekgokoloseng e e kwa tlase go santse go na le masimo a mofine, masimo a ditlhare tsa lotlhware, le masimo a ditlhare tsa maungo, fela jaaka go ne go ntse le mo metlheng ya Bibela.—Hos. 14:5-7.
32. Moshe o ne a tlhalosa Lefatshe Le Le Solofeditsweng sentle jang?
32 Jaaka re digela loeto lwa rona lwa kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng la ga Jehofa jalo, leo le leng fa gare ga sekgwa se segolo se se kwa botlhaba le Lewatle Le Legolo, re ka nna ra tshwantsha mo megopolong ya rona kgalalelo e e kileng ya bo e le gone mo metlheng ya Iseraele. Eleruri, e ne e le “lehatshe ye le molemō o o heteletseñ . . . , ye le èlañ mashi le dinotshe.” (Dipa. 14:7, 8; 13:23) Moshe o ne a le tlhalosa ka mafoko ano: “Yehofa Modimo oa gago, o gu isa mo lehatshiñ ye le molemō, lehatshe ya dinokana tsa metse, ya mecwedi, le metlhodi e e cwèlañ mo megogoroñ le mo dithabeñ; Lehatshe ya mabèlè le barele, le ya mafine, le ya mafeige, le ya magaranata; lehatshe ya matlhware a loukwane, le dinotshe; Lehatshe ye u tla yañ diyō mo go yeōna di sa tlhōkahale; ga u ketla u tlhōka sepè mo go yeōna; lehatshe ye mayè a yeōna a leñ tshipi, le ye u ka èpañ kgōtlhō mo makhubuñ a yeōna. Me u tla ya u kgora, me u tla baka Yehofa Modimo oa gago kaga lehatshe je le molemō ye o le gu neileñ.” (Dute. 8:7-10) Ekete botlhe ba ba ratang Jehofa jaanong ba ka naya Jehofa malebogo ka tsela e e tshwanang go bo a ikaelela go dira lefatshe lotlhe paradaise e e galalelang, e e tshwanang le Lefatshe Le Le Solofeditsweng la gagwe la bogologolo.—Pes. 104:10-24.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. I, ditsebe 332-3.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 335.
c Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 336.
d Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 737-40.
e Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 334.
[Mmapa mo go tsebe 272]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
DIKGAOLO TSA TLHOLEGO tsa LEFATSHE LE LE SOLOFEDITSWENG
(le mafelo a a bapileng le lone)
MI 0 10 20 30 40 50 60
KM 0 20 40 60 80
(Kaga ditshwantsho tsa mo teng ga lefatshe tsa V—V, W—W, X—X, Y—Y, le Z—Z, bona tsebe e e kafa ntlheng e nngwe)
SEO SE EMELWANG KE DINOMORO
LEWATLE LA MEDITERRANEAN
A Lotshitshi lwa Lewatle Le Legolo
Jopa
B-1 Lobala lwa Ashera
B-2 Sebata sa Lefatshe se se fa Lotshitshing lwa Lewatle
sa Dora
Dora
B-3 Mafudiso a Sharona
B-4 Lobala lwa Filisitia
Ashedoda
Ashekelona
Ekerona
Gatha
Gasa
B-5 Mokgatšha O Mogolo o o kafa Botlhababogare
(Lobala lwa Megido, Molapo wa Jeseriele)
Bethe-sheana
C-1 Dithota tsa Galilea
Kana
Naine
Nasaretha
Ture
C-2 Dithota tsa Karamela
C-3 Dithota tsa Samaria
Bethele
Jeriko
Samaria
Tiresa
Shekeme
C-4 Shefela
Lakisha
C-5 Naga e e Dithota ya Juda
Bethelehema
Geba
Heberona
Jerusalema
C-6 Sekgwa sa Juda (Jeshimon)
C-7 Negebe
Beresheba
Kadesha-baranea
Noka ya Egepeto
C-8 Sekgwa sa Parana
D-1 Mogobe wa Hula
Dana
Kaesarea Filipi
D-2 Kgaolo e e Dikologileng Lewatle la Galalea
Bethesaida
Kaperenama
Korasina
Lewatle la Galilea
Tiberia
D-3 Kgaolo ya Mokgatšha wa Joredane (Ghor)
Noka ya Joredane
D-4 Lewatle La Letswai (Le Le Suleng) (Lewatle La Araba)
Lewatle La Letswai
D-5 Araba (ntlheng ya borwa go tswa kwa Lewatleng La Letswai)
Esiona-gebere
Lewatle Le Lehibidu
E-1 Lefatshe la Bashana
Damaseko
Ederei
E-2 Lefatshe la Gileade
Raba
Ramotha-Gileade
Nokana ya Jaboka
E-3 Lefatshe la Amona le la Moaba
Heshebona
Kireharesethe
Medeba
Nokana ya Arenona
Nokana ya Sereda
E-4 Thaba e e nang le Setlhaba ya Edoma
Petra
F Dithaba tsa Lebanona
Sidona
Dithaba tsa Lebanona
Thaba ya Heremona
[Dimmapa mo go tsebe 273]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
DITSHWANO TSA SEBOPEGO SA LEFATSHE LE LE SOLOFEDITSWENG
(Go bona mafelo, bona mmapa o o mo tsebeng e e lebaganeng le eno)
Bokwagodimo bo ka nna jwa bo bo feta selekanyo sa boleele ga some
Kgaolo E E Kwa Bophirimabotlhaba go Kgabaganya Eferaime (V—V)
Lewatle la Mediterranean
B-3 Mafudiso a Sharona
C-3 Dithota tsa Samaria
D-3 Araba kana Mokgatšha wa Joredane (Ghor)
Qattara
Zor
E-2 Lefatshe la Gileade
MI 0 5 10
KM 0 8 16
Dipalo tse di kafa molemeng Dipalo tse di kafa mojeng
ke DIMETARA ke DIFITI
+900 +3,000
+600 +2,000
+300 +1,000
0 (Bogodimo Jwa Lewatle) 0
−300 −1,000
−600 −2,000
Kgaolo E E Kwa Bophirimabotlhaba go Kgabaganya Juda (W—W)
Lewatle la Mediterranean
B-4 Dithotobolo tsa Motlhaba
Lobala lwa Filisitia
C-4 Shefela
C-5 Naga E E Dithota ya Juda
Jerusalema
C-6 Segwa sa Juda
D-4 Mokgatšha wa Phatogo
E-3 Lefatshe la Amona le Moaba
MI 0 5 10
KM 0 8 16
Dipalo tse di kafa molemeng Dipalo tse di kafa mojeng
ke DIMETARA ke DIFITI
+900 +3,000
+600 +2,000
+300 +1,000
0 (Bogodimo Jwa Lewatle) 0
−300 −1,000
−600 −2,000
Kgaolo E E Kwa Bophirima Botlhaba go Kgabaganya Juda (X—X)
Lewatle la Mediterranean
B-4 Dithotobolo tsa Motlhaba
Lobala lwa Filisitia
C-4 Shefela
C-5 Naga E E Dithota ya Juda
C-6 Sekgwa Sa Juda
D-4 Mokgatšha wa Phatogo
Lewatle la Letswai
E-3 Lefatshe la Amona le la Moaba
MI 0 5 10
KM 0 8 16
Dipalo tse di kafa molemeng ke DIMETARA Dipalo tse di kafa mojeng ke DIFITI
+900 +3,000
+600 +2,000
+300 +1,000
0 (Bogodimo Jwa Lewatle) 0
−300 −1,000
−600 −2,000
−900 −3,000
Kgaolo E E Kafa Borwabokone Go Bapa le Dithaba Kafa Bophirima jwa Joredane (Y—Y)
C-7 Negebe
C-5 Naga E E Dithota ya Juda
C-3 Dithota tsa Samaria
B-5 Molapo wa Jeseriele
C-1 Dithota tsa Galilea
F
MI 0 5 10 20
KM 0 8 16 32
Dipalo tse di kafa molemeng ke DIMETARA Dipalo tse di kafa mojeng ke DIFITI
+900 +3,000
+600 +2,000
+300 +1,000
0 (Bogodimo Jwa Lewatle) 0
Kgaolo E E kwa Borwa Bokone Go Bapa le Araba kana Mokgatšha wa Phatogo (Z—Z)
D-5
D-4 Lewatle La Letswai
D-3 Araba kana Mokgatšha wa Joredane (Ghor)
D-2 Lewatle la Galilea
D-1 Mogobe wa Hula
F
MI 0 5 10 20
KM 0 8 16 32
Dipalo tse di kafa molemeng ke DIMETARA Dipalo tse di kafa mojeng ke DIFITI
+900 +3,000
+600 +2,000
+300 +1,000
0 (Bogodimo Jwa Lewatle) 0
−300 −1,000
−600 −2,000
−900 −3,000