‘Lefatshe le le Molemo Le le Le Bulegileng’
FA Modimo a ne a bua le Moshe kwa setlhatshaneng se se neng se tuka, o ne a mmolelela gore o ne a tlile go “golola [batho ba Gagwe] mo seatleng sa Baegepeto le go . . . ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le le bulegileng, kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe.”—Ek 3:8.
Ditshwantsho tse pedi tseno tse di dirilweng ka khomputara di ka nna tsa go thusa go bona tsela e dikgaolo tsa tlhago le mabala a Lefatshe le le Solofeditsweng di neng di le ka teng. (Dithota di godisitswe thata go dira gore di bonale sentle fa di bapisiwa le mabala a a gaufi le tsone.) Leba kerafo e e tshwantshitsweng ka mebala e e farologaneng go go thusa go bona gore mafelo a a farologaneng a ne a le bogodimo bokae fa a bapisiwa le bogodimo jwa lewatle.
Tšhate eno e go bontsha tsela e nngwe ya go bona dikgaolo tsa tlhago tsa lefatshe leno. O ka kgona go bona tsela e dikgaolo tseno di tlhalosiwang ka yone le mo di umakiwang teng mo Baebeleng mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola” (Thuto 1, ditsebe 270-8) le ya Insight on the Scriptures (Bolumo 2, ditsebe 568-71).a
[Ntlha e e kwa tlase]
a Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Tšhate/Dimmapa mo go tsebe 12, 13]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Popego ya Naga
Mmapa wa Dikgaolo Tsa Tlholego
A. Lotshitshi Lwa Lewatle le Legolo
B. Mabala a a Kafa Bophirima Jwa Joredane
1. Lebala la Ashera
2. Lotshitshi Lwa Dora
3. Mafulo a Sharona
4. Lebala la Filisitia
5. Mokgatšha O o Fa Gare ga Botlhaba le Bophirima
a. Lebala la Megido
b. Lebala le le Kwa Tlase la Jesereele
C. Dithaba Tse di Kafa Bophirima Jwa Joredane
1. Dithaba Tsa Galalea
2. Dithaba Tsa Karemele
3. Dithaba Tsa Samarea
4. Shefela (dithotana tse di kwa tlase)
5. Naga e e Dithaba ya Juda
6. Naga ya Juda
7. Negebe
8. Naga ya Parane
D. Areba (Mokgatšha o o Bakilweng ke go Phatloga ga Lefatshe)
1. Mokgatšha wa Hula
2. Kgaolo ya Lewatle la Galalea
3. Mokgatšha wa Joredane
4. Lewatle la Letswai (Lewatle le le Suleng)
5. Areba (kafa borwa jwa Lewatle la Letswai)
E. Dithaba le Dipoa Tse di Kafa Botlhaba Jwa Joredane
1. Bashana
2. Gileade
3. Amone le Moabe
4. Thaba e e Nang le Setlhaba ya Edoma
F. Dithaba Tsa Lebanona
[Mmapa]
Thaba ya Heremone
Dana
Jerusalema
Beere-sheba
Setshwantsho sa Lefatshe le le Solofeditsweng o le Lebile Kafa Letlhakoreng
meters feet
2,500 7,500
2,000 6,000
1,500 4,500
1,000 3,000 Naga e e Lefatshe la
Dithota ya Juda Moabe
500 1,500
Shefela Naga ya
Lebala la Juda
Filisitia Mokgatšha o o
0 0 (Bogodimo Jwa Lewatle) Bakilweng ke go
Phatloga ga Lefatshe
Bogodimo Lewatle la Letswai
-500 -1,500
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Thaba ya Heremone (2 814 m; 9 232 ft)
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Losi lwa Lewatle la Letswai; karolo e e kwa tlase go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng (mo e ka nnang 400 m, 1 300 ft, kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle)