Dithuto Tse di Mosola go Tswa Kwa Nageng e e Solofeditsweng
KWANTLE ga pelaelo Naga e e Solofeditsweng e go kwadilweng ka yone mo Baebeleng e ne e sa tshwane le epe. Mo lefelong leno le lennye thata, re fitlhela mefuta e e farologaneng ya dipopego tsa naga. Kwa bokone, go na le dithaba tse di khurumeditsweng ke kapoko; kwa borwa, ke mafelo a a nnang a le mogote. Go na le dinagatlase tse go ka lemiwang mo go tsone, mafelo a dikaka a a sa ungweng, le naga e e tletseng dithaba e e siametseng ditlhare tsa maungo le go hudisa matsomane.
Go farologana ga bogodimo jwa lefatshe, tlelaemete le mmu go dira gore go nne le mefuta e e farologaneng ya ditlhare, ditlhatshana le dimela tse dingwe—go akaretsa le dingwe tse di golang sentle mo mafelong a a tsididi a dithaba tse di kwa godimo, tse dingwe tse di golang mo dikakeng tse di mogote, le tse dingwe gape tse di itumelang mo dipoeng tse di tletseng motlhaba kana mo mabaleng a a tletseng maje. Moithutadimela mongwe o akanyetsa gore go na le mefuta e ka nna 2 600 ya dimela mo lefelong leno! Baiseraele ba ntlha ba ba neng ba keleka naga eo ba ne ba bona bosupi ka bonako fela jwa boleng jwa yone. Fa ba tswa mo mokgatšheng mongwe o o tletseng ba ne ba tshotse lerose la diterebe le letona mo e leng gore le ne la sikarwa ke banna ba le babedi ka thobane! Mokgatšha oo ka tshwanelo o ne wa bidiwa Eshekole, ke gore “Lerose [la Diterebe].”a—Dipalo 13:21-24, bapisa NW.
Mme lefa go ntse jalo a jaanong re tlhatlhobeng dingwe tsa dipopego tsa sebata seno se se sa tlwaelegang sa naga, segolobogolo karolo e e kafa borwa.
Sekhuti
Lotshitshi lo lo kafa bophirima jwa Naga e e Solofeditsweng ke lwa Lewatle la Mediterranean. Mo e ka nnang sekgala sa dikilometara di le 40 mo teng ga naga go na le Sekhuti. Lefoko “Sekhuti” le kaya “Nagatlase,” mme tota lefelo leno ke karolo ya dithaba mme go ka twe le kwa tlase fela fa le bapisiwa le dithaba tsa Juta tse di kafa ntlheng ya botlhaba.
Lebelela mmapa o o tsentsweng fano o o akaretsang dintlha tsotlhe mme o ele tlhoko kafa Sekhuti le mafelo a a bapileng le sone a amanang ka teng. Go ya kwa ntlheng ya botlhaba go na le dithaba tsa Juta; ka kwa bophirima go na le dipoa tse di fa lotshitshing lwa Filisitia. Ka jalo, Sekhuti se ne sa nna karolo e e kgaoganyang, e le molelwane o mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele o neng o kgaoganya batho ba Modimo mo babeng ba bone ba bogologolo. Masole ape fela a a neng a ka tlhasela go tswa kafa bophirima a ne a tla tshwanela gore a tsene ka Sekhuti pele a ka tlhasela Jerusalema, motsemogolo wa Iseraele.
Selo se se ntseng jalo se ne sa diragala ka lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E. Baebele e bega gore Kgosi Hasaele wa Siria, “a ya a tlhasela kwa Gathe, [e gongwe e neng e le fa molelwaneng wa Sekhuti] mme a o gapa: Hasaele a leba kwa Jerusalema.” Kgosi Joashe o ne a kgona go thiba Hasaele, ka go mo reka ka dilo tse di farologaneng tse di tlhwatlhwakgolo tsa tempele le tsa ntlo ya bogosi. Lefa go ntse jalo, pego eno e supa gore Sekhuti se ne se le botlhokwa thata go sireletsa Jerusalema.—2 Dikgosi 12:17, 18.
Re ka nna ra ithuta thuto e e molemo mo go seno. Hasaele o ne a batla go gapa Jerusalema, mme o ne a tshwanetse gore a fete pele mo Sekhuting. Ka mo go tshwanang, Satane Diabolo o ‘batla go kometsa’ batlhanka ba Modimo, mme gantsi o tshwanetse a tsene pele ka molelwane o o thata—go latela ga bone melaometheo ya Baebele, e e malebana le go ikopanya le ba ba bosula le go rata khumo. (1 Petere 5:8; 1 Bakorinthe 15:33; 1 Timotheo 6:10) Go ineela go tlola melaometheo ya Baebele gantsi ke kgato ya ntlha ya go dira boleo jo bo masisi. Ka jalo, sireletsa molelwane oo. Latela melaometheo ya Baebele gompieno mme o ka se ka wa tlola melao ya Modimo ka moso.
Naga e e Nang le Dithaba ya Juta
Fa o ela kwa teng ga Sekhuti o tla bona naga ya Juta e e nang le dithaba. Ke kgaolo ya dithaba e e ungwang mabele, lookwane lwa motlhware le bojalwa jwa mofine. E re ka Juta e ne e le lefelo le le kwa godimo jaana, gape e ne e le lefelo le le tshwanetseng la phemelo. Ka jalo, Kgosi Jothame o ne a aga “dikago tse di godileng” koo. Ka nako ya mathata, batho ba ne ba tshabela kwa go tsone go bona tshireletsego.—2 Ditirafalo 27:4.
Jerusalema, e gape e bidiwang Sione e ne e le karolo e e tseelwang kwa godimo ya naga ya dithaba ya Juta. Jerusalema e ne e bonala e sireletsegile ka gore e ne e dikologilwe mo matlhakoreng a le mararo ke mekgatšha e e mekgokolosa, mme go ya ka rahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga Josephus, e ne e sireleditswe kafa ntlheng ya bokone ke mabota a mararo a a latelanang. Mme lefelo la botshabelo le tlhoka mo gontsi go na le fela mabota le dibetsa go dira gore le nne le sireletsegile. Le tshwanetse gore le nne le metsi. Seno se botlhokwa thata ka nako ya tlhaselo, ka gonne kwantle ga metsi, baagi ba ba kganeletsweng ba tla tshwanela gore ba ineele ka bonako.
Jerusalema e ne e kgona go bona metsi go tswa mo Lekadibeng la Siloame. Lefa go ntse jalo, mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., fa Kgosi Hesekia a ntse a lebeletse gore ba tla tlhaselwa ke Baasiria, o ne a aga lebota le le ka kwa ntle go sireletsa Lekadiba la Siloame, le le dikologileng motse. O bile gape a kganela metswedi ya metsi e e kwa ntle ga motse, gore go nne thata gore Baasiria ba ba tlhaselang ba bone metsi. (2 Ditirafalo 32:2-5; Isaia 22:11) Ga se gone gotlhe, go a neng a go dira. Hesekia o ne a bona tsela nngwe ya go dira gore a faposetse metsi a a oketsegileng go elela mo Jerusalema!
Hesekia o ne a dira nngwe ya ditiro tse di bidiwang boenjenere jo bogolo jwa bogologolo ka go epa mosele go tswa mo motsweding wa Gihone go ralala Lekadiba la Siloame.b Mosele ono o ne o le bogodimo jo bo ka nnang dimetara di le 1,8 le boleele jwa dimetera di le 533. A ko o akanye fela—mosele o o batlileng o nna boleele jwa sephatlho sa kilometara o phunyeleditswe mo lefikeng! Gompieno, mo e leng dingwaga tse 2 700 moragonyana, batho ba ba etelang kwa Jerusalema ba ka gobua mo moseleng ono o o dirilweng ka boejenere jo bogolo, o o itsegeng thata e le mosele wa ga Hesekia.—2 Dikgosi 20:20; 2 Ditirafalo 32:30.
Maiteko a ga Hesekia a go sireletsa le go oketsa metsi a a tsenang mo Jerusalema go ka re ruta thuto e e molemo. Jehofa ke “motswedi wa metsi a a tshedileng.” (Jeremia 2:13) Megopolo ya gagwe e e mo Baebeleng e naya botshelo. Ke ka lebaka leo go leng botlhokwa thata go ithuta Baebele ka namana. Mme tshono ya go ithuta le kitso e o nang le yone ka ntlha ya gone di ka se ka tsa itlela fela. O tshwanetse gore o ‘epe mesele,’ e e jaaka thulaganyo ya gago e e tletseng ya letsatsi le letsatsi, gore o tle o iphe nako ya gone. (Diane 2:1-5; Baefeso 5:15, 16) Fa o setse o simolotse, boloka thulaganyo ya gago, o dira gore go ithuta ga gago ka namana e nne selo se se tlang pele ga sengwe le sengwe. Tlhokomela gore o se ka wa dira gore ope kana sepe go go tseela metsi a a botlhokwa ano.—Bafilipi 1:9, 10.
Mafelo a Naga
Go ya kwa ntlheng ya botlhabatsatsi jwa dithaba tsa Juta ke Naga ya Juta, e gape e bidiwang Jeshimone, e e rayang “Sekaka.” (1 Samuele 23:19, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW.) Kwa Lewatleng la Letswai, kgaolo eno e e leng naga fela e na le megogoro e e tletseng ka maje le mesele e e itsoketsang. Naga ya Juta e e elang kwa tlase dimetara di le 1 200 ka dikilometara di le 24 e sireletsegile mo diphefong tsa pula tse di tswang kwa ntlheng ya bophirima mme ka ntlha ya seo ga e bone pula thata. Kwantle ga pelaelo ke yone naga e podi ya Asasele e neng ya romelwa kwa go yone ka Letsatsi la Tletlanyo la ngwaga le ngwaga. Gape ke koo Dafite a neng a tshabela Saule gone. Ke gone fa Jesu a neng a ikitsa go ja ka malatsi a le 40 mme morago ga foo a raelwa ke Diabolo.—Lefitiko 16:21, 22; mafoko a a fa godimo ga Pesalema 63; Mathaio 4:1-11.
Mo e ka nnang dikilometara di le 160 go ya kwa ntlheng ya borwabophirima jwa Naga ya Juta ke Naga ya Parane. Dikampa tse dintsi tsa Baiseraele ka nako ya loeto lwa bone lwa dingwaga tse 40 go tswa kwa Egepeto go ya kwa Nageng e e Solofeditsweng di ne di le fano. (Dipalo 33:1-49) Moshe o ne a kwala ka “naga e kgolo le e e boitshegang, e dinoga tse di bogale le diphepheng di ntseng mo go yone, e le lefatshe le le lokgere le go se nang metsi mo go lone.” (Duteronome 8:15) Go a gakgamatsa go bo dimilione tsa Baiseraele di ne tsa kgona go falola! Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba tshegetsa.
E kete seno se ka re gopotsa gore le rona Jehofa a ka re tshegetsa, le e leng mo lefatsheng leno le le se nang sepe sa semoya. Ee, le rona re tsamaya mo gare ga dinoga le diphepheng, lefa tota e se tsa mmatota. Re ka nna ra tshwanela gore re kopane letsatsi le letsatsi le batho ba ba sa sisimogeng go bua mafoko a a bogale a a ka amang tsela e re akanyang ka yone motlhofo. (Baefeso 5:3, 4; 1 Timotheo 6:20) Batho ba ba lekang go direla Modimo le mororo ba tshwanetse go lebana le dikgoreletsi tseno ba tshwanetse go akgolwa. Boikanyego jwa bone ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore tota Jehofa o a ba tshegetsa.
Dithaba Tsa Karemele
Leina Karemele le kaya “Tshimo.” Lefelo le le nonneng leno le le ka kwa ntlheng ya bokone, le le boleele jwa dikilometara di le 50, le tletse ka mofine, ditlhare tsa lotlhware, le ditlhare tsa maungo. Lefelo leno le le kwa godimo la dithaba le le nang le ponalo e e kgatlehisang e bile le lentle ga le lebalesege. Isaia 35:2 e bua ka “boitlotlomatso jwa Karemele” e le lotshwao lwa bontle jo bogolo jwa lefatshe le le tsosolositsweng la Iseraele.
Go na le ditiragalo di le mmalwa tse di sa lebalesegeng tse di ileng tsa diragala kwa Karemele. Ke gone fa Elija a ileng a gwetlha baporofeti ba ga Baale le mo ‘molelo wa ga Jehofa o neng wa wa’ gone go supa bogolo jwa Gagwe. Gape ke go tswa kwa godimo ga Karemele mo Elija a ileng a bua le lerunyana a dira gore go ne pula e kgolo, mme ka go dira jalo ka kgakgamatso a fedisa komelelo ya kwa Iseraele ka bonako. (1 Dikgosi 18:17-46) Motlhatlhami wa ga Elija e bong Elisha, o ne a le mo Thabeng ya Karemele fa mosadi mongwe wa Moshunema a ne a mo kopa gore a mo thuse ka ngwana wa gagwe yo o suleng, yo Elisha a neng a mo tsosa morago ga foo.—2 Dikgosi 4:8, 20, 25-37.
Mekgokolosa ya Karemele e santse e na le masimo a maungo, ditlhare tsa lotlhware le mefine. Ka nako ya dikgakologo, mekgokolosa eno e khurumediwa ke ditšheshe tse dintle. Solomone o ne a raya morweetsana wa Moshulami a re: “Tlhogo ya gago mo go wena e ntse jaaka Karemele,” gongwe a bua ka moriri wa gagwe o montle kana ka tsela e tlhogo ya gagwe e e bopegileng sentle e emeng ka tsela e e gakgamatsang mo thamong ya gagwe.—Sefela sa Difela 7:5.
Bontle jwa dilo tse di mo dithabeng tsa Karemele di re gakolola ka bontle jwa semoya jo Jehofa a bo fileng mokgatlho wa baobamedi ba gagwe ba motlha wa rona. (Isaia 35:1, 2) Basupi ba ga Jehofa ba tshela mo paradaiseng ya semoya tota, mme ba dumalana le mafoko a ga Kgosi Dafite yo o neng a kwala jaana: “Melelwane e ntiteetse mo mafelong a mantle; ee, ke na le boswa jo bontle.”—Pesalema 16:6.
Ke boammaaruri gore go na le dikgwetlho tse di boima tse setšhaba sa Modimo sa semoya se tshwanetseng sa lebana le tsone gompieno, fela jaaka Baiseraele ba ne ba ganediwa ka metlha ke baba ba Modimo. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba ke ba lebala ditshegofatso tse Jehofa a di ba fileng—go akaretsa le lesedi le le ntseng le oketsega la boammaaruri jwa Baebele, bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe, le tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Diane 4:18; Johane 3:16; 13:35.
“Jaaka Tshimo ya Jehofa”
Naga e e Solofeditsweng ya bogologolo e ne e kgatlhisa. E ile ya tlhalosiwa sentle gore e ‘elela maši le dinotshe.’ (Genesise 13:10; Ekesodo 3:8) Moshe o ne a re ke “[lefatshe] le le molemo, lefatshe la dinokana tsa metsi, la metswedi, le metlhodi e e tswelang mo megogorong le mo dithabeng; lefatshe la mabele le barele, la mafine, la mefeige le la magaranata; lefatshe la matlhware a lookwane le dinotshe; lefatshe le o tlaa jang dijo mo go lone di sa tlhokafale; ga o ketla o tlhoka sepe mo go lone; lefatshe le maje a lone a leng tshipi, le le o ka epang kgotlho mo makhubung a lone.”—Duteronome 8:7-9.
Fa e le gore Jehofa o ne a kgona go naya batho ba gagwe ba bogologolo nagagae e humileng le e ntle jaana, eleruri o tla kgona go naya batlhanka ba gagwe ba motlha wa rona paradaise e ntle e e tla anamang mo lefatsheng lotlhe—e na le dithaba, mekgatšha, dinoka, le matsha. Ee, Naga e e Solofeditsweng ya bogologolo ka dilo tsa yone tse dintsi tse dintle e ne e le sengwe se se supang gore paradaise ya semoya e Basupi ba gagwe ba nnang le yone gompieno e tla nna jang le Paradaise e e tlang ya lefatshe le lesha. Ke koo tsholofetso e e mo go Pesalema 37:29 e tla diragadiwang gone: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” Fa Jehofa a tla bo a naya batho ba ba kutlo legae leo la Paradaise, a bo ba tla itumela jang ne go keleka “dikamore” tsa lone le go dira jalo goyagoile!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lerose lengwe la diterebe mo karolong eno go ne ga begiwa gore le ne le le bokete jwa dikilogeramo tse 12, mme le lengwe, e le dikilogeramo tse di fetang 20.
b Motswedi wa Gihone o ne o le fela ka kwa ntle ga molelwane o o kafa ntlheng ya bophirima jwa Jerusalema. O ne o fitlhegile mo moseleng; gongwe ke ka lebaka leo Baasiria ba neng ba sa itse sepe ka one.
[Mmapa mo go tsebe 4]
GALILEA
Thaba ya Karamele
Lewatle la Galilea
SAMARIA
SEKHUTI
Dithaba Tsa Juta
Lewatle la Letswai
[Motswedi wa Setshwantsho]
NASA photo
[Mmapa mo go tsebe 4]
Sekhuti se ne se kgaoganya batho ba Modimo le baba ba Modimo
MI 0 5 10
KM 0 8 16
Poa ya Filisitia
Sekhuti
Naga ya Dithaba ya Juta
Naga ya Juta
Mokgatšha o o Makgabagana
Lewatle la Letswai
Naga ya Amone le Moaba
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 5]
Mosele wa ga Hesekia: o boleele jwa dimetara di le 533, o phunyeleditswe mo lefikeng le le thata
Mokgatšha wa Tyropoeon
Siloame
MOTSE WA GA DAFITE
Mokgatšha wa Kiderona
Gihone
[Ditshwantsho mo go tsebe 6]
Kwa Nageng ya Juta, Dafite o ne a tshabela Saule gone. Moragonyana Jesu o ne a raelwa fano ke Diabolo
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Thaba ya Karemele, mo Elija a neng a tlhabisa baporofeti ba ga Baale ditlhong gone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8]
“Jehofa Modimo wa gago, o go isa mo lefatsheng le le molemo, lefatshe la dinokana tsa metsi, la metswedi, le metlhodi e e tswelang mo megogorong le mo dithabeng.”—Duteronome 8:7