LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 1/1 ts. 16-17
  • Mokgatšha wa Ela—Koo Dafide a Neng a Bolaela Seganka Gone!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokgatšha wa Ela—Koo Dafide a Neng a Bolaela Seganka Gone!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Dafide le Goliathe—A Kgang Eno ke Tlhamane Fela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • “Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Nna mo “Mokgatšheng wa Dithaba”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 1/1 ts. 16-17

Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng le le Solofeditsweng

Mokgatšha wa Ela—Koo Dafide a Neng a Bolaela Seganka Gone!

KE DITIRAGALO di sekae fela tsa Bibela tseo di kgatlhang go gaisa eo e tlhalosang ka moo ‘Dafide ka letlapa le motsekedi, a neng a itshupa a le maatla go gaisa Mofilisitia’ wa seganka, Goliathe ka gone. (1 Samuele 17:50) E ne e le kwa Mokgatšheng wa Ela.

Mme mokgatšha oo o kwa kae, ebile o ntse jang? Go itse seno go tla go thusa go akanya ka phenyo eno e kgolo ya monna yono yo a neng a tlodiwa jaaka kgosi ya isagwe ya Iseraele. Moragonyana Modimo o ne wa dira kgolagano ya Bogosi le Dafide eo e ka re tlisetsang masego a bosakhutleng, mme seno se tshwanetse go re naya lebaka le lengwe gape la go batla go ithuta ka se se neng sa diragala kwa Mokgatšheng wa Ela.

Bafilisitia ba ne ba nna go bapa le lotshitshi lwa Kanana. Baiseraele ba ne ba laola dithaba tsa Juda (kafa bokone jwa Jerusalema). Jalo go ntse jaana—baba ba kafa bophirima fa nageng e e kwa tlase, batlhanka ba Modimo ba kafa botlhaba kafa go tsholetsegileng. Fa gare ga bone ke naga e e lwelwang e e sa nniweng ke ope, eleng dithaba tse di kwa tlase tse di bidiwang Shepela. Bafilisitia ba ne ba ka tlhasela Baiseraele jang? Tsela e ba neng ba ka e dirisa e ne e le e e kafa botlhababophirima jwa naga e e omeletseng, kana e e fa gare ga dithaba, mme e kgolo ke ya Mokgatšha wa Ela. O ne o tswelela go tswa kwa lebaleng gaufi le metse ya Gatha le Ekerone, go ralala Shepela, go ya kwa dithabeng mo e ka nnang dikilometara di le 24 kafa borwabophirima jwa Jerusalema le Bethelehema. Setshwantsho seno (fa se lejwa kafa borwabotlhaba) se bontsha koo mokgatšha o felelang gone kwa godimo. Fa o leba kwa kgaleng o bona dithaba tsa Juda.a

Fa o leba setshwantsho seno, akanya ka Bafilisitia ba tlile ba tlhatloga ka mokgatšha ono go ya kwa dithabeng. Go ba emisa, Baiseraele ba tlile kafa borwabotlhaba jwa Juda. Ba ne ba fitlha ba ema botlhe fano. Ka ntlhayang? “Bafilisitia ba èma mo thabeñ e e ntlheñ e ñwe, me ba Iseraela ba èma mo thabeñ e e ntlheñ e ñwe: me go no go le molapō gare ga bōnè.”—1 Samuele 17:3.

Lemororo re sa itse gore tota seno se diragetse fa kae mo mokgatšheng ono, akanya ka Bafilisitia ba le mo thabeng kafa mojeng go ya kwa tlase. Masole a ga Saule a tshwanetse a bo a ne a potile thaba ka kwa ga naga e tshetlha eo. Ga go masole ape a a neng a ka tlhatloga, a kgabaganya mokgatšha ono, go ya go lwa le masole a a kgatlhanong le one a a kwa godimo, mo lefelong le le bolokesegileng la boiphemelo. Ba ne ba ema jalo ka lobaka lo lo fetang lwa kgwedi. Ke eng seo se neng se tla khutlisa seno?

Goliathe, seganka sa Mofilisitia se se neng se le boleele jwa dimetara di le 2,7 se ne se sotla masole a ga Saule moso mongwe le mongwe le maitseboa gore a kgaole kgang mme a mo romelele mongwe yo a ka lwang le ene. Mme go ne go se Moiseraele ope yo a neng a leka go mo araba. Kgabagare, modisa yo monnye yo o bidiwang Dafide o ne a tswa kwa Bethelehema a tliseditse bomorwarraagwe dijo. O ne a ikutlwa jang ka kgwetlho eno e e sotlang? “Mofilisitia eo o sa rupañ eo, ea bo e le mañ ha e tla bo ne ne hano a kgōba dintwa tsa Modimo o o tshedileñ?” (1 Samuele 17:4-30) Dafide o ne a na le pono e e phepafetseng e e supiwang ke setlhogo sa Basupi ba ga Jehofa sa 1990: ‘Nna pelokgale mme o re: “Jehofa ke mothusi wa me.”’—Bahebera 13:6; Pesalema 56:11; 118:6.

Fa Kgosi Saule a ne a utlwa gore lekawana leno, le ne le ka lwa le Goliathe yo o boitshegang yono, lemororo le ne le sena diaparo tsa ntwa le bile le sa katisiwa jaaka lesole, o ne a le naya diaparo tsa gagwe tsa ntwa. Dafide o ne a gana ka a ne a batla go lwa le seganka seno ka thobane ya gagwe ya modisa, motsekedi wa gagwe wa kgole, le majana a matlhano ao a a boneng mo mokgatšheng. Matlapa ao a ne a ntse jang? Go bonala e ne e se matlapanyana fela a a lekanang le terebe kana motlhware. Matlapa a motsekedi a ile a fitlhelwa a ka nna disentimetara di le 5 go ya go di le 8 ka bokima, go lekana le namune e nnye. Yo o konopang maje ano ka motsekedi o ne a kgona go a konopa ka lobelo lwa dikilometara di le 160 go ya go di le 240 ka oura.

Kwa ntle ga pelaelo o tshwanetse wa bo o ile wa bala gore go ne ga diragala eng ka ditlhopha tsoopedi tsa masole kwa mokgatšheng. Dafide o ne a bua jaana: “U tla kwa go nna ka chaka, le ka lerumō, le ka putlèla: me nna ke tla kwa go wèna mo ineñ ya ga Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa dintwa tsa Iseraela, eo u mo kgobileñ.” Jehofa o ne a dira gore a fenye. Lekawana leno le ne la konopa letlapa ka maatla mo e leng gore le ne la tsenelela mo phatleng ya ga Goliathe, la mmolaya. Morago ga foo modisa o ne a sianela kwa segankeng seo mme a se kgaola tlhogo ka tšhaka.—1 Samuele 17:31-51.

Ba tsentswe mooko ke tumelo le go ikanya Modimo ga ga Dafide, Baiseraele ba ne ba alola baba ba bone ba ba neng ba kgobegile marapo, ba ba leleka go ralala Shepela le go fitlha kwa Filisitia.—1 Samuele 17:52, 53.

Akanya ka boipelo joo bo tshwanetseng jwa bo bo ile jwa utlwala mo Juda! Batho ba Modimo kwa dithabeng ba ne ba ka leba kwa bophirima jwa Mokgatšha wa Ela le kwa Shepela, jaaka gompieno go ka lejwa go tswa kwa lefelong lengwe kwa tlase gaufi le Heberona. Dithunya tse ditshweu tsa setlhare sa thamane ke bontle jo bo bonwang koo, mme bontle jwa phenyo ya batho ba Modimo ke jo bontle go gaisa. Basadi ba Baiseraele ba ne ba ka bua jaana ka tshwanelo: “Saule o bolaile ba makgolo a mashomè ba gagwè, me Dafide o bolaile ba makgolo a makgolo ba gagwè,” go akareletsa le seganka seo a neng a se bolaela kwa Mokgatšheng wa Ela.—1 Samuele 18:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Setshwantsho se se tshwanang se gone ka selekanyo se segolwane go 1990 Calendar of Jehovah’s Witnesses, eo le yone e bontshang lefelo leno mo mmapeng o o kafa ntle.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela