LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 5 ts. 13
  • Dafide le Goliathe—A Kgang Eno ke Tlhamane Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dafide le Goliathe—A Kgang Eno ke Tlhamane Fela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Mokgatšha wa Ela—Koo Dafide a Neng a Bolaela Seganka Gone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Dafide le Goliathe
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • “Tlhabano Ke ea Ga Yehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 5 ts. 13
Mokgatšha wa Ela

Mokgatšha wa Ela

Dafide le Goliathe—A Kgang Eno ke Tlhamane Fela?

Batho bangwe ba ipotsa gore a pego ya ga Dafide le Goliathe e boammaaruri kgotsa ke tlhamane fela. A le wena o ne o ipotsa jalo fa o ntse o bala setlhogo se se fetileng? Fa e le gore go jalo, tsweetswee ela tlhoko dipotso tse tharo tse di latelang.

1 | A tota go a kgonega gore motho a nne boleele jwa dimetara di ka nna 2,9?

Setshwantsho se se bontshang boleele jwa ga mokaloba Goliathe fa bo bapisiwa le jwa lesole le le tlwaelegileng

Baebele ya re Goliathe o ne a “le boleele jwa dikubita di le thataro le paralatso ya seatla.” (1 Samuele 17:4) Kubita e go buiwang ka yone fano e boleele jwa disentimetara di le 44,5; paralatso ya seatla e boleele jwa disentimetara di le 22,2. Seno se re naya palogotlhe ya dimetara di le 2,9. Bangwe ba re ga go kgonege gore Goliathe o ne a le moleele jalo, mme gone ela tlhoko: Gone jaanong motho yo moleele go ba gaisa botlhe mo lefatsheng o boleele jwa dimetara di le 2,7. A tota go a kgonega gore Goliathe o ne a feta motho yono ka disentimetara di ka nna 15? Goliathe e ne e le wa lotso lwa Barefaime, banna ba ba neng ba bopegile ka tsela e e sa tlwaelegang. Lekwalo lengwe la kwa Egepeto la lekgolo la bo13 la dingwaga B.C.E. le umaka gore batlhabani bangwe ba ba maatla ba kwa Kanana ba ne ba le boleele jwa dimetara di le 2,4. Ka jalo, go a kgonega gore Goliathe o ne a moleele jalo le fa go sa tlwaelega.

2 | A Dafide e ne e le motho wa mmatota?

Nako nngwe baithuti bangwe ba ne ba leka go dira gore go lebege e kete Kgosi Dafide e ne e le motho wa ditlhamane fela mme ba ile ba itaya se fololetse. Baithutamarope ba epolotse mokwalo wa bogologolo o o gabilweng mafoko a a reng, “mo ntlong ya ga Dafide.” Mo godimo ga moo, Jesu Keresete o ne a bua ka Dafide a re ke motho wa mmatota. (Mathaio 12:3; 22:43-45) Go bontsha gore Jesu ke Mesia, go na le dipego tse pedi tsa tatelano ya losika tse di bontshang gore Jesu o ne a tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide. (Mathaio 1:6-16; Luke 3:23-31) Ruri Dafide e ne e le motho wa mmatota.

3 | A pego eno e diragetse mo lefelong la mmatota?

Baebele ya re ntwa e lolwe kwa Mokgatšheng wa Ela. Mme e tlhalosa dintlha tse di oketsegileng fa e re Bafilisitia ba ne ba thibeletse mo thabeng e e golo gongwe fa gare ga motse wa Sokho le wa Aseka. Baiseraele ba ne ba thibeletse mo mokgatšheng ka fa karolong e nngwe ya thaba. A mafelo ano e ne e le a mmatota?

Ela tlhoko se se neng sa buiwa ke mojanala mongwe yo o neng a etetse lefelo leo bosheng jaana: “Motho yo o neng a re kaela mafelo—yo o neng a sa tsene kereke epe—o ne a re isa kwa Mokgatšheng wa Ela. Re ne ra tlhatloga ka tsela e e neng e re isa kwa godimo ga thaba. Fa re le koo re lebile kwa mokgatšheng, o ne a re badisa 1 Samuele 17:1-3. Go tswa foo, o ne a supa mokgatšha a bo a re: ‘Ka fa letsogong la molema, ke marope a Sokho.’ O ne a retologa a bo a re: ‘Ka fa letsogong la moja, ke marope a Aseka. Bafilisitia ba ne ba thibeletse fa gare ga metse eno e mebedi, golo gongwe ka kwa ga dithaba tse di lo lebileng. Ka jalo, go ka direga gore re eme fa Baiseraele ba neng ba thibeletse gone.’ E ne e kete ke bona Saulo le Dafide ba eme fa ke neng ke le gone. Go tswa foo, fa re fologela kwa tlase mo boalong jwa mokgatšha, re ne ra feta fa molatswaneng o o kgadileng o o tletseng ka maje. E ne e kete ke bona Dafide a iname a sela maje a matlhano a a borethe, a lengwe la one le bolaileng Goliathe.” Mojanala yoo le ene o ne a kgatlhilwe thata ke go bona gore dintlha tse di mo Baebeleng di boammaaruri.

Ga re na mabaka a a ka dirang gore re belaele pego eno ya hisitori. E bua ka batho le mafelo a mmatota. Sa botlhokwa le go feta, ke karolo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ka jalo, e tswa kwa Modimong wa boammaaruri, Yo “a ka se kang a aka.”—Tito 1:2; 2 Timotheo 3:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela