Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng le le Solofeditsweng
Naga ya Juda—Ga e Ungwe mme e a Kgatlhisa
O AKANYA gore naga ya Juda mo Lefatsheng le le Solofeditsweng e ntse jang? Ba bangwe ba akanya ka sekgwa se segolo, se se kitlaneng. Bangwe ba akanya gore e tshwana le sekaka sa Sahara ka motlhaba o montsi o o sa feleng.
Dikakanyo tse pedi tseo ga di tshwanele naga eno, jaaka o ka bona mo setshwantshong se se fa godimo. Mo setshwantshong seno, o lebile karolo ya naga e e golaganngwang le Jesu. Go bolelwa gore Satane o ne a bontsha Jesu “magosi aotlhe a lehatshe” a le fa godimo fano, fa thoko ga naga eno e e okameng motse o o tletseng makolane, o o mo Mokgatšheng wa Jeriko kafa botlhaba jwa Joredane.—Mathaio 3:1; 4:1-11.
Go tswa kwa karolong eno e e kwa bokone botlhaba, naga ya Juda e tswelela go bapa le karolo e e kafa bophirima jwa Lewatle je le Suleng. O ka kgona go akanya gore lefelo leno le ntse jang fa o leba khabara ya mmapa mo go 1989 Calendar of Jehovah’s Witnesses. (Khalendara eno gape e na le mmapa o mogolo wa setshwantsho se se fa godimo.) Naga eno (e dikilometara tse 16 go ya go tse 24 ka bophara) e mo mokgokoloseng o o kafa botlhaba wa dithaba tsa Judea, go fitlha kwa lotshitshing lwa Lewatle je le Suleng.
Dithaba tseo di thibela mongola o montsi o o tswang kwa Lewatleng la Mediterranean. Jalo dithaba tseo di seng mogote thata, tse di senang dijalo tse dintsi di bile di le ditshetlha tse di kafa karolong e e kafa botlhaba di bona pula e nnye kwantle ga fa e le mo dikgweding tsa mariga tsa November le December. Ka nako eno go tlhoga tlhaga, eo e kgonisang matsomane a dinku go fula fano. Ka gone, ‘maraka a dinku’ ao a umakiwang mo go 1 Samuele 24:3 a tshwanela lefelo leno.
Tlhaga e e tlhogang fano ga e nne lobaka lo loleele. Go ise go e kae diphefo tse di tswang kafa botlhaba di fetola botala jono go nna bosetlha jo bo sheleng. Abo seno e le setshwantsho se se dumalanang sentle jang le boperofeti jono: “Boyañ bo tlo bo omèlèle, sethunya se shwabe; me lehoko ya Modimo oa rona le tla èma ka bosakhutleñ.”—Isaia 40:8; 1 Petere 1:24, 25.
Gongwe Jesu o ne a akanya ka temana eno fa a ntse a tsamaya mo nageng ka malatsi a le 40 le masigo a le 40. Akanya ka moo Jesu a neng a ikutlwa ka gone kafa tlase ga letsatsi le le mogote leo le neng le fisa maje a a senang ditlhare ao le mekgatšhana. (Isaia 32:2) Abo re kgona go tlhaloganya jang ne go bo morago ga foo ‘baengele ba ne ba tla mme ba mo direla’!—Mathaio 4:1-11.
Ka gonne e ne e sa ungwe ebile e ne e tlhoka baagi, naga ya Juda gantsi e ne e dirisiwa jaaka botshabelo. Fa a ne a tshaba Kgosi Saule yo o galefileng, Dafide o ne a tla go iphitlha fano, a go tlhalosa jaaka ‘lefatshe le le lokgere, je le lapisang, kwa metsi a seng gone.’ (Pesalema 63:1 le mokwalo o o kwa godimo; 1 Samuele 23:29) O ne a iphitlha ka nakonyana mo logageng gongwe le le tshwanang le Umm Qatafa Cave mo Wadi Khareitun (mokgatšha o o simololang kwa botlhaba jwa Bethelehema go ya kwa Lewatleng je le Suleng). (Bahebera 11:32, 38) Fa o le fa logageng fano, o kgona go bona kwa tlase kafa molemeng dinku dingwe tse di tshwana tse di fulang mo phulong e e phatlaletseng.
Dafide o ne a le mo legageng mo kgaolong ya Enegedi fa Saule a ne a tsena mo go lone go ithusa. Lefa Dafide a ne a sega lekoja mo kobong ya ga Saule, o ne a ka seka a gobatsa “motlodiwa oa ga Yehofa.” Moragonyana Dafide o ne a tlhaeletsa Saule, gongwe fa kgosi eno e ne e le kwa tlase fa gare ga ditlhatshana tse dintsi. (1 Samuele 24:1-22) ‘Ditlhatshana tse dintsi fano?’ o ka nna wa botsa jalo.
Ee, fa go na le metsi a mantsi, naga eno e ka nna le dijalo. Enegedi ke sekai. Metsi a a neng a tswa mo majeng a a nang le dithoba a ne a tswa jaaka megobe le diphororo mo mokgatšheng ono o o neng o tswelela go ya kwa lotshitshing lo lo kafa bophirima jwa Lewatle je le Suleng. Seno se ne se dira Enegedi sekgwa, se se tletseng ka dijalo. Fa o etela koo, o ka fitlhela mefuta e mentsi ya dithunya le maungo. O ka bona gape le diphologolo go tswa go tse di nnang mo majeng, go ya go dipodi tse di nnang mo dithabeng; mangau le one a teng mo lefelong leno!—1 Samuele 24:2; Sehela sa Dihela 1:14.
Go re naga e e sa ungweng eno ya Juda e ka nna tala mo go kalo go nonotsha go tlhaloganya ga rona ponatshegelo ya ga Esekiele ya metsi a a elelang go tswa kwa tempeleng ya Jerusalema ka mo go oketsegileng. Moedi ono o ne wa oketsega go fitlha o bo o nna noka eo e neng e elelela kwa botlhaba go ralala naga ya Juda. Go ne ga felela jang? Esekiele o ne a kwala jaana: “Bōnañ, ha losiñ loa noka ga bo go le ditlhare di le dintsi thata kaha ntlheñ ñwe le ñwe . . . me mauñō a cōna a tla nna diyō, le lekakaba ya cōna e tla nna ya kalahō.” Metsi a ne a elelela mo Lewatleng je le Suleng, mme a ne a fodisa le eleng metsi a lone a a senang botshelo.—Esekiele 47:1-12; Isaia 35:1, 6, 7.
Ka gone, lefa naga ya Juda e sa ungwe thata ebile e sena baagi, ke lengwe la mafelo a a sa tshwaneng a a kgatlhisang a a leng mo dipegong tse dintsi tsa Bibela.—Luke 10:29-37.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.