LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/1 ts. 24-25
  • Tla O Etele Lewatle la Galilea!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tla O Etele Lewatle la Galilea!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A7-D Ditiragalo Tsa Botlhokwa Tsa Botshelo Jwa ga Jesu mo Lefatsheng—Bodiredi Jwa ga Jesu Kwa Galalea (Karolo 2)
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Jesu o Didimatsa Setsuatsue mo Lewatleng
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Genesereta—‘E E Gakgamatsang Ebile E le Ntle’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Boidiidi Jwa Batho bo ne Jwa Utlwa Jesu Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/1 ts. 24-25

Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng

Tla O Etele Lewatle la Galilea!

KE MAFELO a sekae fela a a ka tlang mo megopolong ya babadi ba Bibela ka bonako go gaisa Lewatle la Galilea. Lefa go ntse jalo, a o ka tswala matlho a gago mme ka leitlho la mogopolo wa bona lewatle leno la metsi a a phepa, o bona fa mafelo a lone a konokono a leng teng, a a jaaka mo Noka ya Joredane e tsenang le go tswa gone kana fa Kaperenama le Tiberia di leng gone?

Iphe nako o sekaseke setshwantsho se se fa tlase fano se se tshotsweng go tswa mo sefofaneng, o tla o se bapisa le dinomore tse di tlang di tlhagelela mono. O itse mafelo a le kae mo go a a tshwailweng ka dinomore? Fa o itse mafelo a mantsi a one, Bibela e ka nna selo se se kgatlhang le go nna le bokao mo go wena. Gore go nne jalo, tla o tseye loeto lo lokhutshwane, lo lo rutang.

Setshwantsho seno se se tshotsweng go tswa mo sefofaneng se kafa bokonebotlhaba. A re simolole ka #1. Ke karolo efe ya lewatle eo? Ee, ke ntlha e e kwa borwa, mo Joredane e elelang e tswa gone e kgabaganya fa gare ga Samaria le Gileade e bo e fitlha e kgwela mo Lewatleng le le Suleng. O ka kgona go bona ntlha eno ya lewatle sentle mo setshwantshong se se tseetsweng gaufi se se kafa molemeng, mme gape se tlhagisitswe mo go 1993 Calendar of Jehovah’s Witnesses.

Lewatle la Galilea le ikgarile kwa tengteng ga Mokgatšha O Mogolo, mo e ka nnang dimitara tse 200 kwa tlase ga Lewatle la Mediterranean. Fa o ntse o sekaseka setshwantsho seno se se tserweng go tswa mo sefofaneng, ela tlhoko dithaba tse di tlhatlogang go tswa mo lobopong lwa lone lo lo kafa botlhaba (gaufi le #7). Gape go na le dithota le dithaba tse di tlhatlogang fa gaufi, kana kafa lobopong lo lo kafa bophirima, di tshegetsa ntlha ya gore lewatle leno le ikgarile mo mokgatšheng, mme lewatle leno le boleele jwa dikilometara di ka nna 21 le bophara jwa dikilometara tse di ka tshwarang 12. Lobopo lwa lone lo ne lo na le lebala le le ka lekanang metse le metsemegolo e e jaaka Tiberia (#2). Gopola gore setlhopha sa batho se se neng se le mo mekorong se tswa kwa Tiberia se ne sa tshela lewatle leno go ya kwa lefelong le Jesu a neng a fepa batho ba le 5 000 ka kgakgamatso gone.—Yohane 6:1, 10, 17, 23.

Fa o iphaphatha le losi lwa lobopo o ya bokone jwa Tiberia, o feta kgaolo e e nonneng ya Geneseretha (#3).a Karolo eno ke yone e mo go yone Jesu a neng a neela Thero ya gagwe ya mo Thabeng, mme gongwe mo lobopong lo lo fa gaufi ke gone koo a ileng a bitsa Petere le ba bangwe ba bararo go tla go nna “bachwara batho,” jaaka go tshwantshitswe fano. (Mathaio 4:18-22) Fa o tsamaela pele, o fitlha fa Kaperenama (#4), eo e neng e le boremelelo jwa ditiro tsa ga Jesu, e bile go bidiwa gore ke ‘motse wa gaabo.’ (Mathaio 4:13-17; 9:1, 9-11; Luke 4:16, 23, 31, 38-41) Fa o tswelela pele go ya kwa botlhaba gaufi le lewatle, o ralala (#5) lefelo leo karolo e e kwa godimo ya Joredane e fitlhang e kgwela mo lewatleng teng (fa tlase fale). Go tswa foo, o mo karolong ya Bethesaida (#6).

Re ka dirisa le eleng mafelo ano a sekae go supa kafa kitso ya gago ka Lewatle la Galilea e ka go thusang ka teng go tlhaloganya le go bona dipego tsa Bibela ka leitlho la mogopolo. Morago ga gore Jesu a fepe batho ba le 5 000 mo karolong ya Bethesaida mme boidiidi jwa batho bo leka go mo dira kgosi, o ne a romela baaposetoloi kwa Kaperenama ka mokoro. Ka tshoganetso fela mo loetong loo lwa bone lwa lewatle, ga tsoga matsubutsubu a diphefo go tswa mo dithabeng, a dira gore makhubu a shakgale mme baaposetoloi ba tsenwa ke letshogo. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a tla kwa go bone a tsamaya mo lewatleng, a didimatsa matsubutsubu ao mme a ba fitlhisa ka pabalesego gaufi le Geneseretha. (Mathaio 14:13-34) Batho bao ba neng ba tlile go tswa kwa Tiberia ba ne ba kgabaganyetsa gape kwa Kaperenama.—Yohane 6:15, 23, 24.

Fa o tsamaela pele gaufi le ntlha e e kafa botlhaba ya lewatle, o feta lefelo le e ka tswang e le lone le neng le bidiwa ‘lefatshe la Bagadara [kana, Bagerasena].’ Gopola gore ke teng fano mo Jesu a neng a leleka badimona mo banneng ba babedi. Meya eo e ne ya dira bosetlhogo jwa go tsena mo serapeng se segolo sa dikolobe tse di neng tsa kgokgoetsegela mo lewatleng. Morago ga moo mongwe wa banna bano o ne a neela bosupi mo motseng o o neng o le gaufi wa Dekapolise, wa batho ba ba neng ba bua Segerika. Jesu o ne a goroga a ba a tswa mo karolong eno ka mokoro a tshela Lewatle la Galilea.—Mathaio 8:28–9:1; Mareko 5:1-21.

Fa o digela loeto lwa gago go tsamaela kwa ntlheng e e kwa tlase ya lewatle, o feta gaufi le fa noka e kgolo (e e bidiwang Yarmuk) e tlisang metsi a a seng kana ka sepe teng mo Nokeng e e kwa tlase ya Joredane.

Bibela ga e bolele gore mafelo mangwe a ditiragalo dingwe di diragetseng kwa go one a ne a le fa kae gaufi le Lewatle la Galilea, tse di jaaka, fa Jesu a ne a iponatsha mo go Petere le baaposetoloi ba bangwe fa ba ne ba tshwara ditlhapi morago ga tsogo ya gagwe (fa tlase fano). A o akanya gore e ne e le gaufi le Kaperenama? Go sa kgathalesege gore o araba jang, kitso e o nang le yone ka lewatle leno le le botlhokwa e go thusa gore o bone ka leitlho la mogopolo gore e ka tswa e ne e le fa kae.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo se se reng “Geneseretha—‘E E Gakgamatsang Ebile E le Ntle’” mo go Tora ya Tebelo ya January 1, 1992.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

1

2

3

4

5

6

7

N

S

E

W

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Garo Nalbandian

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela