Ditshwantsho Go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng
Genesereta—‘E E Gakgamatsang Ebile E le Ntle’
“Gaufi le Letsha la Genesereta go ikadile naga nngwe e le yone e bidiwang ka leina leo, e a gakgamatsa ebile e ntle. Mmu wa koo o o nonneng o thusa dimela go gola, mme baagi ba teng ba lema sengwe le sengwe: phefo ya teng ke e e lekanetseng mo e leng gore e tshwanela ditshedi tse dintsi tse di farologaneng. . . . Ga e ntshe fela maungo a a farologaneng a a gakgamatsang tota; e nna e ntse e ungwa ka dinako tsotlhe. . . . E nosetswa ke motswedi mongwe o o nang le menontsha tota.”
Ke tsela e raditiragalo mongwe ebong Josephus a neng a tlhalosa dipoa tseno tse di khutlotharo tse di kafa bokonebophirima jwa seo se itseweng jaaka Lewatle la Galalea. Ditshwantsho tse di fa godimo di tla go naya lesedi la kafa dipoa tseno di kileng tsa bo di ungwa ka gone, nngwe ya tseo di neng di nonne go gaisa ke ya kwa Galalea.a Karolo eno e ne e le botlhokwa tota mo metlheng ya bogologolo mo Luke, mokwadi wa Efangele a neng a bitsa lewatlana leno le le gaufi la metsi a a phepa gore ke ‘bodiba jwa Genesereta.’—Luke 5:1.
O ne a bolela seo ka nako ya fa a ne a anela ka gore Jesu o ne a tla mo karolong eno mme a fitlhela banna ba le bane bao e neng ya nna baaposetoloi. A e ne e le balemi bao ba neng ba itshedisa ka go lema mmu o o nonneng oo, ba lema ditlhare tsa mofine, ditlhare tsa ditlhamane, ditlhare tsa lotlhware, kana ditlhare tsa mofeie? Nnyaa. Dijalo tse di ntseng jalo di ne di tletsetletse mo Dipoeng tsa Genesereta, mme lefa go ntse jalo banna bano e ne e le batshwari ba ditlhapi, mme go motlhofo go tlhaloganya lebaka la go bo e ne e le batshwari ba ditlhapi.
Go lebega melapo e e neng e ralala dipoa tseno e ne e rwala dimela tse e neng e tla nna dijo tsa ditlhapi e di isa kwa lewatleng. Ka jalo lewatle le ne le tletse ditlhapi tse di farologaneng mme seo se dira gore go nne le kgwebo e kgolo ya ditlhapi. Petere le Anderea e ne e le barekisi ba ditlhapi ba teng koo, fela jaaka Jakobe le Johane ba e neng e le barwa ba ga Sebede wa motshwari wa ditlhapi.—Mathaio 4:18-22; Luke 5:2-11.
Gantsi go ne go tshwarwa ditlhapi ka go ala matloa go tswa mo mokorong. Ke seo Petere le Anderea ba neng ba se dira fa Jesu a ne a ba atamela. Go ne go tsharololwa letloa. Dikgong tse di kokobalang mo metsing di ne di tshwara molomo wa letloa, fa dilo tse di boima tse di kwa tlase di ne di dira gore letloa le phuthologele go ya kwa tlasetlase ga lewatle. Go ne go tshwarwa ditlhapi tse dintsi tota ka letloa le le ntseng jalo. Go tswa foo le ne le gogelwa mo mokorong kana le ne le gogelwa kwa metsing a a seng boteng gore go ntshetswe ditlhapi kwa losing. Ditlhapi tse di neng di sa jewe di ne di tlhaolwa mo go tse di jewang. Ela tlhoko kafa dintlha tseno di leng boammaaruri ka teng mo go Luke 5:4-7 le Yohane 21:6-11. A o gakologelwa gore Jesu o ne a umaka tsela eno ya go tshwara ditlhapi mo setshwantshong sa gagwe sa letloa? (Mathaio 13:47, 48) Mo godimo ga moo, Mathaio 4:21 e gatelela gore gantsi batshwari bano ba ditlhapi ba ne ba tle ba iphe nako ba roke matloa a a kgagotsweng ke mantswe kana a a kgagotsweng ke ditlhapi.
Fa o ne o ka tsamaya o bapile le losi lwa Genesereta, ka gongwe o ne o ka bona mafelo a le mmalwanyana a go bolelwang gore ke gone koo go neng ga diragala ditiragalo dingwe tsa bodihedi jwa ga Jesu teng. Go ya ka ngwao, go ne go na le thota e tala koo Jesu a neng a ruta Thuto ya gagwe ya kwa Thabeng gone. Lefelo leno le dumalana sentle le dipolelo tsa Efangele, ka gonne Jesu o ne a le gaufi le Dipoa tsa Genesereta ka nako ya fa a ne a ruta.—Mathaio 5:1–7:29; Luke 6:17–7:1.
Lefelo lengwe leo go bolelwang gore ke la boammaaruri ga le dumalane ka gope le dintlha tsa Bibela. Go na le kereke nngwe e e agilweng fa go bolelwang gore ke kwa Jesu a neng a fepa batho ba le 4 000 ka dinkgwe di le supa le ditlhapi di sekae teng. (Mathaio 15:32-38; Mareko 8:1-9) Go na le gore e bolele gore seno se diragaletse mo Dipoeng tsa Genesereta, pego ya ga Mareko e umaka “melelwane ea Dekapolise” e e neng e le kwa moseja ga lewatle dikilometara di ka nna 11 go tloga fa go lone.—Mareko 7:31.
Mathaio le Mareko ba bolela gore Jesu o ne a tsamaya ka mokoro a ya kwa Magadana, kana Dalemanutha fa a sena go dira kgakgamatso eno. (Mathaio 15:39; Mareko 8:10) Bakanoki ba amanya kgaolo eno le Magdala (Migdal), e e neng e le kafa borwa jwa Dipoa tsa Genesereta, go ya ntlheng ya Tiberias. The Macmillan Bible Atlas e bolela gore Magdala e ne e “itsege fela thata ka kgwebo ya yone ya go tlhatswa ditlhapi le go di tsenya dikemikale.” Eleruri go tshwarwa ga ditlhapi tse dintsi jaana mo karolong eno ya letsha go ne go ka dira gore dikgwebo tse di ntseng jalo di nne mosola ebile di dire morokotso.
Se se kgatlhang ke gore leuba le le neng le le gone ka 1985/86 le ne la dira gore selekanyo sa metsi a Lewatle la Galalea se fokotsege mme ga bonala boalo jwa losi lwa letsha leno. Banna ba bangwe ba babedi ba ne ba bona masalela a mokoro wa bogologolo, gaufi le Dipoa tsa Genesereta. Baithutamarope ba ile ba kgona go bona mokoro ono o o tshwarang ditlhapi o o dirilweng ka logong o o saleng o nna gone ka nako ya fa Jesu a etela Letsha leno le Dipoa tsa Genesereta.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setshwantsho sa mebala se segolwane go 1992 Calendar of Jehovah’s Witnesses.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]
Garo Nalbandian
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.