LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 22 ts. 58-ts. 59 ser. 6
  • Barutwa ba Banê ba Tla Nna Batshwari ba Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barutwa ba Banê ba Tla Nna Batshwari ba Batho
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barutwa ba Banè Baa Bidiwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Direla Jaaka Batshwari ba Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • O ne A Lwantsha go Nna le Poifo le Dipelaelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O ne A Lwantsha Poifo le Dipelaelo
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 22 ts. 58-ts. 59 ser. 6
Jesu o bua le Petere, Anderea, Jakobe le Johane fa lotshitshing lwa Lewatle la Galalea

KGAOLO 22

Barutwa Ba Banê Ba Tla Nna Batshwari Ba Batho

MATHAIO 4:13-22 MAREKO 1:16-20 LUKE 5:1-11

  • JESU O LALETSA BARUTWA GORE BA NNE BALATEDI BA GAGWE BA KA METLHA

  • BATSHWARADITLHAPI E NNA BATSHWARI BA BATHO

Fa batho ba Nasaretha ba sena go leka go bolaya Jesu, o ya kwa Kaperenama e e gaufi le Lewatle la Galalea, le gape le bidiwang “letšha la Genesareta.” (Luke 5:1) Seno se diragatsa boporofeti jo bo mo bukeng ya Isaia jwa gore batho ba Galalea ba ba nnang fa lewatleng, ba ne ba tla bona lesedi le legolo.—Isaia 9:1, 2.

Fa Jesu a le mo Galalea, o tswelela a bolelela batho gore “Bogosi jwa magodimo bo atametse.” (Mathaio 4:17) Jesu o bona barutwa ba gagwe ba banê. Ba kile ba tsamaya le ene pelenyana, mme fa ba sena go boa kwa Judea le Jesu, ba ne ba tswelela ka tiro ya bone ya go tshwara ditlhapi. (Johane 1:35-42) Jaanong ke nako ya gore ba tswelele ba na le Jesu ka metlha gore a kgone go ba katisa e le gore ba kgone go tswelela ka tiro fa a sena go tsamaya.

Fa Jesu a ntse a tsamaya fa lotshitshing lwa lewatle, o bona Simone Petere a na le monnawe e bong Anderea, ba na le ditsala tsa bone ba baakanya matloa. Jesu o ya kwa go bone, o palama mokoro wa ga Petere a bo a mo kopa gore a o suteletse mo metsing go se kae. Fa ba setse ba le mo metsing sekgalanyana, Jesu o nna fa fatshe a bo a simolola go ruta batho ba ba phuthegileng fa lotshitshing lwa lewatle boammaaruri ka Bogosi.

Morago ga moo, o raya Petere a re: “Suteletsa mokoro kwa go leng boteng gone, mme lo digele matloa a lona kwa tlase gore lo tshware ditlhapi.” Petere o mo raya a re: “Morutisi, re dirile ka natla bosigo jotlhe mme ga re a tshwara sepe, le fa go ntse jalo, ke tla digela matloa kwa tlase jaaka o bua.”—Luke 5:4, 5.

Anderea, Jakobe le Johane ba palelwa ke go tsenya matloa mo mokorong; Petere o wela fa pele ga ga Jesu

Ba digela matloa kwa tlase ba bo ba tshwara ditlhapi tse dintsintsi mo e leng gore matloa a simolola go gagoga! Ka bonako, ba bitsa banna ba ba kwa mokorong o mongwe gore ba tle go ba thusa. Go ise go ye kae, mekoro eno ka bobedi e tlala ditlhapi e bo e simolola go nwela. Fa Petere a bona seno, o khubama fa pele ga ga Jesu a bo a re: “Tloga fa go nna Morena, ka gonne ke monna yo o nang le boleo.” Jesu o mo raya a re: “Tlogela go tshoga. Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.”—Luke 5:8, 10.

Jesu o raya Petere le Anderea a re: “Ntshaleng morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.” (Mathaio 4:19) O laletsa le batshwaraditlhapi ba bangwe ba babedi e bong Jakobe le Johane, bomorwa Sebede. Le bone ba amogela taletso eo kwantle ga go okaoka. Ka jalo banna bano ba banê ba tlogela kgwebo ya bone ya go tshwara ditlhapi ba bo ba nna balatedi ba ga Jesu ba ntlha ba ka metlha.

  • Ke banna ba mofuta ofe ba Jesu a ba laletsang gore ba nne balatedi ba gagwe ba ka metlha, mme ke bomang?

  • Ke kgakgamatso efe e e tshosang Petere?

  • Jaanong barutwa bano ba banê ba tla bo ba dira tiro efe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela