LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 22
  • Barutwa ba Banè Baa Bidiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barutwa ba Banè Baa Bidiwa
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barutwa ba Banê ba Tla Nna Batshwari ba Batho
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Direla Jaaka Batshwari ba Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • O ne A Lwantsha go Nna le Poifo le Dipelaelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O ne A Lwantsha Poifo le Dipelaelo
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 22

Kgaolo 22

Barutwa ba Banè Baa Bidiwa

MORAGO ga boiteko jwa go bolaya Jesu mo motseng wa gaabo wa Nasaretha, o ya Kaperenama gaufi le Lewatle la Galilea. Seno se diragatsa boperofeti jo bongwe jwa ga Isaia. Ke jo bo boleletsweng pele gore batho ba Galilea ba ba nnang go bapa le lewatle ba ne ba tla bona lesedi le legolo.

Fa Jesu a ntse a tswelapele ka tiro ya gagwe e e nayang lesedi ya go rera ka Bogosi fano, o bona barutwa ba gagwe ba banè. Bano ba ne ba kile ba tsamaya le ene pelenyana mme ba boela kwa tirong ya bone ya go tshwara ditlhapi fa ba ne ba boa kwa Judea ba na le Jesu. Go bonala Jesu jaanong a ba batla, ereka e le nako ya gore a nne le bathusi ba ba tlhomameng, ba ka metlha, bao a ka ba katisetsang go tsweletsa bodihedi pele morago ga a sena go tsamaya.

Ka jalo fa Jesu a ntse a tsamaya go bapa le losi lwa lewatle mme a bona Simone Petere le balekane ba gagwe ba tlhatswa matloa a bone, o kgabaganyetsa kwa go bone. O palama mo mokorong wa ga Petere a bo a mo kopa gore a o katose lefatshe. Fa ba sena go tsamaela kgakajana, Jesu o dula fa fatshe mo mokorong a bo a simolola go ruta boidiidi jwa batho jo bo mo losing lwa lewatle.

Morago ga moo, Jesu o raya Petere a re: “Shutèlañ kwa boteñ, me lo digèlè ditloa tsa lona go chwara.”

Petere a mo raya a re: “Morèna, re letse re leka bosigo yotlhe, me re se ka ra chwara sepè: leha go nntse yalo, ke tla digèla ditloa ka lehoko ya gago.”

Fa matloa a nwediwa, go tshwarwa bontsi jo bogolo jwa ditlhapi moo matloa a simololang go kgaoga. Ka potlako, banna bano ba gwetlha ditsala tsa bone tse di mo mokorong o o leng gaufi ka potlako go tla go thusa. Go ise go ye kae mekoro ka bobedi e tletse ka ditlhapi tse dintsi moo eleng gore e simolola go nwela. Fa Petere a bona seno o wela fa pele ga ga Jesu mme a bo a re: “Ntlogèla Morèna; gonne ke motho oa boleo.”

Jesu o araba ka go re, “U seka ua boiha: go simolola ka yeno u tla chwara batho.”

Jesu gape o laletsa le morwarragwe Petere ebong Anderea. O ba rotloetsa jaana, “Ntshalañ moragō, me ke tla lo diha bachwara batho.” Ba ba tshwarang ditlhapi le bone ebong Jakobe le Johane, bomorwa Sebede, le bone baa lalediwa, mme le bone ba arabela kwantle ga tikatiko. Ka jalo ba banè bano ba tlogela tiro ya bone ya go tshwara ditlhapi mme ba nna balatedi ba ntlha ba banè ba ga Jesu ba ba tlhomameng le ba ka metlha. Luke 5:1-11; Mathaio 4:13-22; Mareko 1:16-20; Isaia 9:1, 2.

▪ Ke ka ntlhayang fa Jesu a bitsa barutwa ba gagwe gore ba mo sale morago, mme ke bomang?

▪ Ke kgakgamatso efe e e tshosang Petere?

▪ Ke mofuta ofe wa go tshwara ditlhapi oo Jesu a laletsang barutwa ba gagwe go o dira?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela