LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/09 ts. 6
  • Sephiri 4: Tlotlo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sephiri 4: Tlotlo
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Tilang go Bua Mafoko a a Tlhabang ka Gone
    Tsogang!—2013
  • Fa go Nna le Dikgotlhang mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Senola Medi ya Puo e e Kgobang
    Tsogang!—1996
  • Bua se se “Molemo go Aga” ba Bangwe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 10/09 ts. 6

Sephiri 4: Tlotlo

“A . . . go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona.”—Baefeso 4:31.

Se seno se se kayang. Malapa a a nang le mathata le a a atlegileng ka bobedi a na le dikgotlhang. Mme malapa a a atlegileng a buisana ka dikgotlhang kwantle ga go dirisa mafoko a tshotlo, a lenyatso le mofuta o mongwe wa puo e e kgobang. Maloko a lelapa a tshwarana ka tsela e bone ba ka ratang go tshwarwa ka yone.—Mathaio 7:12.

Lebaka la go bo seno se le botlhokwa. Mafoko a ka dirisiwa e le dibetsa tse di tlisang ditlamorago tse di botlhoko. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Go botoka go nna mo nageng e e swafetseng go na le go nna le mosadi yo o omanang le yo o bogale.” (Diane 21:19, The Bible in Basic English) Boammaaruri ke gore, go ka bolelwa se se tshwanang le ka monna yo o omanang. Mme fa go tla mo kgannyeng ya go godisa bana, Baebele ya re: “Lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.” (Bakolosa 3:21) Bana ba ba tlholang ba tshwaiwa diphoso ba ka nna ba simolola go akanya gore ba ka se kgone go itumedisa batsadi ba bone. Mme e bile ba ka nna ba tlogela go leka go ba itumedisa.

Leka se se latelang. Sekaseka gore lo tlotlana go le kana kang mo lelapeng la gago ka go araba dipotso tse di latelang.

◼ Mo lelapeng la me, a gantsi dikgotlhang di felela ka gore yo mongwe a tswe mo phaposing a galefile?

◼ Fa ke bua le molekane wa me kgotsa le bana ba me, a ke dirisa mafoko a a kgobang a a jaaka “seeleele,” “semaumau,” kgotsa a a tshwanang le ao?

◼ A ke goletse mo gare ga batho ba ba neng ba rata go dirisa puo e e kgobang?

Dira tshwetso. Akanya ka mokgele o le mongwe kgotsa e le mebedi e o ka ipeelang yone malebana le go bontsha tlotlo mo puong ya gago. (Kakantsho: Swetsa go dirisa mafoko a a jaaka “ke” go na le a a jaaka “o.” Ka sekai, “Ke utlwa botlhoko fa o . . . ,” go na le “Ka metlha o . . . ”)

Ke eng o sa bolelele molekane wa gago ka mekgele e o ipeetseng yone? Morago ga dikgwedi di le tharo, botsa molekane wa gago gore o dirile kgatelopele e kana kang.

Akanya ka ditsela tse di ka go thusang gore o se ka wa dirisa puo e e kgobang fa o bua le bana ba gago.

Ke eng o sa kope maitshwarelo mo baneng ba gago ka ntlha ya dinako tse o ka tswang o ile wa bua ka bogale le bone kgotsa ka tsela ya go ba sotla?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Fela jaaka makhubu a lewatle a ka kgona go gogola lefika le le nonofileng, go nna o ntse o dirisa puo e e utlwisang botlhoko le gone go ka koafatsa lelapa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela