Baebele ya Reng
A go A Kgonega Gore o Rate Baba ba Gago?
Jesu Keresete o ne a re: “Ke a lo raya ka re: Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong, e re ka a tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.”—Mathaio 5:44, 45.
A O AKANYA gore bodumedi bo ka thusa gore go nne le lorato le kagiso kgotsa a bo tlhotlheletsa letlhoo le thubakanyo? Gompieno batho ba le bantsi ba akanya gore bodumedi bo baka letlhoo le thubakanyo, segolobogolo fa bo inaakanya le dipolotiki, bomorafe kgotsa bosetšhaba. Le fa go ntse jalo, fela jaaka mafoko a ga Jesu a bontsha, batho ba e leng ‘barwa ba Modimo’ ba mmatota, ba etsa lorato lwa Modimo—tota le mo babeng ba bone.
Motlhanka yo mongwe wa Modimo o ne a bolela jaana: “Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fepe; fa a nyorilwe, mo neye sengwe gore a nwe . . . Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.” (Baroma 12:20, 21) Mme a tota lorato lo lo ntseng jalo lo ka kgonega mo lefatsheng leno le le kgaoganeng? Basupi ba ga Jehofa ba araba ba sa etsaetsege ba re, ee! Akanya ka sekao sa ga Jesu le balatedi ba gagwe ba bogologolo.
Ba ne Ba Rata Baba ba Bone
Jesu o ne a ruta boammaaruri ka Modimo mme ba le bantsi ba ne ba itumelela go mo reetsa. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba nna kgatlhanong le ene, ba bangwe ba dira jalo ka ntlha ya go tlhoka kitso. (Johane 7:12, 13; Ditiro 2:36-38; 3:15, 17) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tswelela go bolelela botlhe molaetsa o o bolokang botshelo, go akaretsa le baganetsi ba gagwe. (Mareko 12:13-34) Ka ntlha yang? O ne a itse gore bangwe ba ka nna ba fetola mekgwa ya bone, mme ba lemoga gore ke Mesia ba bo ba dumalanya matshelo a bone le boammaaruri jwa dilo tsa semoya jo bo mo Lefokong la Modimo.—Johane 7:1, 37-46; 17:17.
Tota le mo bosigong jo a neng a tshwarwa go sa tshwanela ke baganetsi ba ba neng ba tlhomeletse ka dibetsa, Jesu o ne a bontsha baba ba gagwe lorato. Tota e bile, o ne a fodisa mongwe wa batho ba ba neng ba mo tshwere, yo moaposetoloi Petere a neng a mo tlhasela ka tšhaka. Ka nako eo, Jesu o ne a tlhalosa molaomotheo o o botlhokwa o o sa ntseng o kaela balatedi ba gagwe ba boammaaruri le gompieno. O ne a re: “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:48-52; Johane 18:10, 11) Dingwaga di ka nna 30 moragonyana, Petere o ne a kwala jaana: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi. . . . E rile a boga, a se ka a tshosetsa, mme a nna a ineela mo [Modimong].” (1 Petere 2:21, 23) Ga go na pelaelo gore Petere o ne a ithutile gore go nna le lorato lo lo ntseng jalo mme e seng go ipusolosetsa, ke yone tsela ya balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete.—Mathaio 5:9.
Botlhe ba ba ‘latelang dikgato tsa ga Jesu gaufiufi’ ba bontsha boikutlo jwa gagwe jwa lorato le bopelontle. 2 Timotheo 2:24 ya re: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, . . . a nna a ithibile mo bosuleng.” Dinonofo tseo di tla bonala mo botshelong jwa Mokeresete, jo e leng jwa kagiso le kutlwano.
‘Baemedi ba ga Keresete’ ba ba Agisanang
Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela badumedi ka ene jaana: “Re baemedi ba ba emetseng Keresete . . . Jaaka baemedi ba ga Keresete re a kopa: ‘Letlanang le Modimo.’” (2 Bakorintha 5:20) Baemedi ga ba itshunye nko mo dikgannyeng tsa dipolotiki le tsa sesole tsa dinaga tse ba direlang kwa go tsone. Go na le moo, ba nna ba itlhaotse. Tiro ya bone ke go emela le go buelela puso e ba buang ka yone.
Go ntse jalo le ka baemedi ba ga Keresete le barongwa ba gagwe. Ba tsaya Jesu e le Kgosi mme ba buelela Bogosi jwa gagwe jwa kwa legodimong ka go bolela dikgang tse di molemo ka kagiso. (Mathaio 24:14; Johane 18:36) Ka jalo, Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba motlha wa gagwe jaana: “Gonne le fa re tsamaya mo nameng, ga re tlhabane ntwa go ya ka se re leng sone mo nameng. Gonne dibetsa tsa ntwa ya rona ga se tsa senama, mme di maatla ka Modimo go pitikolola . . . dikakanyo le selo sengwe le sengwe se se kwa godimo se se goleditsweng kgatlhanong le kitso ka ga Modimo.”—2 Bakorintha 10:3-5; Baefeso 6:13-20.
Fa Paulo a ne a kwala mafoko ao, Bakeresete ba ne ba bogisiwa mo dinageng di le dintsi. Boammaaruri ke gore, ba ka bo ba ipusoloseditse. Go na le moo, ba ne ba tswelela ba rata baba ba bone le go bolelela botlhe ba ba neng ba ka reetsa molaetsa wa go letlanya. Encyclopedia of Religion and War ya re: “Balatedi ba ntlhantlha ba ga Jesu ba ne ba gana go tsena mo ntweng le go dira tiro ya sesole,” ba lemoga gore ditiro tse di ntseng jalo “ga di tsamaisane le mokgwa wa ga Jesu wa lorato le taelo ya gore motho a rate baba ba gagwe.”a
Jaaka Bakeresete ba bogologolo, Basupi ba ga Jehofa ba amogela Jesu e le Kgosi ya bone. Mme gape ba mo amogela e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo—puso ya kwa legodimong e e tla tlogang e tlisa kagiso le polokesego tse di tla nnelang ruri mo lefatsheng. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Ka jalo, jaaka baemedi le barongwa ba bolela ka melemo ya Bogosi joo. Mme ka nako e e tshwanang, ba leka go nna baagi ba ba siameng mo dinageng tse ba nnang mo go tsone, ba duela makgetho le go ikobela molao fa o sa thulane le molao wa Modimo.—Ditiro 5:29; Baroma 13:1, 7.
Ka maswabi, jaaka Bakeresete ba bogologolo, ka dinako tse dingwe Basupi ga ba tlhaloganngwe, ba senngwa leina le go bogisiwa. Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga ba ke ba ipusolosetsa. Go na le moo, ba leka go nna batho ba ba “agisanang le batho botlhe,” ba solofela gore baganetsi bangwe ba bone ba tla ‘letlana le Modimo’ mme ba nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.b—Baroma 12:18; Johane 17:3.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Encyclopedia of Religion and War ya re: “Bakwadi ba Bakeresete ba pele ga nako ya ga Constantine [mmusimogolo wa Roma 306-337 C.E.] botlhe ba ne ba dumalana le go kgala polao mo dintweng.” Boikutlo joo bo ne jwa fetoga fa botlhanogi jo bo neng jwa bolelelwa pele mo Baebeleng bo ne bo simolola go anama.—Ditiro 20:29, 30; 1 Timotheo 4:1.
b Jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba sireletsa kgololesego ya bone ya bodumedi semolao fa go tlhokega.—Ditiro 25:11; Bafilipi 1:7.
A O KILE WA IPOTSA GORE. . .
◼ Bakeresete ba tshwanetse go tshwara baba ba bone jang?—Mathaio 5:43-45; Baroma 12:20, 21.
◼ Fa a ne a bogisiwa, Jesu o ne a itshwara jang?—1 Petere 2:21, 23.
◼ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ganana le ntwa?—2 Bakorintha 5:20; 10:3-5.