LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/11 ts. 22-23
  • A Modimo o Tshegetsa Dintwa Gompieno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo o Tshegetsa Dintwa Gompieno?
  • Tsogang!—2011
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipharologano Tse Tharo Tse Dikgolo
  • Ke Eng fa Modimo a Ile a Tlogela Iseraele Mme a Amogela Phuthego ya Bokeresete?
  • A go A Kgonega Gore o Rate Baba ba Gago?
    Tsogang!—2009
  • Baitlhaodi ba Bakeresete mo Metlheng ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A Ntwa e Tsamaisana le Bokeresete?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Kafa re ka Nnang re Kgaogane le Lefatshe ka Gone
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 8/11 ts. 22-23

Baebele ya Reng . . . 

A Modimo o Tshegetsa Dintwa Gompieno?

KGOSI DAFIDE wa Iseraele wa bogologolo o ne a bolela jaana ka tiro ya gagwe ya go nna motlhabani: “[Modimo] o rutela diatla tsa me ntwa, mme mabogo a me a obile bora jwa kgotlho.”—Pesalema 18:34.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka Bakeresete: “Le fa re tsamaya mo nameng, ga re tlhabane ntwa go ya ka se re leng sone mo nameng. Gonne dibetsa tsa ntwa ya rona ga se tsa senama.”—2 Bakorintha 10:3, 4.

A ditemana tseno di a ikganetsa? Kgotsa a go na le mabaka a a utlwalang a go bo Modimo a ile a letlelela Baiseraele ba bogologolo gore ba ye ntweng mme a sa letlelele Bakeresete go dira jalo? A tsela e Modimo a lebang ntwa ka yone e fetogile? Re kgona go tlhaloganya dikarabo botoka fa re sekaseka dipharologano tse tharo tse dikgolo tse di fa gare ga Baiseraele le phuthego ya Bokeresete ya boammaaruri.

Dipharologano Tse Tharo Tse Dikgolo

1. Baiseraele ba bogologolo e ne e le setšhaba se Modimo a neng a se neile naga e e nang le melelwane mme se ne se dikologilwe ke baagelani ba gantsi ba neng ba sa se rate. Ka jalo, Modimo o ne a laela batho ba gagwe gore ba sireletse naga ya bone, a bo a dira gore ba fenye baba ba bone. (Baatlhodi 11:32, 33) Mme ka fa letlhakoreng le lengwe, phuthego ya Bokeresete ga e na melelwane mme maloko a yone a fitlhelwa mo dinageng tsotlhe. Ka jalo, fa balatedi ba ga Keresete kwa nageng nngwe ba ne ba ka lwa kgatlhanong le naga e nngwe, ba ne ba ka bo ba lwa kgatlhanong le badumedi ka bone—bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya—ba ba laetsweng gore ba ba rate le e leng go ba swela.—Mathaio 5:44; Johane 15:12, 13.

2. Baiseraele ba bogologolo ba ne ba na le kgosi ya motho e setulo sa yone sa bogosi se neng se le kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri bone ba busiwa ke Jesu Keresete, yo gone jaanong e leng sebopiwa se se maatla sa semoya mme setulo sa gagwe sa bogosi se leng kwa legodimong. (Daniele 7:13, 14) Jesu ka boene o ne a bolela jaana: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Johane 18:36) Ka jalo, ga go na bogosi bope jwa sepolotiki kgotsa puso epe mo lefatsheng e e ka reng ke ya ga Keresete. Ke eng fa seno se le botlhokwa mo ‘batlhokomeding’ kgotsa mo balateding ba ga Jesu? Ntlha ya boraro e a tlhalosa.

3. Fela jaaka ditšhaba tse dingwe, gantsi Baiseraele ba bogologolo ba ne ba roma barongwa kgotsa se rona gompieno re ka reng ke baemedi. (2 Dikgosi 18:13-15; Luke 19:12-14) Keresete o dirile se se tshwanang mme o dirile jalo ka ditsela tse pedi tse dikgolo tse di farologaneng. Sa ntlha, balatedi ba gagwe botlhe ke baemedi. Ke ka moo moaposetoloi Paulo a ileng a kwala jaana mo boemong jwa Bakeresete ka ene: “Jalo re baemedi ba ba emetseng Keresete.” (2 Bakorintha 5:20) Jaaka baemedi ba ba ratang kagiso, ga ba a ka ba lwa. Sa bobedi, balatedi ba ga Jesu ba bua le batho botlhe ba ba tla reetsang molaetsa wa bone. Jesu o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Gape o ne a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.

Ka maswabi, ga se gantsi batlhokomedi ba ga Keresete ba amogelwang ka lorato. Ka ntlha ya seno, Paulo o ne a kwalela moreri wa Mokeresete e bong Timotheo jaana: “Jaaka lesole le le molemo la ga Keresete Jesu wena nna le seabe mo go bogeng bosula.” (2 Timotheo 2:3) Gone mme dibetsa tsa ga Timotheo e ne e le tsa semoya mme di ne di akaretsa Lefoko le le kwadilweng la Modimo, le le bidiwang “tšhaka ya moya.”—Baefeso 6:11-17.

Ke Eng fa Modimo a Ile a Tlogela Iseraele Mme a Amogela Phuthego ya Bokeresete?

Ka dingwaga tse di ka nnang 1 500, setšhaba sa Baiseraele se ne sa itumelela go nna le kamano e e kgethegileng le Modimo, kamano e e neng e theilwe mo kgolaganong kgotsa mo tumalanong. (Ekesodo 19:5) Kgolagano eo, e Moshe e neng e le motsereganyi mo go yone, e ne e akaretsa Melao e e Lesome le melao e mengwe, e yotlhe e neng e rotloetsa kobamelo ya boammaaruri le melao e e kwa godimo ya boitshwaro. (Ekesodo 19:3, 7, 9; 20:1-17) Le fa go ntse jalo, ka maswabi, Iseraele yotlhe e ne ya se ka ya ikanyega mo Modimong, go ya bokgakaleng jwa gore ba bolaye baporofeti ba gagwe.—2 Ditiragalo 36:15, 16; Luke 11:47, 48.

Kgabagare, Jehofa o ne a romela Morwawe e bong Jesu Keresete, yo o neng a tsholwa e le Mojuda. Go na le gore ba mo amogele jaaka Mesia, setšhaba sotlhe sa Bajuda se ne sa mo gana. Ka ntlha ya seo, Modimo o ne a fedisa kgolagano e a neng a sa bolo go nna le yone le Baiseraele mme lobota lwa tshwantshetso lo lo neng lo kgaoganya Bajuda mo bathong ba e seng Bajuda lo ne lwa wa.a (Baefeso 2:13-18; Bakolosa 2:14) Mo e ka nnang ka yone nako eo, Modimo o ne a tlhoma phuthego ya Bokeresete mme a tlhoma Jesu go nna Tlhogo ya yone. Mo godimo ga moo, pele ga bokhutlo jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, phuthego eo e ne ya nna le batho ba ditšhaba tse di farologaneng. Moaposetoloi wa Mojuda e bong Petere o ne a re: ‘Mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o boifang Modimo a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.’—Ditiro 10:35.

Basupi ba ga Jehofa ba leka go etsa sekao sa Bakeresete ba bogologolo. Ke ka moo Basupi ba itseweng ka bodiredi jwa bone jwa phatlalatsa le ka go sa tseye letlhakore ga bone mo dipolotiking le mo dintweng tsa mmatota. (Mathaio 26:52; Ditiro 5:42) Ee, ga ba letle sepe gore se ba iteye tsebe mo go itsiseng dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, e leng puso e le nngwe fela e e tla fedisang bosula le go tlisa kagiso e e tla nnelang ruri mo lefatsheng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a akantse ka tsholofelo eo e e botlhokwatlhokwa: “Jaaka baemedi ba ga Keresete re a kopa: ‘Letlanang le Modimo.’” (2 Bakorintha 5:20) Mafoko ao a dira gore gompieno re nne le boikutlo jwa go potlaka le go feta, ka gonne re ntse re atamela bokhutlo jwa ‘metlha ya bofelo’ jwa lefatshe leno le le boikepo.—2 Timotheo 3:1-5.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Kwa tshimologong lefoko “Mojuda” le ne le dirisiwa mo mothong yo e leng Moiseraele wa lotso lwa Juda. Moragonyana, leina leo le ne la dirisiwa mo Bahebereng botlhe.—Esera 4:12.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . . 

● Bakeresete ba tshwanetse go bontshana nonofo efe e e tlhomologileng?—Johane 13:34, 35.

● “Sebetsa” sa konokono sa Bakeresete ba boammaaruri ke sefe?—Baefeso 6:17.

● Baemedi ba ga Keresete ba itsise molaetsa ofe wa botlhokwa?—Mathaio 24:14; 2 Bakorintha 5:20.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Basupi ba ga Jehofa ke bakaulengwe ba ditšhaba tse di farologaneng mme ga ba tseye letlhakore mo dintweng tsa ditšhaba

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela