A ke Popo e e Nang le Boikaelelo Kgotsa ke Thulaganyo E e Se Nang Boikaelelo?
Ka 1802, moruti mongwe wa Moesemane e bile e le moithutabodumedi e bong William Paley o ne a tlhalosa mabaka a go bo a dumela mo Mmoping. O ne a bolela gore fa go ka direga gore fa a ntse a kgabaganya naga e e se nang sepe, mme a bo a bona leje fa fatshe, go ne go tla utlwala fa a ne a ka swetsa ka gore leje leo le nnile teng foo ka ntlha ya dithulaganyo dingwe tsa tlholego. Mme fa e le gore mo boemong jwa seo o fitlhela tshupanako, go ne go ka se direge gore a dire tshwetso e e tshwanang. Ka ntlha yang? Ka go bo tshupanako e na le matshwao otlhe a a supang gore e tlhamilwe e bile e na le boikaelelo jo bo rileng.
MEGOPOLO ya ga Paley e ile ya tlhotlheletsa thata moithutatlholego wa Moesemane e bong Charles Darwin. Le fa go ntse jalo, go farologana le kgopolo ya ga Paley, moragonyana Darwin o ne a akantsha gore se se ka tswang se bonala e le go tlhamiwa ga dilo tse di tshelang go ka tlhalosiwa ka thulaganyo e a neng a re ke “go itiragalela ka kotsi ga dilo.” Batho ba le bantsi ba ne ba tsaya thuto ya ga Darwin ya gore ditshedi di iphetogetse go nna tse dingwe e le tlhaloso e e tshwanelang ya go bo go le phoso go dumela mo popong.
Go ile ga kwalwa go le gontsi ka kgang eno fa e sa le ka motlha wa ga Paley le Darwin. Ditlhaloso tse kafa letlhakoreng le lengwe di buelelang popo le tse di buelelang kgang ya gore dilo di itlhagetse ka kotsi di ile tsa tokafadiwa, tsa tlhalosiwa botoka le go ntšhafadiwa gangwe le gape. Mme ditlhaloso tseno ka bobedi di ile tsa tlhotlheletsa thata se batho ba se dumelang ka go nna le boikaelelo kgotsa go tlhoka boikaelelo ga lobopo. Se o se dumelang se ka nna sa tlhotlheletsa kafa o akanyang gore botshelo jwa gago bo na le boikaelelo ka teng. Jang?
Ditlamorago Tse di Tsamaisanang le Dithuto Tsa ga Darwin
Go dumela mo thutong ya ga Darwin go dirile gore batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba swetse ka gore botshelo jwa bone ga bo na boikaelelo jwa mmatota. Fa e le gore lobopo le sengwe le sengwe se se mo go lone di nnile teng ka ntlha ya go kopana ga dielemente ka botsone ka kotsi fela morago ga tshimologo ya kgopolo ya go thunya ga maatla a magolo (big bang), go raya gore botshelo bo ka se nne le boikaelelo jwa mmatota. Mofenyi wa sekgele sa Nobel yo e neng e le moitsethutotshelo e bong Jacques Monod o ne a bolela jaana: “Kgabagare motho o itse gore o nosi mo lobopong lo logolo lo lo sa amegeng ka ene lo a tswileng mo go lone ka kotsi. Ga go na gope mo go tlhalosiwang gore o tla felela kae le gore o tlile go dira eng.”
Porofesa wa khemiseteri wa kwa kholetšheng ya kwa Oxford e bong Peter William Atkins o ne a tlhalosa kgopolo e e tshwanang fa a ne a bolela jaana: “Ke tsaya gore go nna gone ga lobopo lo lo gakgamatsang lono ke selo se sentle se se kgatlhang thata. Lo lontle thata, lo feletse mme ga lo na mosola ope.”
Ga se baitsesaense botlhe ba ba dumalanang le kgopolo eo. Mme ba na le mabaka a a utlwalang a go bo ba sa dumalane le yone.
A Matsetseleko—Ke Bosupi Jwa Popo e e Nang le Boikaelelo?
Fa babatlisisi ba le bantsi ba sekaseka melao ya tlhago, ga ba dumalane le kgopolo ya gore lobopo ga lo na boikaelelo. Ka sekai, ba kgatlhwa ke maatla a magolo a a laolang lobopo. Go bonala fa melao e e laolang maatla ano e tlhamilwe ka matsetseleko gore e kgone go dira gore go nne le lobopo lo botshelo bo ka kgonegang mo go lone. Moithutalobopo e bong Paul Davies a re: “Go fetola melao e e leng teng le fa e le ka selekanyo se sennye thata go ka dira gore go nne le ditlamorago tse di kotsi.” Ka sekai, fa diporotone di ka bo di le boima go sekaenyana go feta dinyuterone, go na le gore di nne bofefonyana go feta kafa di leng ka teng, diporotone tsotlhe di ne di tla fetoga dinyuterone. A seo se ne se tla bo se le maswe thata jalo? Davies o tlhalosa jaana: “Kwantle ga diporotone le motlakase wa tsone o o botlhokwa, go ka bo go se na diatomo.”
Maatla a electromagnetic a ngokela dieleketerone mo diporotoneng, mme seno se dira gore go nne le dimolekhule. Fa maatla ano a ka bo a le bokoa thata, dieleketerone di ne di se kitla di kgona go dikologa nyutlease ya atomo mme go ne go se kitla go nna le dimolekhule. Mme kafa letlhakoreng le lengwe, fa maatla ano a ka bo a nonofile thata, dieleketerone di ne di tla ngaparela nyutlease ya atomo. Ka ntlha ya seo, diphetogo tsa dikhemikale le botshelo di ne di se kitla di kgonega.
Phetogo e nnye fela ya maatla a electromagnetic e ne e tla ama letsatsi le maatla a a tswang mo go lone a a fitlhelelang lefatshe la rona. Diphetogo tse di ntseng jalo di ne di tla dira gore go nne thata gore fotosentesese mo dimeleng e direge kgotsa gore e se ka ya kgonega. Ka jalo, go ikaegile ka maatla a a lekaneng a electromagnetic gore a botshelo bo tla kgonega mo lefatsheng kgotsa nnyaa.a
Buka ya Science & Christianity—Four Views e na le tsela e e kgatlhang ya go tshwantsha botlhokwa jwa go tlhomama ga tsela e maatla ano a lekalekanang ka yone le dielemente tse di mo lobopong. Mokwadi mongwe o ne a kopa babadi ba gagwe gore ba leke go bona ka leitlho la mogopolo mmatlisisi mongwe a ile kwa “phaposing ya thulaganyo ya go tsamaisa lobopo lotlhe.” Fa a le koo, mmatlisisi o bona mela e mentsi e e tlhomaganeng ya dikonopo tse di laolang tse di ka bewang ka selekanyo le fa e le sefe mme a bo a lemoga gore nngwe le nngwe ya tsone e tshwanetse go bewa ka seting e e rileng e e tlhomameng gore botshelo bo kgonege. Konopo e nngwe e tlhoma selekanyo sa nonofo ya maatlakgogedi, e nngwe e tlhoma selekanyo sa nonofo e maatla a electromagnetic a ngokang dilo ka yone, e nngwe e tlhoma selekanyo se se fa gare ga boima jwa nyuterone le porotone jalo le jalo. Fa mmatlisisi a ntse a sekaseka dikonopo tseno, o bona gore di ka bo di ne di tlhomilwe ka diseting tse di farologaneng. Mme fa a sena go dira dipalo ka matsetseleko o lemoga gore, tota le phetogo e nnyennye mo diseting tseno e ka fetola tsela e lobopo lo dirang ka yone mo e leng gore go ka dira gore botshelo bo se ka jwa kgonega mo go lone. Le fa go ntse jalo, konopo nngwe le nngwe e setilwe ka seting e e tshwanelang sentle go dira gore lobopo lo dire sentle le gore go nniwe mo go lone. Mmatlisisi yono o tshwanetse go swetsa ka goreng malebana le kafa dikonopo tseno di setilweng ka gone?
Moithutadinaledi e bong George Greenstein o bolela jaana: “Fa re ntse re batlisisa bosupi jotlhe, re tlelwa ka bonako ke kgopolo ya gore maatla mangwe a a fetang a tlholego—kgotsa bogolo re re Mongwe—o tshwanetse a bo a nnile le seabe. A go ka direga gore re sa lebelela, e bile re sa ikaelela, ra tshogana fela ra kopana le bosupi jwa saense jwa gore go na le Mogodimodimo?”
O akanya eng? Ke tlhaloso efe e e tshwanelang sentle lebaka la go bo go na le matsetseleko a re a boneng mo lobopong? A ke popo e e nang le boikaelelo kgotsa a ke thulaganyo nngwe e e se nang boikaelelo?
‘Re Mono Fela Kwantle ga Lebaka —Ke Gone Fela’
Gone mme, balatolamodimo ba dumela se se farologaneng. Bangwe ba itlhokomolosa kgang ya matsetseleko mo dilong tsa tlholego, ba bolela jaana: ‘Gone ke boammaaruri gore lobopo lo re kgonang go lo bona lo kgona go thusa gore botshelo jwa batho bo nne teng. Fa go ne go sa nna jalo, re ka bo re sa tshwenyege ka gone. Ka jalo, tota ga go na sepe se re tlhokang go se tlhalosa. Re fano fela kwantle ga lebaka mme ke gone fela.’ A mme o akanya gore tlhaloso eo ya go nna gone ga rona e a kgotsofatsa?
Tlhaloso e nngwe ke gore ka letsatsi lengwe go tla nna le bosupi jo bo bontshang gore ke setlhopha se se rileng fela sa dinomoro tse di ka berekang mo dipalong tse di tlhalosang melao ya konokono ya tlhago. E leng gore, dikonopo tse go builweng ka tsone fa godimo, di ne di tshwanetse gore di bo di beilwe ka seting e e tshwanelang gore lobopo lo kgone go nna teng. Bangwe ba re, ‘Lo ntse jalo ka gore lo ne lo tshwanetse go nna jalo!’ Le fa ditlhaloso tseno di ka tswa di ne di le boammaaruri, di ne di sa ntse di se kitla di re naya tlhaloso e e tshwanetseng ya lebaka la go bo re le mono. Ka bokhutshwane, a go itiragaletse fela gore lobopo lo bo lo le teng le go bo le dira gore botshelo bo kgonege?
Fa go dirwa maiteko a go tlhalosa lebaka la go bo go na le matsetseleko mo lobopong ka go dirisa fela bosupi jo bo leng mo go lone, ba bangwe ba sa ntse ba dirisa kgopolo ya gore go na le mabopo a mantsi. Go ya ka kgopolo eno, gongwe re nna go mo lengwe fela la mabopo a mantsi ano—a otlhe a one a nang le maemo a a farologaneng, mme go se na lepe la one le le diretsweng boikaelelo bope e bile a sa bopiwa. Mme go ya ka tlhaloso eo le melao ya go itiragalela fela ga dilo, fa re na le mabopo a a lekaneng, kgabagare lengwe la one le tshwanetse go nna le maemo a a tshwanetseng go dira gore botshelo bo nne gone. Le fa go ntse jalo, ga go na bosupi bope jwa saense jo bo tshegetsang kgopolo eo ya gore go ka tswa go na le mabopo a le mantsi. Ke dilo tse di ikakanyediwang fela.
Fa a sena go bolela gore ga a dumelane le kgopolo eo, Christian de Duve yo o neng a gapa Sekgele sa Nobel yo e leng moithuti wa saense ya ditshedi o ne a re: “Go ya ka nna, botshelo, le tlhaloganyo ke dilo tse di gakgamatsang thata jaana mo e leng gore di tshwanetse tsa bo di na le bokao, le fa go ka tswa go na le mabopo a le mantsi a a neng a se kitla a kgona go dira gore di nne teng. Le fa go ka twe go na le mabopo a mangwe a le ditrilione, seo se ka se ka sa fedisa botlhokwa jwa lobopo lwa rona le dilo tse di mo go lone tse di tlhomologileng, e leng se nna ke bonang e le boammaaruri jwa gore di bopilwe.”
Go Kgona go Akanya ga Batho
Lebaka la go bo re kgona go nna le dikgopolo dingwe malebana le go nna gone ga lobopo ke sengwe se se gakgamatsang tota. Mo lobopong lo lo se nang boikaelelo, go kgona go dira seo e ne e tla bo e le sengwe se se itiragaletseng ka kotsi. A seo se bonala se utlwala mo go wena?
Boboko jwa motho bo ile jwa tlhalosiwa e le “sengwe se se gakgamatsang thata e bile e le masaitsiweng a magolo mo lobopong.” Ga go na selekanyo sepe sa kitso ya fisikisi le khemiseteri se ka bosone fela se ka kgonang go neela ditlhaloso tse di utlwalang malebana le kgang ya go bo batho ba kgona go akanya ka dilo le go bo gongwe le gongwe batho ba batla go itse boikaelelo jwa botshelo.
Go ka direga gore tlhaloganyo ya motho, e e batlang go tlhaloganya, e ile ya bopiwa ke mongwe yo o botlhale thata, kgotsa e ile ya nna gone fela ka kotsi. Ke tlhaloso efe mo go tse pedi tseno e e bonalang e utlwala thata mo go wena?
A go Na le Tlhaloso e Nngwe?
Gone ke boammaaruri gore saense e re boleletse go le gontsi malebana le kafa lobopo, lefatshe le ditshedi di berekang ka teng. Mo bathong bangwe, e kete fa saense e nna e ntse e re bolelela dilo, “go bonala fa go nna gone ga rona go sa tlhaloganyesege le go feta.” Go nna gone ga rona go bonala go sa tlhaloganyesege fa e le gore re nnile gone fela ka ntlha ya go iphetola ga ditshedi go nna tse dingwe. Le fa go ntse jalo, fa re dirisa mafoko a mokwadi wa saense e bong John Horgan “go bonala sengwe le sengwe se dirilwe ka matsetseleko thata mo e leng gore go bonala go ne go ka se direge gore re bo re le fano ka kotsi fela.” Mankge wa fisikisi e bong Freeman Dyson le ene o ne a akgela jaana: “Fa ke nna ke sekaseka lobopo mme ke tlhatlhoba sengwe le sengwe malebana le kafa lo dirilweng ka teng, ke bona bosupi jo bo oketsegileng jwa gore lobopo ka tsela nngwe lo tshwanetse lwa bo lo itsile gore kgabagare go tla nna batho mo go lone.”
Ka ntlha ya bosupi jo bo leng teng—go raraana ga tlhago, matsetseleko a yone, se go tweng ke popo le go akanya ga batho—a ga go utlwale gore bobotlana go akanyediwe kgang ya gore go ka tswa go na le Mmopi? Lebaka le le utlwalang la seno ke ka go bo Mmopi a ka kgona go re bolelela gore botshelo bo simologile jang le gore a botshelo bo na le boikaelelo—dipotso tse saense e sa kgoneng go di araba.
Dipotso tseno di arabiwa mo dikwalong tse di bidiwang Baebele, kgotsa Dikwalo tse di Boitshepo, tse bakwadi ba tsone ba bolelang gore ba tlhotlheleditswe ke Mmopi. Ke eng o sa sekaseke gore Baebele ya reng malebana le dikgang tseno?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno, tsweetswee bona tsebe 10-26 ya buka ya Is There a Creator Who Cares About You? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Mafoko a a mo go tsebe 8]
A boboko jwa motho bo teng ka ntlha ya thulaganyo e e se nang boikaelelo?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Ke Eng se se Dirang Gore Saense e Kgonege?
Go a kgonega gore go dirwe dipatlisiso tsa saense ka gonne lefatshe le dirilwe ka thulaganyo le ka gore maatla le matter ke dilo tse o ka tlhomamisegang ka tsone mme di dira ka tsela e e sa fetofetogeng mo maemong a a rileng. Thulaganyo eno e ka tlhalosiwa mo melaong ya motheo ya mathemetiki, fisikisi, khemiseteri, jalo le jalo. Fa go ne go se na thulaganyo e e ntseng jalo, go ka bo go se na dipatlisiso tsa saense, thekenoloji le botshelo ka bojone.
Ka gone, go tsoga dipotso tse di reng: Melao ya motheo e simologile kae? Mme ke ka ntlha yang fa e bereka ka tsela e e berekang ka yone? Batho ba le bantsi ba dumela gore karabo e e utlwalang thata ke ya gore go na le Mogodimodimo yo o Botlhale. Wena o dumela eng?
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]
A e Nnile Teng ka Boyone Fela?
Dimolekhule tsa DNA (deoxyribonucleic acid) tse di mo teng ga sele nngwe le nngwe e e tshelang di na le ditaelo tse di tlhalositsweng sentle tse di tlhokegang gore ditshedi di gole sentle. Le fa gone DNA e raraane thata, e ka tshwantshiwa le tshedimosetso e e tsentsweng mo teng ga DVD. Fa e setse e tshamekiwa, tshedimosetso ya khouto e e mo teng ga DVD e dira gore motho a kgone go lebelela bidio kgotsa a reetse mmino. Ka tsela e e tshwanang, dimolekhule tsa DNA tse di bopegileng jaaka llere ya mogala o o itshopileng, di tshwere tshedimosetso ya dikhoute e e leng motheo wa botshelo jotlhe mme di dira gore dilo tse di tshelang di farologane—dipanana di farologane le dinawa, dipitse tsa naga di farologane le ditshoswane mme batho ba farologane le maruarua.
Ga go na ope yo o ka reng tshedimosetso e e mo teng ga DVD e nnile teng fela ka ditiragalo tse di itiragaletseng. A go a utlwala go akantsha gore tshedimosetso e e raraaneng ya DNA e nnile teng ka boyone fela?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]
Sombrero Galaxy: NASA and The Hubble Heritage Team (STScI/AURA)