Kgaolo 14
Botlhokatumelo jwa Motlha wa Segompieno—A Go Tshwanetse ga Nna ga Tsewa Matsapa a go Batla?
“Modimo ga e sa tlhole e le motho yo batho ba itshwenyang ka ene ka metlha. Go mo gakologelwa ga bone go ntse go fokotsegela pele mo botshelong jwa bone kana jaaka ba ntse ba dira ditshwetso . . . Modimo o tseetswe sebaka ke dilo tse dingwe tsa botlhokwa: madi le tiro. O ka nna a bo a kile a tsewa e le yo go ka tlhaloganngwang ditiro tsotlhe tsa batho ka ene, mme gompieno o kgaphetswe kwa thoko mo ditiragalong. . . . Batho ga ba sa tlhole ba na le boikutlo jwa gore Modimo o gone.”—The Sources of Modern Atheism.
1. (Akaretsa ketapele.) (a) Buka The Sources of Modern Atheism e tlhalosa jang go dumela mo Modimong ga batho ba gompieno? (b) Go sa dumeleng ga batho ba motlha wa segompieno go fapaana jang le maemo ao a neng a le gone mo dingwageng di sekae tse di fetileng?
MO DINGWAGENG di sekae tse di fetileng batho ba Bophirima ba ne ba tsaya Modimo tsia mo matshelong otlhe a bone. Gore motho a amogelwe ke batho ba bangwe, o ne a tshwanela go bontsha fa a na le tumelo mo Modimong, lefa e ne e se batho botlhe bao ba neng ba dirisa ka bopeloephepa seo ba neng ba bolela fa ba se dumela. Fa motho a ne a na le dipelaelo dipe le go sa tlhomamisege o ne a sa dire gore ope a itse ka seo. Go di bolela phatlalatsa e ne e tla bo e le selo se se ferosang sebete, gongwe le eleng go dira gore ba bangwe ba go nyatse.
2. (a) Ke ka ntlhayang fa batho ba le bantsi ba ile ba lesa go tsaya matsapa a go batla Modimo? (b) Ke dipotso dife tseo di tshwanetseng go bodiwa?
2 Lefa go ntse jalo, gompieno dilo di fetogile. Batho ba le bantsi ba tsaya gore fa motho a na le tumelo e e nonofileng o a bo a sa tlhalefa sentle, gore o akanyetsa ntlha e le nngwe fela, le eleng gore o feteletsa dilo. Mo mafatsheng a le mantsi, re bona go na le boitlhokomoloso malebana le Modimo le bodumedi, kana le eleng go tlhoka kgatlhego mo go tsone. Batho ba le bantsi ga ba tlhole ba tsaya matsapa a go batla Modimo ka gore ba ka tswa ba sa dumele gore o gone kana ba sa tlhomamisege ka gone. Ebile tota, bangwe ba ile ba dirisa polelwana “morago ga Bokeresete” ba tlhalosa motlha wa rona. Ka jalo he, go tshwanetse ga bodiwa dipotso dingwe tse di reng: Go tlile jang gore go akanya ka Modimo go nne kgakala mo go kana mo botshelong jwa batho? Maatla a a dirileng gore go nne le phetogo eno ke afe? A go na le mabaka a a utlwalang a gore go nne go tsewe matsapa a go batla Modimo?
Poelomorago E E Neng ya Bakiwa ke Diphetogo
3. Phelelo nngwe ya Diphetogo tsa Boporotesetanta e ile ya nna efe?
3 Jaaka re bone mo go Kgaolo 13, Diphetogo tsa Boporotesetanta tsa lekgolo la bo 16 la dingwaga di ne tsa lere phetogo e kgolo mo tseleng eo batho ba neng ba leba bolaodi, bodumedi, kana sepe fela ka yone. Boikgodiso le go bua ka kgololesego di ne tsa tseela go dumalana le taolo le boikobo sebaka. Lemororo batho ka bontsi ba ne ba ganelela thata mo tsamaisong ya bodumedi jwa setso, ba bangwe ba ne ba sekamela thata mo go direng diphetogo, ba tsosa dipelaelo kaga dithuto le dithuto tsa motheo tsa dikereke tse di tlhomameng. Ba bangwe gape, fa ba bona seabe se bodumedi bo nnileng naso mo dintweng, mo dipogong, le mo ditshiamololong go kgabaganya ditiragalo tsa batho, ba ne ba simolola go nna le dipelaelo kaga bodumedi fela thata.
4. (a) Dipego tseo di ileng tsa kwalwa ka nako e le nngwe fela di ile tsa tlhalosa jang bogolo jwa bolatolamodimo mo Ennyelane le Fora mo lekgolong la bo 16 le la bo 17 la dingwaga? (b) Ke mang yo o ileng a nna gone ka baka la maiteko a go thankgola puso ya bomopapa mo nakong ya Diphetogo?
4 Bogologolo fela ka 1572, pego nngwe ya setlhogo se se reng Discourse on the Present State of England e ne ya lemotsha ka go re: “Bogosi jono bo kgaogantswe ka dikarolo di le tharo, Baroma Katoliki, Balatolamodimo, le Baporotesetanta. Ka boraro jwa tsone di ratiwa ka go tshwana: karolo ya ntlha le ya bobedi ka go bo batho ba tsone ba le bantsi, ga re kake ra lora go ba itumolola.” Tsopolo e nngwe e ne ya bolela fa palo ya balatolamodimo mo Paris ka 1623 e ne e ka nna 50 000, lemororo lereo leo le ne le dirisiwa ka go kgala fela. Lefa go le jalo, go phepafetse gore Diphetogo, fa di ne di leka go itlhotlhora puso ya bomopapa, di ne gape tsa baya mo mpaananeng bao ba neng ba gwetlha seemo sa ditumelo tse di tlhomameng. Will le Ariel Durant ba tlhalosa seno jaana mo go The Story of Civilization: Part VII—The Age of Reason Begins: “Baakanyi ba Yuropa—baeteledipele ba megopolo ya batho ba Yuropa—ba ne ba sa tlhole ba bua ka bolaodi jwa bomopapa; ba ne ba ganetsana ka go nna gone ga Modimo.”
Tlhaselo ya Saense le Botlhajana
5. Ke maatla afe ao a ileng a akofisa gore batho ba seka ba dumela mo Modimong?
5 Mo godimo ga go kgaogana ga Labodumedi ka boene, go ne go na le maatla a mangwe ao a neng a koafaletsa seemo sa gagwe pele. Boitseanape, botlhajana, boselefatshe, le dilo tse di bonalang di ne tsa nna le seabe mo go tsoseng dipelaelo le go rotloetsa batho go nna le dipelaelo kaga Modimo le bodumedi.
6. (a) Koketsego ya kitso ya saense e ile ya ama jang bontsi jwa dithuto tsa kereke? (b) Bangwe ba bao ba itsayang fa ba tlhabologile ba ile ba dira eng?
6 Go oketsega ga kitso ya saense go ne ga tsosa dipelaelo mo dithutong tse dintsi tsa kereke tse di neng di thailwe mo diphuthololong tse di phoso tsa dipolelo tsa Bibela. Ka sekai, dikitso tse di neng tsa ribololwa ke baithutadinaledi tsa banna ba ba tshwanang le Copernicus le Galileo di ne tsa gwetlha ka tlhamalalo thuto ya motheo ya kereke kaga lefatshe, gore lefatshe ke bogare jwa lobopo. Mo godimo ga moo, ereka ba ne ba tlhaloganya melao ya tlholego eo e neng e laola go dira ga lobopo lo lo bonalang go ne go sa tlhole go tlhokafala mo nakong eo go dumela gore ditiragalo tse di gakgamatsang, tse di tshwanang le go duma ga maru le logadima kana le eleng go bonala ga dinaledi dingwe le dinaledi tse di nang le megatla, di ne di dirwa ke Modimo kana e le tsa Bomodimo. “Dikgakgamatso” le “go tsenelela ga Modimo” mo mererong ya batho le tsone di ne tsa simolola go belaelwa. Ka tshoganetso, batho ba le bantsi ba ne ba leba Modimo le bodumedi e le dilo tse di sa tlholeng di na le mosola, mme bangwe ba bao ba neng ba itsaya fa e le batho ba ba tlhabologileng ka bofefo fela ba ne ba fularela Modimo mme ba obamela modimo yo go tweng saense.
7. (a) Kwantle ga pelaelo, ke eng seo e neng e le sebetso se segolo mo bodumeding? (b) Dikereke di ile tsa itshwara jang malebana le dithuto tsa ga Darwin?
7 Kwantle ga pelaelo, bomadimabe jo bogolo jo bo neng jwa wela bodumedi e ne ya nna kgopolo ya thutotlhagelelo. Ka 1859 modumelatlholego mongwe wa Moesemane Charles Darwin (1809-82) o ne a kwala The Origin of Species ya gagwe mme a gwetlha ka tlhamalalo thuto ya Bibela ya gore dilo di bopilwe ke Modimo. Dikereke di ne tsa arabela jang? Kwa tshimologong baruti ba Ennyelane le ba bangwe ba ne ba ganana le thuto eo. Mme mo nakong e khutshwane kganetso eo e ne ya tloga ya kokobela. Go ne go lebega ekete dikakanyo tsa ga Darwin e ne e le seipato fela seo se neng se ntse se batlwa ke baruti bao ba neng ba na le dipelaelo mme ba iphitlhile. Ka gone, mo nakong ya botshelo jwa ga Darwin, “baruti ba ba akanyetsang kwa teng ebile e le ba ba itseng go bua ba ne ba fitlha mo tshwetsong ya gore thutotlhagelelo e ne e tsamaisana ka botlalo le kutlwisiso e e sedifaditsweng ya dikwalo,” go bolela jalo The Encyclopedia of Religion. Go na le go femela Bibela, Labodumedi le ne la ineela mo kgatelelong ya dikgopolo tsa saense mme la ya le mogoro. Ka go dira jalo, le ne la dira gore go dumela mo Modimong go tseelwe kwa tlase.—2 Timotheo 4:3, 4.
8. (a) Batshwayadiphoso ba bodumedi ba lekgolo la bo 19 la dingwaga ba ne ba tsosa dipotso kaga eng? (b) Dithuto dingwe tse di tlwaelegileng tseo di neng tsa akantshiwa ke batshwayadiphoso ba bodumedi ke dife? (c) Ke ka ntlhayang fa batho ba le bantsi ba ile ba amogela dithuto tse eseng tsa bodumedi ka bofefo?
8 Jaaka dingwaga tsa lekgolo la bo 19 la dingwaga di ntse di fela, baganetsi ba bodumedi ba ne ba oketsa tlhaselo ya bone ka bopelokgale. Ereka ba ne ba sa kgotsofalela go supa ditlhaelo tsa kereke fela, ba ne ba simolola go belaela one motheo wa bodumedi. Ba ne ba botsa dipotso tse di tshwanang le: Modimo ke eng? Ke ka ntlhayang fa re tlhoka Modimo? Go dumela mo Modimong go amile batho jang? Banna ba ba tshwanang le Ludwig Feuerbach, Karl Marx, Sigmund Freud, le Friedrich Nietzsche ba ne ba ntsha mabaka a bone a botlhajana, a thutotlhaloganyo ya motho, le a thutoloago. Dithuto tse di tshwanang le ‘Modimo ga se sepe fela fa e se se se ikakanyediwang ke motho,’ ‘Bodumedi ke motekwane wa batho,’ le ‘Modimo o sule’ tsotlhe di ne di utlwala di le disha ebile di kgatlhisa fa di bapisiwa le dithuto le dingwao tse di sa kgatlhiseng tse ebileng di sa neye botlhale tsa dikereke. Go ne go lebega gore labofelo batho ba le bantsi ba ne ba bone tsela e e utlwalang sentle ya go bolela dipelaelo tsa bone le dikabakanyo tseo ba neng ba ntse ba di fitlhile mo megopolong ya bone. Ka bofefo fela le ka go iketleetsa ba ne ba amogela dikgopolo tseo jaaka boammaaruri jo bosha jwa efangele.
Go Ineela ka Botlalo
9. (a) Dikereke di ile tsa dira eng fa di ne di tlhasetswe ke saense le botlhajana? (b) Go ineela ga dikereke go ile ga felela ka diphelelo dife?
9 Fa dikereke di ntse di tlhasetswe le go nyadiwa ke boitseanape le botlhajana, di ne tsa dira eng? Go na le go tsaya kgato tumalanong le seo Bibela e se rutang, ba ne ba ineela mo kgatelelong mme ba bo ba latlha le eleng dintlha tsa motheo tsa tumelo tse di tshwanang le gore sengwe le sengwe se bopilwe ke Modimo le gore Bibela e boammaaruri. Phelelo e ne ya nna eng? Dikereke tsa Labodumedi di ne tsa simolola go latlhegelwa ke maatla a go dira gore batho ba nne le tumelo, mme batho ba le bantsi ba ne ba simolola go latlhegelwa ke tumelo. Go retelelwa ga dikereke ke go iphemela go ne ga dira gore batho ba le bantsi ba itsamaele. Mo bathong ba le bantsi, bodumedi e ne ya seka ya nna sepe fela fa e se selo fela se batho ba se tlwaetseng, selo se motho a ka se tsayang tsia fa go na le ditiragalo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe—eleng botsalo, lenyalo, le loso. Batho botlhe ba ne ba batla ba itlhoboga go tlhola ba tsaya matsapa a go batla Modimo wa boammaaruri.
10. Ke dipotso dife tse go potlakileng go di botsa tseo di tshwanetseng go akanyediwa?
10 Ka ntlha ya seno sotlhe, go a utlwala go botsa ka go re: A boitseanape le botlhajana eleruri di nyeleleditse go dumela mo Modimong ruri? A go retelelwa ga dikereke go ne go raya gore le seo ba neng ba bolela fa ba se ruta, eleng Bibela, se ne se reteletswe? Eleruri, a go tshwanetse ga nna ga tsewa matsapa a go batla Modimo? A re tlhatlhobiseng dikgang tseno ka bokhutshwane.
Motheo wa go Dumela mo Modimong
11. (a) Ke dibuka dife tse pedi tseo e saleng e nna motheo wa go dumela mo Modimong? (b) Dibuka tseno di ile tsa ama batho jang?
11 Go ile ga bolelwa gore go na le dibuka di le pedi tseo di bolelang kaga bogone jwa Modimo—eleng “buka” ya popo, kana tlholego eo e re dikologileng, le Bibela. Ke tsone tse eleng motheo wa tumelo eo dimilione tsa batho mo nakong e e fetileng le gompieno ba nang nayo. Ka sekai, kgosi nngwe ya lekgolo la bo 11 la dingwaga B.C.E., fa a ne a kgatlhiwa ke seo a neng a se bona mo magodimong a a tletseng dinaledi, o ne a khutsa jaana a boka: “Magodimo a bolèla kgalalèlō ea Modimo; phuthologō le eōna e shupa tihō ea diatla tsa ōna.” (Pesalema 19:1) Mo lekgolong la bo 20 la dingwaga, mofofelalefaufaung mongwe, fa a ne a bona pono e e kgatlhisang ya lefatshe a le mo sefofelalefaufaung sa gagwe jaaka se ne se ntse se dikologa ngwedi, o ne a tlhotlheletsega go bua mafoko a a reng: “E rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.”—Genesise 1:1.
12. Buka ya popo le Bibela di ile tsa tlhaselwa jang?
12 Lefa go ntse jalo, dibuka tse pedi tseno di tlhasetswe ke bao ba iphakang fa ba sa dumele mo Modimong. Ba bolela gore dipatlisiso tsa boitseanape kaga lefatshe leo le re dikologileng di ile tsa supa gore botshelo bo nnile gone eseng ka go bopiwa ke mongwe mme eleng ka go itiragalela fela le ka tlhagelelo eo e nnileng gone fela e sa rulaganngwa ke ope. Ka jalo, ba tatalala ka gore ga go ise go ko go nne le Mmopi le gore ka baka leo kgang ya gore go na le Modimo ga e utlwale. Mo godimo ga moo, bontsi jwa bone ba dumela gore Bibela e fetilwe ke nako le gore ga e utlwale, ka gone, ga go tlhokafale gore go dumelwe mo go yone. Ka baka leo, mo go bone, ga go sa tlhole go na le motheo wa go dumela mo go reng Modimo o gone. A seno sotlhe se boammaaruri? Dintlha di bontsha eng?
A Bo Itiragaletse Fela Kana Bo Tlhodilwe?
13. Gore botshelo bo itiragalele fela ke eng seo se ka bong se ile sa tshwanelwa ke gore se diragale?
13 Fa e le gore ga go na Mmopi, he botshelo bo tshwanetse jwa bo bo itshimologetse ka tshoganetso fela. Gore botshelo bo nne gone, ka tsela nngwe dikhemikhale tse di tshwanetseng di ne di ka bo di ile tsa tshwanela go kopana mmogo ka selekanyo se se siameng, e le tsa mofuta o o tshwanetseng le bokete le dilo tse dingwe tse di laolang, mme tsotlhe di ka bo di ile tsa tshwanela go bolokiwa di ntse jalo ka nako ya boleele jo bo tshwanetseng. Mo godimo ga moo, gore ditshedi di bo di ile tsa tlholega tsa bo tsa nnela ruri mo lefatsheng, ditiragalo tseno tsa go itiragalela fela ga dilo di ka bo di ile tsa tshwanela gore di boelediwe makgetlo a le diketekete. Mme a go ka kgonega gore tiragalo lefa e le nngwe fela fela ya go nna jalo e diragale tota?
14. (a) Phopholetso ya gore molekhule o le mongwe fela wa poroteine o o sa raraanang o itiragalele fela e ka nna e e sa diragaleng ka selekanyo se se kana kang? (b) Go dirwa ga dipalo go ama jang kgopolo ya gore botshelo bo ne jwa itshimologela fela ka tshoganetso?
14 Borathutotlhagelelo ba dumela gore phopholetso ya gore diatomo tse di tshwanetseng le dimolekhule tse di dirang ka tshwanelo go bopa molekhule o le mongwe fela fela o o sa raraanang wa poroteine ke 1 mo go 10113, kana 1 a salwa morago ke bonnoto ba le 113. Palo eo e feta palo e e fopholediwang ya diatomo tsotlhe tse di mo lobopong! Boradipalo ba bolela gore sepe fela seo se nang le phopholetso e e kafa tlase ga 1 mo go 1050 ga seke se diragala. Mme gore botshelo bo nne gone go tlhokega dimolekhule tse di fetang o le mongwe fela tsa poroteine. Go tlhokega diporoteine di le 2 000 tse di farologaneng go dira gore sele e le nngwe fela fela e tswelele e ntse e tshela, mme phopholetso ya gore tsotlhe di ka itiragalela fela ke 1 mo go 1040 000! “Fa e le gore motho ga a na pono e sele ka baka la ditumelo tsa batho bagabone kana ka baka la thuto ya boitseanape malebana le tumelo ya gore botshelo bo simologile [ka tshoganetso] mo Lefatsheng, dipalo tse di sa raraanang tseno di kgaphela kgopolo eo yotlhe kgakala,” go bolela jalo moithutadinaledi Fred Hoyle.
15. (a) Borasaense ba ile ba bona eng fa ba ntse ba ithuta dipopo tse di bonalang? (b) Moporofesa mongwe wa fisika o ne a reng kaga melao ya tlholego?
15 Mo letlhakoreng le lengwe, ka go ithuta lefatshe le le bonalang leno, go simolola ka dikarolonyana tse dinnye tsa diatomo tse dipotlana go ya go dinaledi tse dikgolo, borasaense ba bone gore ditiragalo tsotlhe tse dikgolo tsa tlholego di lebega di diragala go ya ka melao mengwe ya motheo. Ka mafoko a mangwe, ba lemoga gore go na le tlhaloganyo le thulaganyo mo go sengwe le sengwe seo se diragalang mo lobopong, mme ba kgonne go tlhalosa tlhaloganyo eno le thulaganyo ka mafoko a a sa raraanang a dipalo. “Ke borasaense ba sekae fela bao ba sa kgatlhiweng ke go sa raraanang mo go batlileng go sa tlhaloganyesege le go kgatlhisa ga melao eno,” go kwala jalo moperofesa wa fisika, Paul Davies, mo makasineng wa New Scientist.
16. (a) Dilo dingwe tsa motheo tse di sa kakeng tsa fetoga mo melaong ya tlholego ke dife? (b) Go ne go ka diragala eng fa dilo tsa botlhokwa tsa dilo tse di sa kakeng tsa fetoga tseno di ne di ka fetolwa le eleng go sekae fela? (c) Moporofesa mongwe wa fisika o ile a digela jang kaga lobopo le go nna gone ga rona?
16 Lefa go ntse jalo, ntlha e ebileng e kgatlhisa thata ka melao eno ke gore mo go yone go na le dilo dingwe tseo go tshwanetseng ga tlhomamisiwa ka tsepamo fa di le botlhokwa gore lobopo lo nne kafa re lo itseng ka gone. Gareng ga dilo tseno tsa motheo tse di sekeng di fetoga ke karolonyana ya motlakase mo porotoneng, dikarolonyana dingwe tse dintsi tsa motheo, le maatlakgogedi a lobopo a ga Newton a a sekeng a fetoga, ao go tlwaelegileng gore a tshwaiwe ka tlhaka ya G. Mabapi le seno, Moporofesa Davies o tswelela ka go re: “Le eleng dipharologanyo di sekae fela mo dilong dingwe tsa tsone tsa botlhokwa di ka fetola ponalo ya Lobopo mo gogolo. Ka sekai, Freeman Dyson o ile a bontsha gore fa maatla a a mo bogareng jwa dinutlelone (diporotone le dinutorone) a ne a ka oketsega ka diperesente di sekae fela, haeterojene e ne e tla tlhokafala mo Lobopong. Dinaledi tse di tshwanang le Letsatsi, go sa buiwe sepe ka metsi, di ne di ka nyelela. Botshelo, bobotlana kafa re bo itseng ka gone, bo ne bo ka seke bo nne gone. Brandon Carter o ile a bontsha gore diphetogo tse dipotlana fela mo go G di ne di tla fetolela dinaledi tsotlhe go nna dilo tse dikgolo thata tsa botala jwa legodimo kana ditlhasenyana tse dikhibidu, mme ebile go ne go tla nna le diphelelo tse di tshwanang tse di maswe mo ditsheding.” Ka gone, Davies o konela ka go re: “Ka baka la ntlha eno go tlhaloganyesega sentle gore go tshwanetse ga bo go na le Lobopo le le lengwe fela. Fa e le gore go ntse jalo, ke ntlha e e lemotshegang gore ga go kake ga ganediwa gore botshelo jwa rona jaaka dibopiwa tse di tshelang bo rulagantswe ka tlhaloganyo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
17. (a) Tlhamo le boikaelelo mo lobopong di supa eng ka phepafalo? (b) Seno se tlhomamisiwa jang mo Bibeleng?
17 Ke eng seo re se lemogang mo dilong tseno tsotlhe? Santlha, fa e le gore lobopo lo tsamaisiwa ke melao mengwe, he go tshwanetse ga bo go na le modiramolao yo o botlhale yo o ileng a rulaganya kana a tlhoma melao eno. Mo godimo ga moo, ereka go lebega melao e e laolang go tsamaya ga lobopo e dirilwe go akantswe ka ditshedi le maemo a a siametseng go di boloka, go phepafetse sentle gore go ne go dirwa jalo ka boikaelelo. Tlhamo le boikaelelo—tseno ga se dipopego tse di nnang gone fa dilo di itiragalela fela; ke dipopego tseo di ka bontshiwang fela ke Mmopi yo o botlhale. Mme ke sone se Bibela e se supang fa e bolela gore: “Se Modimo o nañ le go itsiwe ka shōna sea bōnala mo go bōnè; gonne Modimo o se ba bontshitse. Gonne dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ.”—Baroma 1:19, 20; Isaia 45:18; Yeremia 10:12.
Go na le Bosupi jo Bontsi mo Tikologong ya Rona
18. (a) Tlhamo le boikaelelo di ka bonwa mo go eng gape? (b) Ke dikai dife tse di tlwaelesegileng tsa dilo tse di tlhamilweng ka botlhale tseo o ka di nayang?
18 Legale, tlhamo le boikaelelo ga di bonale fela mo go direng ka thulaganyo ga lobopo mme gape di bonala le mo tseleng eo dibopiwa tse di tshelang, tsa botshelo jo bo sa raraanang le jo bo raraaneng, di dirang ditiro tsa tsone tsa letsatsi le letsatsi ka yone, mmogo le tsela eo di tsamaisanang le tse dingwe le tikologo ya tsone ka gone. Ka sekai, mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya mmele wa motho—boboko, leitlho, tsebe, le mabogo—di bontsha thulaganyo e e raraaneng eo baitseanape ba segompieno ba sa kakeng ba kgona go e tlhalosa ka botlalo. Go tswa foo go na le diphologolo le ditlhare. Khuduga ya ngwaga le ngwaga ya dinonyane dingwe di tsamaya diketekete tsa dikilometara di ralala mafatshe le mawatle, go dira dijo ga dijwalo, go gola ga lee le le lengwe fela le le ungwisitsweng go nna setshedinyana se se raraaneng sa disele tse di farologaneng tsa dimilione tseo tsotlhe di dirang ditiro tse di kgethegileng—fa re umaka dikai di sekae fela—tsotlhe ke bosupi jo bo tlhomologileng jwa gore go na le motlhami yo o botlhale.a
19. (a) A tlhaloso ya saense ya kafa dilo dingwe di dirang ka gone e supa gore dilo ga di a tlhamiwa ka botlhale kana gore ga go na motlhami? (b) Ke eng seo re ka se ithutang ka go ithuta dilo tse di mo lefatsheng leo le re dikologileng?
19 Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba tatalalela gore bontsi jwa dilo tseno tse di dirilweng ka botswerere di ile tsa kgona go tlhalosiwa ka baka la kitso e e oketsegileng ya boitseanape. Ke boammaaruri, boitseanape bo ile jwa kgona go tlhalosa, ka selekanyo se se rileng, bontsi jwa dilo tseo pele di neng di sa itsiwe. Mme fa ngwana a lemoga kafa sesupanako se dirang ka gone seo ga se supe gore sesupanako seo se ne sa seka sa tlhamiwa sa ba sa dirwa ke mongwe. Ka mo go tshwanang, go tlhaloganya ga rona ditsela tse di gakgamatsang tseo bontsi jwa dilo tse di bonalang tsa lefatshe di dirang ka tsone ga go supe gore ga di a ka tsa dirwa ke motlhami yo o botlhale. Phapaanong le seo, fa kitso ya rona kaga lefatshe le le re dikologileng e ntse e oketsega, bosupi jwa gore go na le Mmopi yo o botlhale, eleng Modimo, le jone bo a oketsega. Ka gone, fa re sa akanyetse ntlha e le nngwe fela, re ka kgona go dumalana le mopesalema jaaka a ile a bolela ka go re: “Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla: lehatshe le tletse dikhumō tsa gago.”—Pesalema 104:24.
Bibela—A O Ka E Dumela?
20. Ke eng seo se bontshang gore go dumela mo Modimong ga go a lekana go tlhotlheletsa motho go tsaya matsapa a go mmatla?
20 Lefa go ntse jalo, go dumela gore Modimo o gone ga go a lekana go ka tlhotlheletsa motho go tsaya matsapa a go mmatla. Gompieno go na le dimilione tsa batho bao ba sa ganeng go dumela mo Modimong gotlhelele, mme seo ga se a ba tlhotlheletsa go tsaya matsapa a go batla Modimo. Mmatlisisi mongwe wa Moamerika George Gallup, Jr., o lemotsha ka gore “tota ga go na pharologanyo e e kalo gareng ga batsenakereke le batho bao ba sa tseneng kereke malebana le go tsietsa, go tila makgetho, go itlwaetsa go utswa, lebaka le legolo e le ka gonne batho ba le bantsi ba dumela jaaka batho bao ba tshelang nabo.” O oketsa ka gore “batho ba le bantsi ba tlhamile bodumedi jo bo ba siametseng fela ebile e le selo sa go ba itumedisa fela mme e se selo se se gwetlhang. Mongwe o ile a ba a bo bitsa bodumedi jo o itlhophelang jo o ratang mo go jone. Seo ke bothata jo bogolo jwa Bakeresete mo nageng eno [U.S.A.] gompieno: Ga go na tumelo e e tlhomameng.”
21, 22. (a) Ke eng seo se dirang gore Bibela e nne buka e e tlhomologileng? (b) Bosupi jwa motheo jwa gore Bibela e boammaaruri ke bofe? Tlhalosa.
21 “Bothata jo bogolo” joo bo bakiwa thata ke go senang kitso le go tlhoka tumelo mo Bibeleng. Mme go na le motheo ofe wa go dumela mo Bibeleng? Santlha, go tshwanetse ga lemogiwa gore go kgabaganya dingwaga, kwantle ga pelaelo ga go na buka epe e sele eo e ileng ya kgalelwa lefela jalo, ya seka ya dirisiwa sentle, ya ilwa, ya ba ya tlhaselwa go na le Bibela. Lefa go le jalo, e ile ya kgona go falola dilo tseo tsotlhe mme ya felela e le buka e e ranotsweng ka dipuo tse dintsi thata le eo batho ba le bantsi ba nang nayo go ya kafa go itsiweng ka gone. Seo ka bosone se dira gore Bibela e nne buka e e tlhomologileng. Mme go na le bosupi jo bontsi, jo bo tlhatswang pelo, jwa gore Bibela ke buka e e tlhotlheleditsweng ke Modimo eo re tshwanelang go e dumela.—Bona lebokoso, ditsebe 340-1.
22 Lemororo mo e ka nnang batho botlhe ba ile ba tsaya gore Bibela ga se buka ya saense, gore ke buka e e ikganetsang, e e siilweng ke nako, mabaka a bontsha ka tsela e e farologaneng. Go kwalwa ga yone ka tsela ya mofuta wa yone fela, bonnete jwa ditiragalo tsa yone le boitseanape, le boperofeti jo bo opang kgomo lonaka tsotlhe di gogela phetsong e e sa kakeng ya ganediwa ya gore: Bibela ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō.”—2 Timotheo 3:16.
Go Lwantshana le Kgwetlho ya go sa Dumele
23. Re ka swetsa jang malebana le Bibela fa re leba mabaka?
23 Ereka re sekasekile bosupi jwa buka ya tlholego le jwa Bibela, re ka fetsa ka go reng? Re ka fetsa fela ka gore, dibuka tseno di botlhokwa gompieno fela jaaka di ile tsa nna ka gale. Fa re ikemiseditse go leba kgang ka tekatekano go na le go faposiwa ke dikgopolo tse re ntseng re na natso, re fitlhela gore dikgoreletsi dipe fela tse di leng gone di ka kgona go fenngwa ka tsela e e tlhaloganyesegang. Dikarabo tsone di gone, fa fela e le gore re ikemiseditse go tsaya matsapa a go di batla. Jesu o ne a re, “Lōpañ, me lo tla nèwa.”—Mathaio 7:7; Ditihō 17:11.
24. (a) Ke ka ntlhayang fa batho ba le bantsi ba tlogetse go tlhola ba tsaya matsapa a go batla Modimo? (b) Ke eng seo re ka ikgomotsang ka sone? (c) Ke eng seo se tla sekasekiwang mo dikgaolong tse di setseng tsa buka eno?
24 Fa go sobokanngwa kgang eno, bontsi jwa batho bao ba lesitseng go tlhola ba tsaya matsapa a go batla Modimo ba ile ba dira jalo e se ka go bo ba ile ba itlhatlhobela bosupi ka kelotlhoko mme ba fitlhela Bibela e se boammaaruri. Go na le moo, bontsi jwa bone ba ile ba kgobiwa marapo ke go retelelwa ga Labodumedi ke go tlotla Modimo wa boammaaruri wa Bibela. Jaaka mokwadi mongwe wa Mofora P. Valadier a ne a tlhalosa: “Ngwao ya Bokeresete ke yone e ileng ya tlhagisa loungo lwa bolatolamodimo; e ile ya nyeletsa Modimo mo digakoloding tsa batho ka gonne e dirile gore ba dumele mo Modimong oo go sa kakeng ga dumelwa mo go one.” Mme lefa go ka tswa go ntse jalo, re ka gomodiwa ke mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a reng: “Gonne, e bo e le eñ, leha bañwe ba ne ba sena tumèlō? a go tlhōka tumèlō ga bōnè go tla nyeletsa boikañō yoa Modimo? A go se tualo: E, bogolo a Modimo o hitlhèlwè o le boamarure, me motho moñwe le moñwe a le moaki.” (Baroma 3:3, 4) Ee, go na le mabaka a le mantsi a gore re tswelele re tsaya matsapa a go batla Modimo wa boammaaruri. Mo dikgaolong tse di setseng tsa buka eno, re tla bona kafa matsapa ao a go batla a digelwang ka gone le seo isagwe e se tsholetseng setho.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso ka botlalo ya bosupi jwa gore go na le Modimo, bona buka Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1985, ditsebe 142-78.
[Lebokoso mo go tsebe 340, 341]
Bosupi Jwa Gore Bibela E Boammaaruri
E Kwadilwe ka Tsela ya Mofuta wa Yone Fela: Go simolola ka buka ya yone ya ntlha, ebong Genesise, go ya kwa go ya bofelo, ebong Tshenolō, Bibela e na le dibuka tse 66 tseo di kwadilweng ke bakwadi ba le 40 bao ba neng ba tshela matshelo a a farologaneng fela thata, ba thutego e e farologaneng, ebile ba na le ditiro tseo ba di rutetsweng tse di farologaneng fela thata. Ba ile ba e kwala mo lobakeng lwa makgolo a a 16 a dingwaga, go simolola ka 1513 B.C.E. go ya go 98 C.E. Lefa go le jalo, kwa bokhutlong ba ne ba kwadile buka e e dumalanang le e e nyalanang, e e tlhalosang ka mo go utlwalang setlhogo se se tlhomologileng—eleng go tlotlomadiwa ga Modimo le boikaelelo jwa gagwe ka Bogosi jwa ga Mesia.—Bona lebokoso, tsebe 241.
E Bolela Ditiragalo tsa Mmannete: Ditiragalo tseo di kwadilweng mo Bibeleng di dumalana ka botlalo le dintlha tse di tlhomamisitsweng tsa hisitori. Buka A Lawyer Examines the Bible e akgela jaana: “Lemororo baboledi ba dipolelo tse di ikgopoletsweng, dikinane, le bosupi jwa maaka ka metlha yotlhe di bolela gore ditiragalo tseo go buiwang ka tsone di diragetse kwa lefelong lengwe le le kgakala le mo nakong nngwe ya bogologolo, . . . baanedi ba Bibela bone ba re bolelela letlha le lefelo tsa dilo tseo go bolelwang ka tsone ka go opa kgomo lonaka.” (Esekiele 1:1-3) Mme The New Bible Dictionary e tlhalosa jaana: “[Mokwadi wa Ditihō] o anela polelo ya gagwe ka mokgwa wa ditiragalo tsa nako eo; mo mokwalong wa gagwe o umaka kgapetsakgapetsa boagente ba metse, babusi ba dikgaolo, babusi ba batho, le batho ba ba tshwanang, mme dilo tse a di umakang tseno di supa gangwe le gape fa e le tsone tse di diragetseng mo lefelong le nako tseo go buiwang ka yone.”—Ditihō 4:5, 6; 18:12; 23:26.
Saense ya Yone ke ya Bonnete: Baiseraele ba ne ba newa melao ya go itshekologa le ya bophepa jwa mmele mo bukeng ya Lefitiko fa merafe eo ba neng ba bapile nayo e ne e sa itse sepe ka ditiro tsa go nna jalo. Modikologo wa go na ga pula le mouwane o o tswang mo mawatleng, eleng dilo tseo di neng di sa itsiwe mo metlheng ya bogologolo, o tlhalosiwa mo go Moreri kgaolo 1:7. Gore lefatshe le kgolokwe le gore le mo lefaufaung fela, eleng selo seo se neng sa seka sa tlhomamisiwa ke borasaense go fitlhela ka lekgolo la bo 16 la dingwaga, go tlhalosiwa mo go Isaia 40:22 le Yobe 26:7. Mo dingwageng tse di fetang 2 200 tse di fetileng pele ga William Harvey a phasalatsa boitseanape jwa gagwe kaga tsela e madi a elelang ka yone mo mmeleng, Diane 4:23 e ne ya supa kafa pelo ya motho e berekang ka gone. Ka gone, lemororo Bibela e se bukathuto ya saense, fa e umakang ka dikgang tse di amanang le saense gone, e bontsha gore dilo tseno di ne di ntse di tlhaloganngwa bogologolo pele ga e kwalwa.
Boperofeti jwa Yone bo Opa Kgomo Lonaka: Go senngwa ga motse wa bogologolo wa Ture, go wa ga Babelona, go agiwa sesha ga Jerusalema, le go busa le go wa ga dikgosi tsa Medo-Persia le Gerika di ne tsa bolelelwapele ka tsepamo mo batshwayadiphoso ka go tlhoka se ba ka se buang ba neng ba bolela gore di ne tsa kwalwa morago ga di sena go diragala. (Isaia 13:17-19; 44:27–45:1; Esekiele 26:3-7; Daniele 8:1-7, 20-22) Boperofeti kaga Jesu jo bo neng jwa bolelwa makgolokgolo a dingwaga pele ga go tsholwa ga gagwe bo ne jwa diragala ka botlalo. (Bona lebokoso, tsebe 245.) Boperofeti jwa ga Jesu ka namana kaga go senngwa ga Jerusalema bo ne jwa diragala ka go opa kgomo lonaka. (Luke 19:41-44; 21:20, 21) Boperofeti jwa metlha ya bofelo jo bo neng jwa newa ke Jesu le moaposetoloi Paulo le jone bo diragala mo motlheng wa rona. (Mathaio 24; Mareko 13; Luke 21; 2 Timotheo 3:1-5) Lefa go le jalo, Bibela e bolela fa boperofeti jono jotlhe bo tswa Motsweding o le mongwe fela, ebong Jehofa Modimo.—2 Petere 1:20, 21.
[Ditshwantsho mo go tsebe 333]
Darwin, Marx, Freud, Nietzsche, le ba bangwe ba ne ba simolola dithuto tseo di neng tsa dira gore batho ba nyatse go dumela mo Modimong
[Ditshwantsho mo go tsebe 335]
“Buka” ya tlholego le Bibela di naya motheo wa go dumela mo Modimong
[Ditshwantsho mo go tsebe 338]
Botshelo le lobopo di ka bo di seyo fa dilo dingwe tseo di tlhamilweng ka tsone di ka bo di dule mo maemong a tsone tota le ka selekanyo se sebotlana fela
[Kerafa/Setshwantsho mo go tsebe 337]
Fa kitso ya rona ka dilo tse di mo lefatsheng le le re dikologileng e ntse e oketsega, bosupi jwa gore go na le Mmopi yo o botlhale le jone bo nna bo oketsega
[Setshwantsho]
(For fully formatted text, see publication)
DITENG TSA ATOMO YA HYDROGEN
Kgapetla ya Eleketerone
Porotone + Nutlelase
ELEKETERONE