Basha Ba Botsa Jaana
Nka Bua Jang le Batsadi ba Me?
“Ke lekile thata go bolelela batsadi ba me kafa ke ikutlwang ka teng mme ga go a ka ga utlwala sentle—ba ne ba bo ba nkgaosetsa. Go ntsere bopelokgale jo bogolo gore ke leke go ba bolelela kafa ke ikutlwang ka teng mme ke ne ka palelwa gotlhelele!”—Rosa.a
FA O ne o le mmotlana, gongwe batsadi ba gago e ne e le bone ba ntlha ba o neng o ya kwa go bone go kopa kgakololo. O ne o ba bolelela dikgang dingwe le dingwe, tse dikgolo le tse dinnye. O ne o gololesegile go tlhalosa dikakanyo tsa gago le maikutlo a gago mme o ne o tshepa dikgakololo tsa bone.
Le fa go ntse jalo, gone jaanong o ka nna wa ikutlwa e kete batsadi ba gago ga ba tlhole ba go tlhaloganya. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Edie a re: “Maitseboa mangwe ka nako ya dijo ke ne ka simolola go lela mme ka ba bulela mafatlha a me. Batsadi ba me ba ne ba reetsa mme go ne go lebega ba sa tlhaloganye.” Go ne ga felela ka eng? “Ke ne ka ya kwa phaposing ya me mme ka lela le go feta!”
Kafa letlhakoreng le lengwe, ka dinako dingwe o ka nna wa tlhopha gore o se ka wa bulela batsadi ba gago mafatlha. Mosimane mongwe yo o bidiwang Christopher a re: “Ke bua le batsadi ba me ka dilo tse dintsi. Mme ka dinako dingwe ke rata kgang ya gore ga ba itse sengwe le sengwe se ke se akanyang.”
A go phoso go sa ba bolelele dingwe tsa dikakanyo tsa gago? E seng jalo tota—fa fela o sa ba tsietse. (Diane 3:32) Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore a batsadi ba gago ba lebega ba sa go tlhaloganye kgotsa wena ga o bue, boammaaruri bo bongwe fela: O tlhoka go bua le batsadi ba gago—mme ba tlhoka gore o bue le bone.
Nna o Ntse o Bua!
Ka tsela nngwe, go buisana le batsadi ba gago go tshwana le go kgweetsa koloi. Fa o kopana le maparego mo tseleng, ga o ineele; o tsaya fela tsela e nngwe. Akanyetsa dikai dingwe.
Leparego #1: O tlhoka go bua mme batsadi ba gago ba lebega ba sa go reetsa. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Leah a re: “Ke fitlhela go le thata go buisana le rre. Ka dinako tse dingwe ke bua le ene ka nakwana fela mme o tla bo a re, ‘intshwarele, a o ne o bua le nna?’”
POTSO: Go tweng fa e le gore tota Leah o tlhoka go tlotla ka bothata bongwe? O na le bobotlana ditlhopho di le tharo.
Tlhopho A Tlhopho B Tlhopho C
O goa rraagwe. O tlogela go bua O emela nako e nngwe
Leah a ka nna a goa le rraagwe. Leah e e botoka gore
jaana: “Ao tlhe, seno a ka nna a bue ka kgang
se botlhokwa! Reetsa!” a tlogela go eno gape. Leah a
leka go ka nna a bua
bolelela batsadi ba le rraagwe
gagwe mathata a ba lebane difatlhego
gagwe. kgotsa a ka nna
a mo kwalela lekwalo
a mmolelela ka
bothata jwa gagwe.
Wena o akanya gore Leah o tshwanetse go tlhopha eng? ․․․․․
Mma re sekaseke tlhopho nngwe le nngwe gore re bone gore e ka felela ka eng. Rraagwe Leah o iteegile tsebe—ka jalo ga a lemoge gore Leah o betilwe ke pelo jang. Ka jalo, fa Leah a ka tlhopha Tlhopho A, rraagwe a ka tswa a sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa a goa. Gongwe tsela eno e ka se dire gore rraagwe Leah a reetse se a se buang, e bile e tla bo e sa bontshe gore o tlotla batsadi ba gagwe. (Baefeso 6:2) Ka jalo he, boammaaruri ke gore tsela eno e ka se solegele ope molemo.
Le fa Tlhopho B e ka lebega e le e e motlhofo go e tsaya ga e botlhale. Ka ntlha yang? Ka gonne “go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng, mme go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.” (Diane 15:22) Go rarabolola mathata a gagwe ka katlego, Leah o tshwanetse go bua le batsadi ba gagwe—mme e le gore ba tle ba mo thuse, ba tshwanetse go itse gore go direga eng mo botshelong jwa gagwe. Mme gape go sa bue le bone go ka se fitlhelele sepe.
Le fa go ntse jalo, ka Tlhopho C, Leah ga a letle gore leparego le thibele tsela ya gagwe go tswelela. Go na le moo, o leka go tlotla ka kgang eno ka nako e nngwe. Mme fa Leah a tlhopha go kwalela rraagwe lekwalo, a ka nna a ikutlwa botoka ka bonako. Go kwala lekwalo go ka mo thusa gape gore a beye mafoko a gagwe sentle gore a bue se a batlang go se bua fa rraagwe a reeditse. Fa rraagwe Leah a bala lekwalo leo, o tla itse gore o ne a leka go mo raya a reng mme seo se tla mo thusa gore a tlhaloganye bothata jwa gagwe botoka. Ka jalo, Tlhopho C e solegela Leah le rraagwe molemo.
Ke ditlhopho dife gape tse Leah a ka tlhophang mo go tsone? Bona gore a o ka kgona go akanya ka e le nngwe mme o bo o e kwala kafa tlase fano. Morago ga foo, kwala gore e tla felela ka eng.
․․․․․
Leparego #2: Batsadi ba gago ba batla go bua mme wena o bona go le botoka gore o se ka wa bua. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Sarah a re: “Ga go na sepe se se botlhoko go feta go bodiwa dipotso tse dintsi morago ga letsatsi le le boima kwa sekolong. Ke batla fela go lebala ka sekolo mme ka yone nako eo batsadi ba me ba simolola go mpotsa jaana: ‘Letsatsi la gago le ne le ntse jang? A go ne go na le mathata?’” Ga go na pelaelo gore batsadi ba ga Sara ba botsa dipotso tse di ntseng jalo ka go bo ba amega ka ene. Le fa go ntse jalo, o bolela jaana ka khutsafalo: “Go thata go bua ka sekolo fa ke lapile e bile ke ngomogile pelo.”
POTSO: Sarah a ka dira eng mo boemong jono? Fela jaaka mo sekaing se se fetileng, bobotlana o na le ditlhopho di le tharo.
Tlhopho A Tlhopho B Tlhopho C
O gana go bua. O tswelela a bua. O tlogela go bua
A ka nna a Le fa Sarah a ka sekolo mme o
re: “Ntlogeleng. ngomogile pelo, tsweletsa motlotlo
Ga ke batle go a ka nna a pele ka go bua
bua gone jaanong!” tswelela go araba ka kgang e sele.
dipotso tsa batsadi Sarah a ka nna a
ba gagwe le fa a akantsha gore ba
sa rate tla tlotla ka sekolo
ka nako e nngwe
fa a itse gore o
tla bo a le mo
seemong se se
siameng. Morago
ga foo, a ka nna
a bolela jaana a
bontsha kgatlhego
ya mmatota: “Ntlotleleng
gore letsatsi la lona
le ne le ntse jang.
Dilo di lo tsamaetse jang?”
Wena o akanya gore Sarah o tshwanetse go tlhopha eng? ․․․․․
A re sekaseke gape tlhopho nngwe le nngwe gore re bone gore e tla felela ka eng.
Pele ga Sarah a tlhopha Tlhopho A, o ikutlwa a ngomogile pelo mme ga a batle go bua. Morago ga go dira tlhopho eno o sa ntse a tla ikutlwa a ngomogile pelo mme gape a ka nna a ikutlwa molato go bo a ile a galefela batsadi ba gagwe.—Diane 29:11.
Mme e bile, batsadi ba ga Sarah ba ka se itumelele tsela e a ba galefetseng ka yone—kgotsa go bo a sa tlhole a bua le bone. Ba ka nna ba belaela gore Sarah o ba fitlhela sengwe. Ba ka nna ba leka le e leng thata go dira gore a bue mme seo se tla mmetisa pelo le go feta. Kwa bofelong, tlhopho eno e ka se ka ya solegela ope molemo.
Tlhopho B tota e botoka go na le Tlhopho A. Tota e bile, bobotlana Sarah le batsadi ba gagwe ba tla bo ba buisana. Mme e re ka motlotlo o tla bo o sa tswe mo pelong, Sarah le batsadi ba gagwe ba ka se bone se ba neng ba se batla—puisano e e iketlileng le e e gololesegileng.
Le fa go ntse jalo ka Tlhopho C, Sarah o tla ikutlwa a le botoka ka gonne ba tla bua ka dikgang tsa sekolo mo nakong e e tlang. Batsadi ba gagwe ba tla anaanela maiteko a gagwe a go tlotla le bone mme le bone ba tla itumela. Go ka direga gore tlhopho eno ke yone e e tla atlegang go na le tse dingwe tsotlhe ka gonne matlhakore oomabedi a dirisa molaomotheo o o fitlhelwang mo go Bafilipi 2:4 o o reng: “A mongwe le mongwe a se lebe tsa gagwe fela mme a a lebe le tsa ba bangwe.”—Tswana Central.
O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
◼ Go dira dilo ka nako e e tshwanetseng go mosola go le kana kang mo kgannyeng ya motlotlo o o molemo?—Diane 25:11.
◼ Ke ka ntlha yang fa go bua le batsadi ba gago e se matsapa a lefela?—Jobe 12:12.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]
TSELA E NNGWE
A Ba Utlwa Se Se Farologaneng? A o na le mathata a go buisana le batsadi ba gago? Gongwe se o se buang ga se se ba se utlwang.
Fa o re . . .
“Ga ke batle go bua ka gone.”
Batsadi ba gago ba utlwa . . .
“Ke tla itumelela go tlotlela ditsala tsa me kafa ke ikutlwang ka teng le dikakanyo tsa me mme lona ga lo botlhokwa mo nka tlotlang le lona.”
Fa o re . . .
“Lo ka se tlhaloganye.”
Batsadi ba gago ba utlwa . . .
“Lo tsofetse e bile lo siilwe ke nako. Lo se ka lwa ba lwa akanya ka go leka go tlhaloganya tsela e ke dirang dilo ka yone.”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]
SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG
“Ke ne ka bolelela batsadi ba me ka bothata jo ke neng ke na le jone kwa sekolong mme ke ne ka gakgamalela kafa ba neng ba reetsa ka tlhoafalo ka teng. Ba ne ba nthusa gore ke bo rarabolole motlhofo!”—Natalie.
“Go buisana le batsadi ba gago ga se ka metlha go leng motlhofo mme fa o ba bulela mafatlha o bo o bua le bone o utlwa e kete go tlositswe morwalo o o bokete mo tlhaloganyong ya gago.”—Devenye.
[Lebokoso mo go tsebe 21]
MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING
Jaaka motsadi yo o amegang, gongwe o ipotsa gore a bana ba gago ba thatafalelwa ke go bua le wena. Akanya ka se basha bangwe ba neng ba se bolelela Tsogang! ka gore ke ka ntlha yang fa ba sa bue le batsadi ba bone. Morago ga foo o ipotse dipotso tse di fa tlase fano mme o bo o bala makwalo a a umakilweng.
“Ke fitlhela go le thata go bua le Papa ka gonne o na le dilo tse dintsi tse a tshwaregileng ka tsone, tsa kwa tirong le tsa mo phuthegong. Ga go ke go nna le nako e e tshwanetseng ya go bua le ene.”—Andrew.
‘A ka go sa lemoge ke dirile gore go bonale e kete ga ke na nako ya go bua le bana ba me ba dingwaga tsa bolesome? Fa go ntse jalo, nka dira jang gore ke kgone go atamelesega botoka? Nka beela kwa thoko nako efe ka metlha gore ke bue le bana ba me?’—Duteronome 6:7.
“Ke ne ka ya kwa go mmè ke lela ka ntlha ya dingangisano tse ke nnileng le tsone kwa sekolong. Ke ne ke batla gore a nkgomotse mme mo boemong jwa seo o ne a nkgalemela. Fa e sa le ka nako eo, ga ke ise ke bue le ene ka sepe se se botlhokwa.”—Kenji.
‘Ke tsiboga jang fa bana ba me ba tla kwa go nna ka bothata bongwe? Tota le fa ke tlhoka go ba gakolola, a nka ithuta gore ke ba reetse ka go ba bontsha kutlwelobotlhoko pele ga ke ba gakolola?’—Jakobe 1:19.
“Go lebega e kete nako nngwe le nngwe fa batsadi ba re re bue e bile ba re ba ka se galefe, ba sa ntse ba galefa. Mme seo se dira gore basha ba ikutlwe ba tsieditswe.”—Rachel.
‘Fa ngwanake a mpolelela sengwe se se sa itumediseng nka laola jang tsela e ke tsibogang ka yone?’—Diane 10:19.
“Ka makgetlho a le mantsi fa ke leka go bulela Mama mafatlha ke mmolelela dikgang tsa me tsa sephiri, o di bolelela ditsala tsa gagwe. Ga ke bolo go sa tlhole ke mo tshepa.”—Chantelle.
‘A ke bontsha go akanyetsa maikutlo a ngwanake ka go sa bue ka dikgang tsa gagwe tsa sephiri tse a mpoleletseng tsone?’—Diane 25:9.
“Go na le dilo tse dintsi tse ke batlang go di bolelela batsadi ba me. Ke tlhoka fela gore ba nthuse go simolola motlotlo.”—Courtney.
‘A nka simolola motlotlo le ngwana wa me wa dingwaga tsa bolesome? Ke dinako dife tse di siametseng gore re ka bua?’—Moreri 3:7.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Leparego la puisano ga le a tshwanela go go thibela go tswelela—o ka nna wa bona tsela e nngwe ya go bua le batsadi ba gago!