LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ypq potso 3 ts. 9-11
  • Nka Buisana Jang le Batsadi ba Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Buisana Jang le Batsadi ba Me?
  • Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nka Bua Jang le Batsadi ba Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Nka Bua Jang le Batsadi ba Me?
    Tsogang!—2009
  • Go Eletsa go Ratiwa
    Tsogang!—2006
  • Motho le Monnawe ba ba Nang le Matshwenyego ba ‘Agile Ntlo ya Iseraele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse 10 Tse Basha ba di Botsang
ypq potso 3 ts. 9-11
Lekawana le leba go sele fa rraalone a ntse a bua le lone

POTSO 3

Nka Buisana Jang le Batsadi ba Me?

BOTLHOKWA JWA SENO

Fa o kgona go dirisana sentle le batsadi ba gago, dilo di tla go tsamaela sentle mo botshelong.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: Ke Laboraro bosigo. Geoff wa dingwaga di le 17 o feditse ditiro tsa gagwe tsa mo gae mme jaanong o setse a batla go itapolosa! O tshuba thelebishene a bo a itatlhela mo setulong se a se ratang thata.

Ka yone nako eo, Rraagwe o tlhagelela fa kgorong mme ga a itumelele se a se bonang.

“Geoffrey! Goreng o senya nako ka thelebishene mme o tshwanetse o ka bo o thusa monnao ka tiro ya sekolo? Ga o ke o dira se gotweng o se dire!”

Geoff o ngunanguna jaana mme gone a kgona go utlwala: “O a bo a simolotse.”

Rraagwe o obegela kwa pele. “Kante wa reng mosimane ke wena?”

Geoff o bua jaana a fegelwa a ntse a dikolosa matlho: “Ga ke re sepe Papa.”

Rraagwe o a galefa. O mmolelela jaana a menne phatla: “O se ka wa bua le nna jalo!”

Fa o ne o le Geoff, o ne o ka thibela jang komano eno?

EMA MME O AKANYE!

Go buisana le batsadi ba gago go tshwana le go kgweetsa koloi. Fa o kopana le sekgoreletsi mo tseleng, o ka kgona go batla tsela e nngwe.

KA SEKAI:

Mosetsana mongwe yo o bidiwang Leah a re: “Ke bona go le thata go buisana le papa. Ka dinako dingwe fa ke bua le ene o nthaya a re, ‘intshwarele, a o ne o bua le nna?’”

KGATO E LEAH A KA E TSAYANG.

  1. Go goa rraagwe.

    Leah o goa jaana, “Papa tlhe, kgang eno e botlhokwa! Reetsa!”

  2. Go tlogela go bua le rraagwe.

    Leah o tlogela gotlhelele go bolelela rraagwe bothata jwa gagwe.

  3. O letela nako e e siameng a bo a bua ka kgang eo gape.

    Leah o bua le rraagwe moragonyana ka tlhamalalo kgotsa ka lekwalo a tlhalosa bothata jwa gagwe.

Wena o ne o ka akantsha Leah gore a tseye kgato efe?

ELA TLHOKO: Rraagwe Leah o iteegile tsebe—ga a lemoge gore morwadie o tshwenyegile. Ka jalo, fa Leah a ka tlhopha Kgato A, rraagwe a ka nna a se tlhaloganye gore ke eng fa a mo goa. Kgato eno e ka nna ya dira gore rraagwe a se ka a mo reetsa e bile e ka bontsha gore Leah ga a tlotle rraagwe. (Baefeso 6:2) Eleruri kgato eno e ka se solegele ope molemo.

Koloi e kopana le sekgoreletsi mo tseleng

Fela jaaka o ka se letle sekgoreletsi se kgaosetsa loeto lwa gago, o ka bona tsela ya go dirisana sentle le batsadi ba gago

Le fa gone Kgato B e ka nna tsela e e motlhofo ya go dira dilo, tota ga se kgato e e botlhale. Goreng? Ka gonne fa Leah a batla mathata a gagwe a rarabologa, o tlhoka go bua le rraagwe—mme gore rraagwe a kgone go mo thusa, o tlhoka go itse mathata a gagwe. Go didimala go ka se fitlhelele sepe sa dilo tseno.

Mme gone, fa Leah a tlhopha Kgato C, ga a letle sekgoreletsi se mo thibela go bua le rraagwe. Go na le moo, o leka go tlhalosa kgang ya gagwe ka nako e nngwe. Mme fa a tlhopha go kwalela rraagwe lekwalo, a ka nna a ikutlwa botoka ka yone nako eo.

Gape go kwala lekwalo go ka thusa Leah go tlhalosa sentle se a batlang go se bua. Fa rraagwe a le bala, o tla tlhaloganya gore Leah o ne a batla go mmolelela eng mme seno se ka mo thusa go tlhaloganya bothata jwa gagwe botoka. Ka jalo, Kgato C e ba solegela molemo botlhe. Le fa gone ba ka tswa ba buisana ka tlhamalalo kgotsa ka lekwalo, kgato eno e latela kgakololo ya Baebele ya go ‘latelela dilo tse di isang kagisong.’—Baroma 14:19.

Ke dikgato dife tse dingwe tse Leah a ka di tsayang?

Leka go bona gore a o ka kgona go akanya ka nngwe ya tsone o bo o e kwala fa tlase. Go tswa foo kwala gore kgato eo e ka nna ya felela jang.

KGAKOLOLO E E BOTLHALE YA BAEBELE

“Tlotla rrago le mmago.” —Baefeso 6:2.

“A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle.”—Bakolosa 4:6.

“Nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.”—Jakobe 1:19.

TILA GO TLHAKANYA BATSADI BA GAGO TLHOGO

Gakologelwa gore se o se buileng le se batsadi ba gago ba akanyang gore o ne o se bua ga se ka metlha di tshwanang.

KA SEKAI:

Batsadi ba gago ba go botsa gore ke eng fa e kete ga o a itumela. O ba raya o re: “Ga ke batle go bua ka kgang ya teng.”

Mme batsadi ba gago ba akanya gore wa re: “Ga ke lo tshepe, ka jalo nka se lo bolelele mathata a me. Ke tla a bolelela ditsala tsa me.”

Akanya o le mo mathateng a magolo mme motsadi wa gago a batla go go thusa. Mme o mo raya o re: “O se ka wa tshwenyega. Ke tla bona gore ke tswa jang.”

  • Batsadi ba gago ba akanya gore wa re:

  • Gongwe go ka nna botoka fa o ka araba jaana:

MAIKAELELO A ME

  • Mo nakong e e tlang fa ke ikutlwa ke sa batle go bua le batsadi ba me, ke tla . . .

  • Fa batsadi ba me ba mpateletsa go bua ka sengwe se ke sa batleng go bua ka sone, ke tla . . .

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela