LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/10 ts. 14-31
  • Motlotlo wa Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlotlo wa Lelapa
  • Tsogang!—2010
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A e Ne e Le Tshwetso e e Siameng?
  • O ITSE ENG KA KGOSI SAULO?
  • BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO
  • TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 31
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2008
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2010
g 1/10 ts. 14-31

Motlotlo wa Lelapa

A e Ne e Le Tshwetso e e Siameng?

Bala Genesise 39:1-23. Jaanong leba setshwantsho mme o bo o kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase.

1. Mosadi yo o mo tiragalong eno ke mang?

․․․․․

2. Monna ke mang?

․․․․․

3. Monna o dirile tshwetso efe?

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke ka ntlha yang fa monna yono a ne a dira tshwetso eo? A o ne a boga ka ntlha ya yone? A o akanya gore o dirile tshwetso e e siameng mme fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa o rialo? Ke leng o ka bogang ka ntlha ya go dira tshwetso ya go dira se se siameng?

O ITSE ENG KA KGOSI SAULO?

4. Saulo o ne a na le ditebego dife tse di tlhomologileng?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Samuele 9:1, 2.

․․․․․

5. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a gana Saulo?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Samuele 13:13, 14.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke eng se se leng botlhokwa mo Modimong go feta ditebego tsa motho?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Samuele 16:6, 7.

Go itse boammaaruri joo go ka go thusa jang gore o lebe ditebego tsa gago ka tekatekano?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Timotheo 4:8.

BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 4 Baebele e rotloeletsa eng malebana le tiro? Moreri 3:․․․

TSEBE 7 Re tshwanetse go berekela eng? Johane 6:․․․

TSEBE 10 Modimo o beile letsatsi la go dira eng? Ditiro 17:․․․

TSEBE 28 Fa batho ba nyalana ba nna eng? Genesise 2:․․․

● Dikarabo di mo tsebeng ya 14

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 31

1. Mosadi wa ga Potifaro.

2. Josefa.

3. Gore a se ka a robala le mosadi wa ga Potifaro.

4. Saulo o ne a le moleele a le montle.

5. Saulo ga a ka a ikobela Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela