Baebele ya Reng
Letsatsi la Katlholo ke Eng?
Baebele ya re Modimo “o tlhomile letsatsi le ka lone a ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni.” (Ditiro 17:31) Batho ba le bantsi ga ba rate kgopolo ya gore ba tla atlholwa ka tsela le fa e le efe. A le wena o ikutlwa jalo?
FA E le gore go ntse jalo, o ka gomodiwa ke go itse gore Letsatsi la Katlholo ke thulaganyo e e lorato e e tla tlisetsang batho masego a magolo—go akaretsa le ba ba suleng. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Ke ka ntlha yang fa Letsatsi la Katlholo le tlhokega? Go tla direga eng tota ka “letsatsi” leo?
Letsatsi la Katlholo—Ke ka Ntlha Yang fa le Tlhokega?
Fa Modimo a ne a baya batho mo lefatsheng, o ne a sa ikaelela gore e nne lefelo le mo go lone ba tla lekwang fela gore a ba tla tshwanelegela botshelo mo nakong e e tlang mo lefelong le lengwe. O ne a bopa batho gore ba tshelele ruri mo lefatsheng. Le fa gone banyalani ba ntlha ba ne ba itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyong, ba ne ba tsuologela Modimo. Mme ka ntlha ya seo, ba ne ba latlhegelwa ke tsholofelo ya go tshelela ruri mme ba tlisetsa bana ba bone botlhe boleo le loso.—Genesise 2:15-17; Baroma 5:12.
Letsatsi la Katlholo e tla nna nako ya dingwaga di le sekete tse mo go tsone batho ba tla nnang le tshono ya go boa ba bona gape se Adame le Efa ba se latlhileng.a Ela tlhoko gore Ditiro 17:31 e e nopotsweng fa godimo, ya re Letsatsi la Katlholo le tla ama batho ba ba tshelang mo “lefatshe[ng] le le nang le banni.” Batho ba ba tla atlholwang ka tsela e e molemo ba tla tshela mo lefatsheng mme ba tla itumelela botshelo mo maemong a a itekanetseng. (Tshenolo 21:3, 4) Ka jalo, Letsatsi la Katlholo le thusa go diragatsa maikaelelo a Modimo a neng a na le one ka batho le lefatshe go tswa kwa tshimologong.
Moatlhodi yo Modimo a mo tlhophileng ke Keresete Jesu. Baebele ya re Jesu o tla “atlhola batshedi le baswi.” (2 Timotheo 4:1) “Batshedi” ba ba tla atlholwang ke bomang? Baswi ba tla boa ba tshela jang gape mo “lefatshe[ng] le le nang le banni”?
Jesu o Atlhola “Batshedi”
Gone jaanong re setse re atamela bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo jo bo boleletsweng pele, jo mo go jone Modimo a tla senyang batho botlhe ba ba bosula le go tlosa baikepi. Batho ba ba tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno ke “batshedi” ba ba tla atlholwang.—Tshenolo 7:9-14; 19:11-16.
Ka nako eo ya katlholo, e e tla tsayang dingwaga di le 1 000, Keresete Jesu mmogo le banna le basadi ba le 144 000 ba ba tsoseditsweng go ya go tshela kwa legodimong ba tla busa lefatshe. E tla bo e le dikgosi le baperesiti ba ba tla nayang batho melemo ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu mme ka bonya ba dira gore batho ba ba ikanyegang ba itekanele mo mmeleng le mo tlhaloganyong.—Tshenolo 5:10; 14:1-4; 20:4-6.
Ka nako ya Letsatsi la Katlholo, Satane le madimona a gagwe ba tla thibelwa gore ba se ka ba tlhotlheletsa batho. (Tshenolo 20:1-3) Le fa go ntse jalo, kwa bofelong jwa Letsatsi la Katlholo, Satane o tla letliwa go leka boikanyegi jwa motho mongwe le mongwe yo o tshelang. Batho ba ba nnang ba ikanyega mo Modimong ba tla falola teko e e paletseng Adame le Efa. Ba tla atlholwa e le ba ba tshwanelang go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise e e tsosolositsweng. Ba ba tlhophang go tsuologela Modimo ba tla senyediwa ruri, mmogo le Satane le madimona a gagwe.—Tshenolo 20:7-9.
Go Atlhola “Baswi”
Baebele ya re ka nako ya Letsatsi la Katlholo baswi ba tla “ema.” (Mathaio 12:41) Jesu o ne a re “nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tswela kwa tsogong ya botshelo, ba ba dirileng dilo tse di bosula ba tswela kwa tsogong ya katlholo.” (Johane 5:28, 29) Seno ga se reye meya ya batho ba ba suleng e e se nang mebele. Baswi ga ba utlwe sepe gotlhelele mme ga ba na moya o o tswang fa ba swa. (Moreri 9:5; Johane 11:11-14, 23, 24) Jesu o tla tsosa batho ba ba robetseng mo losong gore ba boe ba tshele gape mo lefatsheng.
A katlholo ya batho ba ba tsositsweng e tla ikaega ka se ba se dirileng pele ga ba swa? Nnyaa. Baebele e ruta gore “yo o suleng o golotswe mo boleong.” (Baroma 6:7) Ka jalo, jaaka batho ba ba tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno, batho ba ba tsositsweng gore ba tshele mo lefatsheng ba tla atlholwa “go ya ka ditiro tsa bone” tsa nako ya Letsatsi la Katlholo. (Tshenolo 20:12, 13) Go ikaegile ka gore ba itshwara jang, eno e tla nna tsogo e e tla felelang ka botshelo jo bo sa khutleng kgotsa ka tsogo e e tla felelang ka tshenyego. Ba le bantsi ba ba tla bong ba tsositswe e tla bo e le lekgetlo la ntlha ba itse ka Jehofa Modimo le se a batlang gore motho a se dire gore a bone botshelo. Ba tla nna le tshono ya gore ba tshele go ya ka go rata ga Modimo le go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.
Ga go Na Lebaka la go Boifa
Letsatsi la Katlholo e tla bo e se fela nako ya go rutiwa ke Modimo mme gape e tla bo e le nako ya gore batho ba ba tshelang ba dirise se ba se ithutang le go itumelela masego a gone. Akanya fela ka boitumelo jo bo tla nnang teng ka ntlha ya go kopana gape le baratiwa ba rona ba ba tsositsweng le go tswelela re bona boitekanelo mmogo le bone!
Akanya fela ka boitumelo jo bo tla nnang teng ka ntlha ya go kopana gape le baratiwa ba rona ba ba tsositsweng
Modimo o tla letla gore Satane a leke boikanyegi jwa batho kwa bofelong jwa Letsatsi la Katlholo. Mme ga go na lebaka la go tlhobaela kgotsa go boifa. Kwa bofelong jwa Letsatsi la Katlholo, batho botlhe ba ba tshelang ba tla bo ba tlhomeletswe sentle go lebana le teko ya bofelo. Ka jalo, Letsatsi la Katlholo e tla nna bontlhanngwe jwa go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo a go dirolola ditlamorago tsotlhe tsa botsuolodi jwa kwa tshimologong kgatlhanong le ene kwa tshimong ya Edene.
a Mo Baebeleng lefoko “letsatsi” le ka kaya nako ya metlha e e sa lekaneng. Ka sekai, bona Genesise 2:4.