LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 5/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tla Direga Eng ka Letsatsi la Katlholo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Letsatsi la Katlholo ke Eng?
    Tsogang!—2010
  • Letsatsi la Katlholo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Letsatsi la Katlholo—Ke Nako Eo Re Ka Nnang le Tsholofelo mo go Yone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 5/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Letsatsi la Katlholo ke eng?

Lelapa le le itumetseng le kopana gape ka nako ya tsogo mo dingwageng tse di sekete

Goreng letsatsi la katlholo e tla nna nako e e itumedisang?

Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, Modimo o ne a dirisa baatlhodi go golola batho ba gagwe mo tshiamololong. (Baatlhodi 2:18) Baebele ya re Letsatsi le le tlang la Katlholo e tla nna nako e e itumedisang ya gore Jehofa, Moatlhodi wa lefatshe lotlhe a golole batho mo tshiamololong.—Bala Pesalema 96:12, 13; Isaia 26:9.

Modimo o tlhomile Jesu gore a bontshe batshedi le baswi tshiamiso. (Ditiro 10:42; 17:31) Batho ba bantsi ba tlhokafetse ba sa itse Modimo. Ka Letsatsi la Katlholo, Jesu o tla ba tsosa gore ba itse Modimo wa boammaaruri le go mo rata.—Bala Ditiro 24:15.

Goreng Letsatsi la Katlholo le tla tsaya dingwaga tse di sekete?

Mo dingwageng di le sekete, baswi ba tla tsosiwa. (Tshenolo 20:4, 12) Ba tla tlhoka nako ya go ithuta se Modimo a se batlang le go mo ikobela. Go farologana le se se tleng se buiwe, Baebele ya re batho ba tla atlholwa go ya ka se ba se dirang morago ga tsogo.—Bala Baroma 6:7.

Gape Baebele e bua ka letsatsi la katlholo le le tlang ka tshoganyetso pele dingwaga tse di sekete di simologa. Gape letsatsi leo le bidiwa bokhutlo jaaka go tlhalositswe mo ditlhogong tse di simololang tsa makasine ono. Ka letsatsi leo, Modimo o tla fedisa baikepi botlhe. (2 Petere 3:7) Ka jalo, re tshwanetse go bontsha gore re rata Modimo.—Bala 2 Petere 3:9, 13.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona tsebe 213 mo bukeng eno e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e teng mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela