Letsatsi la Katlholo—Ke Nako Eo Re Ka Nnang le Tsholofelo mo go Yone!
FA E le gore kgopolo ya letsatsi la katlholo e a go tshosa, ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke seo Bibela e se bolelang ka yone? Ka sekai, a ke boammaaruri gore fa Modimo o atlhola baleofi, ba latlhelwa mo molelong wa dihele?
Gone, lekgetlo la ntlha leo Modimo o neng wa atlhola mo go lone le fela kwa tshimologong ya hisitori ya motho. Adame le Efa ba ne ba na le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Genesise 1:26-28; 2:7-9, 15-25) Lefa go ntse jalo, ba ne ba leofa mme ba atlholwa ke Modimo ka katlholo e e botlhoko. Go ne ga felela ka eng? Modimo o ne wa tsaya mpho ya botshelo mo go bone. Ka mafoko a mangwe, ba ne ba swa. Modimo o ne wa ba bolelela jaana: “U tla ya diyō ka mohuhucō oa sehatlhōgō sa gago, u bo u tle u tsamaee u boèla mo mbuñ; gonne u ntshicwe mo go ōna: gonne u lorole, me u tla boèla mo loroleñ.”—Genesise 3:16-19.
Eno e ne e le katlholo e e botlhoko, mme e ne e le e e siameng. Mme eleruri e ne e sa amane ka gope le molelo wa dihele. Fa Adame le Efa ba ne ba swa, ba ne ba boela mo leroleng. Ba ne ba sa tlhole ba le gone. Bibela ga e re bolelele gope fela gore karolo nngwe ya ga Adame kana motho ope fela yo mongwe yone ga e a swa gore e ye go tlhokofadiwa golo gongwe ka bosakhutleng. Go na le moo, re bala jaana: “Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.”—Moreri 9:5.
A o ne o itse gore Bibela e a rialo? Gape a o ne o itse gore Bibela ga e ise e ko e tsamaye e dirise polelo e e reng “moya o o sa sweng”? Mo boemong jwa seo, e a re: “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4) Seno se dumalana ka botlalo le molaomotheo wa Bibela o o reng: “Maduō a boleo ke losho.” (Baroma 6:23) Molaomotheo ono o re ama rotlhe. Rotlhe re lotsalo lwa ga Adame yo o leofileng, ka jalo rotlhe re a leofa mme re amogela maduo a boleo, ebong loso. Jaaka fa Bibela e bolela: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Letsatsi la Katlholo ke karolo ya konokono ya thulaganyo ya Modimo ya go re golola mo boemong jono.
Lebaka la go bo Letsatsi la Katlholo Le Tla
Go ya ka Bibela, e ne e le mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng fa Modimo o ne o thaya motheo wa seo se tla diregang ka Letsatsi la Katlholo. E ne e le ka nako ya fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng mme a neela botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho mo boemong jwa rona. Jesu o ne a tlhalosa jaana ka boene: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 3:16.
Fa re dumela mo go Jesu, re solegelwa molemo ke setlhabelo sa gagwe tota le eleng le jaanong ka tsela ya semoya. Modimo o re itshwarela maleo a rona mme o re letla gore re mo atamele. (Yohane 14:6; 1 Yohane 2:1, 2) Mme re santse re sa itekanela, re baleofi, mme ka ntlha ya moo, re santse re lwala mo mmeleng mme re feleletsa re sule. Ga re ise re nne le botshelo jo bo sa khutleng joo Jesu a neng a bo solofetsa. Seno se tla nna gone ka ntlha ya Letsatsi la Katlholo.
Letsatsi la Katlholo
Moaposetoloi Johane o ne a bona pono ya Letsatsi la Katlholo, mme o le tlhalosa ka tsela eno: “Mme ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ena yo o dutseng mo go sona, yo lefatshe le tshabileng sefatlhego sa gagwe, le legodimo; me ga se ka ga fitlhelwa fa ba ka nnang gona. Mme ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga Modimo; mme dikwalo dingwe tsa menololwa, mme lokwalo lo longwe lwa menololwa lo e leng lokwalo lwa botshelo: mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, kafa ditirong tsa bone.”—Tshenolō 20:11, 12, King James Version.
Ee, go ya ka pono ya ga Johane, Letsatsi la Katlholo le tla bo le laolwa ke Modimo ka boene. Mme go na le motho yo mongwe yo o akarediwang fano. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “[Modimo] o tlhomile letsatsi ye o tla atlholañ lehatshe ka yeōna ka tshiamō, ka monna eo o mo laotseñ.” (Ditihō 17:31) Monna yoo e ne e le mang? Ke Jesu, yo ene ka boene a neng a bolela jaana: “Rara ga a atlhole motho opè, me katlholō eotlhe o e neetse Morwa.” (Yohane 5:22) Ka jalo Jesu e tla bo e le Moatlhodi yo o tlhomilweng ke Modimo ka Letsatsi la Katlholo.
Seno ke dikgang tse di molemo mo bathong. Dikwalo tsa Efangele di senola Jesu jaaka motho yo o nang le boutlwelobotlhoko jo bogolo. Ga a ikgodise ebile ga a batle dilo di le dintsi mo bathong mme o “bonōlō le boiñōtlō mo peduñ.” (Mathaio 11:29; 14:14; 20:34) Re itumelela go nna kafa tlase ga tlhokomelo ya moatlhodi yo o ntseng jalo.
Seno Se Tla Nna Leng?
Lefa go ntse jalo, Letsatsi la Katlholo le tla tla leng? Tshenolō e bolela gore e tla nna fa “lehatshe le [tshabile] . . . , le legodimo.” Seno se re gakolola ka mafoko a ga moaposetoloi Petere: “Magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe, e nntse e le ka yeōna lencwe yeuō, ka a letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.” (2 Petere 3:7) A lefatshe leno le re leng mo go lone le tlile go fisiwa? Nnyaa, Bibela e tlhalosa dilo ka tsela e e utlwalang mo ntlheng eno. Lefatshe leno le re leng mo go lone ga le kitla le bo le senngwa. “Lefatshe . . . ga le [kitla] le bo le tlosiwa ka bosakhutleng.” (Pesalema 104:5, KJ) Kgang e e malebana le se Petere a buang ka sone fano e bontsha gore ke tsamaiso ya jaanong ya lefatshe le le boikepo eo e tlileng go senngwa. Go tla fedisiwa batho ba ba boikepo, eseng polanete eno eleng Lefatshe.—Yohane 12:31; 14:30; 1 Yohane 5:19.
Batho bano ba ba boikepo ba tla senngwa mo go seo Bibela e se bitsang ntwa ya Hara–Magedona—eo, jaaka fa makasine ono o ile wa bontsha gantsi, e tla tlogang e direga go ise go ye kae. (Tshenolō 16:14, 16) Morago ga moo, Satane ka boene o tla latlhelwa mo moleteng mme o tla thibelwa gore a se ka a tsenelela mo bathong ka dingwaga di le sekete, mme dingwaga tse di sekete tseno ke lobaka loo Letsatsi la Katlholo lo tla le tsayang. (Tshenolō 19:17–20:3) Go diregang ka batho ba ba ikanyegang fa batho ba ba boikepo ba fedisiwa ka Hara–Magedone? Ba falolela mo Letsatsing la Katlholo. Re bala jaana: “Baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo [lefatsheng]. Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ.”—Diane 2:21, 22.
Go tshegetsa ntlha eno, Bibela e re bolelela ka “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō” bao ba tla salang mo lefatsheng morago ga Hara–Magedona. Bano “ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo”; ka mafoko a mangwe, ba falola bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo fela jaaka fa Noa a ne a falola bokhutlo jwa lefatshe la motlha wa gagwe. (Tshenolō 7:9-17; 2 Petere 2:5) A o ne o itse gore boidiidi jo bogolo jono jwa meraferafe jwa Bakeresete ba ba tlhagafetseng bo gone le eleng le jaanong? Bano ba solofela gore ba tlile go falola sepitla se segolo mme ba tshelele ruri mo lefatsheng. Lebaka la go bo ba le gone ke bosupi jo bo tlhomamisegang jwa gore Letsatsi la Katlholo le atametse.
Ke Bomang Bao Ba Tla Atlholwang?
Boidiidi jo bogolo jono bo tla atlholwa ka Letsatsi la Katlholo. Mme e tla bo e se bone fela. Pego ya ga Johane e tswelela jaana: “Me lewatlè ya ntsha bashwi ba ba mo go yeōna; le losho loa ntsha bashwi ba ba mo go lōna, le Bobipō yalo: me ba atlholwa botlhe kaha ditihoñ tsa bōnè.” (Tshenolō 20:13) Seno ke bosupi jo bongwe gape jwa gore batho ga ba bogisediwe ruri kwa diheleng. Fa dihele di ntsha baswi ba ba mo go tsone, motho o ka nna mo go tsone jang ka bosakhutleng? Tota ebile, dihele tsa mo Bibeleng ke lebitla le le tlwaelegileng la motho, koo baswi ba nnang ba sa ikutlwe gone ba letetse tsogo. Mo Letsatsing la Katlholo, baswi botlhe ba tlile go ntshiwa mo diheleng.—Moreri 9:10.
Ke bomang bao ba tla tsosiwang mo baswing ka Letsatsi la Katlholo? Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Ka ntlha ya moo, batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo, “basiami,” ba tla tsosiwa. Mme le ba bangwe ba bantsintsi, “basiamolodi.” Ka mo go bonalang ka gone, tsogo e tla akaretsa botlhe ba ba suleng mme ba santse ba le mo mabitleng—kwantle ga bao maleo a bone a neng a le masisi tota mo eleng gore Modimo o setse a ba atlhotse jaaka bao ba sa tshwanelwang ke botshelo gotlhelele.—Mathaio 12:31.
Katlholo
Lefa go ntse jalo, go diregang ka boidiidi jo bogolo jwa bafalodi le ba ba tsositsweng ka Letsatsi la Katlholo? Bibela e bolela jaana: “Me bashwi ba atlholwa ka dilō tse di kwadilweñ mo dikwaloñ, kaha ditihoñ tsa bōnè.” Eno ke nako ya go tlhaola. Botlhe bao ba ratang go dira tumalanong le ‘dilo tse di kwadilweng mo dikwalong’—go bonala e le dilo tseo Modimo o di batlang mo bathong ba nako eo—ba tla kwalwa mo ‘lokwalong lwa botshelo.’ (Tshenolō 20:12) Ba tla bo ba le mo tseleng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng!
Jaanong, e tla re kgabagare, loso lwa ga Keresete lwa go intsha setlhabelo lo lere melemo mo mmeleng! Bao ba leng mo lokwalong lwa botshelo ka nako eo ga ba kitla ba tlhola ba lwala le go swa. Mo boemong jwa seo, ba tla bo ba busediwa kwa go itekaneleng jaaka batho ka iketlo, ka botshelo jo bo sa khutleng joo bo solofeditsweng bao ba bontshang tumelo mo go Jesu. Abo e le tsholofelo e e gakgamatsang jang ne! Lefa go ntse jalo, go bonala bangwe ba tla gana go utlwa ‘dilo tse di kwadilweng mo dikwalong.’ Go diregang ka bone? Ga ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Go na le moo, dikwalo di bolela jaana: “Me ha moñwe a na a hitlhèlwa a sa kwalwa mo lokwaloñ loa botshelō, a latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō.”—Tshenolō 20:15.
A molelo ono wa dihele ke one o Labokeresete e buang ka one? Nnyaa, ka gonne mo temaneng e e tlang pele ga eno, re bala jaana: “Me losho loa latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō, le Bobipō yalo. Lo ke lōna losho loa bobedi.” (Tshenolō 20:14) Fa e le gore dihele di latlhetswe mo bodibeng jwa molelo, bodiba jono ka bojone ga e ka ke ya bo e le molelo wa dihele. Mo godimo ga moo, loso ga se selo se o ka kgonang go se tshwara seo se ka kgonwang go tsholediwa le go latlhelwa golo gongwe. Ka jalo bodiba jwa molelo e tshwanetse ya bo e le jwa tshwantshetso. Bo tshwantshetsa eng? Bibela e bolela jaana: “Lo ke lōna losho loa bobedi.” Fa loso le Bobipo di latlhetswe mo bodibeng jwa molelo, di a “swa,” ga di tlhole di le gone. Ka mo go tshwanang, batho ba ba tsuologang bao ba feleletsang ba le koo ba a swa, kana ga ba tlhole ba le gone. Lefa go ntse jalo, seno ke loso lwa bobedi, le go senang tsholofelo ya go tlhola o tsoga.
Letsatsi la Katlholo Ke Nako Eo Re Ka Nnang le Tsholofelo mo go Yone
Ka jalo fa re akanya ka Letsatsi la Katlholo, ga re a tshwanela go tshoga kana go lo ila. Letsatsi la Katlholo ke nako eo re ka nnang le tsholofelo mo go yone, ke nako ya go busetsa setho botshelo jo bo sa khutleng joo Adame a neng a latlhegelwa ke jone. A o ke o reetse masego ao le tla a leretseng batho ba ba fitlhetsweng ba ikanyega: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go kitla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:3, 4.
Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete tsa Letsatsi la Katlholo, batho ba ba ikanyegang bao ba tswang kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba tla feleletsa ba itekanetse. Ba tla bo ba ‘tlile mo botshelong’ ka botlalo, mme Letsatsi la Katlholo le tla bo le fitlheletse boikaelelo jwa lone. (Tshenolō 20:5) Bibela e bolela gore, morago ga moo Satane o tla kgona go tsenelela mo bathong lwa bofelofelo. (Tshenolō 20:3, 7-10) Bao ba emelanang le ene mo nakong eno ya bofelo ba tla itumelela go diragadiwa go go feletseng ga tsholofetso eno ya Bibela: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:29.
Abo Letsatsi la Katlholo e le thulaganyo e e molemo jang ne! Ebile abo go gakgamatsa jang ne gore re ka kgona go le ipaakanyetsa tota le eleng le jaanong, ka go ithuta Bibela, re ithuta thato ya Modimo, le go dira thato eno ya Modimo mo matshelong a rona! Ke ka ntlha ya moo mopesalema a neng a itumela fa a ne a akanya ka katlholo ya Modimo fa a ne a kwala jaana: “A magodimo a itumèlè, a lehatshe le ipelè: a lewatlè le shumè, le boyotlhe yoa yeōna; A naga e kganè ka boitumèlō, le cotlhe tse di mo go eōna; ediha gōna ditlhare cotlhe tsa sekgwa di tla ōpèlañ ka boitumèlō; Ha pele ga Yehofa, gonne oè tla; gonne o tla go atlhola lehatshe.”—Pesalema 96:11-13.