LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/10 ts. 24-31
  • Motlotlo wa Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlotlo wa Lelapa
  • Tsogang!—2010
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A e Ne e Le Tshwetso e e Siameng?
  • O ITSE ENG KA KGOSI JEHOSHAFATE?
  • BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO
  • TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2008
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2010
g 5/10 ts. 24-31

Motlotlo wa Lelapa

A e Ne e Le Tshwetso e e Siameng?

Bala Mareko 14:66-72. Jaanong lebelela setshwantsho, mme o bo o kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano.

1. Tiragalo e e mo setshwantshong e diragetse kae?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mareko 14:53, 54.

․․․․․

2. Fa Petere a ne a lemogiwa gore ke molatedi wa ga Jesu, o ne a dira tshwetso efe?

․․․․․

3. Go ile ga diragala eng fa mokoko o sena go lela ka lekgetlo la bobedi?

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

O akanya gore ke ka ntlha yang fa Petere a ile a itshwara ka tsela e a ileng a itshwara ka yone? Wena o ka tila jang go dira phoso e e tshwanang?

O ITSE ENG KA KGOSI JEHOSHAFATE?

4. Jehoshafate o ne a tokafatsa jang tsamaiso ya dikatlholo ya kwa Juda?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 19:5-11.

․․․․․

5. Ke phoso efe e Jehoshafate a neng a e dira?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 18:1-3; 19:1-3.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

O ka ithuta thuto efe mo go Jehoshafate fa o tlhopha ditsala? NTLHA E E KA THUSANG:

Bala 1 Bakorintha 15:33.

BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 4 Re tshwanetse go intlafatsa mo go eng? 2 Bakorintha 7:․․․

TSEBE 5 Ba le babedi ba ka kgona go dira eng? Moreri 4:․․․

TSEBE 19 Ba ba botlhale ga ba solofele mo go eng? 1 Timotheo 6:․․․

TSEBE 27 O itumela thata fa o dira eng? Ditiro 20:․․․

● Dikarabo di mo tsebeng ya 24

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Mo lolwapeng lwa ntlo ya moperesiti yo mogolo.

2. Petere o ne a swetsa go itatola gore o itse Jesu.

3. Petere o ne a lela.

4. Jehoshafate o ne a tlhoma baatlhodi ba ba boifang Modimo mo metseng le Balefi le baperesiti kwa Jerusalema.

5. O ne a dira kgolagano le Kgosi Ahabe yo o boikepo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela