LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/11 ts. 6
  • Tsela 3—Nna o Ikatisa Mmele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela 3—Nna o Ikatisa Mmele
  • Tsogang!—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Itshidila Mmele ka Tsela e e Lekaneng?
    Tsogang!—2005
  • Ke Eng Se se Ka Nthusang go Ikatisa?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlhokomela Botsogo Jwa Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlhokomela Botsogo Jwa Me?
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 3/11 ts. 6

Tsela 3—Nna o Ikatisa Mmele

“Fa go ikatisa mmele e ka bo e le pilisi, e ka bo e le setlhare se se buelelwang thata ke dingaka mo lefatsheng.” (Emory University School of Medicine) Mo dilong tsotlhe tse re ka di dirang gore re nne le botsogo jo bo siameng, go na le di le mmalwa tse di ka thusang go feta go ikatisa mmele.

Dira ka natla. Go nna re le matlhagatlhaga go ka re thusa gore re ikutlwe re itumetse, re akanye sentle, re nne le maatla a a oketsegileng, re dire go le gontsi mme fa re ja sentle, re kgone le go laola boima jwa mmele wa rona. Ga o tlhoke go ikatisa mmele ka tsela e e botlhoko kgotsa e e feteletseng gore go go solegele molemo. Go ikatisa mmele ka metlha ka makgetlo a se kae mo bekeng mme e le ka tsela e e tekatekano go ka go solegela molemo thata.

Go taboga ka bonya, go gwanta, go palama baesekele, go tshameka metshameko e o nnang matlhagatlhaga mo go yone—e e ka dirang gore pelo ya gago e iteye ka bonako le go dira gore o fufulelwe—go ka tokafatsa nonofo ya gago le go go thusa gore o se ka wa tlhaselwa ke pelo le seterouku. Go ikatisa mmele ka go dira diaerobiki le go tsholetsa ditshipi ka tekatekano le go dira di-calisthenic go tla go thusa go nonotsha marapo a gago, mesifa e e kwa tengteng le matsogo le maoto. Go dira jalo gape go thusa gore selekanyo se mmele o sidilang dijo ka sone se oketsege e bile seno ka bosone se thusa gore o kgone go laola bokete jwa mmele wa gago.

Go ikatisa mmele go ka itumedisa

Dirisa maoto a gago. Go ikatisa mmele go solegela batho ba dingwaga tsotlhe molemo mme ga o tlhoke go ikwadisa kwa lefelong la go ikatisa mmele gore o go dire. Go tsamaya go na le gore o dirise koloi, bese kgotsa lefiti ke tsela e e molemo ya go simolola. Ke eng fa o tshwanetse go letela sepalangwa fa o ka kgona go fitlha kwa o yang gone ka maoto, gongwe e bile o ka kgona go fitlha koo ka bonako? Batsadi, kgothaletsang bana ba lona go tshameka mme fa go kgonega ba tshameke kwa ntle. Metshameko eno e nonotsha mebele ya bone mme e ba thusa gore mmele otlhe o dirisane sentle, e leng selo se boitlosobodutu jo ba nnang fela, jo bo jaaka go tshameka metshameko ya dibidio, go ka se go direng.

Go sa kgathalesege gore o na le dingwaga di le kae, fa o simolola go ikatisa mmele ka tsela e e tekatekano o tla solegelwa molemo. Fa e le gore o godile e bile o na le mathata a botsogo mme o na le nako o ntse o sa ikatise mmele, go molemo gore o botse pele ngaka gore o ka simolola jang. Mme gone simolola! Go ikatisa mmele go go simololwang ka iketlo mme go sa dirwe ka tsela e e feteletseng go ka thusa le e leng batho ba ba godileng thata gore ba nne le mesifa e e nonofileng le marapo a a kitlanyeng. Mme gape go ka thusa batho ba ba godileng gore ba tile go wa.

Go ikatisa mmele ke gone go go thusitseng Rustam, yo o umakilweng kwa setlhogong sa ntlha sa motseletsele wa ditlhogo tseno. Dingwaga di le supa tse di fetileng, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola go taboga ka bonya sekgalanyana se se rileng moso mongwe le mongwe, malatsi a le matlhano mo bekeng. O bolela jaana: “Kwa tshimologong, re ne re dira diipato tsa go sa ye. Mme go ikatisa mmogo go ile ga re rotloetsa. Gone jaanong ke selo se se molemo se re itumelelang go se dira ka metlha.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela