LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/11 ts. 2
  • Tsesbe 2

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsesbe 2
  • Tsogang!—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Senka Kgakololo e e Siameng
    Tsogang!—2007
  • Seabe sa Gago Jaaka Motsadi
    Tsogang!—2004
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 10/11 ts. 2

Tsebe 2

Go Godisa Bana ba ba Nang le Maikarabelo

Go ka direga gore ke selo sa bofelo se batsadi ba akanyang ka sone fa ba leba lesea la bone le lentle le le sa tswang go tsholwa. Mme boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo ke gore: Kgabagare leseanyana leo le lennye le tla gola le nne mosha yo o godileng yo o tla nnang a le nosi. Seno ke se se tshwanetseng go diragala ka gonne Baebele ya re, ‘monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe.’ (Genesise 2:24) Gone ke boammaaruri gore go ka bolelwa se se tshwanang le ka mosetsana yo o godileng.

Le fa go ntse jalo, mo letsatsing leo le le itumedisang mme gape le utlwisa botlhoko fa ngwana wa mosimane kgotsa wa mosetsana a tswa mo gae, batsadi ba le bantsi ba a tlhobaela. Ba ipotsa gore, ‘A ke godisitse ngwanake sentle?’ ‘A o tla kgona go dira gore a se ka a latlhegelwa ke tiro, go tlhokomela folete e a nnang mo go yone le go tshela ka tekanyetso ya madi e a iteretseng yone?’ Sa botlhokwa le go feta, ‘A ngwanake o tla tshela ka melao e re lekileng go mo e ruta?’—Diane 22:6; 2 Timotheo 3:15.

Kgatiso eno e e kgethegileng ya Tsogang! e tla bontsha kafa kgakololo ya Baebele e ka thusang batsadi ka gone mo kgatong nngwe le nngwe ya go gola ga ngwana wa bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela