LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/07 ts. 3
  • Senka Kgakololo e e Siameng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Senka Kgakololo e e Siameng
  • Tsogang!—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Atlega le go Palelwa ga Kgakololo ya “Baitse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Kgakololo e e Molemo ya go Godisa Bana
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Goreng re Tshwanetse go Kopa Kgakololo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Re ka Naya Jang ba Bangwe Kgakololo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2007
g 8/07 ts. 3

Kgato 1

Senka Kgakololo e e Siameng

Ke ka ntlha yang o tshwanetse go tsaya kgato eno? Lekgetlho la ntlha fa batsadi ba tshwara lesea le le sa tswang go tsholwa mo matsogong a bone, ba ka nna ba nna le maikutlo a a tlhakatlhakaneng. Brett rre yo o nnang kwa Boritane o ne a bolela jaana: “Ke ne ke itumetse thata e bile ke gakgametse. Mme gape ke ne ke ikutlwa ke na le boikarabelo jo bogolo mme ke ikutlwa ke sa siamela tiro eno.” Monica mmè mongwe yo o nnang kwa Argentina, a re: “Ke ne ke tshwenyegile gore a ke tla kgona go tlhokomela mosetsanyana wa me ka dilo tsotlhe tse a di tlhokang. Ke ne ke ipotsa gore, ‘A ke tla kgona go mo thapisa gore a nne mogolo yo o nnang le boikarabelo?’”

A o kgona go tlhaloganya boitumelo le dilo tse batsadi bao ba di boifang? Gone ke boammaaruri gore go godisa ngwana ke nngwe ya ditiro tse di boima thata mme e a kgotsofatsa, gape e ka kgoba marapo mme le fa go ntse jalo ke selo se se itumedisang, ke ditiro tse mongwe le mongwe a ka lekang go di dira. Rre mongwe o ne a bolela gore “motho o nna le tshono e le nngwe fela ya go godisa ngwana wa gagwe.” Fa o akanya ka tlhotlheletso e kgolo e batsadi ba nang le yone mo boitekanelong jwa bana ba bone le boitumelong jwa bone, o ka nna wa akanya gore tota o tlhoka kgakololo e o ka e ikanyang malebana le go nna motsadi yo o botoka.

Kgwetlho ya seno ke eng? Go bonala mongwe le mongwe a na le kgakololo malebana le go godisa bana. Mo nakong e e fetileng, batsadi ba basha ba ne ba ikaega ka sekao sa batsadi ba bone kgotsa ka ditumelo tsa bone tsa bodumedi gore e nne tsone di ba kaelang. Mme mo dinageng di le mmalwa, thulaganyo ya lelapa e ntse e senyega mme bodumedi ga bo tlhole bo na le tlhotlheletso epe. Ka ntlha ya seo, batsadi ba le bantsi ba ya kwa baitseanapeng ba ba ithutileng ka go nna motsadi go bona kgakololo. Dilo dingwe tse baitseanape bano ba di bolelang di theilwe mo melaometheong e e utlwalang. Mo makgetlhong a mangwe kgakololo ya baitseanape bano e ka nna ya bo e ikganetsa mme go ise go ye kae e bo e fetilwe ke nako.

Tharabololo ke eng? Batla kgakololo ya Motho a le mongwe yo o itseng thata ka go godisa bana—Mmopi wa batho, e bong Jehofa Modimo. (Ditiro 17:26-28) Lefoko la gagwe e leng Baebele, le na le kgakololo e e tlhamaletseng le dikai tse di dirang tse di ka go thusang go nna motsadi yo o botoka. O solofetsa jaana: “Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.”—Pesalema 32:8.

Modimo o naya batsadi kgakololo efe e e ka ba thusang go godisa bana gore e nne batho ba ba itumetseng?

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

“Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.”—Diane 3:5

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela