LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 July ts. 2-7
  • Goreng re Tshwanetse go Kopa Kgakololo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng re Tshwanetse go Kopa Kgakololo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KE TSHWANETSE GO NNA LE DINONOFO DIFE?
  • KE MANG YO O KA NNAYANG KGAKOLOLO E E SIAMENG?
  • NKA BONTSHA JANG GORE TOTA KE BATLA GO NEWA KGAKOLOLO?
  • A KE TSHWANETSE GO KOPA BA BANGWE GORE BA NTIRELE DITSHWETSO?
  • NNA O BATLA KGAKOLOLO
  • Re ka Naya Jang ba Bangwe Kgakololo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Re Ithuta Eng mo Mafokong a Bofelo a Banna ba ba Ikanyegang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Ikokobetse Fa go Na le Dilo Tse o Sa di Itseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 July ts. 2-7

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 28

PINA 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago

Goreng re Tshwanetse go Kopa Kgakololo?

“Ba ba batlang kgakololo ba botlhale.”​—DIANE 13:10.

SE GO BUIWANG KA SONE

Se re tshwanetseng go se dira gore kgakololo e re e newang e re tswele mosola.

1. Ke eng se se ka re thusang gore re dire ditshwetso tse di siameng? (Diane 13:10; 15:22)

ROTLHE fela re batla go dira ditshwetso tse di siameng e bile re batla gore di atlege. Lefoko la Modimo le re bolelela gore re ka dira seo jang.​—Bala Diane 13:10; 15:22.

2. Jehofa o solofetsa gore o tla re direla eng?

2 Boammaaruri ke gore Rraarona e bong Jehofa, ke ene a ka re nayang botlhale le kgakololo e e di gaisang tsotlhe. O re solofetsa gore o tla re thusa. A re: “Ke tla go naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pes. 32:8) Mafoko ano a re bontsha gore Jehofa ga a re neye fela kgakololo e re e tlhokang. Gape o amega ka mongwe le mongwe wa rona e bile o re thusa go dirisa kgakololo e a re nayang yone.

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno re tla bona kafa Lefoko la Modimo le re thusang ka gone go araba dipotso tseno tse nnê: (1) Ke tshwanetse go nna le dinonofo dife gore kgakololo e ke e newang e ntswele mosola? (2) Ke mang yo o ka nnayang kgakololo e e siameng? (3) Nka bontsha jang gore tota ke batla go newa kgakololo? (4) Goreng ke sa tshwanela go kopa ba bangwe gore ba ntirele ditshwetso?

KE TSHWANETSE GO NNA LE DINONOFO DIFE?

4. Fa re batla gore kgakololo e re e newang e re tswele mosola, re tshwanetse go nna le dinonofo dife?

4 Gore kgakololo e re tswele mosola, re tshwanetse go nna boikokobetso le go nna boingotlo. Re tshwanetse go lemoga gore re ka tswa re se na maitemogelo kgotsa kitso e e ka re thusang go dira tshwetso e e siameng. Fa re se boikokobetso e bile re se boingotlo, Jehofa ga a ka ke a re thusa mme seo se tla dira gore dikgakololo tse a re nayang tsone mo Lefokong la gagwe, di tsene ka fa di bo di tswa ka fa. (Mika 6:8; 1 Pet. 5:5) Mme gone, fa re le boikokobetso e bile re le boingotlo, re tla kgona go dirisa kgakololo e re e newang mo Baebeleng ka bonako e bile e tla re tswela mosola.

5. Kgosi Dafide o ile a dira dilo dife tse dintle tse di ka bong di ile tsa dira gore a nne mabela?

5 Akanya ka se re se ithutang mo sekaong sa ga Kgosi Dafide. O ile a dira dilo tse dintsi tse dintle tse di ka bong di ile tsa dira gore a nne mabela. Dingwaga pele Dafide e nna kgosi, o ne a itsege e le setswerere sa mmino. Tota e bile, o ile a kopiwa gore a tshamekele kgosi mmino. (1 Sam. 16:18, 19) Morago ga gore Dafide a tlodiwe go nna kgosi, Jehofa o ile a mo naya moya wa gagwe o o boitshepo. Seo se ile sa dira gore a nne le maatla. (1 Sam. 16:11-13) Baiseraele ba ne ba mo tseela kwa godimo ka gonne a ile a fenya baba ba bone, go akaretsa le mokaloba wa Mofilisitia e bong Goliathe. (1 Sam. 17:37, 50; 18:7) Fa Dafide a ka bo a ne a le mabela, o ne a ka akanya gore ga a tlhoke kgakololo mo go ope ka ntlha ya dilo tseo tse dintle tse a ileng a di dira. Mme ga a ka a dira jalo.

6. Re itse jang gore Dafide o ne a reetsa fa ba bangwe ba mo gakolola? (Bona le setshwantsho.)

6 Fa Dafide a sena go nna Kgosi, o ile a tswelela a itsalanya le batho ba ba neng ba mo naya kgakololo. (1 Ditir. 27:32-34) Tota e bile, pele a nna Kgosi o ne a ikemiseditse go reetsa fa ba bangwe ba mo naya kgakololo. O ne a sa reetse banna fela, mme o ile a reetsa le mosadi mongwe yo o bidiwang Abigaile. Abigaile e ne e le mosadi wa monna mongwe yo o bidiwang Nabale. Monna yono o ne a le lenyatso, a sa lebogele sepe e bile a ikgantsha. Dafide o ile a dirisa kgakololo ya ga Abigaile, mme seo se ile sa mo thusa gore a se ka a dira phoso e e masisi.​—1 Sam. 25:2, 3, 21-25, 32-34.

Abigaile o ikuela mo go Kgosi Dafide a ntse fa fatshe mme ene o mo reeditse ka tlhoafalo.

Kgosi Dafide o ne a le boikokobetso e bile o ile a reetsa kgakololo e Abigaile a ileng a mo naya yone (Bona serapa 6)


7. Re ithuta eng mo go Dafide? (Moreri 4:13) (Bona le ditshwantsho.)

7 Re ka ithuta go le gontsi mo go Dafide. Ka sekai, fa re na le bokgoni bongwe jo bo rileng kgotsa re na le maikarabelo mangwe, ga re a tshwanela go itira bomaitsegotlhe kgotsa go akanya gore ga re tlhoke go gakololwa. Fela jaaka Dafide, re tshwanetse go ikemisetsa go reetsa kgakololo, le fa re ka tswa re e newa ke mang. (Bala Moreri 4:13.) Fa re dira jalo, re tla tila go dira diphoso tse di ka tlisetsang rona le batho ba bangwe mathata.

Ditshwantsho: 1. Bagolwane ba le banè ba kopane mmogo. Yo mongwe o bua a galefile. 2. Moragonyana, ene le mogolwane mongwe yo mosha yo o neng a le gone kwa pokanong eo ba mo koloing, mme mogolwane yo mosha o bua le ene.

Re tshwanetse go reetsa kgakololo e e siameng le fa re ka tswa re e newa ke mang (Bona serapa 7)c


KE MANG YO O KA NNAYANG KGAKOLOLO E E SIAMENG?

8. Goreng Jonathane a ne a tshwanelega go naya Dafide kgakololo?

8 Go na le sengwe gape se re ka se ithutang mo sekaong sa ga Dafide. O ne a kopa kgakololo mo bathong ba ba neng ba rata Jehofa e bile ba tlhaloganya mathata a a neng a lebana le one. Ka sekai, fa Dafide a ne a ipotsa gore a Kgosi Saulo o ikemiseditse go dira kagiso le ene, o ile a reetsa kgakololo ya ga Jonathane e bong morwa Saulo. Ke eng se se thusitseng Jonathane gore a neye Dafide kgakololo e e siameng? Jonathane o ne a atamalane le Jehofa e bile o ne a itse Saulo sentle. (1 Sam. 20:9-13) Seno se re ruta eng?

9. Re ka kopa kgakololo mo go mang? Tlhalosa. (Diane 13:20)

9 Fa re tlhoka kgakololo, re ka e kopa mo mothong yo o atamalaneng le Jehofa e bile a na le kitso ka kgang eo.a (Bala Diane 13:20.) Ka sekai, a re re mokaulengwe yo mosha o batla go nyala. Ke mang yo a ka mo nayang kgakololo e e siameng? Tsala ya gagwe e e iseng e nyale e ka mo naya kgakololo e e ka mo thusang fa e le gore kgakololo eo e tswa mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, banyalani ba ba mo itseng sentle e bile ba feditse dingwaga di le dintsi ba direla Jehofa, ba ka mo naya kgakololo e e maleba le e e ka mo tswelang mosola.

10. Jaanong re tla tlotla ka eng?

10 Re tlotlile ka dinonofo tse pedi tse re tshwanetseng go nna le tsone le gore ke mang yo o ka re nayang kgakololo e e siameng. A jaanong re boneng gore re ka bontsha jang gore tota re batla go newa kgakololo le gore goreng re sa tshwanela go kopa ba bangwe gore ba re direle ditshwetso.

NKA BONTSHA JANG GORE TOTA KE BATLA GO NEWA KGAKOLOLO?

11-12. (a) Ke eng se re sa tshwanelang go se dira? (b) Kgosi Rehoboame o ile a dira eng fa a ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso e e botlhokwa?

11 Ka dinako dingwe motho a ka kopa kgakololo fela ka gonne a batla gore batho ba bangwe ba dumalane le tshwetso e a setseng a e dirile. Motho yoo ga a bontshe gore tota o batla kgakololo. O tshwanetse go ithuta mo go se se diragaletseng Kgosi Rehoboame.

12 Rehoboame o ile a nna kgosi morago ga Kgosi Solomone. Fa a simolola go busa, batho ba ne ba na le dilo tse dintsi tse di itumedisang, mme gone ba ne ba re Kgosi Solomone o ne a ba neile tiro e e boima. Ka jalo, ba ile ba ya kwa go Rehoboame ba mo kopa gore a ba tlhofofaletse tiro. Rehoboame o ile a kopa gore ba mo neye nako gore a dire tshwetso. Kwa tshimologong o ile a ya go kopa kgakololo kwa banneng ba bagolo, ba ba neng ba thusa Solomone. (1 Dikg. 12:2-7) Le fa go ntse jalo, o ile a gana kgakololo e ba ileng ba mo naya yone. Goreng a ile a dira jalo? A Rehoboame o ne a setse a dirile tshwetso, mme a batla batho ba ba ka dumalanang le tshwetso e a e dirileng? O ile a ya go botsa ditsala tsa gagwe mme di ile tsa mo naya karabo e e dumalanang le tshwetso e a setseng a e dirile. (1 Dikg. 12:8-14) Rehoboame o ile a naya batho karabo e e dumalanang le ya ditsala tsa gagwe. Mme seo se ile sa dira gore batho ba le bantsi ba mo tlhanogele le gore ba tlhophe kgosi e nngwe. Fa e sale go tloga ka nako eo, Rehoboame o ile a nna le mathata.​—1 Dikg. 12:16-19.

13. Re ka itse jang gore tota re batla go newa kgakololo?

13 Re Ithuta eng mo go se se diragaletseng Rehoboame? Fa re kopa ba bangwe gore ba re gakolole re tshwanetse go bontsha gore tota re batla go gakololwa. Re ka itse jang gore re dira jalo? Re ka ipotsa go re, ‘A ke kopa kgakololo, go tswa foo ke bo ke e gana ka gonne e sa dumalane le se ke se akanyang?’ A re tlotleng ka sekai se se latelang.

14. Fa re newa kgakololo, re tshwanetse go nna re gopotse eng? Naya sekai. (Bona le setshwantsho.)

14 A re re mokaulengwe o solofeditswe tiro e e duelang madi a le mantsi. Pele ga a e amogela, o kopa mogolwane mongwe gore a mo neye kgakololo. Mokaulengwe yoo o tlhalosa gore tiro eo e tla mo tlhoka gore a nne kgakala le ba lelapa la gagwe ka nako e telele. Mogolwane yoo o gopotsa mokaulengwe molaomotheo wa Baebele o o tlhalosang gore maikarabelo a gagwe a botlhokwa ke go thusa ba lelapa la gagwe gore ba atamalane le Jehofa. (Baef. 6:4; 1 Tim. 5:8) Mokaulengwe yono ga a dumalane ke kgakololo e mogolwane a mo nayang yone, ka jalo o nna a kopa kgakololo mo go ba bangwe mo phuthegong go fitlha mongwe a mo raya a re a ka amogela tiro. A tota mokaulengwe yono o batla kgakololo kgotsa o setse a dirile tshwetso ya gore o tla dira eng, mme jaanong o batla mongwe yo o ka dumalanang le tshwetso ya gagwe? Re tshwanetse go gopola gore pelo e boferefere. (Jer. 17:9) Ka dinako dingwe re ka newa kgakololo e re sa e rateng mme e le yone e re e tlhokang.

Kgaitsadi o kopa kgakololo mo Bakereseteng ba ba farologaneng. O nna a ya kwa go yo mongwe mme a sa rate kgakololo e a e newang.

A tota re batla kgakololo e e siameng kgotsa re batla motho yo o ka dumalanang le tshwetso e re setseng re e dirile? (Bona serapa 14)


A KE TSHWANETSE GO KOPA BA BANGWE GORE BA NTIRELE DITSHWETSO?

15. Ga re a tshwanela go dira eng, mme ka ntlha ya eng?

15 Jehofa o lebeletse gore mongwe le mongwe wa rona a itirele ditshwetso. (Bagal. 6:4, 5) Re ithutile gore pele re dira tshwetso, go botlhokwa gore re batle kgakololo mo Lefokong la Modimo le mo Bakereseteng ba ba feditseng nako e telele ba direla Jehofa ka boikanyegi. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra kopa ba bangwe gore ba re direle ditshwetso. Bangwe ba ka dira seo ka go botsa mongwe yo ba mo tlotlang ba re, “O ne o ka dira eng fa o ne o na le bothata jo bo tshwanang le jono?” Ba bangwe bone ba ka dira tshwetso e e tshwanang le e mongwe a e dirileng ba sa ipha nako ya go akanyetsa tshwetso eo.

16. Ke tshwetso efe e Bakeresete ba phuthego ya kwa Korintha ba ileng ba tshwanelwa ke go itirela yone? (1 Bakorintha 8:7; 10:25, 26)

16 Akanya ka tshwetso e Bakeresete ba kwa phuthegong ya kwa Korintha ba neng ba tshwanetse go e dira e e amanang le go ja nama e e ka tswang e ne e ntsheditswe medingwana. Paulo o ile a ba raya a re: “Re a itse gore modingwana ga se sepe le gore go na le Modimo a le mongwe fela.” (1 Bakor. 8:4) Se Paulo a ileng a se bua se ile sa dira gore bangwe mo phuthegong ba dire tshwetso ya gore ba tla ja nama e e ka tswang e ne e ntsheditswe medingwana mme moragonyana e bo e rekisiwa kwa marekisetsong. Bangwe ba ile ba dira tshwetso ya gore ga ba kitla ba ja nama eo ka gonne go dira jalo go ne go tla tshwenya segakolodi sa bone. (Bala 1 Bakorintha 8:7; 10:25, 26) Eno e ne e le tshwetso e mongwe le mongwe a neng a tshwanetse go itirela yone. Paulo ga a a ka a gakolola Bakorintha gore ba direle ba bangwe ditshwetso kgotsa ba kopise se ba bangwe ba se dirileng. O ne a re mongwe le mongwe wa bone o ne a tla ‘atlholwa go ya ka ditiro tsa gagwe.’​—Bar. 14:10-12.

17. Go ka direga eng fa re kopisa ditshwetso tsa ba bangwe? Naya sekai. (Bona le ditshwantsho.)

17 Seo se ka direga jang gompieno? Akanya ka kgang ya dikarolwana tsa madi. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a o tla di amogela kgotsa nnyaa.b Go ka tswa go le thata go tlhaloganya kgang eno sentle, mme mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itirela tshwetso. (Bar. 14:4) Fa re kopisa ditshwetso tse ba bangwe ba di dirileng re ka koafatsa segakolodi sa rona. Re ka katisa segakolodi sa rona fa re se dirisa ka nako ya fa re dira ditshwetso. (Baheb. 5:14) Re ka kopa leng kgakololo mo Mokereseteng yo o dirang dilo ka botlhale? Re ka dira jalo fa e le gore re dirile dipatlisiso mme re sa ntse re sa tlhaloganye gore melaometheo ya Baebele e amana jang le kgang eo.

Ditshwantsho: 1. Mokaulengwe o dirisa Baebele, buka ya “Itumelele go Tshelela Ruri!” mo thuto 39, le bidio ya “O ka Dira Jang Ditshwetso Tsa Kalafi Tse di Amanang le Madi” gore a kgone go tlatsa karata ya madi (DPA). 2. Moragonyana o reeditse fa mokaulengwe yo o godileng sentle a mo tlhalosetsa temana nngwe.

Re ka kopa kgakololo fela fa re sena go itirela dipatlisiso (Bona serapa 17)


NNA O BATLA KGAKOLOLO

18. Jehofa o re diretse eng?

18 Jehofa o bontshitse gore o a re tshepa ka go re letla gore re itirele ditshwetso. O re neile Lefoko la gagwe e leng Baebele. Gape o re neile ditsala tse di ka re thusang go tlhaloganya gore re ka dirisa jang melaometheo ya Baebele. Seno se bontsha gore Jehofa ke Rre yo o lorato e bile o amega ka rona. (Diane 3:21-23) Re ka bontsha jang gore re a mo leboga?

19. Re ka dira eng gore re nne re itumedisa Jehofa?

19 Akanya ka seno: Batsadi ba itumela tota fa ba bana ba bone ba gola ba direla Jehofa e bile ba thusa ba bangwe. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o a itumela fa a bona re atamalana le ene, re kopa ba bangwe gore ba re neye kgakololo le fa re dira ditshwetso tse di bontshang gore re a mo rata.

E LE GORE KGAKOLOLO E KE E NEWANG E NTSWELE MOSOLA, GORENG KE TSHWANETSE . . .

  • go nna boikokobetso le go nna boingotlo?

  • go bontsha gore tota ke batla go newa kgakololo?

  • go itirela ditshwetso?

PINA 127 Ke Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe?

a Ka dinako dingwe Bakeresete ba ka tlhoka go kopa kgakololo kwa bathong ba ba sa direleng Jehofa ka dikgang tse di amanang le tšhelete, kalafi kgotsa dilo tse dingwe.

b Fa o batla go itse dintlha tse di oketsegileng ka kgang eno, bala thuto 39, ntlha 5 le karolo ya “Dintlha Tse Dingwe” mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri!

c TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mogolwane o gakolola mogolwane yo mongwe ka tsela e a neng a bua ka yone mo pokanong e ba neng ba e tshwere.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela