SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 29
PINA 87 Tlang! Lo Lapolosiwe
Re ka Naya Jang ba Bangwe Kgakololo?
“Ke tla go naya kgakololo ke go beile leitlho.”—PES. 32:8.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore re ka naya jang batho ba bangwe kgakololo e e ka ba tswelang mosola.
1. Ke mang yo o tshwanetseng go naya ba bangwe kgakololo? Tlhalosa.
O IKUTLWA jang ka go naya ba bangwe kgakololo? Bangwe ba itumelela go dira jalo. Ba bangwe bone ba a tshoga e bile ga ba phuthologe fa ba naya ba bangwe kgakololo. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe rotlhe re tshwanelwa ke go naya ba bangwe kgakololo. Goreng re rialo? Ka gonne Jesu o ile a re batho ba tla lemoga gore re barutwa ba gagwe fa re ratana. (Joh. 13:35) Gape Baebele e a re fa re naya ba bangwe “kgakololo go tswa pelong,” seo seo tla dira gore re nne le “botsala jo bo molemo.”—Diane 27:9.
2. Ke eng se bagolwane ba tshwanetseng go se dira, mme ka ntlha ya eng? (Bona le lebokoso le le reng, “Kgakololo E re E Newang mo Dipokanong Tsa mo Gare ga Beke.”)
2 Bagolwane ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go naya ba bangwe kgakololo e e ka ba tswelang mosola. Jehofa o dirisitse Jesu go naya banna bano maikarabelo a go tlhokomela phuthego. (1 Pet. 5:2, 3) Tsela nngwe e ba tlhokomelang phuthego ka yone ke ka go re naya kgakololo e e tswang mo Baebeleng fa ba neetse dipuo kwa dipokanong. Gape ba gakolola ope fela yo o tlhokang kgakololo, go akaretsa le ba ba ileng ba tlogela Jehofa, gore ba boele mo phuthegong. Ka jalo, bagolwane le botlhe mo phuthegong, ba ka naya ba bangwe jang kgakololo e e ka ba tswelang mosola?
3. (a) Ke eng se se ka re thusang go naya ba bangwe kgakololo e e siameng? (Isaia 9:6; bona le lebokoso le le reng, “Etsa Jesu fa o Naya ba Bangwe Kgakololo.”) (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Go ithuta mo bathong bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, segolobogolo Jesu, go tla re thusa gore re neye batho ba bangwe kgakololo e e siameng. Sengwe sa direto tse Jesu a ileng a di newa ke “Mogakolodi yo o Botlhale.” (Bala Isaia 9:6.) Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka gore re ka dira eng fa mongwe a re kopa kgakololo, le gore re ka dira eng fa re tshwanelwa ke go naya mongwe kgakololo mme a sa e kopa. Gape re tla bona gore go botlhokwa gore re neye ba bangwe kgakololo ka tsela e e siameng le ka nako e e siameng.
FA MONGWE A RE KOPA KGAKOLOLO
4-5. Fa mongwe a go kopa kgakololo, ke potso efe e o tshwanetseng go ipotsa yone pele? Naya sekai.
4 Fa mongwe a re kopa kgakololo, re ka nna ra itumela thata re bo re batla go mo naya kgakololo ka yone nako eo. Mme gone, ke eng sa ntlha se re tshwanetseng go se dira? Re tshwanetse go ipotsa go re, ‘A ke tshwanelega go naya motho kgakololo mo kgannyeng eno?’ Sengwe se re ka se dirang go na le go mo naya kgakololo, ke go mo kopa gore a bue le mongwe yo o nang le kitso ka kgang eo.
5 Ka sekai, a re re tsala ya gago e simolola go lwala. O go bolelela gore o ntse a dira dipatlisiso ka kalafi e a ka e tlhophang. Go tswa foo, o go kopa gore o mo akantshe gore a tlhophe efe. Le fa go ka tswa go na le kalafi nngwe e o akanyang gore e tla mo thusa, ga o ngaka e bile ga o a katisediwa go thusa batho ba ba nang le bolwetse joo. Ka jalo, go ka nna botoka gore mo boemong jono o thuse tsala ya gago go batla ngaka e e tshwanelegang.
6. Go ka nna molemo gore re dire eng pele re naya mongwe kgakololo?
6 Ka dinako dingwe re ka nna ra akanya gore re tshwanelega go naya tsala ya rona kgakololo mo kgannyeng nngwe e e rileng. Le fa go ntse jalo, go ka nna botoka gore re se ka ra mo gakolola ka yone nako eo. Diane 15:28 e a re “mosiami o akanyetsa kwa teng pele ga a araba.” Ka jalo, tota le fa go na le sengwe se re ka se buang, go ka nna botoka gore pele re naya mongwe kgakololo re dire dipatlisiso, re rapele re bo re akanyetsa kwa teng ka kgakololo e re batlang go e mo naya. Fa re dira jalo, kgakololo eo e tla bo e dumalana le tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone. Akanya ka se se ileng sa diragalela moporofeti Nathane.
7. Re ithuta eng mo go se se diragaletseng moporofeti Nathane?
7 Kgosi Dafide o ile a bolelela moporofeti Nathane gore o batla go agela Jehofa tempele. Ka yone nako eo, Nathane o ile a mo raya a re a dire se a ikaeletseng go se dira. Mme gone, Nathane a ka bo a ile a botsa Jehofa pele. Goreng? Ka gonne Jehofa o ne a sa batle gore Dafide e nne ene a agang tempele. (1 Ditir. 17:1-4) Se se diragaletseng Nathane se re ruta gore fa mongwe a re kopa kgakololo, re tla bo re le botlhale fa re nna “bonya go bua.”—Jak. 1:19.
8. Goreng gape re tshwanetse go akanyetsa kwa teng pele re naya mongwe kgakololo?
8 Go na le lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go akanyetsa kwa teng pele re naya mongwe kgakololo. Re ka nna molato fa mongwe a ka dira tshwetso e e ka mmakelang mathata ka ntlha ya kgakololo e re mo neileng yone. Ka jalo, go botlhokwa gore re akanyetse kwa teng pele re naya mongwe kgakololo.
FA O NAYA MONGWE KGAKOLOLO A SA E KOPA
9. Pele bagolwane ba ka gakolola mongwe, ba tshwanetse go dira eng? (Bagalatia 6:1)
9 Ka dinako dingwe bagolwane ba tshwanelwa ke go gakolola mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o tsereng “tsela e e phoso.” (Bala Bagalatia 6:1.) Motho a ka nna a dira ditshwetso tse di sa siamang tse moragonyana di ka dirang gore a dire boleo jo bo masisi. Bagolwane ba batla go thusa motho yoo gore a tswelele a le mo tseleng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Jak. 5:19, 20) Le fa go ntse jalo, gore kgakololo eo e mo tswele mosola, ba tshwanetse go tlhomamisa gore a tota motho yoo o tsere tsela e e phoso. Bagolwane ba a itse gore mongwe le mongwe a ka dira ditshwetso tse di sa tshwaneng le tse bone ba neng ba ka di dira mme seo se sa reye gore Jehofa ga a itumelele se ba se dirang. (Bar. 14:1-4) Mme gone, fa bagolwane ba tlhomamisegile gore mokaulengwe o tsere tsela e e phoso, ba ka mo gakolola jang?
10-12. Bagolwane ba tshwanetse go dira eng fa ba naya mongwe kgakololo a sa e kopa? Naya sekai. (Bona le ditshwantsho.)
10 Ga go motlhofo gore bagolwane ba neye mongwe kgakololo a sa e kopa. Goreng? Moaposetoloi Paulo o ile a re mongwe a ka tsaya kgato e e phoso a sa lemoge. Ka jalo, pele bagolwane ba gakolola motho yoo, go na le dilo tse ba tshwanetseng go di dira gore go nne motlhofo gore a amogele kgakololo e ba tla mo nayang yone.
11 Go naya mongwe kgakololo a sa e kopa go tshwana le go jala dijalo mo mmung o o thata. Pele molemi a simolola go jala peo, o baakanya mmu. Fa mmu oo o setse o siame, o a jala. Go tswa foo, o a nosetsa. Ka tsela e e tshwanang, go na le dilo tse mogolwane a tshwanetseng go di dira pele a naya mongwe kgakololo. Ka sekai, o letela nako e e siameng gore a bolelele mokaulengwe gore o amega ka ene le gore go na le sengwe se a ka ratang go bua le ene ka sone. Fa e le gore mogolwane yoo ke motho yo o lorato e bile o pelonomi, go tla nna motlhofo gore batho ba bangwe ba amogele kgakololo e a ba nayang yone.
12 Fa mogolwane a ntse a tlotla le mokaulengwe yoo, o tla baakanya mmu ka go mmolelela gore rotlhe re dira diphoso le gore ka dinako dingwe re tlhoka go gakololwa. (Bar. 3:23) O tla dirisa Baebele go mmontsha gore o tsere tsela e e phoso, mme o tla dira jalo ka lentswe le le bonolo e bile a bontsha gore o a mo tlotla. Fa mokaulengwe a dumela gore o dirile phoso, mogolwane o tla jala peo ka go mo tlhalosetsa ka tsela e e utlwalang sentle gore o tlhoka go dira diphetogo dife. Kwa bofelong jwa motlotlo oo, mogolwane o tla nosetsa ka go akgolela mokaulengwe yoo dilo tse dintle tse a di dirileng le go rapela le ene.—Jak. 5:15.
Fa o naya mongwe kgakololo a sa e kopa, dira jalo ka lorato o bo o dire gore go nne motlhofo gore a e amogele (Bona serapa 10-12)
13. Bagolwane ba ka tlhomamisa jang gore motho o tlhaloganya kgakololo e ba mo nayang yone?
13 Ka dinako dingwe, motho yo o newang kgakololo a ka nna a se ka a e tlhaloganya sentle. Bagolwane ba ka dira eng gore seo se se ka sa direga? Ba ka mmotsa dipotso ka botlhale le ka tsela e e bontshang gore ba a mo tlotla. (Mor. 12:11) Tsela e a arabang ka yone e ka ba bontsha gore a o tlhalogantse kgakololo e ba mo nayang yone kgotsa nnyaa.
NAYA BA BANGWE KGAKOLOLO KA TSELA E E SIAMENG LE KA NAKO E E SIAMENG
14. A re tshwanetse go gakolola mongwe re galefile? Tlhalosa.
14 Rotlhe re na le boleo. Ka jalo, ka dinako dingwe re a tle re bue kgotsa re dire dilo dingwe tse di ka utlwisang ba bangwe botlhoko. (Bakol. 3:13) Baebele e a re ka dinako dingwe motho a ka bua kgotsa a dira sengwe se se ka re galefisang. (Baef. 4:26) Mme gone, ga re a tshwanela go naya mongwe kgakololo re galefile. Goreng? Ka gonne “fa motho a galefile ga a dire se se siameng fa pele ga Modimo.” (Jak. 1:20) Fa re ka naya mongwe kgakololo re galefile, re ka gakatsa dilo. Mme gone, seno ga se reye gore ga re a tshwanela go bolelela motho yo o re galefisitseng gore re ikutlwa jang le gore re akanya eng. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go bua le ene ka yone nako eo. Re tshwanetse go letela pele gore re ritibale. A re sekasekeng se re ka se ithutang mo go Elihu yo o ileng a naya Jobe kgakololo e e siameng.
15. Re ithuta eng mo go Elihu? (Bona le setshwantsho.)
15 Elihu o ile a fetsa malatsi a le mmalwa a reeditse Jobe fa a ne a leka go tlhalosa gore se bagomotsi ba gagwe ba maaka ba neng ba se bua ga se boammaaruri. O ne a tlhomogela Jobe pelo. Mme gone, o ile a galefa thata ka gonne Jobe o ne a bua dilo tse di neng di se boammaaruri ka Jehofa fa a ne a leka go ipuelela. Le fa go ntse jalo, Elihu o ile a letela nako e e siameng gore a bue. Go tswa foo, o ile a naya Jobe kgakololo a le bonolo e bile a bua le ene ka tlotlo e e boteng. (Jobe 32:2; 33:1-7) Re ithuta thuto ya botlhokwa thata mo go Elihu. Re ithuta gore go botlhokwa thata gore re neye batho ba bangwe kgakololo fa re ritibetse le gore re dire jalo ka tlotlo le ka lorato.—Mor. 3:1, 7.
Le fa Elihu a ne a galefile pelenyana, o ile a naya Jobe kgakololo a le bonolo e bile a bua le ene ka tlotlo e e boteng (Bona serapa 15)
TSWELELA O GAKOLOLA BA BANGWE, MME O AMOGELE KGAKOLOLO
16. O ithuta eng mo go Pesalema 32:8?
16 Temana ya setlhogo seno e a re ‘Jehofa o re naya kgakololo a re beile leitlho.’ (Bala Pesalema 32:8.) Seno se raya gore o nna a re thusa. Ga a re neye kgakololo fela, gape o re thusa go e dirisa. Ruri o re tlhomela sekao se sentle! Fa re gakolola ba bangwe, gape re tshwanetse go nna re ba kgothatsa le go ba thusa gore ba dire ditshwetso tse di siameng.
17. Re ikutlwa jang ka bagolwane ba ba re nayang kgakololo e e tlhamaletseng e e tswang mo Baebeleng? (Isaia 32:1, 2)
17 Gone jaanong go feta le fa e le leng pele, re tshwanetse go naya batho ba bangwe kgakololo e bile le rona re tshwanetse go amogela kgakololo e re e newang. (2 Tim. 3:1) Bagolwane ba ba re nayang kgakololo e e tlhamaletseng ba dirisa Baebele, ba tshwana le “melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi.” (Bala Isaia 32:1, 2.) Re leboga tota fa ditsala tsa rona di sa okaoke go re naya kgakololo e re e tlhokang. Se ba se buang se tshwana le “diapole tsa gauta mo dikotleleng tsa selefera.” (Diane 25:11) E kete rotlhe re ka tswelela re ithuta go naya ba bangwe kgakololo e e siameng le go amogela kgakololo e re e newang.
PINA 109 A re Rateng go Tswa Pelong