LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/11 ts. 24-25
  • Bolwetse Jwa Dengue—Bothata jo bo Golang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bolwetse Jwa Dengue—Bothata jo bo Golang
  • Tsogang!—2011
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lemoga Bolwetse Jwa Dengue le go Lepalepana le Jone
  • Bolwetse Jwa Dengue—Letshoroma le le Bakwang ke go Lomiwa
    Tsogang!—1998
  • Ke Eng se se Neng sa Dira Gore Malwetse Ano a Nne Teng Gape?
    Tsogang!—2003
  • Bothata jo bo Golang Jwa Malwetse a a Anamisiwang ke Ditshenekegi
    Tsogang!—2003
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 11/11 ts. 24-25

Bolwetse Jwa Dengue—Bothata jo bo Golang

“Lephata la Ditirelo Tsa Boitekanelo la kwa Morelos . . . , mmogo le Board of Health of the Emiliano Zapata Town Council, le naya Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa setifikeiti . . . ka ntlha ya tirisanommogo ya [Basupi] mo go direng gore go se ka ga nna le mafelo a a dirang gore go nne le menang e e anamisang bolwetse jwa dengue.”

BALAODI ba kwa Mexico ba na le lebaka le le utlwalang la go tshwenyega ka menang e e anamisang malwetse. Ditshenekegi tseno tse di tshwenyang di ka anamisa baerase e e kotsi e e bakang bolwetse jwa dengue, bolwetse jo bo ka bolayang jo bo ileng jwa tshwara batho ba ba fetang 57 000 kwa Mexico ka 2010. Mexico ke nngwe ya dinaga tse di fetang 100 tse kwa go tsone bolwetse jwa dengue bo fitlhelwang thata gone. Tota e bile, gone jaanong Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o fopholetsa gore go ka tswa go na le batho ba le dimilione di le 50 go ralala lefatshe ba ba tshwarwang ke bolwetse jwa dengue ngwaga le ngwaga le gore mo e ka nnang batho ba le babedi mo go ba le batlhano mo lefatsheng lotlhe ba mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jono. Ka ntlha ya seo, balaodi ba tsa boitekanelo ba ile ba simolola dithulaganyo tsa go fedisa monang o o nang le marontho a masweu wa Aedes aegypti, e leng nngwe ya ditshenekegi tse di anamisang baerase ya bolwetse jwa dengue.a

Bolwetse jwa dengue bo nna gone thata kwa ditlelaemeteng tsa boboatsatsi, segolobogolo ka paka ya dipula le morago ga masetlapelo a tlholego a a jaaka kgwanyape kgotsa morwalela. Seno ke ka gonne monang o o namagadi wa Aedes o beela mae a one gongwe le gongwe fela kwa go nang le metsi a a emeng gone.b E re ka batho go ralala Latin America le dinaga tsa Caribbean ba ga metsi a ba a dirisang le go a boloka mo ditankeng tsa samente, baitse ba tsa boitekanelo ba ba kgothaletsa gore ba nne ba khurumeditse ditanka tsa bone. Seno se dira gore ditanka tseno di se ka tsa nna mafelo a menang e ka atang mo go one. Batho le bone ba thibela go anama ga menang eno fa ba dira gore go se ka ga nna le dithaere tsa bogologolo, dithini, dipitsa tsa malomo le dikgamelo tsa polasetiki mo dijarateng tsa bone—sengwe le sengwe fela se se ka tshwarang metsi.

Go Lemoga Bolwetse Jwa Dengue le go Lepalepana le Jone

Gantsi bolwetse jwa dengue ga bo lemogiwe sentle ka gonne matshwao a jone a tshwana le a foluu. Mme go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, o tshwanetse go belaela gore o na le bolwetse jwa dengue fa o na le letshoroma, o tswa boswata mo letlalong, matlho a nna botlhoko e bile o opelwa ke mesifa le ke ditokololo. Letshoroma leno le tshwara motho malatsi a le matlhano go ya go a le supa.

Dingaka ga di ise di bone kalafi ya bolwetse jwa dengue mme gantsi bo ka alafelwa kwa gae ka go ikhutsa le go nwa diedi tse dintsi. Le fa go ntse jalo, balwetse ba tshwanetse go tlhokomelwa ka kelotlhoko segolobogolo fa go ka direga gore ba nne le letshoroma le le ka dirang gore ba tshologe madi (dengue hemorrhagic fever) kgotsa madi a sa tlhole a tsamaya sentle mo mmeleng (dengue shock syndrome). Maemo ano a a ka bolayang motho a ka nna gone fa letshoroma la ntlha le fokotsega mme go lebega molwetse a nna botoka. Mangwe a matshwao a maemo ano a a kotsi ke afe? Go nna le setlhabi se se botlhoko mo mpeng, go nnela go kgwa, go dutla madi mo dinkong le mo marinining, go nna le mantle a mantsho le go nna le marophi a a bohibidu jo bo phepole mo letlalong. Mo godimo ga moo, matshwao a go sa tsamaye sentle ga madi mo mmeleng a ka akaretsa go khidiega, go tshwarwa ke lenyora thata, go setlhafala le go gatsela ga letlalo, le go nna le kgatelelo e e kwa tlase thata ya madi.

Ka maswabi, dibolayabaketeria ga di kgone go alafa bolwetse jwa dengue ka gonne bolwetse jono bo bakiwa ke go tshwaediwa ke baerase e seng baketeria. Gape go molemo gore molwetse a tile melemo e e thibelang go ruruga, e e jaaka aspirin le ibuprofen, e re ka e ka oketsa kotsi ya go dutla madi thata. Go na le mefuta e menè ya baerase ya bolwetse jwa dengue mme go ka direga gore motho a nne le bolwetse jwa dengue ka makgetlho a le mmalwanyana.

Fa o ka tshwarwa ke bolwetse jwa dengue, ikhutse thata mme o nwe diedi tse dintsi. Gape nna o le ka fa tlase ga nnete e e thibelang menang kafa go kgonegang ka teng go thibela go longwa ke menang o bo o tshwaetsa batho ba bangwe.

O ka tila jang go longwa ke menang? Apara dilo tse di matsogo a maleele, marokgwe le mesese e meleele mme o dirise dilo tse di lelekang menang. Le fa menang e ka go loma nako nngwe le nngwe, o tla bo o dira sentle fa o nna mo ntlong diura di le pedi pele ga letsatsi le phirima le diura di le pedi morago ga letsatsi le sena go tlhaba e leng nako e menang e a bong e fofa thata ka yone. Gape go robala ka fa tlase ga nnete e e thibelang menang e e nang le dilo tse di lelekang ditshenekegi go ka go sireletsa.

Go tla bonala gore a mekento e ka thusa mo bolwetseng jwa dengue. Le fa go ntse jalo, kgabagare Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa malwetse otlhe, go akaretsa le letshoroma leno. Eleruri nako e tla tla e Modimo a “tla phimola[ng] dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Kwa dinageng dingwe, menang e mengwe e e jaaka Aedes albopictus, le yone e ka anamisa baerase ya bolwetse jwa dengue.

b Gantsi menang ya Aedes, ga e tsamaye bokgakala jo bo fetang dimetara di le lekgolo go tswa kwa e thuthugileng gone.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Ela Tlhoko Mafelo a Menang e ka Atang mo go One

1. Dithaere tse di sa dirisiweng

2. Meedi ya pula

3. Dipitsa tsa malomo

4. Dikgamelo tsa polasetiki

5. Dithini le metomo e e latlhilweng

Fokotsa go Longwa ke Menang

a. Apara dilo tsa matsogo a maleele, marokgwe a maleele kgotsa mesese e meleele. Dirisa dilo tse di lelekang menang

b. Robala ka fa tlase ga nnete e e thibelang menang

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Source: Courtesy Marcos Teixeira de Freitas

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela