Go Ikanyega go Solegela Molemo
“Senkgwe se se bonweng ka maaka se monate mo mothong, mme morago ga moo molomo wa gagwe o tla tlala matlapana.”—Diane 20:17.
AGO a tlhokega gore motho a dire ditiro tsa go sa ikanyege gore a atlege mo kgwebong? Karabo ke nnyaa. Tota e bile, gantsi go sa ikanyege go baka mathata. Ka ntlha yang? Ka gonne bothokgami bo dira gore batho ba go tshepe, e leng selo se se botlhokwa gore o nne le katlego e e nnelang ruri.
Botlhokwa Jwa go Ikanngwa
Go itsiwe o le motho yo o ikanyegang go ama katlego ya gago—e ka tswa o lemoga kgotsa o sa lemoge. Se se diragaletseng Franz, yo o nopotsweng mo setlhogong se se fetileng, se bontsha seno sentle. A re: “Fa ke ne ke simolola go berekela bathapi ba me, ba ne ba leka boikanyegi jwa me ka dilo di le dintsi ke sa itse. Mme fa ke ne ke tla go itse ka seo moragonyana, ke ne ka fitlhela gore ke dirile sentle. Ka ntlha ya seo, ke ne ka newa maikarabelo a a oketsegileng le kgololesego e e oketsegileng mme bathapi ba me ba ne ba nteboga ka ntlha ya boikanyegi jwa me. Ke a itse gore go na le batho ba bangwe ba ba ka dirang tiro ya me botoka le ba ba leng botlhale go mpheta. Le fa go ntse jalo, ke akanya gore ke sa ntse ke na le tiro ya me ka go bo bathapi ba me ba ntshepa.”
Tila Dikotsi Tse di sa Tlhokegeng
David, rakgwebo yo o nopotsweng mo setlhogong se se fetileng, a re: “Fa ke ntse ke lebeletse batho ba tlola melao gore ba bone melemo ya nakwana, ke ne ke a tle ke ipolelele jaana, ‘O ka se tile ditlamorago tsa ditiro tse o di dirang.’ Ka mafoko a mangwe, kgabagare ditiro tsa go sa ikanyege di tla go tlisetsa mathata ka tsela nngwe. Re ile ra gana ditshono di le dintsi tsa kgwebo tse di belaetsang. Dikhampani di le dintsi tse di ileng tsa nna le seabe mo ditirong tseno, moragonyana di ne di sa tlhole di le gone mme batho bangwe ba ne ba sekisiwa. Khampani ya rona e ile ya tila dikotsi tse di ntseng jalo.”
Fa Ken a ne a simolola polasi ya dikgomo kwa borwabotlhaba jwa Afrika, a ka bo a ile a raelesega go naya badiredibagolo pipamolomo go dira gore diphologolo di romelwe ka bonako le gore ba mo thuse go tila go duela makgetho. A re: “Beng ba bantsi ba dipolasi ba ne ba dirisa mokgwa ono o o tlwaelegileng. E re ka re ne re dira dilo ka boikanyegi, go ne ga re tsaya dingwaga di le lesome gore polasi ya rona e simolole go bereka. A go ikanyega go ile ga re solegela molemo? Ee! Batho ba ba neng ba ntshitse dipipamolomo ba ne ba nnela go tshwenngwa ke badiredibagolo ba ba tlolang molao, ba ba batla madi a a oketsegileng.”
Go Lepalepana le Mathata a Ikonomi
Fa kgwebo e e sa direng sentle e lebana le go phutlhama, kgatelelo ya go batla go sa ikanyege e nna kgolo. Le fa go ntse jalo, maemo a a ntseng jalo a ka senola botlhokwa jwa go itsiwe o le motho yo o ikanyegang.
Akanya ka sekai sa ga Bill, yo kgwebo ya gagwe ya go aga e neng ya phutlhama ka nako ya fa kgwebo ya matlo kwa United States e neng e phutlhama ka yone. O bolela jaana: “Bontsi jwa bareki ba rona ba bagolo ba ne ba latlhegelwa ke dikgwebo tsa bone mme ba ne ba re kolota madi a mantsi thata. Fa go ne lebega go se na tsholofelo, ke ne ka ya kwa khampaning e e tshwanang le ya rona go bona gore a ba ka hira bangwe ba rona. Diura di le 48 morago ga kokoano ya rona, ba ne ba swetsa ka gore ba hire nna le bontsi jwa bathapiwa ba me. Ke ne ka bolelelwa gore ditirelo tsa me tse di molemo le boikanyegi jwa me di itsiwe gongwe le gongwe.”
Batho botlhe ba go buiwang ka bone fa godimo ke Basupi ba ga Jehofa. Melao ya dikgwebo tsa bone, fela jaaka go ntse le ka dikarolo tsotlhe tsa matshelo a bone, e theilwe mo Baebeleng. Jaaka o bona, go na le gore go ikanyega ga bone go thibele gore dikgwebo tsa bone di atlege, go ba solegetse molemo.
Le fa go ntse jalo, ka metlha go tla nna le maemo a mo go one go sa ikanyegeng go lebegang go lere melemo. A go nna le madi ke gone fela go go bontshang gore o atlegile?
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Go itsiwe o le motho yo o ikanyegang go ama katlego ya gago—e ka tswa o lemoga kgotsa o sa lemoge
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
“Ke ne ka bolelelwa gore ditirelo tsa me tse di molemo le boikanyegi jwa me di itsiwe gongwe le gongwe.”—Bill, United States