Kgwebo ya Gago e Tla go Tlhoka Eng?
MOSADI wa poresidente ya naga nngwe ya kwa Amerika Borwa o ne a latofadiwa ka go romela makgolo a le dikete a diranta kwa dikhampaning tsa boferefere tse di tlhomilweng ke ba lelapa la gagabo. Monna mongwe wa moemedi wa kgwebo nngwe wa Moindia wa dingwaga tse 38 o ne a tshwarwa, a tseelwa ntlo ya gagwe ya manobonobo le dikoloi tsa gagwe tse 29 ka ntlha ya go bo a nnile le seabe mo go utsweng diranta di le dimilione di le dikete tse 5,8 kwa bankeng le mo mmarakeng wa madi. Kwa Philippines, diketekete tsa baagi ba setlhaketlhake sengwe ba itshedisa ka go dira ditlhobolo tsa matsogo tse di seng kafa molaong. Mme gore ba tswelele ka kgwebo eno ya bone, ba duela balaodi madi a pipamolomo gore ba se ka ba ba tshwara.
Ee, go sa ikanyege le go tsietsa mo kgwebong ke dilo tse di tlwaelegileng mo lefatsheng lotlhe. Mme gantsi go tseela batho ba ba go dirang seriti le go ba jela madi.
Mme go tweng ka wena? A o na le kgwebo? Kgotsa a o akanyetsa go simolola kgwebo? E tla go tlhoka eng? Kwantle ga pelaelo go nna le kgwebo go tla go tlhoka sengwe. Mme gone, ga se gore ke selo se se sa siamang. Lefa go ntse jalo, go botlhale gore motho a bale ditshenyegelo pele ga a ka simolola kgwebo kana a dira ditshwetso kaga kgwebo e e setseng e le teng. (Luke 14:28) Lebokoso le le mo go tsebe 31 le bontsha dingwe tsa dilo tse o tla batlang go di akanyetsa.
Gone mme go nna le kgwebo ga go motlhofo. Go na le maikarabelo a semoya le a boitsholo ao Mokeresete o tshwanetseng go a akanyetsa. A o ka kgona go dira dilo tse di tlhokegang mo go yone mme a nna a ntse a lekalekanye mo semoyeng? A dilo dingwe tse e go tlhokang tsone ke tse o ka se keng wa di amogela? Ke melaometheo efe e e ka thusang go lemoga gore ke dilo dife tse motho o ka di amogelang le tse motho a ka se di amogeleng?
Baya Madi mo Maemong a a Siameng
Gore motho a kgone go tsamaisa kgwebo ya gagwe o tlhoka madi, mme o solofela gore e tla dira madi a a lekaneng go tlhokomela ba lelapa la gagwe. Lefa go ntse jalo, mekgele e motho a e ipeelang yone ka madi e ka nna ya fapoga bofefo fela. Motho a ka nna a simolola go nna bogagapa. Batho ba bangwe ba beela sengwe le sengwe kwa thoko fa go tla mo go tsa madi. Mme le fa go ntse jalo, mokwadi mongwe wa buka ya Baebele ya Diane, e bong Agure, o ne a bontsha pono e e lekalekanyeng fa a ne a re: “O se ka wa nnaya khumanego le fa e le khumo; nkotla ka dijo tse di ntekanyeng.” (Diane 30:8) O ne a lemoga mosola wa go kgotsofalela dilo tse di lekaneng tse motho a di tlhokang—o ne a sa gagamalele go “dira mausausa,” jaaka bangwe ba tle ba bue mo kgwebong.
Mme gone, bogagapa bo ka dira gore motho a lebale molaomotheo ono fa go tla tshono e a se kitlang a e bona gape. Modiredi mongwe yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa wa kwa nageng nngwe e e santseng e tlhabologa o ne a fa pego kaga seno. Khampani nngwe e e neng e tlhoka madi mangwe a kgwebo e ne ya dira gore batho ba ba neng ba ka beeletsa mo go yone ba akanye gore ba tla boelwa ke madi a bone go menagane gabedi, gongwe mo e ka nnang mo dikgweding di le mmalwa fela. Tsela eno ya go dira madi ka bonako e ne ya dira gore ba le bantsi ba beeletse madi a bone mo go yone. Molebedi yono yo o etang o ne a re: “Ba bangwe ba ne ba itlhaganelela go tsena mo go yone. Ga ba a ka ba sekaseka kgang eno ka botlalo, mme ba ne ba adima madi [go beeletsa].”
Mme go farologana le bone, batho bangwe ba le babedi ba ne ba ya go tlhotlhomisa kwa diofising tsa khampani eno pele ga ba ka beeletsa madi a bone. Kopo ya bone ya gore ba bone madirelo a khampani eo e ne ya ganwa. Seno se ne sa dira gore ba belaele gore a tota khampani eno e ne e ikanyega. Seno se ne sa ba thusa ka gonne mo dibekeng di le mmalwa fela, go ne ga senolwa gore khampani eno e ne e dira ka boferefere, mme ga tshwarwa batho bangwe. A o ko o akanye fela gore ba ba ileng ba beeletsa madi a bone moo kwantle ga go tlhotlhomisa ba ne ba latlhegelwa jang. Ga ba a ka ba latlhegelwa ke madi fela mme gongwe le ditsala tse di ileng tsa ba adima madi mme morago ba se ka ba kgona go di a busetsa fa khampani eo e sena go wa. Fa go tla mo dikgannyeng tsa madi, a bo go le botlhale jang ne go dirisa molaomotheo o o mo go Diane 22:3: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela, mme ba utlwe botlhoko ka gone”!
Ikanyege mo Ditumalanong Tsa Gago
Mme go tweng fa kgwebo ya gago e sa atlege sentle? Pesalema 15:4 e akgola motho yo o ikanyegang mo ditumalanong tsa gagwe lefa seo se se kitla se mo solegela molemo: “Yo e a reng a ikutlwisitse botlhoko ka go ikana ga gagwe, a se ke a fetoge.” Go motlhofo gore motho a ikanyege mo ditumalanong tsa gagwe fa dilo di santse di mo tsamaela sentle. Mme seno se ka leka bothokgami jwa motho fa a ka latlhegelwa ke madi.
Gakologelwa sekai sa Baebele ka nako ya ga Joshua. Bagibiona ba ne ba dira gore dikgosana tsa Iseraele di dire kgolagano le bone ya gore ga ba kitla ba ba nyeletsa. Mme tota, ba ne ba le karolo ya setšhaba se se neng se bonala se tshosetsa Iseraele. Mme fa leano la bone le ne la lemogiwa, “bana ba Iseraele ba se ka ba ba kgemetha, ka dikgosana tsa phuthego di ba ikanetse ka Jehofa.” (Jošua 9:18) Lefa setlhopha seno se ne se tswa mo babeng ba bone, dikgosana di ne di bona go le botlhokwa gore di ikanyege mo maikanong a di neng di a dirile. Mme ditiragalo tse di neng tsa latela di bontsha gore Jehofa o ne a itumelela seo.—Jošua 10:6-11.
A le wena o tla boloka maikano le dikgolagano tsa gago lefa dilo di sa tsamaye ka mokgwa o o neng o akanya gore di tla tsamaya ka one?a Go dira jalo go tla dira gore o tshwane thata le Jehofa, yo o nnang mo lefokong la gagwe ka metlha.—Isaia 55:11.
Ikanyege
Go ikanyega mo kgwebong ke selo se se nyelelang, fa e le gore gone se santse se le teng gompieno. Bangwe ba ba nang le kgwebo e e tshwanang le ya gago ba ka nna ba dirisa ditsela tse di sa ikanyegeng go oketsa madi a ba a dirang mo kgwebong. Ba ka nna ba dira diphasalatso tse di sa ikanyegeng. Ba ka nna ba utswa leina la khampani e nngwe mme ba le tsenye mo dilong tsa bone tse ba di rekisang. Kana ba ka nna ba dira gore selo sa boleng jo bo kwa tlase se lebege e kete ke sa boleng jo bo kwa godimo. Dilo tseno tsotlhe ke mefuta ya go sa ikanyege. Ba ba dirang dilo tseno ba ntse jaaka “baikepi” bao go ya ka Asafe, “ba totelwa ke dikhumo,” gongwe e le ka tsela e e tsietsang.—Pesalema 73:12.
A wena, jaaka Mokeresete, o tla dirisa ditsela tse di seng kafa molaong? Kana a bogolo o tla laolwa ke ditekanyetso tsa Baebele, tse di ntseng jaaka: “Ga re a ka ra siamololela ope, ga re a ka ra bodisa ope, ga re a ka ra jela ope”; “re baketse dilo tse di fitlhegileng tsa ditlhong, re sa tsamaye mo boferefereng”; “dibokete tsa selekanyo tse di fapaanyeng ke sefedisapelo mo go Jehofa; le selekanyo sa pego sa tsietso ga se molemo”? (2 Bakorinthe 4:2; 7:2; Diane 20:23) Gakologelwa gore, mosimolodi wa go sa ikanyege ga se ope fa e se Satane Diabolo, “rra one maaka.”—Johane 8:44.
Bangwe ba ka nna ba ganetsa mme ba re: ‘Ga go kgonege gore motho a atlege mo kgwebong fa a sa dirise ditsela tse di sa ikanyegeng fela jaaka ba bangwe ba dira.’ Ke gone moo mo Mokeresete a ka bontshang tumelo ya gagwe mo go Jehofa. Boikanyegi jwa motho bo itshupa fa e le gore o tlile go latlhegelwa ke sengwe. Go bua gore motho a ka se kgone go itshedisa kwantle ga fa a sa tsietse go tshwana fela le go bua o re Modimo ga a amege ka batho ba ba mo ratang. Motho yo o nang le tumelo ya boammaaruri mo go Jehofa o itse gore Modimo o tlhokomela batlhanka ba gagwe mo nageng epe le mo maemong ape fela. (Bahebere 13:5) Gone ke boammaaruri, o ka nna wa tshwanelwa ke gore o kgotsofalele go dira madi a a kwa tlase mo go a batho ba ba sa ikanyegeng ba a bonang, mme a seno ga se sengwe se motho a ka se duelelang gore a tle a bone masego a Modimo?
Gakologelwa, go sa ikanyege go ntse jaaka sengwe se e reng o se latlhela kwa, se boele gape mo go wena. Fa go bonala gore rakgwebo ga a ikanyege, batho ba ba rekang mo go ene le ba a rekang dilo mo go bone ba ka nna ba mo tlogela. O ka nna a ba tsietsa mo lekgetlhong la ntlha mme seo e tla nna labofelo. Mme mo letlhakoreng le lengwe, rakgwebo yo o ikanyegang o ka gapa tlotlo ya batho ba bangwe. Tlhokomela gore o se ka wa tsiediwa ke kgopolo e e phoso ya gore, ‘Mongwe le mongwe wa go dira, ka jalo go siame.’ Molaomotheo wa Baebele ke gore, “O se ka wa sala bontsi morago mo go direng bosula.”—Ekesodo 23:2.
Mme go tweng fa e le gore mogwebimmogo le wena wa nako e telele ga se Mokeresetekawena mme ga a latele melaometheo ya Baebele ka dinako tsotlhe. A go tla bo go siame go dirisa seno jaaka seipato gore o tile maikarabelo a gago fa sengwe se se seng kafa Dikwalong se dirwa? Gakologelwa dikai tse di tshwanang le Adame le Saule. Go na le gore ba tile go dira boleo, ba ne ba ineela mo kgatelelong ya ba bangwe mme ba pega balekane ba bone molato. A bo ba ile ba latlhegelwa jang ne!—Genesise 3:12, 17-19; 1 Samuele 15:20-26.
Dirisana Sentle le Badumedikawena
A go na le dilo tse o tshwanetseng go di akanyetsa fa o dira kgwebo le baobamedimmogo ba ga Jehofa? Fa moperofeti Jeremia a ne a reka lotlhagare kwa lefelong la gabone kwa Anathothe mo go ntsalae, ga a ka a mo duela madi fela le go mo leboga. Go na le moo o ne a re: “Ka kwala dikwalo tsa tlhomamiso, ka kana longwe, mme ka bitsa basupi, ka mo lekanyetsa madi ka selekanyo sa pego.” (Jeremia 32:10) Go dira ditumalano tse di ntseng jalo tse di kwadilweng go ka thibela gore go se ka ga nna le go sa utlwane fa nako e ntse e ya fa maemo a fetoga.
Mme go tweng fa e le gore mokaulengwe wa Mokeresete o ile a go tshwara ka tsela e e sa siamang mo kgwebong? A o tshwanetse go mo isa kwa kgotlatshekelong? Baebele e phepafetse tota mo go seno. “A e ntse jaana, fa mongwe mo go lona a na le kgang le wa ga gabo, a se ke a boife go ya go seka fa pele ga ba ba sa siamang, a sa ye fa pele ga baitshepi bogolo?” ga botsa jalo Paulo. Go tweng fa e le gore bothata bongwe ga bo a ka jwa rarabololwa ka tsela e e kgotsofatsang ka nako eo? Paulo o oketsa ka go re: “E setse e le molato fela mo go lona, ka lo na le ditshekisanyo. Ga lo itshokeleleng tshiamololo bogolo? Ga lo iteseleletseng go patikwa bogolo?” A o ko o akanye fela gore go tla tlisa lotshwao lo lo maswe jang mo phuthegong ya Bokeresete fa batho ba ba kwantle ba ka utlwa gore Bakeresete ba boammaaruri ba lwantshana kwa kgotlatshekelong! A e ka bo e le gore mo kgannyeng e e ntse jalo lorato lwa madi lo feta lorato lwa bokaulengwe? Kana o ile wa nyadiwa mo o batlang go ipusolosetsa jaanong? Kgakololo ya ga Paulo e bontsha gore mo mabakeng a a ntseng jaana go tla bo go le botoka go ineelela go latlhegelwa go na le gore o ye kwa kgotlatshekelong.—1 Bakorinthe 6:1, 7; Baroma 12:17-21.
Mme legale, go na le tsela e e kafa Dikwalong eo dikgang tse di ntse jalo di ka rarabololwang mo phuthegong. (Mathaio 5:37; 18:15-17) Go thusa bakaulengwe ba ba amegang gore ba latele dikgato tse di akantshiwang, balebedi ba Bakeresete ba ka nna ba naya botlhe ba ba amegang kgakololo e e tshwanetseng e e ka ba thusang. Go ka nna motlhofo go dumalana le melaometheo ya Baebele mo dipuisanong tse di ntseng jalo, mme a o tla bontsha moragonyana gore o ile wa reetsa sentle ka go dirisa kgakololo eo? Re tla patelesega go dira seo fa re rata Modimo le Bakeresetekarona.
Kwantle ga pelaelo, go nna le kgwebo go tla go batla dilo dingwe. Mme re solofela gore go tla go batla dilo tse di siameng. Fa e le gore o tshwanetse gore o dire ditshwetso kana o lebane le boemo jo bo belaetsang, gakologelwa gore go na le dilo di le dintsi mo botshelong tse di botlhokwa thata go gaisa madi. Ka go boloka madi mo maemong a one, re boloka lefoko la rona, re ikanyega, le go dirisana ka tsela ya Bokeresete le bagwebimmogo, re ka tlhomamisega gore kgwebo ya rona ga e ne e re batla nako le madi tse dintsi go feta selekanyo, e bile re nna re ntse re na le ditsala, segakolodi se se siameng, le kamano e ntle le Jehofa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona sekai sa segompieno sa go boloka lefoko la gago mo dikgannyeng tsa kgwebo, bona setlhogo se se reng “Go diragatsa Maikano Ame” mo go Tsogang! (ya Seesemane) ya May 8, 1988, ditsebe 11-13.
[Lebokoso mo go tsebe 31]
Dilo Tse Kgwebo ya Gago e Ka go Di Tlhokang
Nako: Go nna le kgwebo ya gago gantsi go go tlhoka nako e e fetang e o ka bong o e bereka kwa khampaning nngwe. A seno se tla ama thulaganyo ya gago, se go utswela nako ya go dira ditiro tse di botlhokwa tsa semoya? Mme fa re bua sentle, a o tla kgona go rulaganya mabaka a gago jaana gore o tle o dirise nako e e oketsegileng mo go direng thato ya Modimo? Fa go le jalo, go siame. Mme o ikele tlhoko! Go motlhofo go bua go na le go go dira.
Madi: Gore o dire madi a mantsi go go tlhoka gore o nne le madi. Kgwebo ya gago e tlhoka madi a makae? A o setse o na le madi? Kgotsa a o tla tshwanela gore o adime? A o ikemiseditse go latlhegelwa ke mangwe a one? Kana a ga o kitla o kgona go itshoka fa dilo di sa tsamaye jaaka o ne o solofetse?
Ditsala: Ka ntlha ya mathata a a nnang gone letsatsi le letsatsi mo dikgwebong, borakgwebo ba le bantsi ba ile ba latlhegelwa ke ditsala tsa bone. Lefa go ka kgonega gore motho a dire ditsala, go ka nna ga direga gore lo nne le dikgogakgogano. Go tweng fa e le gore ditsala tseno ke bakaulengwe ba rona ba Bakeresete?
Segakolodi se se Siameng: Puo e e tlwaelegileng thata mo lefatsheng mo go tsa kgwebo gompieno ke go re “Wa ja, wa jewa” kana “Ke tla bona eng?” Mo patlisisong e e neng ya dirwa kwa Yuropa, 70 lekgolong ya baithuti ba ne ba bontsha gore ga go kgonege gore motho a ka atlega fa a ikanyega mo kgwebong. Ga go gakgamatse go bo go tsietsa, go sa ikanyege le ditsela tse di belaetsang tsa kgwebo e le dilo tse di tlwaelegileng thata jaana. A le wena o tla raelesega gore o dire jalo?
Kamano ya Gago le Jehofa: Ditsela dife fela tsa kgwebo tse di kgatlhanong le melao le melaometheo ya Modimo, lefa di ka bo di tlwaelegile mo kgwebong, di ka senya kamano ya motho le Modiri wa gagwe. Seno se ka dira gore a latlhegelwe ke tsholofelo ya gagwe ya go tshelela ruri. A mme seno e tla bo e se tatlhegelo e kgolo mo Mokereseteng yo o ikanyegang, lefa gone a ka solegelwa molemo mo dilong tse di bonalang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Ke eng se se ka thusang gore go tilwe go nna le go sa utlwane mo nakong e e tlang? A ke go dumalana fela ka molomo kana tumalano e e kwadilweng?