Dira Gore Temogo e go Dibele
“Tlhalemaleje e tlaa go tlhodumela, [temogo e tla go dibela, NW].”—DIANE 2:11.
1. Temogo e ka re dibela mo go eng?
JEHOFA o batla gore o nne le temogo. Ka ntlha yang? Ka gonne o a itse gore e tla go dibela mo dikotsing tse di farologaneng. Diane 2:10-19 e simolola ka go re: “Gonne botlhale bo tlaa go tsena mo pelong, le kitso e tlaa nna monate mo moweng wa gago; tlhalemaleje e tlaa go tlhodumela, [temogo e tla go dibela].” E go dibela mo go eng? Mo dilong tse di jaaka ‘tsela e e bosula,’ batho ba ba tlogelang ditsela tsa tshiamo, le ba ba tlwaetseng go fapoga mo botshelong jwa bone.
2. Temogo ke eng, mme ke mofuta ofe wa yone o Bakeresete ba o eletsang thata?
2 Gongwe o tla gakologelwa gore temogo ke tsela e mogopolo o kgonang go farologanya dilo ka yone. Motho yo o nang le temogo o bona kafa megopolo kana dilo di farologanang ka teng e bile o bona dilo fela jaaka di ntse. Jaaka Bakeresete, se re se batlang thata ke go nna le temogo ya semoya e e theilweng mo kitsong e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo. Fa re ithuta Dikwalo, go nna jaaka e kete re epa ditena tse di bopang temogo ya semoya. Se re se ithutang se ka re thusa go dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa.
3. Re ka bona temogo ya semoya jang?
3 Fa Modimo a ne a botsa Kgosi Solomone wa Iseraele gore o batla masego afe, mmusi yono yo mmotlana o ne a re: “Ke gone naya motlhanka wa gago pelo e e tlhaloganyang gore a tle a atlhole tšhaba ya gago, gore ke farologanye molemo le bosula.” Solomone o ne a kopa temogo, mme Jehofa o ne a e mo naya ka selekanyo se se sa tlwaelegang. (1 Dikgosi 3:9; 4:30) Gore re nne le temogo, re tshwanetse go rapela, e bile re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo re dirisa dikgatiso tse di re fang lesedi tse re di neelwang ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Seno se tla re thusa gore re nne le temogo ya semoya ka selekanyo se se tla dirang gore re ‘nne banna mo tlhaloganyong,’ re kgone go “lemoga molemo le bosula.”—1 Bakorinthe 14:20; Bahebere 5:14.
Go Tlhokega Thata go Nna le Temogo
4. Go tewang go nna le leitlho le le ‘sa raraanang,’ mme go ka re solegela molemo jang?
4 Fa re na le temogo e e tshwanetseng, re ka dira go dumalana le mafoko ano a ga Jesu Keresete: “Mme batlang pele bogosi jwa [Modimo] le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse [di bonalang] lo tlaa di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Gape Jesu o ne a re: “Lobone lwa mmele ke leitlho la gago. Fa leitlho la gago le sa raraana, mmele otlhe wa gago le one o tletse lesedi.” (Luke 11:34, NW) Leitlho ke lobone lwa tshwantshetso. Fa leitlho le “sa raraana,” le ka ikanngwa, le bona mo dintlheng tsotlhe. Fa re na le leitlho le le ntseng jalo, re ka bontsha temogo re bo re tsamaya re sa kgopiwe mo semoyeng.
5. Malebana le ditirisano tsa kgwebo, ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa se se malebana le boikaelelo jwa phuthego ya Bokeresete?
5 Batho ba bangwe ba paletswe ke go nna le leitlho le le sa raraanang, ba raraantse matshelo a bone le matshelo a batho ba bangwe ka ditirisano tse di gogelang tsa kgwebo. Mme re tshwanetse go gakologelwa gore phuthego ya Bokeresete ke “lekotwana le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15) Fela jaaka dipilara tsa kago nngwe, phuthego e tshegetsa boammaaruri jwa Modimo, e seng thulaganyo ya motho ope ya kgwebo. Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di sa tlhomelwa go rotloetsa dikgang, dithoto, kana ditirelo tsa kgwebo. Re tshwanetse ra ithiba go tsweledisa dikgang tsa rona tsa kgwebo kwa Holong ya Bogosi. Temogo e re thusa go bona gore Diholo Tsa Bogosi, Dithuto Tsa Buka Tsa Phuthego, dikopano tse dinnye le dikopano tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa ke mafelo a gore Bakeresete ba kopane mmogo le gore ba tlotle ka dilo tsa semoya. Fa re ne re ka dirisa ditirisano tsa semoya go rotloetsa mofuta ope fela wa kgwebo, a seno se ne se ka se bontshe go sa anaanele dilo tsa semoya ka tsela nngwe? Le ka motlha ditirisano tsa phuthego ga di a tshwanela go dirisiwa ka tsela ya bopelotshetlha ya go ikokoanyetsa madi.
6. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go rekisa kana go rotloetsa dilwana le ditirelo tsa kgwebo kwa dipokanong tsa phuthego?
6 Batho bangwe ba ile ba dirisa ditirisano tse di amanang le puso ya Modimo go rekisa dithuso tsa botsogo kana tsa go intlafatsa, dilo tse di nang le dibithamine, ditirelo tsa ditlhaeletsanyo, dilwana tsa kago, go rotloetsa bojanala, dithulaganyo tsa khomputara le didirisiwa tsa tsone, jalo le jalo. Lefa go ntse jalo, dipokano tsa phuthego ga se lefelo la go rekisetsa kana go rotloetsa dilwana kana ditirelo tsa kgwebo. Re ka lemoga molaomotheo o o dirang fano fa re gakologelwa gore Jesu o ne a “lelekela tsotlhe kwa ntle ga tempele, dinku le dikgomo; le madi a ba ba a ananyang a a goromeletsa fa fatshe, le dimati tsa bone a di pitikolola; ba ba rekisang maphoi a ba raya a re: ‘Tlosang dilo tse fa; se ntsheng ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.’”—Johane 2:15, 16.
Go Tweng ka go Tsadisa Madi?
7. Ke ka ntlha yang fa temogo le go nna kelotlhoko di tlhokega malebana le go tsadisa madi?
7 Go tlhokega temogo le go nna kelotlhoko fa motho a tsadisa madi ka go a tsenya mo dikgwebong tse di santseng di simologa. A re re gongwe mongwe o batla go adima madi a gago a bo a solofetsa jaana: “Ke go tlhomamisetsa gore o tla boelwa ke madi a mantsi tota.” “Ga o ka ke wa latlhegelwa ke sepe. Ke selo se se tlhomameng.” Ela tlhoko fa mongwe a go tlhomamisetsa ka tsela e e ntseng jalo. A ka tswa a sa lebe dilo kafa di ntseng ka teng kana a sa ikanyege, ka gonne go tsadisa madi ga se selo se o ka tlhomamisegang ka sone. Tota e bile, batho ba ba loleme lo borethe, ba ba boikepo ba ile ba tsietsa maloko a phuthego. Seno se re gopotsa “batho ba ba sa reng Modimo sepe” ba ba neng ba kukunela mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga mme ba ‘fetola tshegofatso ya Modimo seipato sa go dira bopepe.’ Ba ne ba tshwana le mafika a a kafa tlase ga metsi a a neng a ka sega batho ba ba thumang a bo a ba bolaya. (Juta 4, 12) Gone ke boammaaruri gore boikaelelo jwa batsietsi ba ba bogagapa bo farologane le joo, mme le bone ba tlhasela maloko a phuthego.
8. Ke eng se se neng sa diragalela dikgwebo tse di santseng di simologa tse go neng go bonala di na le morokotso?
8 Tota le Bakeresete ba ba nang le maitlhomo a mantle ba ile ba itsise ba bangwe kaga ditsela tse go neng go bonala di atisa madi tsa kgwebo e e santseng e simologa, mme bone mmogo le ba ba neng ba sala sekao sa bone morago, ba ile ba latlhegelwa ke madi a ba neng ba re ba a a tsadisa. Ka ntlha ya seo, Bakeresete ba le mmalwa ba ile ba tseelwa ditshiamelo mo phuthegong. Fa dikgwebo tse di santseng di simologa tse go tweng di humisa ka bonako di senoga gore ke dithulaganyo tsa boferefere, motho yo e leng ene fela a boelwang ke motsietsi, a bo a tsena ka lenga la seloko ka bonako fela. Temogo e ka thusa motho jang gore a tile maemo a a ntseng jalo?
9. Ke ka ntlha yang fa temogo e tlhokega malebana le go tlhatlhoba dilo tse di bolelwang gore di tsadisa madi?
9 Temogo e kaya go kgona go tlhaloganya selo se se fitlhegileng. Seno se botlhokwa gore re kgone go tlhatlhoba dilo tse di bolelwang gore di tsadisa madi. Bakeresete ba a tshepana, mme ba bangwe ba ka nna ba akanya gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya ba ka se tsenelele dikgwebo tse di santseng di simologa tse di jelang badumedikabone madi. Mme lebaka la go bo rakgwebo e le Mokeresete ga le tlhomamise gore ke setswerere mo dikgannyeng tsa kgwebo kana gore kgwebo ya gagwe e tla atlega.
10. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba bangwe ba adima madi a kgwebo mo badumeding ka bone, mme ke eng se se ka nnang sa diragalela ditsela tseo tsa go tsadisa madi?
10 Bakeresete bangwe ba batla gore badumedikabone ba ba adime madi a go simolola kgwebo ka gonne makgotla a a itsegeng a a adimanang ka madi a ka se ka a ba adima madi a ba tla a dirisang mo dikgwebong tsa bone tse di sa tlhomamang. Batho ba le bantsi ba ile ba tsiediwa gore ba dumele gore ka go tsadisa madi a bone fela, ba ne ba ka nna le madi a a boitshegang ka bonako mme ba sa dira tiro e ntsi kana gongwe ba sa dira tiro epe gotlhelele. Batho bangwe ba rata go tsadisa madi ka go bo go dira jalo go lebega go gogela, ba bo ba latlhegelwa ke madi botshelo jwa bone jotlhe! Mokeresete mongwe o ne a tsadisa madi ka go tsenya madi a mantsi mo kgwebong, a solofetse go boelwa ke morokotso wa diperesente tse 25 mo dibekeng di le pedi fela. Madi ao otlhe a ne a jelwe fa go bolelwa gore khampane eo e ole. Mo kgwebong e nngwe e e santseng e simologa, mongwe yo o tlhabololang ditsha o ne a adima madi a mantsi mo go ba bangwe mo phuthegong. O ne a solofetsa go ba busetsa morokotso o o kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang. Kgwebo ya gagwe e ne ya wa, madi a a neng a a adimile a jewa.
Go Phutlhama ga Dikgwebo Tse di Santseng di Simologa
11. Ke kgakololo efe e Paulo a neng a e naya e e malebana le bogagapa le go rata madi?
11 Go phutlhama ga dikgwebo go ile ga dira gore Bakeresete bangwe ba ba neng ba tsena mo dikgwebong tse di santseng di simologa tse di sa tlhomamang ba kgobege marapo ba bo ba tsidifale mo semoyeng. Go sa letle temogo gore e ba dibele go ile ga dira gore batho bao ba tlale kutlobotlhoko le letlhoo. Bogagapa bo digetse batho ba le bantsi mo serung. Paulo o ne a kwala jaana: “A . . . bogagapa bo se ka jwa umakwa mo go lona, jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo.” (Baefeso 5:3, NW) Mme o ne a tlhagisa jaana: “Ba ba eletsang go huma ba tle ba wele mo thaelong, le mo serung le mo dithatong di le dintsi tsa bosilo, le tse di senyang, tse di nwets[a]ng batho mo tshenyegong le mo tatlhegong. Gonne go rata madi ke modi wa masula mangwe le mangwe otlhe, ke mo e rileng bangwe ba go gwalalela, ba timelwa ke tumelo, mme ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.
12. Fa Bakeresete ba dira kgwebo mmogo, ke eng se ba tshwanetseng go se gakologelwa thata?
12 Fa Mokeresete a ne a ka simolola go rata madi, o ne a ka ipakela mathata a magolo a semoya. Bafarasai ba ne ba rata madi, mme oo ke mongwe wa mekgwa ya batho ba mo metlheng eno ya bofelo. (Luke 16:14; 2 Timotheo 3:1, 2) Go farologana le seo, Mokeresete o tshwanetse gore a “ikgolole mo go rateng khumo ya madi” mo botshelong jwa gagwe. (Bahebere 13:5) Mme gone, Bakeresete ba ka dira kgwebo mmogo kana ba simolola dikgwebo mmogo. Lefa go ntse jalo, fa ba dira jalo, metlotlo le dipuisano di tshwanetse gore di se ka tsa amanngwa le dikgang tsa phuthego. Mme gakologelwang: Tota le fa o dirisana le bakaulengwe ba semoya, ka metlha kwalang ditumalano tsa kgwebo. Sengwe se se ka thusang thata mo ntlheng eno ke kgang e e nang le setlhogo se se reng “E Kwaleng!,” e e gatisitsweng mo go Tsogang! ya February 8, 1983, ditsebe 13 go ya go 15, (ka Seesemane).
13. O ka dirisa Diane 22:7 jang mo dikgwebong tse di santseng di simologa?
13 Diane 22:7 e re bolelela jaana: “Moadimi ke motlhanka wa yo go adingwang mo go ene.” Gantsi ga go botlhale go ipaya kana go baya mokaulengwe wa rona mo boemong jwa go nna motlhanka. Fa motho mongwe a kopa gore re mo adime madi a a tla a dirisang mo kgwebong e e santseng e simologa, go ka nna botlhale go akanyetsa gore a o tla kgona go busa madi ao. A o itsewe e le motho yo o ka tshepiwang le yo o ikanyegang? Ke boammaaruri gore re tshwanetse ra lemoga gore go mo adima madi jalo go ka nna ga felela ka gore re latlhegelwe ke madi ao ka gonne dikgwebo di le dintsi tse di santseng di simologa di a phutlhama. Lebaka fela la gore go dirilwe tumalano ga le tlhomamise gore kgwebo e e santseng e simologa e tla atlega. Mme ruri ga go botlhale ka motho ope gore a tsadise madi ka go tsenya madi a mantsi thata mo kgwebong e e simololang e a ka nnang a jewa mo go yone.
14. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bontsha temogo fa re adimile Mokeresetekarona madi yo kgwebo ya gagwe e phutlhamang?
14 Re tshwanetse go bontsha temogo fa e le gore re adimile Mokeresete mongwe madi gore a a dirise mo kgwebong, mme madi ao a ile, lefa go sa dirwa sepe sa go tlhoka boikanyegi. Fa e le gore go phutlhama ga kgwebo e ne e se molato wa modumedikarona yo o adimileng madi mo go rona, a re ka re o re diretse phoso ka tsela nngwe? Nnyaa, ka gonne ke rona re mo adimileng madi ka go rata, gongwe e bile re ntse re ja morokotso wa teng, mme ga go a dirwa sepe sa go tlhoka boikanyegi. Ka gore ga go a dirwa sepe sa go tlhoka boikanyegi, ga re na lebaka lepe la gore re sekise kafa molaong motho yo o adimileng madi. Mosola e ka nna ofe fa o sekisa Mokeresetekawena yo o ikanyegang gore a go duele mme a ile a tshwanelwa ke go kwadisa kafa molaong gore kgwebo ya gagwe e ole, e le ka gonne kgwebo e e neng e simologa e e neng e simolotswe ka maitlhomo a mantle e phutlhame?—1 Bakorinthe 6:1.
15. Ke dintlha dife tse di tlhokang go sekasekiwa fa go boletswe kafa molaong gore kgwebo e ole?
15 Ka dinako tse dingwe batho ba ba senyegelwang ke dikgwebo ba leka go ikgolola ka go bolelela molao gore kgwebo e ole. E re ka Bakeresete ba sa tshwanela go tlhokomologa dikoloto, lefa ba setse ba golotswe kafa molaong mo dikolotong dingwe, bangwe ba ile ba ikutlwa ba tshwanela go duela dikoloto tse di phimotsweng fa e le gore batho ba ba neng ba ba kolota le bone ba ka dumela go duelwa. Mme go tweng fa mongwe yo o adimileng madi a mokaulengwe wa gagwe a ne a ka latlhegelwa ke madi ao mme go tswa foo a bo a tshela botshelo jwa manobonobo? Kana go tweng fa motho yo o neng a adimile a setse a bone madi a gore a ka duela se a se adimilweng mme a bo a tlhokomologa lebaka la gore o kolota mokaulengwe wa gagwe? Go ka nna le dipelaelo tsa gore a motho yo o adimilweng madi o tshwanelega go fiwa maikarabelo mo phuthegong.—1 Timotheo 3:3, 8; bona Tora ya Tebelo, September 15, 1994, ditsebe 30-1.
Go Tweng Fa e Le Gore Go na Le Boferefere Bongwe?
16. Go ka nna ga tsewa dikgato dife fa go lebega e kete re diretswe boferefere mo kgwebong?
16 Temogo e re thusa go bona gore ga se ditsela tsotlhe tsa go tsadisa madi tse di nnang le morokotso. Lefa go ntse jalo, go tweng fa go na le boferefere bongwe? Boferefere ke “go dirisa tsietso, maano, kana go sokamisa boammaaruri ka boikaelelo jwa go tlhotlheletsa motho yo mongwe go go fa sengwe sa gagwe se se tlhwatlhwakgolo kana gore a ithontshe tshwanelo e a nang le yone kafa molaong.” Jesu Keresete o ne a tlhalosa dikgato tse di ka tsewang fa motho a akanya gore moobamedikaene o mo diretse boferefere. Go ya ka Mathaio 18:15-17, Jesu o ne a re: “Fa wa gaeno a go leofetse, ya o mo kaele molato wa gagwe lo le babedi fela; e tlaa re fa a go utlwile o tlaa bo o gapile wa gaeno. Mme fa a gana go utlwa, a go ye mongwe fela, le fa e le ba le babedi nao, gore lefoko lengwe le lengwe le tlhomamisiwe ka melomo ya basupi ba le babedi, le fa e le ba le bararo. Mme fa a gana go utlwa bone, ya o bolelele phuthego; mme fa a gana go utlwa le yone phuthego, mo go wena o mo kaye jaaka moditšhaba fela, le mokgethisi.” Setshwantsho se Jesu a neng a se bua morago ga moo se bontsha gore o ne a akantse ka maleo a a tshwanang le a a amang dikgang tsa madi, go akaretsa le boferefere.—Mathaio 18:23-35.
17, 18. Fa motho yo o ipitsang Mokeresete a re diretse boferefere, temogo e ka re dibela jang?
17 Ke boammaaruri gore go tla bo go se na motheo o o mo Dikwalong wa go tsaya dikgato tse di tlhalositsweng mo go Mathaio 18:15-17 fa go se na bosupi kana lefa e le sepe se se akantshang gore go dirilwe boferefere. Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore tota motho yo o ipitsang Mokeresete o re diretse boferefere? Temogo e ka re dibela gore re se ka ra tsaya kgato e e ka senyang leina la phuthego. Paulo o ne a gakolola Bakeresetekaene gore ba itlogelele gore ba direlwe phoso le gone go direlwa boferefere go na le go isa mokaulengwe kwa kgotlatshekelong.—1 Bakorinthe 6:7.
18 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba boammaaruri ga ba a ‘tlala boferefere le bolotsana,’ jaaka moloi yo o bidiwang Bare-Jesu. (Ditiro 13:6-12) Ka jalo a re diriseng temogo fa re latlhegetswe ke madi mo dikgwebong tse di santseng di simologa tsa badumedikarona. Fa re akanya go tsaya kgato ya semolao, re tshwanetse ra akanya ka ditlamorago tse di ka re tlelang, tse di ka tlelang motho yo mongwe kana batho ba bangwe, phuthego, le batho ba ba kwa ntle. Go batla go duelwa go ka re senyetsa nako e ntsi, maatla, le dilo tse dingwe tsa rona. Go ka felela fela ka gore re humise diagente le diporofeshenale tse dingwe. Ka maswabi, Bakeresete bangwe ba ile ba tlhopha go tlogela ditshiamelo tse di amanang le puso ya Modimo ka ntlha ya go ineela mo go feteletseng mo dilong tseno. Satane o tshwanetse a bo a itumela fa re faposiwa jalo, mme re batla go ipedisa pelo ya ga Jehofa. (Diane 27:11) Mo letlhakoreng le lengwe, fa re amogela gore re jelwe go ka re thusa gore re tile dikutlobotlhoko le go re bolokela nako e ntsi le go bolokela bagolwane nako e ntsi. Go tla thusa gore phuthego e nne le kagiso e bile go tla re thusa gore re tswelele pele re batla Bogosi pele.
Temogo le go Dira Tshwetso
19. Temogo ya semoya le thapelo di ka re thusa ka eng fa re dira ditshwetso tse di ngomolang pelo?
19 Go dira ditshwetso malebana le dikgang tsa madi kana tsa kgwebo go ka ngomola pelo tota. Mme go dirisa temogo ya semoya go ka re thusa go akanyetsa dintlha le go dira ditshwetso tse di botlhale. Mo godimo ga moo, fa re ikaega mo go Jehofa ka thapelo go ka re tlisetsa “kagiso ya Modimo.” (Bafilipi 4:6, 7) Ke go ritibala le go nna mo kagisong mo go tlisiwang ke go tsalana thata le Jehofa. Eleruri, kagiso e e ntseng jalo e ka re thusa gore re nne tekatekanyo fa re lebane le go dira ditshwetso tse di boima.
20. Re tshwanetse go iketleetsa go dira eng malebana le dikgang tsa kgwebo le tsa phuthego?
20 A re iketleetseng gore re se ka ra letla dikgotlhang tsa kgwebo di senye kagiso ya rona kana ya phuthego. Re tshwanetse go gakologelwa gore tiro ya phuthego ya Bokeresete ke go re thusa mo semoyeng, e seng go nna lefelo la ditiro tsa kgwebo. Ka dinako tsotlhe, dikgang tsa kgwebo di tshwanetse tsa se ka tsa kopanngwa le ditiro tsa phuthego. Re tshwanetse go dirisa temogo le go nna kelotlhoko fa re tsena mo dikgwebong tse di santseng di simologa. Gape a ka metlha re lebeng dikgang tse di ntseng jalo ka tsela e e lekalekaneng, re batla dilo tse di amanang le Bogosi pele. Fa kgwebo e e santseng e simologa e baobamedikarona ba neng ba le mo go yone e ka phutlhama, a re lekeng go dira se se ka solegelang botlhe ba ba amegang molemo.
21. Re ka dirisa temogo le go tsaya kgato e e dumalanang le Bafilipi 1:9-11 jang?
21 Mo boemong jwa gore re tshwenyege thata ka dikgang tsa madi le ka dilo tse dingwe tse di seng botlhokwa thata, e kete rotlhe re ka dira gore dipelo tsa rona di nne le temogo, re rapelela go kaelwa ke Modimo le go baya dilo tse di amanang le Bogosi kwa pele. Go dumalana le thapelo ya ga Paulo, ‘e kete lorato lwa rona lo ka totafala bogolo mo kitsong le mo temogong gore re dumalane ka dilo tse di molemo, gore re tle re tlhoke sekgopi mo go ba bangwe’ kana le mo go rona. Jaanong, ka Keresete Kgosi a le mo setulong sa gagwe sa bogosi, a re nneng le temogo ya semoya mo go sengwe le sengwe sa botshelo. Mme e kete ‘re ka tladiwa ka maungo a tshiamo, a a leng kgalaletso le pako ya Modimo ka Jesu Keresete,’ Morena Molaodi Jehofa. (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Bafilipi 1:9-11.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Temogo ke eng?
◻ Ke ka ntlha yang fa go tlhokega thata go bontsha temogo malebana le ditirisano tsa kgwebo mo Bakereseteng?
◻ Temogo e ka re thusa jang fa re akanya gore modumedikarona o re diretse boferefere?
◻ Temogo e tshwanetse ya re thusa jang fa re dira ditshwetso?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Temogo e tla re thusa go dirisa kgakololo ya ga Jesu ya gore re batle Bogosi pele
[Ditshwantsho mo go tsebe 20]
Ka metlha kwalang ditumalano tsa kgwebo