Basha ba Botsa Jaana
Ke Eng fa ke Buile Jalo?
Setlhogo seno se tla go thusa go bona
LEBAKA LA GO BO ka dinako dingwe o bua dilo tse di sa siamang
SE O KA SE DIRANG fa loleme lwa gago lo relela
KAFA o ka laolang loleme lwa gago ka teng
“Gantsi ke kgona go laola loleme lwa me mme ka dinako tse dingwe ke bua dilo tse ke sa tshwanelang go di bua mme morago ga foo ke bo ke sala ke tlhabilwe ke ditlhong!”—Chase
“Ka dinako tse dingwe ke bua dilo tse gongwe mongwe le mongwe a di akantseng mme e le dilo tse o ka se di bueng . . . ”—Allie
LEBAKA LA GO BO GO DIREGA
Temana ya konokono: “Fa motho a sa nke a dira phoso mo go se a se buang, o itekanetse.” (Jakobe 3:2, Good News Translation) Temana eno e kaya eng? Ga go na motho ope yo o kgonang go laola loleme lwa gagwe ka mo go feletseng. Ba le bantsi ba tlhaloganya tsela e Annettea a ikutlwang ka yone fa a bolela gore ka dinako tse dingwe o a bo a itse gore ga a tshwanela go bua ka kgang nngwe gotlhelele mme o feleletsa a bua go le gontsi thata ka gone.
Sengwe se se diragetseng: “Tsala ya me e ne ya mpolelela gore e rata diaparo dingwe tse ke neng ke re ke a di latlha. Ke sa akanye, ke ne ka re, ‘Ga ke akanye gore di tla go lekana.’ O ne a re, ‘Wa reng? A o akanya gore ke mokima?’”—Corrine.
Gore o tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa ka dinako dingwe go lebega e kete ga o kgone go laola se o se buang, leka se se latelang.
● Itse makoa a gago.
․․․․․ Ke atle ke bue ka go bo ke galefile
․․․․․ Ke atle ke bue ke sa akanye
․․․․․ Ke atle ke bue ke sa reetsa
․․․․․ Tse dingwe ․․․․․
Sekai: “Ke na le bothata jwa go dira metlae thata mme ka dinako tse dingwe batho ba tsaya dilo tse ke di buang ka tsela e e seng yone.”—Alexis.
● Ela tlhoko gore gantsi loleme lwa gago lo relela mo go bomang.
․․․․․ Mo motsading
․․․․․ Mo go mogoloo kgotsa monnao
․․․․․ Mo tsaleng
․․․․․ Ba bangwe ․․․․․
Sekai: Christine wa dingwaga di le 20 a re: “Go utlwisa botlhoko mme batho ba gantsi ke ba utlwisang botlhoko ke ba ke ba ratang. Ke akanya gore ke ka gonne ke ikutlwa ke gololesegile thata jaana fa ke na le bone mo e leng gore ga ke nne kelotlhoko.”
SE O KA SE DIRANG FA LOLEME LWA GAGO LO RELELA
Temana ya konokono: “Lateleleng dilo tse di isang kagisong.” (Baroma 14:19) Tsela e le nngwe ya go latela kgakololo eo ke ka go kopa maitshwarelo.
Sengwe se se diragetseng: “Mmè o tlhokafetse fa ke ne ke na le dikgwedi di le lesome mme rre o ne a ise a ko a nne karolo ya botshelo jwa me, ka jalo ke ne ka godisiwa ke mmamogolo le ramogolo. Letsatsi lengwe fa ke ne ke na le dingwaga di le 10 kgotsa 11, ke ne ka ikutlwa ke jewa ke bodutu thata e bile ke galefisitswe ke go bo mmè a tlhokafetse mme ke ne ke ikutlwa e kete go ka nna le mongwe yo nka mo pegang molato. Ka jalo, letsatsi lengwe fa mmamogolo a ne a nkopa gore ke mo thuse ka sengwe, ke ne ka simolola go galefa; mme ke ne ka feleletsa ke buile mafoko a a jaaka ‘Ke go tlhoile’ le ‘Ga o mmè.’ Mmamogolo o ne a bonala mo sefatlhegong a tshogile. Go tswa foo, o ne a tsena kwa kamoreng ya gagwe, a tswala kgoro mme ke ne ka mo utlwa a lela. Ke ne ka ikwatlhaya. O ne a ntse a ntlhokometse e bile a ntirela sengwe le sengwe mme ke ne ka mo tshwara makgwakgwa. Ramogolo o ne a bua le nna ka se se neng se diragetse mme o ne a mpontsha ditemana tse di buang ka go laola loleme. Morago ga foo, ke ne ka kopa mmamogolo maitshwarelo go tswa pelong . Ke ne ka tshwanela ke go lemoga gore ke ne ke le phoso.”—Karen.
Fa tlase fano, kwala lebaka le le lengwe le le ka tswang le dira gore go nne thata gore o kope maitshwarelo.
․․․․․
Ke eng fa go kopa maitshwarelo go ka dira gore o ikutlwe botoka?
․․․․․
Ntlha e e ka thusang: Akanya ka melaometheo e e mo go Diane 11:2 le Mathaio 5:23, 24.
Gone ke boammaaruri gore go molemo go thibela maemo mangwe gore a se ka a direga gore o se ka wa tlhoka go kopa maitshwarelo. O ka dira seo jang?
KAFA O KA LAOLANG LOLEME LWA GAGO KA TENG
Temana ya konokono: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Fa tlase fano go na le dintlha tse di ka go thusang go dirisa kgakololo eo.
Bala ditemana tse di latelang mme o bo o bapisa nngwe le nngwe ya tsone le ntlha e o ka e dirisang.
1 “Leka gore o se ka wa tsaya sengwe le sengwe masisi thata; fa o dira jalo o ka se ka wa kgopisega motlhofo.”—Danette.
2 “Ke iphokisa phefo. Go dira jalo go nnaya tshono ya go nna ke le nosi go sekaenyana e bile go dira gore ke ritibale.”—Brielle.
3 “Fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana, ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go ntsha maikutlo a me ka sengwe le sengwe se ke sa dumalaneng le sone mme ke ne ke tsosa kgang ka sengwe le sengwe. Mme ke ithutile gore ke se ka ka tshwenngwa ke sengwe le sengwe se se sa reng sepe.”—Celia.
4 “Fa mongwe a omana mme o sa mo arabe, kgabagare motho yoo o tla lapa ka go bo o sa mo arabe. Nna pelotelele fela. O se ka wa oketsa molelo.”—Kerrin.
5 “Go na le dinako tse dingwe tse ka tsone mongwe a ileng a ntena. Ke tla bo ke akanya ka dilo tsotlhe tse ke batlang go mmolelela tsone. Mme ka go sa itlhaganelele go bua, ke ne ka lemoga kafa se ke neng ke tla se bua se neng se ka se nne mosola ka teng. Se ke se ithutileng ke gore, o se ka wa tsiboga ka bonako.”—Charles.
O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 22]
Allie—Pele ga ke bua sengwe, ke ipotsa dipotso tse di jaaka tseno: ‘A seno se tlile go tokafatsa seemo? Se ke tlileng go se bua se tla ama jang motho yo ke buang le ene?’ Fa e le gore o na le dipelaelo ka selo se o tla tlogang o se bua, go botoka gore o se ka wa se bua.
Chase—Fa ke batla go bua sengwe, ke leka go akanya ka kafa se tla amang batho ba ke nang le bone ka gone. Ke akanya gore fa ke ntse ke gola, ke tokafatsa tsela e ke laolang loleme lwa me ka yone. Ruri o ithuta mo dilong tse di go diragaletseng.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?
E re ka go se na motho ope yo o itekanetseng—jaaka Jakobe a kwadile gore “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi”—bua le batsadi ba gago ka mathata a ba nnileng le one malebana le go laola loleme.—Jakobe 3:2.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
“Fa o setse o tamusa sesepa sa meno, o ka se tlhole o kgona go se busetsa mo teng. Go ntse fela jalo le ka mafoko a re a buang. Fa re bua sengwe se se utlwisang botlhoko, re ka se tlhole re se busetsa morago.”—James.