Ditsela Tsa go Thusa Batho ba ba Nang le Malwetse a go Tlhobaela
“Gantsi pelo ya me e itaya fela thata mme ke tshologa sethitho e bile go nna thata gore ke heme. Ke fekeediwa ke maikutlo a go boifa, go tlhobaela le go tlhakana tlhogo.”—Isabella, yo o mo dingwageng tsa bo40 e bile a tshwerwe ke bolwetse jwa go fekeediwa ke letshogo (panic disorder).
GO TLHOBAELA go ka tlhalosiwa e le “boikutlo jwa go tshoga kgotsa go tshwenyega.” Ka sekai, a o kile wa ikutlwa o tshogile fa o ne o kopana le ntša e e bogale? Go diragala eng fa ntša eo e tsamaya? Letshogo le go tshwenyega go a fela, a ga go jalo? Le fa go ntse jalo, bolwetse jwa go tlhobaela ke eng?
Fa go tlhobaela go sa fele, go tswelela pele tota le fa go sa tlhole go na le lebaka la gore o tlhobaele, go tlhobaela e ka nna bolwetse. Go ya ka setheo sa United States sa National Institute of Mental Health (NIMH), “malwetse a go tlhobaela a tshwara bagolo ba kwa Amerika ba ba dingwaga di le 18 go ya kwa godimo ba ka nna dimilione di le 40 . . . ngwaga le ngwaga.” Akanya ka Isabella, yo o nopotsweng fa godimo. Tlhobaelo e e sa feleng, jaaka e a nang le yone, e ka nna le diphelelo tse di masisi mo mothong yo e mo tshwereng.
Mo godimo ga moo, ba lelapa la gagwe le bone ba ka amega botlhoko. Le fa go ntse jalo, go na le tsholofelo. Kgatiso nngwe ya NIMH ya re: “Go na le dikalafi tse di berekang tsa malwetse a go tlhobaela mme dipatlisiso di ribolola dikalafi tse disha tse di ka thusang bontsi jwa batho ba ba tshwerweng ke malwetse a go tlhobaela gore ba tshele matshelo a a nang le boleng le a a kgotsofatsang.”
Ba malapa le ditsala le bone ba ka thusa motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa go tlhobaela. Jang?
Kafa o ka Thusang ka Teng
Ba eme nokeng: Monica, yo o tshwerweng ke bolwetse jwa go tlhobaela thata ka dilo tse di tlwaelegileng (generalized anxiety disorder) le bolwetse jwa go tlhobaela thata morago ga tiragalo e e utlwisang botlhoko (post-traumatic stress disorder), o tlhalosa bothata jo a lebaneng le jone jaana: “Batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go tlhaloganya mathata a me a maikutlo.”
Ka ntlha ya seo, gantsi batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa go tlhobaela ba boifa gore batho ba ka se ba tlhaloganye mo ba lekang go fitlhela batho ba bangwe bothata jwa bone. Seno se ka felela ka gore ba ikutlwe ba le molato mme ba tlhobaele le go feta. Ka jalo, go botlhokwa fela thata gore ba lelapa le ditsala ba ba eme nokeng.
Ithute mo go oketsegileng ka bolwetse joo: Kakantsho eno e ka tshwanela segolobogolo batho ba ba dirisanang thata le batho ba ba nang le malwetse a go tlhobaela. Mme ba ka akaretsa mongwe wa lelapa kgotsa tsala e e rileng e e gaufiufi.
Nnang lo gomotsane: Morongwa wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Paulo o ne a rotloetsa ditsala tsa gagwe tsa kwa motseng mongwe o o kwa Gerika wa Thesalonika a re, “nnang lo gomotsane lo bo lo agane.” (1 Bathesalonika 5:11) Re ka dira seno ka se re se buang le ka tsela e re buang ka yone. Re tshwanetse go bontsha gore re amega thata ka ditsala tsa rona mme re tshwanetse go tila go bua dilo tse di ka utlwisang motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa go tlhobaela botlhoko.
Akanya ka batho ba bararo ba ba neng ba re ke ditsala tsa ga Jobe, monna mongwe yo buka nngwe ya Baebele e teeletsweng ka ene. Jaaka o ka tswa o gakologelwa, banna bao ba ne ba re Jobe o ne a fitlhile maleo a gagwe ka tsela nngwe le gore o ne a boga ka ntlha ya seo mme tota go sa nna jalo.
Ka jalo, akanyetsa maikutlo a motho yo o lwalang. Mo reetse ka tlhoafalo. Leka go leba dilo ka tsela e a di lebang ka yone go na le go di leba ka tsela ya gago. O se ka wa itlhaganelela go dira ditshwetso fa o ntse o mo reeditse. Batho ba ba neng ba re ke ditsala tsa ga Jobe ba ne ba dira jalo mme ka ntlha ya seo ba ne ba bidiwa “bagomotsi ba ba letshwenyo.” Tota ba ne ba dira gore a utlwe botlhoko le go feta!—Jobe 16:2.
Gakologelwa go reetsa ka kelotlhoko fa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa go tlhobaela ba bua. Ba letle go tlhalosa maikutlo a bone ba gololesegile. Seno se ka go thusa gore o tlhaloganye botoka seemo se ba leng mo go sone. Mme akanya ka melemo ya gone! O ka nna wa kgona go ba thusa go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo nang le bokao.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Go Lemoga Mefuta e e Farologaneng ya Malwetse a go Tlhobaela
Go tlhaloganya malwetse a go tlhobaela go botlhokwa, segolobogolo fa e le gore a tshwere ba malapa a rona kgotsa ditsala tsa rona tse di gaufi. Ela tlhoko mefuta e le metlhano ya malwetse ano.
Malwetse a Panic Disorder Gakologelwa Isabella yo go builweng ka ene mo tshimologong ya setlhogo sa rona. Go nna le bothata jwa go tlhobaela ga se gone fela go go mo kgoreletsang mo botshelong. A re: “Nako le nako fa ke nna botoka, ke nna ke boifa gore nka lwala gape.” Ka ntlha ya seo, batho ba ba nang le bolwetse jwa go fekeediwa ke letshogo ba tila go ya kwa mafelong a ba kileng ba tshwarwa ke bolwetse jono ba le kwa go one. Bangwe ba boifa go tsamaya mo ba sa batleng le go tswa mo matlong a bone kgotsa ga ba kgone go lebana le dilo tse ba di boifang ntle le fa ba na le mongwe yo ba mo tshepang. Isabella o ne a tlhalosa jaana: “Go nna ke le nosi fela go lekane go ka tsosa bolwetse jono. Ke ikutlwa ke sireletsegile fa ke na le Mmè; ga ke kgone go tshela kwantle ga gagwe.”
Bolwetse Jwa Obsessive-Compulsive Disorder Motho yo o tshabang megare le leswe ka tsela e e feteletseng a ka nna le keletso e e sa laolesegeng ya go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa. Renan o bolela jaana malebana le bolwetse jo bo tshwanang le jono: “Mogopolo wa me o nna o fuduegile fa ke ntse ke akanya thata ka diphoso tse ke di dirileng mo nakong e e fetileng, ke di sekaseka gape le go di leba ka ditsela tse di farologaneng.” Gantsi seo se felela ka gore gangwe le gape motho a ikutlwe a patelesega go bolelela batho ba bangwe diphoso tse a di dirileng mo nakong e e fetileng. Renan o tlhoka go nna a tlhomamisediwa gore dilo di tla siama. Mme kalafi e mo thusitse go laola bolwetse jono.a
Malwetse a Post-Traumatic Stress Disorder (PTSD) Bosheng jaana lereo leno le ile la dirisiwa go tlhalosa mefuta ya matshwao a a amanang le tlhaloganyo a batho ba ka nnang le one morago ga tiragalo e e tshosang thata e e neng e akaretsa go gobadiwa kgotsa go tshosediwa ka go gobadiwa. Batho ba ba tshwerweng ke PTSD ba ka tshoga motlhofo, ba tenega ka bonako, ba se tlhole ba na le maikutlo, ba se tlhole ba kgatlhegela go dira dilo tse pele ba neng ba di rata mme ba fitlhele go le thata go dumela gore ba a ratiwa—segolobogolo ke batho ba ba kileng ba bo ba atamalane le bone. Bangwe ba nna bogale, le e leng go nna dikgoka mme ba leka go tila maemo a a ba gopotsang tiragalo e e tshosang e e kileng ya ba diragalela.
Bolwetse Jwa go Boifa Batho Thata Kgotsa Social Anxiety Disorder Lereo leno le dirisiwa go tlhalosa batho ba ba fekeediwang ke go tlhobaela e bile ba tshwenyegile ka tsela e e feteletseng ka maemo a mo go one ba tshwanetseng go dirisana le batho letsatsi le letsatsi. Bangwe ba ba nang le bolwetse jono ba na le poifo e e tseneletseng le e e sa feleng ya gore batho ba bangwe ba ba lebile le gore ba a ba atlhola. Ba ka nna ba fetsa malatsi kgotsa dibeke ba tshwenyegile pele ba ya kwa tiragalong nngwe. Poifo ya bone e ka nna masisi thata jaana mo e kgoreletsang tiro, sekolo kgotsa ditiro tse dingwe tse di tlwaelegileng e bile e ka dira gore go nne thata go dira ditsala le go tswelela ba na le tsone.
Bolwetse Jwa Generalized Anxiety Disorder Monica, yo go builweng ka ene pelenyana, o na le bolwetse jono. O fetsa letsatsi a “tshwenyegile ka tsela e e feteletseng,” tota le fa go se na sepe se se kalo kgotsa go se na sepe se se ka dirang gore a tshwenyege. Batho ba ba nang le bolwetse jono ba akanya gore go tla direga dilo tse di utlwisang botlhoko e bile ba tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka mathata a botsogo, a madi, a lelapa kgotsa a kwa tirong. Go akanya fela ka gore a letsatsi le tla tsamaya sentle go ka baka tlhobaelo.b
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi.
b Tshedimosetso e e fa godimo e tserwe go tswa mo kgatisong ya National Institute of Mental Health ya setheo sa kwa United States sa Department of Health and Human Services.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
“Nnang lo gomotsane”