LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 11/15 ts. 21-25
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Tlhobaelo E Leng Sone
  • Thuso E Teng
  • Kafa Boikokobetso Bo Ka Thusang Ka Gone
  • Go Nna Pelotelele
  • Ikanye Jehofa
  • Tswelelang Pele Lo Latlhela Tlhobaelo ya Lona mo go Jehofa
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Nka Lebana Jang le go Tlhobaela?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Go Tlhobaela
    Tsogang!—2016
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 11/15 ts. 21-25

Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa

“Ikokobeletseng fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo, gore o tle o lo goletse mo lobakeng lo e leng lone; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka o a lo babalela.”—1 PETERE 5:6, 7.

1. Go tlhobaela go ka re ama jang, mme seno se ka tshwantshiwa jang?

TLHOBAELO e ka ama botshelo jwa rona fela thata. E ka tshwantshanngwa le go feta ga motlakase mo ka dinako tse dingwe go kgoreletsang mmino o o monate o o utlwalang mo radiong. Fa go sena sepe se se kgoreletsang makhubu a radio, go ka itumelelwa mmino o o monate e bile e le o o ritibatsang. Lefa go ntse jalo, modumo o o gwasang o o bakiwang ke go feta ga motlakase o ka fetola le one mmino o o monatšana tota, o bo o re sera le go re utlwisa botlhoko. Tlhobaelo e ka dira se se tshwanang mabapi le thitibalo ya rona. E ka re gatelela thata mo e leng gore ga re kgone go dira ditiro tse di botlhokwa. Eleruri, “boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise.”—Diane 12:25.

2. Ke eng se Jesu Keresete a neng a se bolela malebana le “ditlhodiego tsa botshelo”?

2 Jesu Keresete o ne a bua ka bodiphatsa jwa go itewa tsebe ke tlhobaelo e feteletseng. O ne a rotloetsa jaana mo boperofeting jwa gagwe jo bo neng bo bolela ka metlha ya bofelo: “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru; gonne le tlaa wela jalo botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe fela. Lona lebelelang ka metlha yotlhe, lo rapele gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola mo dilong tse tsotlhe tse di tlaa diralang, le go ema fa pele ga Morwa Motho.” (Luke 21:34-36) Fela jaaka go ja bobe le go tagwa go ka re koafatsa mogopolo, fela jalo fa re gateletswe ke “ditlhodiego tsa botshelo” go ka dira gore re latlhegelwe ke go leba dilo jaaka di ntse, mme go felele ka matlhotlhapelo.

Se Tlhobaelo E Leng Sone

3. “Tlhobaelo” e tlhalositswe jang, mme ke dilo dife tse di ka e bakang?

3 “Tlhobaelo” e tlhalosiwa jaaka “go tshwenyega mo go botlhoko mo mogopolong kana ka letshogo [gantsi] e le ka ntlha ya matshwenyego a a santseng a tla diragala kana a motho a santseng a a lebeletse.” Ke “go amega ka sengwe kana go se kgatlhegela ka letshogo” mmogo le “go tshoga le go boifa go go sa tlwaelegang e bile go fekeetsa mo gantsi go ka bonwang ka ditshupo tsa mo mmeleng (tse di jaaka go fufula, kgatelelo, le go itaya thata ga pelo), go belaela gore selo seo se se tshosang se teng le gore se ntse jang, le ka go inyatsa fa o tla kgona go e itshokela.” (Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary) Ka jalo tlhobaelo e ka nna bothata jo bo raraaneng. E bakiwa ke dilo di le dintsi tse di jaaka bolwetse, go tsofala, go boifa bokebekwa, go latlhegelwa ke tiro, le go amega ka boitekanelo jwa lelapa.

4. (a) Ke eng se go leng molemo go se gakologelwa ka batho le ditlhobaelo tsa bone? (b) Ke eng se se ka dirwang fa re tlhobaela?

4 Go phepafetse gore batho ba tlhobaela ka selekanyo se se farologaneng, fela jaaka go na le maemo a a farologaneng a a ka bakang go tlhobaela. Ga se gore batho ba ka tsibogela boemo bongwe jo bo rileng botlhe ka tsela e e tshwanang. Ka gone, re tlhoka go lemoga gore lefa gone sengwe se sa re tshwenye, se ka nna sa baka tlhobaelo e e masisi mo go mongwe wa baobamedikarona wa ga Jehofa. Ke eng se se ka dirwang fa tlhobaelo e fitlha mo seemong se motho a ka sekang a kgona go tlhoma mogopolo mo boammaaruring jwa Lefoko la Modimo jo bo utlwanang e bile bo itumedisa? Re ka reng fa e le gore re gateletswe ke tlhobaelo mo e leng gore ga re kgone go tlhoma mogopolo mo dikgannyeng tsa bolaodi jwa ga Jehofa le mo bothokgaming jwa Bokeresete? Re ka nna ra se ka ra kgona go fetola maemo a rona. Go na le moo, re tlhoka go batla dintlha tse di tswang mo Dikwalong tse di tla re thusang go itshokela tlhobaelo e e feteletseng e e bakiwang ke mathata a a masisi a botshelo.

Thuso E Teng

5. Re ka dira eng go dumalana le Pesalema 55:22?

5 Fa Bakeresete ba tlhoka thuso ya semoya mme ba imelwa ke ditlhobaelo, ba ka bona kgomotso mo Lefokong la Modimo. Le neela kaelo e re ka e ikanyang mme le re tlhomamisetsa thata gore ga re a tlogelwa re le esi jaaka batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Ka sekai, Dafite wa mopesalema o ne a opela jaana: “Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.” (Pesalema 55:22) Re ka dira se se dumalanang le mafoko ano jang? Ka go latlhela ditlhobaelo tsotlhe tsa rona, matshwenyego, dipoifo, le ditlhaelo mo go Rre wa rona yo o lorato wa selegodimo. Seno se tla thusa go dira gore re ikutlwe re bolokesegile le go ritibala mo pelong.

6. Thapelo e ka re thusa ka eng go ya ka Bafilipi 4:6, 7?

6 Re tlhoka thapelo ya ka metlha e e tswang mo pelong fa re batla go latlhela morwalo wa rona mo go Jehofa, go akaretsa le tlhobaelo yotlhe ya rona. Seno se tla re leretse kagiso ya mogopolo, ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo. Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) “Kagiso ya Modimo” e e ka se bapisiweng le sepe ke thitibalo e e sa tlwaelegang e e ipelelwang ke batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa tota le mo maemong a a lekang thata. Re e bona fa re na le kamano e e gaufi thata le Modimo. Fa re ntse re rapelela gore re fiwe moya o o boitshepo re bo re o letla gore o re tlhotlheletse, ga re gololwe mo mathateng otlhe a botshelo, mme lefa go ntse jalo re ipelela leungo la moya la kagiso. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23) Ga re fekeediwe ke tlhobaelo, ka gonne re a itse gore Jehofa o dira gore batho botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang ba ‘agisane mo polokegong’ mme o ka se letle sepe se se ka re gobaletsang ruri gore se re diragalele.—Pesalema 4:8.

7. Bagolwane ba Bakeresete ba ka nna le seabe sefe go re thusa gore re itshokele tlhobaelo?

7 Lefa go ntse jalo, re ka reng fa e le gore re nna re ntse re tlhobaela, le mororo re ntse re tlhatlhanya ka Dikwalo le go nnela ruri mo thapelong? (Baroma 12:12) Bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong le bone re ba neilwe ke Jehofa gore ba re thuse semoyeng. Ba ka re gomotsa le go re thusa ba dirisa Lefoko la Modimo le ka go rapela le rona le go re rapelela. (Jakobe 5:13-16) Moaposetoloi Petere o ne a rotloetsa bagolwanekaene go disa letsomane la Modimo ka go rata, ka tlhoafalo, le ka tsela e e tlhomang sekao. (1 Petere 5:1-4) Banna bano ruri ba batla go bona re tshela sentle mme ba batla go re thusa. Legale, fa re batla go solegelwa molemo ka botlalo ke thuso ya bagolwane le go dira sentle semoyeng mo phuthegong, rotlhe re tlhoka go dirisa kgakololo eno ya ga Petere: “Le lona babotlana, lo nne kutlo mo go ba e leng bagolwane. Ee, lotlhe lo itlame ka boikokobetso, go tla lo direlana, gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.”—1 Petere 5:5.

8, 9. Ke kgomotso efe e re ka e bonang mo go 1 Petere 5:6-11?

8 Petere o ne a oketsa jaana: “Ke gone ikokobeletseng fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo, gore o tle o lo goletse mo lobakeng lo e leng lone; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka o a lo babalela. Lo nne lo ikgape, lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang. Lo emalane nae lo nitame mo tumelong ya lona, lo ntse lo itse fa tsone dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng. Modimo wa tshegofatso yotlhe, o o lo bileditseng kwa kgalalelong ya one, e e sa khutleng mo go Keresete, e tlaa re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, one ka osi o tlaa lo dira boitekanelo, o lo tiisa o lo thatafatsa. Puso a e nne kwa go one ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.”—1 Petere 5:6-11.

9 A bo go gomotsa jang ne go lemoga gore re ka ‘latlhela tlhobaelo ya rona yotlhe mo Modimong ka gonne o amega ka rona’! Mme fa e le gore tlhobaelo ya rona e nngwe e bakiwa ke go bo re lekiwa ke Diabolo gore a senye kamano ya rona le Jehofa ka go re tlisetsa pogiso le dipogo tse dingwe, a ga go molemolemo go itse gore sengwe le sengwe se tla siamela batho ba ba bolokang bothokgami? Ee, fa re sena go boga ka nakwana, Modimo yo o nang le bopelonomi jotlhe jo bo sa re tshwanelang o tla bo a fetsa go re katisa mme o tla dira gore re tlhomame re bo re nonofe.

10. Petere wa Ntlha 5:6, 7 e umaka dinonofo dife tse tharo tse di ka re thusang go fokotsa tlhobaelo?

10 Petere wa Ntlha 5:6, 7 e bolela ka dinonofo tse tharo tse di ka re thusang go itshokela tlhobaelo. E nngwe ya tsone ke boikokobetso, kana “boikokobetso jwa pelo.” Temana ya 6 e konela ka mafoko a a reng “mo lobakeng lo e leng lone,” e e re akantshang gore re tlhoka go nna pelotelele. Temana ya 7 e bontsha gore re ka latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo Modimong re na le tshepo ‘ka gonne o amega ka rona,’ mme mafoko ao a re kgothaletsa gore re ikanye Jehofa ka botlalo. Ka jalo a re boneng kafa boikokobetso, bopelotelele, le go ikanya Modimo ka botlalo go ka re thusang ka teng go fokotsa tlhobaelo.

Kafa Boikokobetso Bo Ka Thusang Ka Gone

11. Boikokobetso bo ka re thusa go itshokela tlhobaelo jang?

11 Fa re le batho ba ba ikokobetsang, re tla dumela gore megopolo ya Modimo e kwa godimo thatathata go gaisa ya rona. (Isaia 55:8, 9) Boikokobetso bo re thusa go lemoga selekanyo se re kgonang go akanya ka sone fa se bapisiwa le tsela yotlhe e Jehofa a lebang dilo ka yone. O bona dilo tse re sa di lemogeng, jaaka re bone mo kgannyeng ya monna yo o siameng Jobe. (Jobe 1:7-12; 2:1-6) Re dumela gore re na le boemo jo bo kwa tlase fa bo bapisiwa le jwa Molaodi Yo Mogolo, fa re ikokobetsa “fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo.” Go dumalana le seo, se se re thusa go itshokela maemo a a a letleletseng. Dipelo tsa rona di ka nna tsa tlhoafalela go gololwa ka bonako, mme e re ka dinonofo tsa ga Jehofa di itekanetse, o itse totatota gore o tla re direla seno leng le gone jang. Fela jaaka bana ba bannye, a re ko re ikaegeng ka letsogo le le nonofileng la ga Jehofa ka boikokobetso, re na le tshepo ya gore o tla re thusa go itshokela ditlhobaelo tsa rona.—Isaia 41:8-13.

12. Go tlhobaela ka pabalesego ya dilo tse di bonalang go ka amega jang fa ka boikokobetso re dirisa mafoko a Bahebere 13:5?

12 Boikokobetso bo akaretsa go dirisa kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo ka go rata, e gantsi e ka fokotsang tlhobaelo. Ka sekai, fa e le gore re a tlhobaela ka ntlha ya go akanya thata ka dilo tse di bonalang, re tla bo re dira sentle fa re tlhatlhanya ka kgakololo eno ya ga Paulo: “Lo ikgolole mo go rateng khumo ya madi; lo nne boitumelo ka dilo tse lo nang natso; gonne go buile [Modimo] ka esi a re: ‘Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.’” (Bahebere 13:5) Batho ba le bantsi ba ile ba ikgolola mo go tlhobaeleng thata ka dilo tse di bonalang ka gore ba dirise kgakololo e e ntseng jalo ka boikokobetso. Lefa boemo jwa bone jwa madi bo ka nna jwa bo bo sa tokafala, seno ga se laole megopolo ya bone gore ba swe semoyeng.

Go Nna Pelotelele

13, 14. (a) Monna yo go tweng Jobe o ne a re tlhomela sekao sefe sa go itshoka ka bopelotelele? (b) Go ikaega ka Jehofa ka bopelotelele go ka re thusa ka eng?

13 Polelwana e e reng “mo lobakeng lo e leng lone” e e mo go 1 Petere 5:6 e akantsha gore re tlhoka go itshoka ka bopelotelele. Ka dinako tse dingwe bothata bo tswelela pele ka nako e telele, mme seo se ka dira gore re tlhobaele thata. Fa re le mo boemong jo bo ntseng jalo segolobogolo re tlhoka go baya gotlhe mo diatleng tsa ga Jehofa. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Re a tle re re, go sego ba ba kileng ba nna ba itshoka; lo utlwile ka ga bopelotelele jwa ga Jobe, mme lo bonye bofelelo jwa Morena jaaka Morena a tletse bopelotlhomogi, a le boutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Jobe o ne a senyegelwa thata mo itsholelong, o ne a swelwa ke bana ba le lesome, a boga ka ntlha ya bolwetse jo bo botlhoko, mme o ne a kgalwa ka tsela e e phoso ke bagomotsi ba maaka. Selekanyo se se rileng sa tlhobaelo se ka nna se se tlwaelegileng kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo.

14 Jobe o ne a tlhoma sekao sa go itshoka ka bopelotelele go sa kgathalesege maemo ao a neng a le mo go one. Fa e le gore tumelo ya rona e lekwa mo go setlhogo, re ka nna ra tshwanelwa ke go leta gore re gololwe, fela jaaka a ne a dira. Mme lefa go ntse jalo Modimo o ne wa mo golola, kgabagare o ne wa tlosa pogo ya ga Jobe mme wa mo duela ka dilo di le dintsi. (Jobe 42:10-17) Fa re leta ka bopelotelele mo go Jehofa re tla itshoka le go bontsha selekanyo se re ineetseng mo go ene ka sone.—Jakobe 1:2-4.

Ikanye Jehofa

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikanya Jehofa ka botlalo?

15 Petere o ne a rotloetsa badumedikaene go ‘latlhela tlhobaelo yotlhe ya bone mo Modimong ka gonne o amega ka bone.’ (1 Petere 5:7) Ka jalo re ka kgona go ikanya Jehofa ka botlalo e bile re tshwanetse go dira jalo. Diane 3:5, 6 e bolela jaana: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.” Ba bangwe ba ba tlhobaelang thata ba bona go le thata go ikanya batho ba bangwe ka ntlha ya dilo tse di ba diragaletseng mo nakong e e fetileng. Mme re na le lebaka le le utlwalang la go bo re ka ikanya Mmopi wa rona, ene Motswedi le Motshegetsi wa botshelo. Lefa gone re sa tshepe tsela e re itshwarang ka yone mo kgannyeng e e rileng, re ka ikanya Jehofa ka metlha gore a re golole mo matlhotlhapelong a re leng mo go one.—Pesalema 34:18, 19; 36:9; 56:3, 4.

16. Ke eng se Jesu Keresete a neng a se bolela malebana le go tlhobaela ka dilo tse di bonalang?

16 Go ikanya Modimo go akaretsa go ikobela Morwawe e bong Jesu Keresete, yo o neng a ruta se a neng a se ithuta mo go Rraagwe. (Johane 7:16) Jesu o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe go ‘iphuthela dikhumo kwa legodimong’ ka go direla Jehofa. Mme re ka reng ka dilo tse di bonalang tse re di tlhokang tse di jaaka dijo, diaparo, le bonno? ‘Se tlhobaeleng,’ Jesu o ne a gakolola jalo. O ne a tlhalosa gore Modimo o fepa dinonyane. O kgabisa dithunya bontle. A batlhanka ba Modimo ba batho ga ba tlhwatlhwakgolo thata bogolo go tsone? Eleruri go ntse jalo. Ka gone, Jesu o ne a rotloetsa jaana: “Mme batlang pele bogosi jwa [Modimo] le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.” Jesu o ne a tswelela pele jaana: “Ke gone se tlhobaeleleng moso: gonne moso o tlaa itlhobaelela ka osi.” (Mathaio 6:20, 25-34) Ee, re tlhoka dijo, metsi, diaparo, le bonno, mme fa re ikanya Jehofa, re ka se tlhobaele mo go feteletseng ka dilo tseno.

17. Re ka tshwantsha botlhokwa jwa go batla Bogosi pele jang?

17 Fa re batla Bogosi pele, re tshwanetse go ikanya Modimo re bo re baya dilo tsa rona tse di tlang pele ka thulaganyo e e tshwanetseng. Motho yo o tlwaetseng go dira kafa tlase ga metsi o ka nna a thabuela kwa tlase ga metsi a sena didirisiwa tsa go hema a batla oyster e e nang le perela mo teng. Ke tsela e a e dirisang gore a thuse lelapa la gagwe ka madi. Eleruri ke selo se a se bayang kwa pele! Mme ke eng se se botlhokwa thata? Phefo! O tshwanetse gore a biloge mo metsing kgapetsakgapetsa gore a tlatse makgwafo a gagwe ka phefo. Phefo e botlhokwa thata. Ka tsela e e tshwanang, re ka nna ra tshwanelwa ke gore re bereke mo tsamaisong eno ya dilo e le gore re bone dilo tse re di tlhokang mo botshelong. Lefa go ntse jalo, dilo tsa semoya di tshwanetse tsa tla pele ka gonne tota botshelo jwa ba lelapa la rona bo ikaegile ka dilo tseno. Re tshwanetse go ikanya Modimo ka botlalo e le gore re tile go tlhobaela mo go feteletseng ka dilo tse di bonalang. Mo godimo ga moo, ‘go dira mo gontsi mo tirong ya Morena’ go ka nna ga thusa gore re se ka ra tlhobaela thata ka gonne “boitumelo jwa ga Jehofa” bo itshupa e le thata ya rona.—1 Bakorinthe 15:58; Nehemia 8:10.

Tswelelang Pele Lo Latlhela Tlhobaelo ya Lona mo go Jehofa

18. Re na le bosupi bofe jwa gore fa re latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo Jehofa tota o ka re thusa?

18 Gore re nne re tlhomile megopolo ya rona sentle mo dilong tsa semoya, re tshwanetse ra tswelela pele re latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo go Jehofa. Ka metlha gakologelwa gore tota o amega ka batlhanka ba gagwe. Re ka tshwantsha jaana: Ka gonne monna wa mosadi mongwe wa Mokeresete a ne a sa ikanyege mo go ene, o ne a tlhobaela thata go fitlha mo go reng a se ka a tlhola a kgona go robala. (Bapisa Pesalema 119:28.) Lefa go ntse jalo, fa a robala o ne a tle a latlhele tlhobaelo yotlhe ya gagwe mo go Jehofa. O ne a tle a senolele Modimo kafa a ikutlwang ka teng, a mmolelela tsela e ene le barwadie ba babotlana ba babedi ba neng ba utlwa botlhoko ka teng. E ne e re fa a sena go kopa gore a gololwe ka gore a rapele ka tlhoafalo, o ne a kgona go robala, ka gonne o ne a ikanya Jehofa gore o tla mo tlhokomela le bana ba gagwe. Mosadi yono yo o neng a tlhala go ya kafa Dikwalong jaanong o itumetse o nyalane le mogolwane.

19, 20. (a) Dingwe tsa ditsela tse re ka nnang ra itshokela tlhobaelo ka tsone ke dife? (b) Ke eng se re tshwanetseng ra tswelela pele re se dira ka tlhobaelo yotlhe ya rona?

19 Jaaka batho ba ga Jehofa, re na le ditsela tse di farologaneng tsa go itshokela tlhobaelo. Go dirisa Lefoko la Modimo ke selo sa botlhokwa thatathata. Re na le dijo tse dintsi tsa semoya tse re di neelwang ke Modimo a dirisa “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” go akaretsa le ditlhogo tse di thusang le tse di lapolosang tse di gatisiwang mo makasineng wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! (Mathaio 24:45-47) Re thusiwa ke moya o o boitshepo wa Modimo. Go rapela ka metlha le ka tlhoafalo go re solegela molemo fela thata. Bagolwane ba Bakeresete ba ba tlhomilweng ba iketleeditse e bile ba rata go re thusa semoyeng le go re gomotsa.

20 Boikokobetso jwa rona le bopelotelele di botlhokwa fela thata gore re itshokele tlhobaelo e e ka nnang ya tswa e re tlhasetse. Se se botlhokwa thatathata ke go ikanya Jehofa ka botlalo, ka gonne tumelo ya rona e a nonofa fa a ntse a re thusa le go re kaela. Go tswa foo, fa re dumela mo Modimong go tla re thusa gore re se ka ra tshwenyega mo go feteletseng. (Johane 14:1) Tumelo e re tlhotlheletsa gore re batle Bogosi pele le go nna re tshwaregile mo tirong e e itumedisang ya Morena, e e ka re thusang gore re itshokele tlhobaelo. Tiro e e ntseng jalo e re dira gore re ikutlwe re bolokesegile fa gare ga ba ba tla opelelang Modimo dipako ka bosakhutleng. (Pesalema 104:33) Ka gone a re tsweleleng pele re latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo go Jehofa.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Tlhobaelo e ka tlhalosiwa jang?

◻ Ke ditsela dife tse dingwe tse re ka itshokelang tlhobaelo ka tsone?

◻ Boikokobetso le bopelotelele di ka re thusa go fokotsa tlhobaelo jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re ikanye Jehofa ka botlalo gore re itshokele tlhobaelo?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tswelela pele re latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo go Jehofa?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bolela gore, ‘Se tlhobaeleng’?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela