LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp17 no. 4 ts. 16
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Baebele e ka go thusa go lebana le go tlhobaela?
  • A go tlhobaela go tla tsamaya go fela?
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Go Tlhobaela
    Tsogang!—2016
  • Nka Lebana Jang le go Tlhobaela?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
wp17 no. 4 ts. 16
A family in Paradise

Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, batho “ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11

Baebele Ya Reng Ka Kgang Eno?

A Baebele e ka go thusa go lebana le go tlhobaela?

O ne o ka reng?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Gongwe

Se Baebele e se buang

“[Latlhelang] tlhobaelo yotlhe ya lona mo [Modimong], ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:7) Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo a ka re imolola mo ditlhobaelong tse re lebanang le tsone.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Fa o rapela, o ka nna le “kagiso ya Modimo” e e fokotsang go tlhobaela.—Bafilipi 4:6, 7.

  • Gape go bala Lefoko la Modimo go tla go thusa gore o se ka wa tshwenyega thata.—Mathaio 11:28-30.

A go tlhobaela go tla tsamaya go fela?

Batho bangwe ba dumela gore . . . go tlhobaela le go tshwenyega ke karolo ya botshelo mme ba bangwe bone ba dumela gore go tlhobaela go fela fa o sena go tlhokafala. Wena o akanya eng?

Se Baebele e se buang

Modimo o tla fedisa dilo tse di re tlhobaetsang. “Loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, go tla bo go na le kagiso.—Isaia 32:18.

  • Go tlhobaela le go tshwenyega thata go tla bo go seyo.—Isaia 65:17.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e gone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela