Dikgwetlho Tse di sa Tlwaelegang Tsa Malapa a Motsadi wa Bobedi
● Go ya ka moitse wa malapa a motsadi wa bobedi e bong Dr. Patricia Papernow, go leka go rarabolola mathata a lelapa la motsadi wa bobedi o dirisa tsela e o neng o ka e dirisa fa o rarabolola mathata a lelapa le e seng la motsadi wa bobedi go tshwana le “go leka go tsamaya mo mebileng ya New York City o dirisa mmapa wa toropo ya Boston.”
Boammaaruri ke gore, ga se fela gore dikgwetlho tse malapa a motsadi wa bobedi a lebanang le tsone ga di a tlwaelega mme gape di raraane go feta tsa malapa a e seng a motsadi wa bobedi. Tota e bile, moithutatlhaloganyo e bong William Merkel o tlhalosa lelapa la motsadi wa bobedi e le “mofuta wa kamano o o raraaneng, o e seng wa tlholego le o o boima go gaisa mefuta yotlhe ya dikamano tse batho ba nang le tsone.”
Fa e le gore go thata jalo mo malapeng a motsadi wa bobedi, tota a ka atlega jang? Tsela e malapa a motsadi wa bobedi a dirisanang ka yone e ka tshwantshiwa le meroko e e mo kojwaneng ya dibata. Le fa meroko eo e ka lebega e sa tiya fa o simolola go e roka, fa o e fetsa, e ka tiya fela jaaka letsela le e tserweng mo go lone—fa e rokilwe ka kelotlhoko.
Mma re sekasekeng dikgwetlho dingwe tse di tlwaelegileng tse malapa a motsadi wa bobedi a lebanang le tsone, le dilo tse di thusitseng malapa a le mantsi go “rokaganya” matshelo a one mmogo. Go tswa foo re tla bala ka malapa a le manè a motsadi wa bobedi a a atlegileng.
KGWETLHO 1: Fa Se O Se Lebeletseng Se Sa Direge
“Ke ne ke lebeletse gore bana ba monna wa me ba tla nkamogela fa ke ba bontsha gore ke a ba rata le go ba kgatlhegela fela thata, le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke letetse seno morago ga dingwaga di le robedi.”—Gloria.a
GANTSI fa manyalo a motsadi wa bobedi a simologa go lebelelwa dilo tse di ka se diregeng. Batsadi ba solofela gore ba tla tila kgotsa ba baakanye diphoso tse ba di dirileng mo lenyalong le le fetileng le gore ba tla bona lorato le tshireletsego e ba neng ba sa e bone pele. Dilo dingwe tse ba di solofetseng e ka nna go ijesa dijo tsa ditoro fela mme fa di sa direge, seo se ka dira gore ba ngomoge pelo. Fela jaaka Baebele e bolela: “Tebelelo e e tsayang lobaka lo loleele e dira gore o lwale mo pelong.” (Diane 13:12, Beck) Go tweng fa e le gore o ngomoga pelo ka gonne dilo tse o neng o di lebeletse di sa direge?
SE O KA SE DIRANG
O se ka wa fitlha tsela e o ikutlwang ka yone o solofetse gore go kgobega marapo go tla fela. Go na le moo, batla gore ke eng se o neng o se lebeletse mme se go kgoba marapo ka gonne se sa diragala. Go tswa foo, batla lebaka la go bo o ne o solofetse selo seo, gore o kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa o batla gore se direge. La bofelo, gone jaanong leka go lebelela dilo tse di ka kgonegang. Dikai dingwe ke tseno:
1. Ke tla rata bana ba monna wa me kgotsa ba mosadi wa me di tloga fela mme le bone ba tla nthata.
Ka ntlha yang? Ga ke bolo go eletsa go nna mo lelapeng le le lorato e bile le atamalane.
Se se ka diregang: Fa nako e ntse e tsamaya lorato lo re ratanang ka lone lo ka nna lwa gola. Selo sa botlhokwa gone jaanong ke gore re ka ikutlwa re sireletsegile e bile re tlotliwa mo lelapeng la rona.
2. Mongwe le mongwe mo lelapeng le lesha o tla tlwaela maemo ka bonako.
Ka ntlha yang? Re ipaakanyeditse go simolola botshelo jo bosha.
Se se ka diregang: Gantsi malapa a motsadi wa bobedi a tsaya dingwaga tse di fa gare ga di le nnè le di le supa gore a tlwaelane le maemo a masha. Mathata a re lebanang le one a tlwaelegile.
3. Re ka se ngangisane ka madi.
Ka ntlha yang? Tsela e re ratanang ka yone e tla re thusa go tila go ngangisana ka dilo tse di sa reng sepe.
Se se ka diregang: Dilo tse di amanang le madi mo manyalong a a fetileng di raraane. Re ka nna ra tshaba go dirisa madi a rona otlhe mmogo.
KGWETLHO 2: Kafa Lo Ka Tlhaloganyanang Ka Teng
“Re ne ra tlwaela maemo ka bonako—mongwe le mongwe mo lelapeng le lesha la motsadi wa bobedi o ne a phuthologa ka bonako.”—Yoshito.
“Go ntsere dingwaga di ka nna lesome pele ke ikemisetsa go tswa pelong gore ke tla thusa lelapa la rona la motsadi wa bobedi gore le atlege.”—Tatsuki, morwa wa mosadi wa ga Yoshito.
FELA jaaka go ntse ka Yoshito le Tatsuki, ba malapa a motsadi wa bobedi ba ka nna ba se tlhaloganyane sentle. Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? Fa go nna le mathata, o ka nna wa batla go tsaya kgato ka bonako go a rarabolola. Mme gore o kgone go rarabolola mathata sentle, o tshwanetse go tlhaloganya lelapa la gago pele.
Go botlhokwa gore lo ele tlhoko kafa lo buisanang ka gone, ka gonne se o se buang se ka senya kgotsa sa aga. Jaaka Baebele e bolela: “Loso le botshelo di mo maatleng a loleme.” (Diane 18:21) O ka dirisa loleme lwa gago jang go dira gore o tlhaloganngwe go na le gore o se ka wa tlhaloganngwa?
SE O KA SE DIRANG
• Kgatlhegela go itse le go akanyetsa maikutlo a ba bangwe go na le go ba tshwaya diphoso. Ka sekai:
Fa morwao a re, “Ke tlhologeletswe Rre,” amogela tsela e a ikutlwang ka yone. Go na le go re, “Mme gone rraago wa bobedi o a go rata e bile o go tshwere botoka go feta rraago,” leka go re: “Eleruri go tshwanetse ga bo go le thata. A ko o mpolelele, ke eng se o se tlhologelelwang thata ka rraago?”
Go na le gore o latofatse molekane wa gago yo mosha ka go re, “Morwao a ka bo a se makgakga jaana fa o ka bo o mo godisitse sentle,” mmolelele kafa o ikutlwang ka teng. Leka go re: “Ke kopa o gopotse Luke gore a nne a ntumedisa fa a goroga mo gae. Nka itumelela seo thata.”
• Dirisang nako e lo e fetsang lo le mmogo ya dijo, ya boitlosobodutu le ya kobamelo go ithutana.
• Ka metlha nnang le nako e lo phuthegang mmogo ka yone lo le lelapa gore lo buisane mongwe le mongwe a le gone. Letlang mongwe le mongwe mo lelapeng gore a bue a sa tsenwe ganong ke ope, lo simolole ka dilo tse di molemo ka lelapa le lesha go tswa foo lo bue ka dilo tse lo amegileng ka tsone. Bontshanang tlotlo tota le fa lo sa dumalane mme lo letle mongwe le mongwe gore a akantshe tharabololo.
KGWETLHO 3: Se O Ka Se Dirang Gore Botlhe Ba Ikutlwe E Le Karolo Ya Lelapa
“Mosadi wa me le bana ba gagwe ba buela dilo kwa thoko, ba bo ba tla go ngongorega mo go nna. Ga ke karolo ya lelapa, ke motho fela.”—Walt.
GO BOIFA go kgaphelwa kwa thoko mo lelapeng la gago go ka baka mathata a a lebegang a sa amane ka gope le gone. Ka sekai:
• Bana ba ba neng ba dirisana sentle le motsadi wa bone wa bobedi pele ga lenyalo gantsi ba nna le mathata morago ga lone.
• Motsadi wa bobedi o fufegela ngwana wa dingwaga di le thataro.
• Go nna le dikganetsano tse dikgolo ka dikgang tsa lelapa tse go lebegang e se tsa sepe.
Kgang eno e ama le batsadi ba ba tlileng ka bana mo lenyalong, ka gonne ba ka nna ba tshwenyega fa go lebega e kete lelapa le lesha ga le kgone go momagana. Jaaka Carmen a tlhalosa, “Go leka go nna motsereganyi fa gare ga monna wa me le bongwanake ba babedi go boima fela thata.”
Molaomotheo mongwe o o itsegeng thata o ka re thusa go fenya kgwetlho eno. Jesu o ne a re: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Malapa a motsadi wa bobedi a ka dira jang gore botlhe ba ikutlwe e le karolo ya lelapa, go se ope yo o ikutlwang a kgaphetswe kwa thoko?
SE O KA SE DIRANG
• Dira gore lenyalo la gago le tle pele. (Genesise 2:24) Iphe nako o na le molekane wa gago yo mosha mme o dire gore bana ba gago ba itse sentle seabe sa gagwe mo lelapeng. Ka sekai, borre ba ka bolelela bana ba bone mafoko a a jaaka ano tota le pele ba nyala gape: “Ke rata Anna e bile o tlile go nna mosadi wa me. Ke a itse gore lo tla dirisana le ene ka maitseo.”
• Iphe nako ya go nna o le esi le mongwe le mongwe wa bana ba gago. Go beela nako e e rileng kwa thoko go tla ba bontsha gore o ba tsaya ba le botlhokwa e bile go tla ba tlhomamisetsa gore o a ba rata.
• Iphe nako ya go nna o le esi le mongwe le mongwe wa bana ba ba tlileng le motsadi yo mongwe gore o nne le kamano le bone ntle le gore motsadi wa bone a tsereganye.
• Letla bana gore e nne karolo ya lelapa le lesha ntle le gore ba latlhe lelapa la bone la pele. Gantsi go botoka gore o se ka wa pateletsa bana ba molekane wa gago gore ba go bitse “Mama” kgotsa “Papa.” Kwa tshimologong bana ba bagolwane ba ka se gololesege go dirisa mafoko a a jaaka “lelapa” kgotsa “re” fa ba bua ka lelapa la motsadi wa bobedi.
• Dira gore ngwana mongwe le mongwe a nne le ditiro tse a di dirang mo gae, a nne le fa a nnang teng mo tafoleng le lefelo le e leng la gagwe mo gae. Seno se akaretsa le bana ba ba sa nneng le lona ka dinako tsotlhe.
• Akanyetsang gore lo fudugele kwa ntlong e nngwe kgotsa lo fetole ntlo e lo nnang mo go yone, gore maloko a masha a lelapa a se ka a ikutlwa e kete ga a mo gae.
KGWETLHO 4: Go Kgalemela Bana
“Fa ke leka go kgalemela bana ba ga Carmen, o a ba gomotsa go na le gore a nkeme nokeng.”—Pablo.
“Pelo ya me e nna botlhoko thata fa Pablo a tshwara bongwanake makgwakgwa.”—Carmen.
KE ENG fa go godisa bana go ka baka dikgotlhang mo lelapeng la motsadi wa bobedi? Gongwe fa motsadi a ne a sa ntse a godisa bana a le esi o ne a repisitse letsogo fa a ba kgalemela. Fa motsadi wa bobedi a nna karolo ya lelapa a ka tswa a ise a atamalane thata le bana ba molekane wa gagwe. Seo se ka felela ka eng? Motsadi wa bobedi a ka tswa a akanya gore molekane wa gagwe ga a gagamatse letsogo fa a kgalemela bana mme ene a ka tswa a akanya gore motsadi wa bobedi o tshwara bana ba gagwe makgwakgwa.
Baebele e kgothaletsa gore batsadi ba nne tekatekano fa ba godisa bana: “Lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa [Modimo].” (Baefeso 6:4) Ntlha ya botlhokwa fano ke go thapisa tsela e ngwana wa gago a akanyang ka yone go na le go laola fela tsela e a itshwarang ka yone. Kafa letlhakoreng le lengwe, batsadi ba kgothalediwa gore ba nne pelonomi le lorato gore kotlhao ya bone e se ka ya tshwenya bana.
SE O KA SE DIRANG
• Tlhoma melao mo lapeng, o simolola ka e o neng o setse o na le yone. Akanya ka melemo ya go nna le melao e e ntseng jalo mo tiragalong e e latelang:
Mmè wa bobedi: Jennifer, molao wa mo gae ke gore o se ka wa kwala melaetsa ka founo ya selula pele o fetsa tiro ya sekolo.
Jennifer: Ga o mmè.
Mmè wa bobedi: Ke boammaaruri, Jen, mme ke nna ke go tlhokometseng maitseboeng ano, mme molao ke gore o se ka wa romela melaetsa ka founo ya selula pele o fetsa tiro ya sekolo.
• Tila go tlhoma melao e mentsi kgotsa go fetola dithulaganyo tsa ka metlha ka bonako. Selo se se lebegang e kete ke kopo e e sa reng sepe mo motsading wa bobedi e ka nna mokgweleo mo ngwaneng yo o tsayang gore botshelo jwa gagwe bo setse bo fetogile gotlhelele. Gone ke boammaaruri gore melao mengwe e mesha e ka tlhokega, e e jaaka wa go se tsenatsene mo dikamoreng tsa ba bangwe le wa gore go aparwe jang mo gae, bogolo jang fa go na le bana ba bagolwane mo lelapeng la motsadi wa bobedi.
• Fa lo sa dumalane ka sengwe, buisanang ka gone lo le babedi, e seng fa pele ga bana. Tlotlang ka boitshwaro jo bo rileng jwa ngwana e seng ka se yo mongwe a tsayang gore motsadi ga a se dira fa a ne a godisa ngwana.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe mo motseletseleng ono wa ditlhogo a fetotswe.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Go ka nna ga lebega go ka se kgonege gore lelapa la motsadi wa bobedi le nne le momagane
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Reetsa ka kelotlhoko gore o tlhaloganye tsela e mongwe le mongwe a ikutlwang ka yone le dilo tse a tshwenyegileng ka tsone
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Fa batsadi ba sa dumalane ka sengwe, ba tshwanetse go buisana ka gone ba le babedi fela