Mathata a a Kgethegileng a Malapa a Motsadi wa Bobedi
MALAPA A MOTSADI WA BOBEDI A KA ITUMELA! JANG?
Lelapa la motsadi wa bobedi e setse e le mofuta wa lelapa o o atileng thata mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Le fa go ntse jalo, malapa a motsadi wa bobedi a na le mathata a a sa tlwaelegang. Ga go pelaelo gore bothata jwa one jo bogolo go gaisa ke jwa go godisiwa ga bana. Mme gone, jaaka fa ditlhogo tse pedi tse di latelang di tla leka go bontsha, go a kgonega gore malapa a motsadi wa bobedi a godise bana ka katlego.
GANTSI GA NKE GO BUIWA SEPE SE SE MOLEMO KA RRE KANA MMÈ WA BOBEDI. FA RE SA NTSE RE le bana, bontsi jwa rona re ile ra utlwa go buiwa tlhamane ka ga Cinderella yo o neng a sotlwa ke mmaagwe wa bobedi. Bana ba Yuropa le bone ba rutwa tlhamane ka ga Snow White and the Seven Dwarfs. Mmè wa bobedi wa ga Snow White e ne e le moloi yo o bosula!
A ditlhamane tse di ntseng jalo di bua boammaaruri ka malapa a motsadi wa bobedi? A batsadi botlhe ba bobedi ba bosula jalo? Nnyaa. Bontsi jwa bone ba ratela bana ba bone ba ba ba boneng ka lenyalo dilo tse di molemo. Mme gone, ba lebana le mathata a a boima a go nna motsadi wa bobedi.
Mathata a go Godisa Bana
Fa lenyalo la ntlha le thubega, gantsi seo se bakwa ke go bo balekane ba sa gola sentle mo maikutlong. Mo lenyalong la bobedi, go godisa bana go ka tlhagisa dikgotlhang. Dipego dingwe di bontsha gore malapa a a tswakaneng a a fetang 4 mo go a le 10, a felela ka tlhalo mo dingwageng tsa one tsa ntlha tse tlhano.
Batho bano ba ba sa tswang go nyalana ba ka nna ba bo ba sa lemoge tobekano ya maikutlo, dipelaelo, go fufega le go kgopisega go bana ba nnang le gone ka ntlha ya go tla ga motsadi yono wa bobedi. Ba ka nna ba akanya gore motsadi yono wa bobedi o ba amoga lorato lotlhe lo motsadi wa bone wa mmatota a ba ratang ka lone. Mo godimo ga moo, motsadi wa bana wa mmatota a ka nna a se ka a tlhaloganya gore ke eng fa bana ba tswelela ba rata molekane yo o mo latlhileng. Mosimane mongwe o ile a leka go tlhalosa kamano e ntle e a nang le yone le rraagwe wa mmatota ka go re, “Mama, ke a itse gore Papa o ne a sa go tshware sentle, le fa go ntse jalo, nna o ntshwara sentle!” Le mororo mafoko a a ntseng jalo a le boammaaruri, a ka dira gore mmè a galefele rraagwe ngwana.
Motho mongwe yo e leng rre wa bobedi o ile a ipobola jaana: “Tota ke ne ke sa ipaakanyetsa go lebana le mathata a a amanang le go godisa bana ba mosadi wa me. Ke ne ke akanya gore ka go bo jaanong ke nyetse mmaabone, ke ne ke le rraabone. Go ne go se motlhofo jaaka ke ne ke akantse! Ke ne ke sa lemoge kafa bana bano ba ratang rraabone thata ka teng, ka jalo, ke ne ka dira diphoso tse dintsintsi.”
Dikgotlhang di ka tsoga segolobogolo mo kgannyeng ya go otlhaya. Bana ba tlhoka go otlhaiwa ka lorato, mme gone, gantsi ba a e tsoulogela tota le fa e tla ka motsadi wa bone wa mmatota. Go nna thata le e leng go feta fa e tswa mo motsading wa bobedi! Ka tlwaelo fa ngwana a otlhaiwa ke motsadi yono, o tla bua sengwe se se jaaka, “Ga o rre!” A bo mafoko a a ntseng jalo a ka utlwisa motsadi yono wa bobedi botlhoko jang ne yo o neng a leka go thusa!
A bana ba ka godisiwa ka katlego mo malapeng a a tswakaneng? A motsadi wa bobedi a ka nna le seabe se se molemo mo go direng gore lelapa e nne le le atlegileng? Dikarabo tsa dipotso tseno tse pedi ke ee, fa botlhe ba ba amegang ba latela kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya Lefoko la Modimo, Baebele.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
“Ga o rre!”