Kgaolo 5
Ke Ka Dira Jang Fa Motsadi wa Me A Nyalana le Mongwe Gape?
“Letsatsi le Rre a neng a nyala Rita ka lone le ne la ntshulafalela go gaisa otlhe mo botshelong jotlhe jwa me,” Shane o gakologelwa jalo. “Ke ne ke tenegile fela thata. Ke tenegetse Rre go bo a tsieditse Mmè. Ke tenegetse Mmè go bo a ile go ithuta boagente kwa sekolong mme a re tlogetse re le rosi. Ke tenegetse dikhutsanyana tse pedi, ebong bana ba ga Rita, bao ba neng ba tlile go nna le rona mo ntlong ya rona . . . Mme go feta tsotlhe, ke ne ke tenegetse Rita fela thata . . . Ke ne ke mo ila. Mme ka gonne ke ne ke dumela gore go ila motho ga go a siama, ke ne ke itenegetse fela thata le nna.”—Stepfamilies—New Patterns in Harmony, ka Linda Craven.
FA MOTSADI mongwe wa gago a nyalana le mongwe gape seno se senya tsholofelo ya gago ya gore batsadi ba gago ba tla tsamaya ba boelelana gape. Go ka go dira gore o ikutlwe o sa babalesega, o tsieditswe, ebile o fufega.
Go nyalana le mongwe gape moo go ka utlwisa botlhoko segolo bogolo fa go diragala fela morago ga motsadi mongwe yo o rategang a sena go tlhokafala. “Go swa ga ga mmè go ne ga ntira gore ke nne motho yo o bogale fela thata,” Missy wa dingwaga tse 16 o ne a dumalana jalo. “Ke ne ke akanya gore mosadi yo rre a neng a mmeeletse o ne a tsaya sebaka sa ga mmè jalo ke ne ke mo tlhoile fela thata.” Ka go bo o ikanyega go batsadi ba gago ba mmatota, o ka nna ebile wa ikutlwa molato fa o simolola go rata motsadi wa gago wa bobedi.
Ga go gakgamatse, he, go bo basha ba le bantsi ba supa go utlwa botlhoko jwa bone ka ditsela tse di senyang. Ebile ba bangwe ba loga maano a go senya lenyalo la motsadi wa bone le lesha. Mme gakologelwa, motsadi wa gago wa tlholego le motsadi yo mosha ba ikanne fa pele ga Modimo. “Ke gōna se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho [kana ngwana].” (Mathaio 19:6) Mme le eleng fa o ka ba kgaoganya, seno ga sena go dira gore batsadi ba gago ba mmatota ba boelelane gape.
Le gone ga go na tlhaloganyo go tlhola o lole le motsadi wa gago wa bobedi. Diane 11:29 e tlhagisa jaana: “Eo o chwenyañ ntlo ea gagwè o tla ya phehō boshwa,” ke gore, o tla tshwara lephoro. Go ngalela mmaagwe wa bobedi ka metlha ga ga Gerri go ne ga felela ka ntwa e e matlho mahibidu gareng ga bone. Phelelo e ne ya nna efe? Mmaagwe wa bobedi o ne a batla gore rraagwe Gerri a kgethe gareng ga gagwe le morwadie. Go ne ga felela ka gore Gerri a ye go nna le mmaagwe wa mmatota—yo le ene o neng a nyetswe gape.
Lorato le go Thusa go Kgona Seemo
Sephiri sa go kgona ka katlego seemo sa go nyalana le mongwe gape ga motsadi ke eng? Ke go dirisa lorato lwa molao-motheo jaaka lo tlhalositswe mo go 1 Bakorintha 13:4-8:
Lorato “ga lo ko lo ipatlèla hèla.” Seno se raya ‘go sa batle dilo tseo di solegelang rona molemo fela, mme le tseo di solegelang ba bangwe molemo.’ (1 Bakorintha 10:24) Fa e le gore motsadi mongwe o dirile phetso ya gore o tlhoka molekane wa lenyalo gape, a o tshwanetse go ngalela seno.
“Loratō ga lo pelotshètlha.” Gantsi basha ga ba batle go tlhakanela lorato la motsadi wa bone wa mmatota le mongwe o sele. Mme o seka wa boifa gore motsadi wa gago o tla seke a tlhole a go rata, ereka lorato lo ka atolosiwa. (Bapisa 2 Bakorintha 6:11-13.) Motsadi wa gago wa mmatota o ka atolosa lorato lwa gagwe gore a rate molekane wa gagwe yo mosha mme a ntse a go rata! A o tla bula pelo ya gago go rata motsadi wa gago wa bobedi? Fa o dira jalo ga go reye ka gope gore ga o ikanyege mo motsading wa gago yo o seyong.
Lorato “ga lo ko lo diha kaha go sa chwanèlañ.” Go nna le bomorwarrago le barwadiarrago ba basha ba bong bo sele go ka lere dikgatelelo mo boitsholong. Go begwa fa dikamano tsa tlhakanelo-dikobo tse di sa tshwanelang di diragala gareng ga maloko a lelapa mo 25 lekgolong ya malapa a batho ba ba nyetseng gape.
David, yo go nyalwa gape ga ga mmaagwe go lerileng bokgaitsadie ka rraagwe ba le bane mo gae, o bolela jaana, “Go ne go tlhokafala gore ke kganele mogopolo wa me go akanya ka maikutlo a tlhakanelo-dikobo.” Le wena o tla tshwanelwa ke go nna kelotlhoko go tila go itlwaelanya ka mo go sa tshwanelang, o tlhomamisa gore kapari ya gago lefa e le boitshwaro jwa gago ga bo tsose keletso ya tlhakanelo-dikobo.—Bakolosa 3:5.
Lorato “lo itshokela sengwe le sengwe . . . Lo re naya maatla a go itshokela sengwe le sengwe.” (Thanolo ya ga Charles B. Williams) Ka dinako tse dingwe go ka lebega go sena sepe seo se digelang pelo ya gago! Marla o ne a ipolela jaana: “Ke ne ke ikutlwa ke sena lenno mo lelapeng. Ke bile ka ba ka bolelela mmè gore ke eletsa ekete ke ka bo ke se kile ka tsalwa.” Marla o ne a tsuolola a bo a ngwega mo gae! Lefa go ntse jalo, jaanong a re: “Selo se se botoka ke go itshoka.” Le wena fa o ka itshoka, morago ga nako tšhakgalo, ketsaetsego, le botlhoko jo o neng wa bo utlwa kwa tshimologong di tla kokobela.
‘Ga o Mmè/Rre Tota!’
Go otlhaiwa ke motsadi yo mosha ga se selo se se motlhofo, mme fa o kopiwa go dira sengwe ke motsadi yo mosha, o ka nna wa ikutlwa o raelesega go kgomoga o re, ‘Ga o mmè/rre tota!’ Mme gakologelwa molao-motheo o o tlhalositsweng mo go 1 Bakorintha 14:20 o o reng: “Mo tlhaloganyoñ lo nnè banna.”
Go amogela taolo ya motsadi wa gago wa bobedi ya gore o tshwanetse go go otlhaya ke tsela e nngwe ya go bontsha gore o ‘monna mo tlhaloganyong.’ O dira ditiro fela jaaka motsadi wa gago wa mmatota jalo o tshwanetse go mo tlotla. (Diane 1:8; Baefesia 6:1-4) Mo metlheng ya Bibela Esethere o ne a godisiwa ke rraagwe yo o neng a mo abetswe, kana ‘motlhokomedi,’ fa batsadi ba gagwe ba ne ba tlhokafala. Lemororo Moredekai e ne e se motsadi wa gagwe wa mmatota, o ne a ‘beela Esethere melao,’ eo a neng a e obamela lefa a ne a setse a godile! (Esethere 2:7, 15, 17, 20) Eleruri, kotlhao ya motsadi wa bobedi gantsi ke tshupo ya gore o a bo a go rata a bile a amega ka wena.—Diane 13:24.
Lefa go le jalo, go santse go tla nna le mabaka a gore o ngongorege. Fa go ntse jalo, itshupe gore ‘o godile’ ka go dira seo se kgothalediwang ke Bakolosa 3:13: “Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe.”
Ithute go Tlhakanela Dilo le ba Bangwe, Ithute go Ineela
Fa Jamie wa dingwaga tse 15 a ne a nna le mmaagwe ba le bosi fela, o ne a na le kamore ya gagwe a le nosi ebile a apara diaparo tse di tlhotlhwa-kgolo. Fa mmaagwe a ne a nyalwa gape mme Jamie a ne a iphitlhela a le mo lelapeng le le nang le bana ba le bane, dilo di ne tsa fetoga. “Jaanong ga ke sa tlhola ke na lefa e le kamore e e leng ya me,” a bua jalo ka bohutsana. “Ke tshwanela go tlhakanela sengwe le sengwe le ba bangwe.”
Le wena o ka nna wa tshwanelwa ke go rola boemo jwa gago jaaka ngwana yo mogolo mo go botlhe kana yo o esi. Fa o le ngwana wa mosimane, o ka tswa o ne o ntse o le moeteledipele wa lelapa ka nako e telele—boemo joo jaanong e leng jwa ga rrago wa bobedi. Kana fa o le ngwana wa mosetsana, e ka tswa e le gore wena le mmago lo ne lo ntse jaaka barwadiamotho, ebile lo robala mo kamoreng e le nngwefela, mme jaanong o tlositswe mo go yone ke rrago wa bobedi.
“A boiphapaanyō yoa lona bo itsiwè mo bathuñ botlhe,” Bibela e akantsha jalo. (Bafilipi 4:5) Lefoko le le neng le dirisitswe la ntlha le ne le raya “go naya ba bangwe tsela” mme le ne le tlhalosa boikutlo jwa motho yo o sa gateleleng gore a neelwe ditshwanelo tsa gagwe tsotlhe tsa kafa molaong. Jalo, leka go naya ba bangwe tsela, go ineela. Sola seemo sa gago se sesha molemo, mme o tile go tlhola o akantse ka dilo tse di fetileng. (Moreri 7:10) Iketleeletse go tlhakanela dilo le bomorwarrago le bomorwadiarrago ba motsadi wa bobedi, o sa ba tseye jaaka batho ba sele. (1 Timotheo 6:18) Fa fela lo simolola go tshwarana jaaka barwarraamotho le barwadiarraamotho ba mmatota, lo tla simolola go nna le lorato mo go yo mongwe fela ka bofefo. Mme fa e le ka monna yo mosha yo o eteletseng pele mo lelapeng, o seka wa mo ngalela. Itumelele go bo a le teng go sikara maikarabelo a lelapa.
Go Kgona Seemo sa go sa Tshwarwe ka go Tshwana
Morago ga mosetsanyana mongwe yo mmotlana a sena go dumela gore rraagwe wa bobedi o ba bontsha lorato, o ne a oketsa ka go re: “Mme go na le pharologanyo. O lebelela mo go oketsegileng, o re otlhaya go feta ba bangwe, kutlwisiso ya gagwe mo go rona e potlana . . . go na le jaaka a dira ka bana ba gagwe ba mmatota ba balekane ba rona. Seno se re utlwisa botlhoko eleruri.”
Lemoga gore gantsi motsadi wa bobedi ga a kitla a ikutlwa ka go tshwana ka ngwana wa gagwe yo a mo fitlhelang jaaka a tla ikutlwa ka ngwana wa gagwe wa mmatota. Seno ke ka baka, eseng thata la go bo ngwana wa gagwe wa mmatota e le ba madi a le mangwefela, mme e le ka baka la boitemogelo joo ba nnileng najo mmogo mo botshelong. Mme ebile go tshwana fela, ka gore le eleng motsadi wa mmatota o ka rata ngwana wa gagwe yo mongwe go feta yo mongwe. (Genesise 37:3) Lefa go ntse jalo, go na le pharologanyo e kgolo gareng ga tekatekano le go senang ditshele. Batho ba na le botho jo bo sa tshwaneng le ditlhokafalo tse di farologaneng. Jalo go na le go tshwenyega thata ka gore ga o tshwarwe jaaka ba bangwe, leka go bona gore a motsadi wa gago wa bobedi o lekela go fitlhelela ditlhokafalo tsa gago. Fa o ikutlwa gore tseno ga di fitlhelelwe, jalo o na le lebaka la go buisana kgang eno le rrago wa bobedi.
Bomorwarrago le barwadiarrago ba motsadi wa gago wa bobedi le bone ba ka go leretse mathata. Le ka motlha o seka wa lebala gore le bone ba ka nna ba tswa ba le mo mathateng ba leka go inyalanya le seemo sa lelapa la batsadi ba ba nyetseng gape. Gongwe ebile ga ba go rate ba go tsaya jaaka motsenelela mo lelapeng la bone. Dira ka mo o ka kgonang ka gone go nna pelonomi. Fa ba go kgoba, leka go ‘fenya bosula ka molemo.’ (Baroma 12:21) Kwantle ga moo, ga se selo se se gakgamatsang le eleng ka barwarraamotho le barwadiarraamotho ba mmatota go thulana gangwe le gape.—Bona Kgaolo 6.
Bopelotelele bo a Duela!
“Bokhutlō yoa selō bo molemō bogolo go tshimologō ea shōna: me eo o pelotelele mo moeeñ o molemō bogolo go eo o boikgodishō mo moeeñ.” (Moreri 7:8) Ka mo go tlwaelesegileng, go tlhokega dingwaga di le mmalwa pele ga maloko a lelapa la batsadi ba ba nyalaneng le bangwe gape ba ka tshepana mo ba ka kgonang go ikutlwa ba wetse dibete fa ba le mmogo. Ke gone he ditlwaelo tse di sa tshwaneng le dilo tse di ratwang tse di sa tshwaneng di ka kopanngwang go dira gore dilo di tsamaye sentle. Jalo nna pelotelele! O seka wa lebelela gore o tla “ratiwa ka ponyo ya leitlho” kana gore go tla nna le lelapa le le siameng “ka ponyo ya leitlho.”
Fa mmaagwe Thomas a ne a nyalwa gape, re ka re fela ra re, o ne a tlhoatlhoega. Mmaagwe o ne a na le bana ba le bane, mme monna yo o neng a mo nyala o ne a na le ba le bararo. “Re ne re lwa, re ngangisana, re kgoreletsana, re utlwisana botlhoko fela thata,” ga kwala jalo Thomas. Ke eng seo kgabagare se neng sa tlisa katlego? “Fa re ne re dirisa melao-metheo ya Bibela, dilo di ne tsa rarabologa; eseng gone fela foo ka metlha, mme morago ga nako le fa re ne re dirisa maungo a moya wa Modimo, kgabagare maemo a ne a baakanyesega.”—Bagalatia 5:22, 23.
Gore go dirisa melao-metheo ya Bibela tota go lere katlego mo lelapeng la batsadi ba ba nyalaneng le bangwe gape go bontshiwa ke maitemogelo a basha ba ba latelang bao re neng ra ba botsolotsa:
Basha ba Malapa a a Nang le Batsadi ba Bobedi ao a Atlegileng
Mmotsolotsi: Lo ne lwa tila jang go ngala fa motsadi wa lona wa bobedi a ne a lo otlhaya?
Lynch: Ka metlha mmè le rre wa bobedi ba ne ba tshwaraganela kotlhao. Fa sengwe se ne se diragala, ba ne ba dira phetso boobabedi ya gore ba e diragatse. Jalo fa ke ne ke itewa, ke ne ke itse gore ke itewa ke boobabedi.
Linda: Go ne go le thata kwa tshimologong ka gonne ke ne ke etle ke re, “Ke mang yo o go neileng tshwanelo ya go nthaya o rialo?” Mme morago ke ne ke akanya kafa Bibela e buang ka teng ka go ‘Tlotla mmago le rrago.’ Mme lemororo e ne e se rre tota, mo ponong ya Modimo o ne a le rre.
Robin: Ke ne ke itse gore go ne go tla utlwisa mmè botlhoko fela thata fa ke ne ke ka ngalela motho yo a neng a mo rata.
Mmotsolotsi: Ke eng seo se neng sa tokafatsa puisano e e molemo?
Lynch: O tshwanetse go bontsha kgatlhego mo go seo motsadi wa gago wa bobedi o se dirang. Ke ne ke mo thusa mo tirong ya gagwe ya boitshediso. Mme fa re ntse re bereka mmogo re ne re sa fetse go bua. Seno se ne sa nthusa gore ke bone kafa a akanyang ka gone. Ka dinako tse dingwe ke ne ke etle ke nne fela le ene, mme re seke re bue ‘sepe.’
Valerie: Nna le mmè wa bobedi re ne re senya nako e telele re le mmogo, mme ke ne ka kgona go mo tlhaloganya sentle. Re ne ra nna ditsala tse di atamalaneng fela thata.
Robin: Rre o ne a tlhokafala ngwaga fela pele ga mmè a nyalwa gape. Ke ne ka gana go ikatamalanya le rre wa bobedi ka gonne ke ne ke sa batle gore a tseele rre sebaka. Ke ne ka rapela Modimo gore o nthuse go lebala loso lwa ga rre le go atamalana le rre wa bobedi. Ke ne ka rapela ka ba ka rapela ka ba ka rapela. Jehofa eleruri o ne a arabela dithapelo tseno.
Mmotsolotsi: Lo ne lwa dira eng gore lo atamalane?
Valerie: Fa gongwe ke ne ke kopa mmè wa bobedi gore a ye le nna kwa dibaesekopong—re le babedi fela. Kana fa ke ne ke dule mo gae, ke ne ke mo rekela dithunya dingwe kana sebeela dithunya sengwe, sengwe fela seo se neng se ka mmontsha gore ke ne ke akantse kaga gagwe. O ne a anaanela seno fela thata.
Eric: O tshwanetse go batlisisa seo loobabedi lo se ipelelang. Selo se le sengwefela seo re neng re na le sone le rre wa bobedi e ne e le gore o ne a nyetse mmè mme ebile a nna le nna mo ntlong e le nngwefela. Go ne ga thusa fela thata fa ke ne ke simolola go kgatlhegela Bibela jaaka le ene a ne a e kgatlhegela. Fa ke ne ke atamalana le Jehofa Modimo, ke ne ka atamalana le rre wa bobedi fela thata. Jaanong re ne re na le sengwe seo re neng re se rata boobabedi!
Mmotsolotsi: A lo solegetswe molemo ke sengwe ka namana?
Robin: Fa ke ne ke na le mmè fela, ke ne ke le bogoma ebile ke tlekeediwa thata. Ka metlha ke ne ke batla dilo di dirwa ka tsela ya me. Jaanong ke ithutile go akanyetsa ba bangwe le go sa nneng bogagapa.
Lynch: Rre wa bobedi o ne a nthusa go akanya jaaka monna. O nthusitse go nna setswerere mo dilong dingwe le go itse go dirisa diatla tsa me. Fa dilo di ne di nna thata mme ke tlhoka mongwe yo o ka nthusang, o ne aa bo a le teng. Ee, ke rre yo o molemo fela thata go gaisa yo ope a nang nae.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 5
◻ Basha bangwe ba ikutlwa jang fa batsadi ba bone ba nyalana le mongwe gape? Ka ntlhayang?
◻ Go bontsha lorato lwa Bokeresete go thusa mosha jang go kgona seemo?
◻ A o tshwanetse go ikobela kotlhao ya motsadi wa gago wa bobedi?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go itse kafa o ka ineelang ka gone le go tlhakanela dilo le ba bangwe?
◻ A o tshwanetse go lebelela gore o tshwarwe ka go tshwana le barwarrago le barwadiarrago ba motsadi wa bobedi? Go tweng fa e le gore o ikutlwa o sa tshwarwe sentle?
◻ Dilo dingwe tseo o ka di dirang tseo di tla go thusang gore o dirisane botoka le motsadi wa gago wa bobedi ke dife?
[Mafoko a a mo go tsebe 45]
“Ke ne ke akanya gore mosadi yo rre a neng a mmeeletse o ne a tsaya sebaka sa ga mmè jalo ke ne ke mo tlhoile fela thata”
[Setshwantsho mo go tsebe 43]
Go nyala gape ga motsadi gantsi go tsosa maikutlo a kgakalo, go sa bolokesega, le eleng go nna lefufa
[Setshwantsho mo go tsebe 46]
Gantsi kotlhao ya motsadi wa bobedi e a ganwa