LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/12 ts. 24
  • Selopo sa Tlou

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Selopo sa Tlou
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se se Tlhokegang go Kgweetsa Tlou
    Tsogang!—2009
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Sesupo Se Se Dikarolo Dintsi
    Tsogang!—1993
  • Diroboto—Di Gatetse Pele go le Kana Kang Gompieno?
    Tsogang!—2008
Tsogang!—2012
g 4/12 ts. 24

A se Ne se Tlhamilwe?

Selopo sa Tlou

● Babatlisisi ba dira letsogo la roboto le le kgonang go dira dilo tse dintsi e bile le kgona go obega botoka. Tlhogo ya lephata la botlhami kwa khampaning e e tlhamang sedirisiwa seo ya re letsogo leo le lesha “le gaisa kgakala sedirisiwa sepe se se leng teng gompieno mo gare ga didirisiwa tse di itirisang.” Ba tsere kae kgopolo eo? A re: “Mo tseleng e selopo sa tlou se dirang ka yone.”

Ela tlhoko: Selopo sa tlou se se boima jwa dikilogerama di le 140 se ne sa bidiwa “sedirisiwa se se momagantsweng le se sengwe mme se dira dilo tse dintsi e bile se le mosola go feta didirisiwa tse dingwe tsotlhe tse di ntseng jalo mo lefatsheng.” Selopo seno se se kgonang go dira dilo tse dintsi se ka dirisiwa e le nko, straw, letsogo kgotsa seatla. Tlou e ka hema ka sone, ya nkga, ya nwa, ya tshwara kgotsa ya ba ya dira modumo o mogolo o e keteng wa terompeta ka sone!

Mme ga se gone gotlhe. Selopo sa tlou se na le mesifa e e ka nnang 40 000 e e dirang gore se kgone go ya ntlheng nngwe le nngwe. Tlou e kgona go dirisa ntlha ya selopo sa yone go sela madi a mannye a tshipi. Gape tlou e ka dirisa selopo sa yone go tsholetsa merwalo ya boima jwa dikilogerama di ka nna 270!

Babatlisisi ba solofela gore go etsa tsela e selopo sa tlou se dirilweng ka yone le go etsa bokgoni jwa sone go tla ba thusa go tlhama diroboto tsa maemo a a kwa godimo tse di ka dirisiwang kwa gae le kwa madirelong. Moemedi wa khampani e go builweng ka yone kwa godimo a re: “Re tlhamile roboto ya mofuta o mosha gotlhelele fa e bapisiwa le diroboto tse di tlwaelegileng mme mo lekgetlhong la ntlha e dira gore batho ba kgone go bereka le metšhini sentle go se na kotsi epe.”

O akanya eng? A selopo sa tlou se nnile gone ka bosone fela? Kgotsa a se ne se tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela