Se se Tlhokegang go Kgweetsa Tlou
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA INDIA
MOKGWEETSI wa tlou o ne a apeile dijo tsa gagwe fa thoko ga Noka ya Narmada, a tlogetse ngwana wa gagwe fa gare ga selopo sa tlou le maoto a yone a kwa pele, mme tlou eno e ne e ikhuditse. Buka ya Project Elephant e tlhalosa jaana: “Ngwana o ne a ntse a leka go tsamaya, mme tlou eno e e neng e ikhuditse e ne ya tshopetsa selopo sa yone ka bonolo mo ngwaneng e bo e mmusetsa mo rraagwe a neng a mo tlogetseng teng. Rraagwe o ne a tswelela go apaya mme go bonala a ne a tlhatswegile pelo gore ngwana wa gagwe o babalesegile.”
Ditlou tse di berekang di ile tsa dirisiwa ke batho fa e sa le mo masimologong a 2000 B.C.E. Mo metlheng ya bogologolo ditlou di ne di katisediwa thata ntwa. Mme gompieno kwa India, di katisediwa go bereka. Di dirisiwa go rwala dikgong gore di tlamele madirelo a logong. Ditlou tseno di rutiwa jang go nna bokgwabo? Gape di katisiwa jang?
Khoso ya go Katisa Ditlou
Ditheo di le mmalwa kwa India di kgona go tlhokomela bana ba ditlou ba ba gapilweng, ba ba latlhilweng kgotsa ba ba gobetseng kwa nageng. Setheo sengwe se se ntseng jalo ke sa kwa Koni, kwa kgaolong ya Kerala. Ke mono mo bana ba ditlou ba katisediwang go nna ditlou tse di berekang. Mokatisi wa tsone o tshwanetse gore pele a dire gore ngwana wa tlou a mo tshepe. Go di naya dijo ke tsela e e botlhokwa ya go dira gore di mo tshepe. Ngwana wa tlou o lemoga lentswe la motlhokomedi wa yone, mme fa a bidiwa gore a tle go ja, o taboga ka bonako go ya go nwa mashi le lebelebele le le dirilweng boleta. Gantsi go katisediwa tiro ga go dirwe pele ditlou tseno tse dinnye di fitlha mo dingwageng tsa bolesome. Mme di simolola go bereka fa di nna le dingwaga di le 25. Kwa Kerala melao ya puso e batla gore ditlou di tlogele go berekisiwa fa di nna le dingwaga di le 65.
Gore a tle a kgweetse tlou sentle, mokgweetsi o tlhoka katiso e e siameng. Go ya ka Elephant Welfare Association ya kwa Trichur, kwa Kerala, mokgweetsi yo mosha o tlhoka bobotlana katiso e e tseneletseng ya dikgwedi di le tharo. Katiso e e ntseng jalo ga se fela go ithuta go ntsha ditaelo. E akaretsa gape le go itse sengwe le sengwe ka botshelo jwa tlou.
Go tsaya lobaka lo loleelenyana go katisa tlou e e godileng. Mokatisi o simolola pele ka go ruta tlou ditaelo ka go bua le yone, a se kafa e leng teng. Kwa Kerala mokgweetsi wa tlou o dirisa ditaelo di le 20 a bo a bontsha tlou ka matsogo se e tshwanetseng go se dira. Mokgweetsi o ntsha ditaelo tse di utlwalang sentle le go di buela kwa godimo, mme ka nako e tshwanang o kgotla tlou ka thupa a bo a e bontsha se e tshwanetseng go se dira. Fa tlou e ikobela taelo e e e neilweng, e duelwa ka sengwe se e se ratang. Fa mokatisi yono a bona gore tlou ya gagwe e botsalano, o tla bo a tsena ka mo e nnang gone a bo a e solasola. Kamano e e ntseng jalo e dira gore go nne le go tshepana magareng ga tlou le mokatisi wa yone. Fa nako e ntse e ya, tlou e ka ntshetswa kwa ntle—gone mme, seno se dirwa ka kelotlhoko e re ka e sa ntse e na le mekgwa mengwe ya yone ya kwa nageng. Fa mokatisi a setse a tlhomamisegile gore tlou e bokgwabo sentle, o tla bo a e golega ka keetane fa gare ga ditlou tse dingwe tse di dirisiwang mo ikatisong fa a e isa gore e ye go tlhapa le fa a e tsamatsamaisa.
Fa tlou e setse e tlhaloganya ditaelo tse e di bolelelwang, mokgweetsi o palama mo godimo ga yone a bo a e ruta gore e tsiboge jang fa e kgomiwa, mme o dira seo ka go e kgotla ka menwana ya maoto kgotsa ka serethe. Fa a batla gore tlou e ye kwa pele, mokgweetsi o e gatelela ka menwana e megolo ya maoto fa morago ga ditsebe. Fa a batla gore e boele kwa morago, o e gatelela ka direthe mo magetleng. Gore go tle go se ka ga nna le tlhakatlhakano, ditaelo tse di bolelwang di ntshiwa fela ke mokgweetsi a le mongwe. Tlou e tla tlhaloganya ditaelo tsotlhe mo sebakeng sa dingwaga di le tharo kgotsa di le nnè. Mme morago ga moo, ga e tlhole e di lebala. Le fa gone tlou e na le boboko jo bonnye fa bo bapisiwa le mmele wa yone, ke phologolo e e botlhale.
Go Tlhokomela Ditlou
Go tshwanetse ga dirwa gore tlou e nne e ntse e itekanetse gape e itumetse. Go botlhokwa gore e tlhape ka metlha. Ka nako ya fa e tlhapisiwa, mokgweetsi o dirisa matlapa le makape a a segilweng sentle a khokhonate gore a gotlhe letlalo la yone le lekima mme le le boleta.
Mme jaanong go tla sefitlholo. Mokgweetsi o dira motswako o o boleta wa korong, lebelebele, le mofuta mongwe wa furu. Dijo tsa motshegare di akaretsa setlhare sa bamboo, makala a mokolane le bojang. Tlou ya itumela fa e tsenyetswa gape digwete tse ditala le ntšhe. Ditlou di fetsa nako e ntsi di ja. Di tlhoka dijo tsa dikilogerama tse di ka nnang 140 le dilitara tse di ka nnang 150 tsa metsi letsatsi le letsatsi! E le gore mokgweetsi wa tlou a nne tsala e e molemo ya tlou, o tshwanetse go e naya dilo tseno tse e di tlhokang.
Ditlamorago Tsa go e Sotla
Tlou e e bonolo ya kwa India ga e ka ke ya kgweediwa kgotsa ya dirisiwa go feta selekanyo se se rileng. Ditlou di ka tlhasela mokgweetsi yo o di goang kgotsa yo o dirang dilo dingwe go di otlhaya. Lokwalodikgang lwa kwa India lwa Sunday Herald lo buile ka tlou nngwe e tonanyana e e nang le dinaka, “e e neng ya galefa mme ya tswa mo taolong . . . morago ga gore e sotliwe ke bakgweetsi. Tlou eo e e neng ya itewa ke mokgweetsi e ne ya tswa mo taolong . . . mme ya tshwanelwa ke gore e ritibadiwe ka gore e tlhabiwe ka lomao lwa go e robatsa.” Ka April 2007, lokwalodikgang lwa India Today International lo ne lwa bega jaana: “Mo dikgweding di le pedi fela tse di fetileng, ditlou tse ditonanyana di le lesome di ne tsa shakgala kwa meletlong; fa e sa le ngwaga o o fetileng ka January, bakgweetsi ba ditlou ba le 48 ba ne ba bolaiwa ke diphologolo tseno.” Seno gantsi se direga ka paka e e bidiwang musth. Eno ke tiragalo e e amanang le setlha sa go gwela sa ditlou, seo ka sone selekanyo sa horomone ya testosterone mo ditloung tse di itekanetseng tse ditonanyana se leng kwa godimo ka sone. Seno se dira gore tlou e gakale le go galefela batho le ditlou tse dingwe tse ditonanyana. Paka eno ya Musth e ka tsaya malatsi a le 15 go ya go dikgwedi di le tharo.
Maemo a mangwe a a ka dirang gore tlou e galefe ke fa e rekisediwa mokgweetsi yo mongwe. Lebaka ke ka go bo e a bo e sa ntse e tlwaelane le mokgweetsi wa yone wa pele. Gore e tle e kgone go tlwaelana le lefelo le lesha, gantsi mokgweetsi wa yone wa pele o tsamaya le yone. Mokgweetsi wa yone wa pele le yo mosha ba bereka mmogo go fitlha mokgweetsi yo mosha a tlwaela mekgwa ya tlou eo. Fa mokgweetsi wa yone a swa mme e bo e tsewa ke yo mongwe, mathata a ka nna magolo le go feta. Le fa go ntse jalo, kgabagare tlou e tla lemoga le go amogela maemo ano a masha.
Tota le fa batho bangwe ba ka tshaba phologolo eno e kgolo, tlou e e katisitsweng sentle e ikobela mong wa yone fa a le pelontle. Fa a le pelontle tlou ga e tlhoke tota le go bofiwa ka dikeetane fa mokgweetsi wa yone a seyo ka nakwana. Se mokgweetsi a tlhokang go se dira ke go baya ntlha e nngwe ya thupa ya gagwe mo leotong la yone a bo a baya e nngwe fa fatshe mme a kope tlou eno gore e se ka ya tsamaya. Tlou e ikobela taelo eo ka go ema tsi, e sa tsamaye fa thupa e beilwe foo. Jaaka go bontshitswe kwa tshimologong, go dirisana mmogo ga tlou le mokgweetsi wa yone go ka gakgamatsa e bile go ka ama maikutlo. Ee, ruri mokgweetsi yo o molemo a ka ikanya tlou ya gagwe.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]
MOTHO LE TLOU—HISITORI E TELELE
Batho ba na le hisitori e telele ya go kgwabofatsa ditlou. Gongwe sekai se se itsegeng thata sa bogologolo ke sa Hannibal, yo e neng e le mojenerale wa Mo-Carthage. Mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., toropo e e kwa Bokone jwa Afrika ya Carthage e ne ya lwa le Roma mo metseletseleng ya dintwa tse di neng di itsege jaaka Punic Wars, tse di tsereng lobaka lwa dingwaga di le 100. Hannibal o ne a kokoanya masole kwa toropong ya Cartagena, kwa Spain a ikaeletse go gwantela kwa Roma. O ne a tshwanela pele ke go kgabaganya dithaba tsa Pyrenees go tsena mo go se jaanong e leng Fora. Mme ba ne ba kgabaganya dithaba tsa Alps kwa Italy, mo go se makasine wa Archaeology o se bitsang “lengwe la matsholo a bogatlhamelamasisi mo hisitoring ya bosole,” le masole a gagwe a le 25 000—ba na le ditlou tsa mo Afrika di le 37 le motlhape wa diphologolo tse di rweleng ditlamelwana. Ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela botsididi, pula ya kapoko, go wa ga maje le merafe e e seng botsalano e e nnang mo dithabeng. Loeto lono lo ne lo lapisa ditlou. Ga go na le fa e le nngwe e e ileng ya falola mo ngwageng wa ntlha wa ga Hannibal kwa Italy.
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Look and Learn Magazine Ltd/The Bridgeman Art Library
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Mokgweetsi wa tlou o gotlha letlalo la yone le lekima mme le le boleta
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Vidler/mauritius images/age fotostock
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
© PhotosIndia/age fotostock