Dilo Tse di Bakang Tshiamololo
MO E ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, Baebele e ne ya tlhalosa ka nepo tsela e batho ba neng ba tla nna ka yone mo motlheng wa rona. E ne ya re: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, . . . ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1-4.
Batho ba le bantsi ba ka dumela gore mekgwa eno e e maswe e setse e aname mo motlheng wa rona. Mekgwa eno e bonala ka ditsela di le dintsi, go akaretsa bopelotshetlha, tlhaolele, mekgwa ya botsuolodi, tsietso le go sa lekalekane mo go feteletseng mo go tsa itsholelo. Sekaseka mekgwa eno ka bongwe ka bongwe.
BOPELOTSHETLHA. Gongwe re a tle re utlwe mafoko a a jaaka “Bopelotshetlha bo siame” le “Bopelotshetlha bo molemo.” Mme ke maaka. Bopelotshetlha bo na le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko! Ka sekai, gantsi bopelotshetlha ke jone jo bo bakang mekgwa ya go tsietsa batho ba bangwe ka tsa madi, mekgwa ya boferefere ya go beeletsa madi le go adimisana ka one ka tsela e e botlhaswa. Diphelelo tsa gone, tse di jaaka go wela tlase ga itsholelo, di utlwisitse batho ba le bantsi botlhoko. Gone ke boammaaruri gore bangwe ba batho ba ba tsieditsweng le bone ba pelotshetlha. Mme bangwe ba bone ke batho ba ba tlwaelegileng ba ba dirang ka natla, ba bangwe ba bone ba latlhegetsweng ke magae le dipenshene.
TLHAOLELE. Batho ba ba nang le tlhaolele ba leba batho ba bangwe ka tsela e e sa siamang e bile ba ba tlhaola go ya ka lotso, mmala, bong, maemo a bone mo setšhabeng kgotsa bodumedi. Ka sekai, komiti nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya fitlhela gore kwa nageng nngwe ya kwa Amerika Borwa, mosadi mongwe yo o moimana o ne a swela kwa kokelong nngwe ka gonne a ne a tlhaolwa kwa setheong se sengwe ka ntlha ya lotso lwa gagwe le ka gonne a humanegile e bile e le wa maemo a a kwa tlase mo setšhabeng. Fa tlhaolele e setse e feteletse e ile ya ba ya felela ka ditiro tse di maswe tsa tshiamololo tse di jaaka kgailo ya morafe kgotsa ya lotso lo lo rileng.
MEKGWA YA BOTSUOLODI. Tshobokanyo ya Handbook of Antisocial Behavior e ne ya bolela jaana: “Ngwaga le ngwaga malapa a le dikete di le masomesome a a kgaoganngwa, matshelo a batho a le dikete di le makgolokgolo a a tlhakatlhakana mme go senngwa dithoto tse di jang dimilione tsa didolara ka ntlha ya mekgwa ya botsuolodi. Thubakanyo le kgalefo di aname thata mo setšhabeng sa rona mo e leng gore go motlhofo go akanya ka baitsehisitori ba mo isagweng ba tlhalosa karolo ya bofelo ya lekgolo la bo20 la dingwaga e se ‘Motlha wa Thekenoloji’ kgotsa ‘Motlha wa Tshedimosetso’ mme e le ‘Motlha wa Botsuolodi’—motlha o mo go one setšhaba se neng se lwa ka bosone.” Fa e sale buka eo e ne e gatisiwa ka 1997 mekgwa ya batho le tsela e ba itshwarang ka yone ga e ise e tokafale.
TSIETSO. Pego nngwe e e ka ga tsietso mo Afrika Borwa e ne ya bolela gore mo lobakeng lwa dingwaga di le supa, diperesente di feta 81 tsa madi a a kana ka diranta di le dibilione di le 25,2 tsa madi a a abetsweng lephata la boitekanelo mo porofenseng nngwe a dirisitswe botlhaswa. Lokwalopaka lwa The Public Manager lo ne lwa re madi a “a ka bong a diriseditswe go baakanya dikokelo, ditlileniki le ditheo tsa kalafi mo porofenseng” ga a ka a dirisiwa.
GO SA LEKALEKANE MO GO FETELETSENG MO GO TSA ITSHOLELO. Go ya ka pego nngwe ya makasine wa Time, ka 2005, mo e ka nnang diperesente di le 30 tsa lotseno lwa ngwaga le ngwaga lwa kwa Boritane “lo ne lwa ya kwa bathong ba ba amogelang madi a mantsi go feta ba bangwe, e leng diperesente di le 5 tsa batho ba ba amogelang.” Gape makasine ono o ne wa bolela gore kwa Amerika “diperesente di feta 33 tsa lotseno lwa kwa Amerika lo ya kwa bathong ba ba amogelang madi a mantsi go feta ba bangwe, e leng diperesente di le 5 tsa batho ba ba amogelang.” Mo lefatsheng lotlhe, batho ba ka nna dibilione di le 1,4 ba tshela ka R8,00 kgotsa kwa tlase ka letsatsi mme bana ba le 25 000 ba swa letsatsi le letsatsi ka ntlha ya khumanego.
A go Na le Tharabololo ya Tshiamololo?
Ka 1987, tonakgolo ya nako eo ya Australia e ne ya tlhoma mokgele wa gore ka 1990 go tla bo go se na ngwana ope wa mo Australia yo o tshelelang mo lehumeng. Seo ga se a ka sa direga. Tota e bile, tonakgolo eo moragonyana e ne ya ikwatlhaela go bo e ile ya tlhoma mokgele oo.
Ee, go sa kgathelesege gore motho o na le taolo e e kana kang, o humile go le kana kang kgotsa gore o na le tlhotlheletso e e kana kang, e sa ntse e le motho mme a ka se kgone go fedisa tshiamololo. Ee ruri, tota le batho ba ba nang le taolo ba direlwa ditiro tsa tshiamololo, ba a tsofala e bile ba a swa. Dilo tseo tse di diragalang di re gopotsa ditemana tse pedi tsa Baebele tse di latelang:
“Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.
‘O se ka wa ikanya batlotlegi, ba go se nang poloko epe mo go bone.’—Pesalema 146:3.
Fa re ikanya mafoko ao, re ka se kgobege marapo fa maiteko a batho a palelwa ke go atlega. Mme gone a re tshwanetse go felelwa ke tsholofelo ya gore re tla tsamaya re bona tharabololo ya tshiamololo? Nnyaa! Jaaka re tla bona mo setlhogong sa bofelo sa motseletsele ono, tshiamiso ya boammaaruri e gaufi le go tla. Le fa go ntse jalo, fa re ntse re letile gore e tle, re ka dira sengwe. Re ka itlhatlhoba. Ipotse jaana: ‘A nka dirisana le batho ba bangwe ka tshiamiso? A go na le dilo dingwe tse nka tokafatsang mo go tsone?’ Dipotso tseo di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.
[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]
A. Mapodise a kwa China a tshwara motho ka gonne a ne a na le seabe mo dikhuduegong tsa go tlhasela batho ba morafe mongwe
B. Batho ba thuba moago mongwe wa kwa Lontone, Engelane ba bo ba utswa dilo mo go one
C. Bodiidi jwa bojadikatana kwa kampeng ya batshabi, e e kwa Rwanda
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Top left: © Adam Dean/Panos Pictures; top center: © Matthew Aslett/Demotix/CORBIS; top right: © David Turnley/CORBIS