Ditlhaselo Tsa mo Khomputareng!
AKANYA ka setlhopha sa baitse ba dikhomputara ba e leng dikebekwa ba dirisa Internet go laola mafaratlhatlha a dikhomputara tse e seng tsa bone ba le kgakala. Dikhomputara tseno tse dintsintsi, tse di itsiweng e le di-botnet (mafaratlhatlha a dikhomputara tse batho ba di laolang ba le kgakala) di romela tshedimosetso e ntsi e e kotsi ya khomputara kwa setšhabeng se se rileng. Mo metsotsong e se kae, di-Web site tsa sesole, tsa maphata a tsa madi le tsa dikgwebo tsa setšhaba seo di kgaotsa go dira. Metšhini ya banka ya go goga madi (ATM) le mafaratlhatlha a difouno a kgaotsa go dira. Difofane di kgoreletsega go fofa, dithulaganyo tsa khomputara le tsa tshireletso kwa lefelong la metšhini ya maatla a nuklea di a kgorelediwa. Batho ba ne ba tla tsibogela seo jang? Ba ne ba tla dirang? Wena o ne o tla dirang?
Gongwe tiragalo e e fa godimo e lebega e ka se direge. Mme go ya ka Richard A. Clarke yo pele e neng e le National Coordinator for Security, Infrastructure Protection, and Counterterrorism ya United States, sengwe se se ntseng jalo se ka diragala. Tota e bile, ditlhaselo tsa mo khomputareng di setse di kile tsa diragala.a Gongwe le wena o kile wa diragalelwa ke sengwe se se ntseng jalo.
Ke ka ntlha yang fa motho a ka batla go tlhasela batho ba bangwe mo khomputareng? Ditlhaselo tsa mo khomputareng di dirwa jang? Mme e re ka bokebekwa jo bo direlwang batho mo dikhomputareng bo tlwaelegile, o ka itshireletsa jang fa o dirisa Internet?
Kafa Ditlhaselo Tsa mo Khomputareng di Dirwang ka Teng
Batho ba tlhasela batho ba bangwe mo khomputareng ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Ka sekai, dirukhutlhi kgotsa dipuso di ka leka go tsena mo mafaratlhatlheng a dikhomputara tsa baba ba tsone gore di utswe tshedimosetso ya sephiri kgotsa di senye metšhini e mafaratlhatlha a dikhomputara tseo a e laolang. Ka 2010, Mothusa Tona ya Lephata la Tshireletso la United States e bong William J. Lynn III o ne a dumela gore dikebekwa tse di dirisang Internet go tlhasela dinaga tse dingwe di ile tsa nna tsa tlhasela le go tsena mo dithulaganyong tsa sephiri tsa dikhomputara tsa United States mme tsa utswa “difaele di le diketekete . . . go akaretsa tshedimosetso ya kafa dibetsa di dirilweng ka teng, maano a puso le tshedimosetso e e bonweng ka go baya batho leitlho ka metlha.”—Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “Ditlhaselo Tsa Bosheng Tsa mo Khomputareng.”
Dikebekwa tse di dirisang dikhomputara di dirisa mekgwa e e tshwanang gore di utswe dilo tse di tlhamilweng ke batho ba bangwe kgotsa tshedimosetso ya tsa madi mo dikhomputareng tsa dikhampani tse dikgolo le tsa batho ba bangwe. Go begwa gore dikebekwa di dira dibilione tsa diranta ngwaga le ngwaga ka go dirisa madi ka ditsela tsa tsietso mo dikhomputareng.
Dikebekwa tse di tsenang mo dikhomputareng tsa batho ba bangwe di sa tshwanela di ile tsa laola dikhomputara tse dintsintsi tse e seng tsa tsone gore di tlhasele batho mo Internet. Ka 2009, khampani nngwe ya tshireletso ya mo Internet e ne ya senola setlhopha sengwe sa dikebekwa se se neng se laola mafaratlhatlha a dikhomputara tse di ka nnang dimilione di le pedi mo lefatsheng lotlhe, mme bontsi jwa tsone e le tsa batho fela. Bosheng jaana, Organization for Economic Cooperation and Development (OECD) e ne ya fopholetsa gore khomputara e le 1 mo go tse 3 tse di dirisang Internet e laolwa ke sekebekwa se le kgakala. Go tweng ka khomputara ya gago? A mongwe a ka e laola o sa itse?
Dithulaganyo Tse di Laolang Khomputara o sa Itse
Akanya ka tiragalo e e latelang. Sekebekwa se romela thulaganyo e e kotsi ya khomputara ka Internet. Fa thulaganyo eo e tsena mo khomputareng ya gago, e senka dithulaganyo tse di thibelang di-virus o sa lemoge. Fa e fitlhela karolo nngwe e sa sirelediwa, e senka tshedimosetso ya botlhokwa mo khomputareng ya gago yotlhe.b Go tswa foo thulaganyo eno e e senyang e ka fetola kgotsa ya phimola difaele tsa khomputara ya gago, ya ithomelela kwa dikhomputareng tse dingwe ka e-mail kgotsa ya romelela sekebekwa se se e rometseng maina kgotsa dinomoro tsa sephiri tse o tsenang ka tsone mo Internet, tshedimosetso ya tsa madi kgotsa tshedimosetso e nngwe ya sephiri.
E bile dikebekwa tsa dikhomputara di ka go tsietsa gore o itsenyetse dithulaganyo tse di kotsi mo khomputareng ya gago! Di ka dira seo jang? O ka itsenyetsa virus mo khomputareng ya gago ka go bula faele e e lebegang e se kotsi e e rometsweng ka e-mail, ka go tobetsa leina la aterese ya Internet le le go isang kwa tsebeng nngwe ya Internet (Web page link), ka go tsaya thulaganyo ya mahala mo Internet o bo o e tsenya mo khomputareng ya gago, ka go tsenya sedirisiwa se se bolokang tshedimosetso se se nang le virus mo khomputareng ya gago kgotsa ka go ya fela kwa Web site e e sa siamelang Bakeresete. Sengwe le sengwe sa dilo tseno se ka tsenya thulaganyo e e senyang mo khomputareng ya gago mme khomputara ya gago ya laolwa ke sekebekwa se le kgakala.
O ka itse jang gore khomputara ya gago e na le thulaganyo e e senyang? Go ka nna thata go itse. Khomputara kgotsa Internet ya gago e ka nna ya lebega e le bonya thata, dithulaganyo tsa khomputara di ka nna tsa se bereke, go ka tlhaga melaetsa mengwe e e go kopang go tsenya dithulaganyo dingwe kgotsa khomputara ya gago e ka dira ka tsela e e sa tlwaelegang. Fa o lemoga lengwe la matshwao ano, dira gore moitse mongwe wa dikhomputara yo o nang le maitemogelo a tlhole khomputara ya gago.
‘Akanyetsa Dikgato Tsa Gago’
Fa batho le ditšhaba di ntse di dirisa dikhomputara thata, ditlhaselo tsa mo khomputareng di ka nna tsa oketsega le go feta. Ka jalo, ditšhaba di le dintsi di itlhaganelela go tokafatsa dithulaganyo tse di sireletsang dikhomputara tsa tsone mme tse dingwe di dira diteko tse dikgolo go bona gore dikhomputara tsa tsone di na le bokgoni jo bo kana kang jwa go itshireletsa fa di ka tlhaselwa. Le fa go ntse jalo, moitse yo mogolo wa tshireletso ya dikhomputara kwa Federal Bureau of Investigation ya kwa United States e bong Steven Chabinsky, o dumela gore “fa fela sekebekwa se na le nako e e lekaneng, se na le sengwe se se se tlhotlheletsang le madi a a lekaneng, ka metlha se tla nna se kgona go tsena mo dikhomputareng tse se batlang go tsena mo go tsone.”
O ka dira eng go itshireletsa fa o dirisa Internet? Le fa gone o ka se ka wa kgona go itshireletsa ka tsela e e feletseng fa o dirisa Internet, o ka tsaya dikgato go tokafatsa tsela e khomputara ya gago e sireletsegileng ka yone. (Bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng, “Itshireletse!”) Baebele ya re: “Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Ruri ke kgakololo e e molemo e o ka e dirisang fa o dirisa Internet!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ditlhaselo tsa mo khomputareng ke ditiro tsa ka boomo tsa go leka go fetola, go kgoreletsa kgotsa go senya dithulaganyo tsa dikhomputara kgotsa mafaratlhatlha a tsone. Kgotsa di ka senya tshedimosetso kgotsa dithulaganyo tse dikhomputara tseno di di bolokang kgotsa tse di di tsamaisang.—National Research Council ya United States.
b Go begwa gore ka 2011, batho ba ba kgonang go tsena mo dikhomputareng ka bokukuntshwane ba ne ba dirisa dilo di le 45 000 tse go itsegeng gore khomputara e bokoa mo go tsone. Gantsi ba leka go dirisa dilo tseo go tsenya dithulaganyo tse di senyang (malware) mo dikhomputareng tsa batho ba sa itse.
[Mafoko a a mo go tsebe 26]
Dikebekwa tse di tsenang mo dikhomputareng tsa batho ba bangwe di sa tshwanela di ile tsa laola dikhomputara tse dintsintsi tse e seng tsa tsone
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
Go ya ka OECD, khomputara e le nngwe mo go tse tharo tse di dirisang Internet e laolwa ke sekebekwa se le kgakala
[Lebokoso mo go tsebe 27]
DITLHASELO TSA BOSHENG TSA MO KHOMPUTARENG
2003: Thulaganyo e e senyang (worm) ya khomputara e e bidiwang Slammer e ne ya anama ka bonako mo Internet mme ya tlhasela dikhomputara tse di ka nnang 75 000 mo metsotsong e le lesome.c Ditirelo tse di tlwaelegileng tsa Internet di ne tsa nna bonya thata, di-Web site di ne tsa kgaotsa go dira, metšhini ya banka ya go goga madi (ATM) e ne ya kgaotsa go bereka, difofane di ne tsa kgoreletsega go fofa mme dithulaganyo tsa khomputara le tsa tshireletso kwa lefelong la metšhini ya maatla a nuklea di ne tsa kgorelediwa.
2007: Go ne ga nna le ditlhaselo di le dintsi tsa mo khomputareng kwa Estonia tse di neng tsa ama puso, metswedi ya tshedimosetso le dibanka. Bontsi jwa ditlhaselo tseno di ne di tswa mo dikhomputareng tse di laolwang ke dikebekwa di le kgakala (di-botnet), mme di ne tsa dira gore dikhomputara di feta milione kwa dinageng di le 75 di romelele dikhomputara tse dingwe melaetsa e mentsintsi ya maaka e e kopang tshedimosetso.
2010: Thulaganyo ya khomputara e e senyang e bile e raraane thata e e bidiwang Stuxnet e ne ya tsena mo dithulaganyong tsa khomputara tse di laolang madirelo kwa lefelong la metšhine ya nuklea kwa Iran.
[Ntlha e e kwa tlase]
c Dithulaganyo tse di senyang (worm) tsa khomputara ke dithulaganyo tse di kotsi tse di ikanamisang ka botsone go tswa mo khomputareng e nngwe go ya go e nngwe ka Internet. Fela jaaka mefuta e mengwe ya dithulaganyo tse di senyang tsa khomputara, gantsi thulaganyo nngwe le nngwe ya worm e newa leina la yone, jaaka Slammer.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
ITSHIRELETSE!
1. Dira gore khomputara ya gago e nne le thulaganyo e e thibelang di-virus, thulaganyo e e dirang gore batho ba se ka ba kgona go bala tshedimosetso ya gago ya sephiri (spyware-detection) le thulaganyo e e dirang gore batho ba se ka ba tsena mo khomputareng ya gago ba sa tshwanela (firewall). Dira gore dilo tsotlhe tse di fa godimo le thulaganyo e e dirang gore dithulaganyo tse dingwe tsa khomputara ya gago di bereke di nne di na le dithulaganyo tsa bosheng tsa tshireletso.
2. Nna kelotlhoko fa o bula diaterese tsa Internet (links) kgotsa difaele (attachments) tse di tlang le di-e-mail kgotsa melaetsa e o e romelelwang (instant messages)—tota le e e tswang kwa ditsaleng tsa gago. Nna kelotlhoko segolobogolo fa o sa itse gore molaetsa oo o tswa kae e bile o go kopa tshedimosetso ya gago, leina kgotsa nomoro ya sephiri ya go tsena mo Internet.
3. Le ka motlha o se ka wa tsaya kgotsa wa dirisa thulaganyo ya khomputara e o sa itseng gore e tswa kae.
4. Fa o tlhama maina a sephiri a go tsena mo Internet, dirisa bobotlana ditlhaka di le robedi mme o akaretse dinomoro le matshwao mme o nne o fetole maina ao ka metlha. Dirisa maina a a farologaneng go tsena mo mafelong a a farologaneng a Internet.
5. Fa o le mo Internet, dirisana fela le dikhampani tse di ikanyegang tse di nang le thulaganyo e e sireletsegileng ya go tsena mo go tsone.d
6. Fa o dirisa didirisiwa tse di sa diriseng megala tsa go tsena mo Internet (Wi-Fi) tse di sa sireletsegang, jaaka kwa mafelong a batho botlhe, o se ka wa neelana ka tshedimosetso ya gago ya sephiri kgotsa ya mafelo a o a dirisang a Internet.
7. Tima khomputara ya gago fa o sa e dirise.
8. Dira dikhopi tsa difaele tsa gago ka metlha mme o di boloke ka tsela e e sireletsegileng.
[Ntlha e e kwa tlase]
d Mafelo a Internet a a nang le thulaganyo e e sireletsegileng ya go tsena mo go one a na le letshwao la seloto le ditlhaka tsa “https://” mo atereseng ya one. Tlhaka ya “s” e kaya gore a sireletsegile (secure).
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Dira se o ka se kgonang gore khomputara ya gago e sireletsege fa o dirisa Internet