Go Tsiediwa mo Internet—A go Ka go Diragalela?
William, morutabana yo o tlogetseng tiro wa kwa Florida, U.S.A., o ne a amogela e-mail e a neng a akanya gore e tswa kwa khampaning e e mo abelang ditirelo tsa Internet. E-mail eo e ne e bolela gore tshedimosetso ya dituelo tsa gagwe e latlhegile. William o ne a tlatsa foromo e e neng e rometswe le e-mail eo mme a e romela gape kwa go bone ka e-mail. A sa itse, tshedimosetso ya gagwe e ne ya ya kwa go Shiva, sekebekwa sa kwa Queens, kwa New York. Letsatsi le le latelang Shiva o ne a dirisa nomoro ya karata ya sekoloto ya ga William go reka motšhini o o printang ditshwantsho tsa lokwaloitshupo mo Internet. E-mail e William a e amogetseng e ne e le nngwe ya di-e-mail di le 100 000 tse Shiva a di romeletseng batho. Babatlisisi ba re mo e ka nnang batho ba le 100 ba ile ba araba di-e-mail tsa gagwe mme ba ne ba tsiediwa.
Mosadi mongwe wa dingwaga di le 56 wa kwa Queensland, Australia, o ne a simolola go ratana le monna mongwe mo Internet yo a neng a akanya gore ke moenjenere wa Moboritane. O ne a duetse madi a kana ka R300 000 pele go lemogiwa gore e ne e le monna wa dingwaga di le 27 yo o tsietsang batho wa kwa Nigeria.a
KA MASWABI go tsiediwa mo Internet go tlwaelegile. Consumer Reports e ne ya bolela jaana mo pegong ya bone ya “State of the Net 2010”: “Matshosetsi a mo Internet a tswelela pele ka selekanyo se se kwa godimo se se tlhobaetsang mme batho ba ba e dirisang ba senyegelwa ke dibilione tsa diranta. Palo ya di-virus tse di tlhaselang dikhomputara e oketsegile fela thata fa e sa le ngogola mme e ama diperesente di le 40 tsa batho ba ba dirisang Internet kwa United States. Batho bangwe ba ile ba bega ditlhaselo di le dintsi tsa di-virus.” Pele ga o ka akanya ka gore o ka itshireletsa jang mo ditlhaselong tse di ntseng jalo, sa ntlha, mma re boneng ditsela tse dintsi tse dikebekwa di di dirisang.
Ba go Dira Jang?
Batho ba kopana le batho ba le bantsi ba ba tsietsang mo Internet ka e-mail. Mofuta wa e-mail o William a ileng a o amogela o bidiwa phishing e-mail. Fela jaaka ditlhapi di tshwarwa ka go dirisa serai, e-mail e e ntseng jalo e raela motho yo o e amogelang gore a ntshe leina kgotsa nomoro ya sephiri e a e dirisang mo Internet, dinomoro tsa karata ya sekoloto kgotsa tshedimosetso ya akhaonto ya banka mo Web site e e lebegang e le ya mmatota mme gone e le ya maaka. Batho ba ba tsietsang batho mo Internet ba ka itse aterese ya gago ya e-mail ka go dirisa thulaganyo ya khomputara e e bidiwang e-mail extractor.
Dingwe tsa di-phishing e-mail tse di ntseng jalo di ka kgona go dira tiro ya tsone tota le fa o sa tsenye tshedimosetso ya gago mo go tsone. Fa o bula e-mail eo o ka tsenya dithulaganyo tsa khomputara tse di lebang tshedimosetso ya gago mo khomputareng ya gago. Dithulaganyo tseno di ka rekota se o se dirang mo khomputareng ya gago. Dingwe tsa tsone di rekota se o se tobetsang mo khomputareng ya gago gore di utswe leina kgotsa nomoro ya gago ya sephiri e o tsenang ka yone mo Internet le tshedimosetso ya gago. Tse dingwe di go lebisa kwa lefelong la Internet la batho ba ba tsietsang. A go na le se o ka se dirang go itshireletsa?
Se o Ka se Dirang
Ela tlhoko di-e-mail tse di go isang kwa mafelong a a belaetsang. Ka dinako tse dingwe Trojan horse kgotsa Trojan, e ka dira gore batho ba ba tsietsang ba tsene mo khomputareng ya gago o sa itse mme seo se ka dira gore ba bone tshedimosetso ya gago ya sephiri. Mafelo a batho botlhe mo Internet, mafelo a tshedimosetso e e hepisang, di-Web site tse di nayang batho dithulaganyo tsa khomputara tse o sa itseng gore di tswa kae le mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet le one ke mafelo a batho ba ba tsietsang ba bonang tshedimosetso ya botlhokwa mo go one le go tsenya dithulaganyo tse di ka utswang tshedimosetso ya gago. Gape le ka motlha o se ka wa araba di-e-mail tse di go solofetsang dipoelo tse di lebegang di ka se nne boammaaruri.
Gongwe o kile wa bona melaetsa mo Internet e e reng: “Your computer is at risk! Click here to protect your computer! [Khomputara ya gago e mo kotsing! Tobetsa fano gore o e sireletse!]” Kgotsa, “Free Screensavers. Click Here.” Fa o ka tobetsa moo, o tla dira gore thulaganyo e e utswang tshedimosetso e tsene mo khomputareng ya gago.
Fa e le gore o dirisa Internet go batla tiro, nna kelotlhoko. Batho ba ba tsietsang ba dirisa mafelo a Internet a maaka go amogela “madi a go ikwadisa” le e leng tshedimosetso ya gago ya tsa madi.
Magodu a setse a le botlhale thata jaana mo ba kgonang go bona tshedimosetso e e bolokilweng mo dikhomputareng tsa dikhampani le ditheo tsa madi ba bo ba utswa tshedimosetso ya tsone ba le kgakala. Ka January 2007, magodu a ne a tsena ka bokukuntshwane mo thulaganyong ya dikhomputara tsa lephata lengwe la mabenkele a motho a le mongwe kwa United States mme a kgona go bona direkoto tsa bareki ba le dimilione go akaretsa le tshedimosetso ya dikarata tsa sekoloto. Kwa Nigeria, dikebekwa di ile ba bona tshedimosetso ya dibanka di le mmalwa mme tsa utswa dinomoro tsa sephiri tsa boitshupo tsa batho ba le dimilione di le 1,5 gore di goge madi mo metšhineng e e ntshang madi. Gone jaanong go setse go na le kgwebo e e golang mo Internet ya go reka le rekisa dilo tse di seng kafa molaong e mo go yone badiri ba dinokwane le ba ba utswang tshedimosetso ba rekisang tshedimosetso e e utswitsweng ya dikarata tsa sekoloto le e leng tshedimosetso e e feletseng ya botho.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsogang! e ile ya tlhagisa ka dikotsi tsa go intsha le mongwe mo Internet. Bona makasine wa May 8, 2005, tsebe 24-26, le wa June 8, 2005, tsebe 28-30.
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Phishing e-mail: E-mail e e raelang motho yo o e amogelang gore a ntshe nomoro ya sephiri e a e dirisang mo Internet, dinomoro tsa karata ya sekoloto kgotsa tshedimosetso ya akhaonto ya banka mo Web site e e lebegang e le ya mmatota mme gone e le ya maaka
Spy software: Thulaganyo ya khomputara e e rekotang se o se dirang mo khomputareng ya gago
Trojan horse: Thulaganyo e e diretsweng go senya thulaganyo e e sireletsang khomputara ya gago mme e lebega e dira sengwe se se seng kotsi
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]
O se Ka wa Dira Gore go go Diragalele
GO TILA GO TSIEDIWA, TSAYA DIKGATO TSE DI LATELANG:
1 Tlhomamisa gore thulaganyo e e sireletsang khomputara ya gago e a bereka le gore khomputara ya gago, dithulaganyo tse o di dirisang le thulaganyo ya khomputara e e thibelang di-virus e tokafadiwa ka metlha.
2 Ka metlha dira dikhopi tsa difaele tsa gago mme o boloke dikhopi tseo mo lefelong le le sireletsegileng.
3 Dirisa Botlhale. O se ka wa itlhaganelela go ikanya tshedimosetso e e mo Internet. Diane 14:15 ya re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”
4 O se ka wa nna pelotshetlha. (Luke 12:15) Ela tlhoko dilo tse o di fiwang “mahala” kgotsa di-Web site tse di rekisang dilo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase thata. E ka tswa e le serai sa phishing.
5 Ela tlhoko di-e-mail tse o sa di kopang kgotsa melaetsa ya Internet, segolobogolo fa e le gore di go isa kwa mafelong a a rileng mo Internet kgotsa di kopa tshedimosetso ya gago ya botho, e e jaaka go tlhomamisa leina kgotsa nomoro ya gago ya sephiri tse o di dirisang mo Internet.—Diane 11:15.
6 Tlhopha maina kgotsa dinomoro tsa sephiri tse go leng thata go di fopholetsa. Fetola leina kgotsa nomoro ya gago ya sephiri e o e dirisang mo Internet gangwe le gape mme o se ka wa dirisa tse di tshwanang mo mafelong a a farologaneng mo Internet.
7 Naya fela di-Web site tse di itsegeng sentle le tse di ikanyegang tshedimosetso ya karata ya gago ya sekoloto kgotsa ya banka.
8 Tlhomamisa gore o kwala diaterese tsa Internet sentle, segolobogolo fa e le tsa ditheo tsa madi. Fa o sa kwale leina la aterese eo sentle, go ka dira gore o ye kwa Web site ya batho ba ba tsietsang.
9 Dirisa mokwalo o o fitlhegileng go fetisa tshedimosetso ya sephiri, e e jaaka tshedimosetso ya karata ya gago ya sekoloto mme o tswale Web site eo fa o feditse.
10 Sekaseka tshedimosetso ya dituelo le ya dilo tse o di rekileng ka karata ya gago ya sekoloto le dirasiti tsa gago tsa banka ka kelotlhoko mme o dire jalo gangwe le gape. Ka bonako fela fa o lemoga gore go na le tshedimosetso ya sengwe se se belaetsang, ikgolaganye le khampani eo ka bonako.
11 Nna kelotlhoko fa o dirisa didirisiwa tse o kgonang go tsena mo Internet kwantle ga go dirisa megala (Wi-Fi) tse di sa tlhokeng gore o tsenye leina kgotsa nomoro ya sephiri, e re ka magodu a ka utswa tshedimosetso ya gago mme a go isa kwa di-Web site tsa batho ba ba tsietsang.
12 Araba ka nnyaa fa o bodiwa potso e e reng “Remember this password?” Dithulaganyo tsa Trojan di ka boloka leina kgotsa nomoro ya gago ya sephiri e o e bolokileng e o tsenang ka yone mo Internet.